LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr17 March ts. 1-10
  • Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi (2017)
  • Ditlhogwana
  • MARCH 6-12
  • MARCH 13-19
  • MARCH 20-26
  • MARCH 27–APRIL 2
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi (2017)
mwbr17 March ts. 1-10

Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi

MARCH 6-12

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 1-4

“Ke na Le Wena go go Golola”

(Jeremia 1:6) Mme ke ne ka re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.”

w11 3/15 29 ¶4

Nna o Thantse, Fela Jaaka Jeremia

4 Jeremia a ka tswa a ne a le dingwaga di ka nna 25 fa Jehofa a ne a mo tlhopha go nna molebeledi. (Jer. 1:1, 2) Mme o ne a ikutlwa e kete ke mosimanyana fela, a sa tshwanelege gotlhelele go bua le batho ba bagolo ba setšhaba, banna ba ba godileng le ba ba nang le maemo mo setšhabeng. (Jer. 1:6) O ne a tshwanetse go bolela dikatlholo tse di bogale le tse di boifisang, segolobogolo kwa baperesiting, kwa baporofeting ba maaka le kwa babusing le mo go ba ba neng ba tsere ‘tsela e e rategang’ mme ba sa ‘ikanyege ka bosaikanyegeng.’ (Jer. 6:13; 8:5, 6) Tempele e e galalelang ya ga Kgosi Solomone, e e neng e le boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri ka dingwaga di ka nna makgolo a le manè, e ne e tlile go senngwa. Jerusalema le Juda di ne di tlile go swafadiwa mme baagi ba tsone ba ne ba tla isiwa botshwarwa. Kwantle ga pelaelo, molaetsa o Jeremia a neng a laetswe gore a o ise kwa bathong o ne o potlakile!

(Jeremia 1:7-10) Mme Jehofa a tswelela a nthaya a re: “O se ka wa re, ‘Ke mosimanyana fela.’ Mme o ye kwa go botlhe ba ke tla go romang kwa go bone; mme o bue sengwe le sengwe se ke tla se go laelang. 8 O se ka wa boifa ka ntlha ya difatlhego tsa bone, gonne ‘Ke na le wena go go golola,’ go bua Jehofa.” 9 Morago ga moo Jehofa a ntsha seatla sa gagwe mme a dira gore se ame molomo wa me. Go tswa foo Jehofa a nthaya a re: “Bona, ke tsentse mafoko a me mo molomong wa gago. 10 Bona, mo letsatsing leno ke go tlhomile gore o nne kwa godimo ga ditšhaba le kwa godimo ga magosi, gore o kumole le go rutla le gore o senye le go rutlolola, gore o age le gore o jale.”

(Jeremia 1:17-19) Mme fa e le wena, o gatlhe dinōka tsa gago, mme o eme o bue le bone sengwe le sengwe se ke se go laelang. O se ka wa welwa ke poifo epe ka ntlha ya bone, gore ke se ka ka go usetsa poifo fa pele ga bone. 18 Mme fa e le nna, bona, gompieno ke go dirile motse o o sireletsegileng le pilara ya tshipi le dipota tsa kgotlho kgatlhanong le lefatshe lotlhe, mo dikgosing tsa Juda, mo dikgosaneng tsa gagwe, mo baperesiting ba gagwe le mo bathong ba lefatshe. 19 Mme ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne

‘Ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’”

w05 12/15 23 ¶18

Ke Mang yo Wena o mo Ikobelang—A ke Modimo Kgotsa ke Batho?

18 Modimo o ne a bolelela moporofeti Jeremia jaana: “Ke na le wena go go golola.” (Jeremia 1:8) Jehofa a ka re golola jang mo pogisong gompieno? A ka nna a dira gore re nne le moatlhodi yo o tshwanang le Gamaliele, yo o sa gobeleleng. Kgotsa a ka nna a dira gore modiredimogolo mongwe yo o bonokwane kgotsa yo o ganetsang a tlosiwe fela go sa lebelelwa mme go tsenngwe yo mongwe yo o seng pelo e maswe. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Jehofa a ka nna a letlelela batho ba gagwe go bogisiwa. (2 Timotheo 3:12) Fa Modimo a letla gore re bogisiwe, ka metlha o tla re naya nonofo gore re kgone go itshoka. (1 Bakorintha 10:13) Mme le fa e le eng se Modimo a letlang gore se direge, re a itse se se tlileng go direga kwa bokhutlong: Ba ba lwang le batho ba Modimo ba lwa le Modimo ka boene, mme ba ba lwang le Modimo ga ba na go atlega.

jr 88 ¶14-15

“Ke Tla Lapolosa Moya o o Lapileng”

A O TLA LAPOLOSA MEYA E E LAPILENG?

14 Go molemo gore re ele tlhoko kafa Jeremia a ileng a kgothadiwa ka gone le kafa a ileng a kgothatsa ba bangwe ba e neng e le ‘meya e e lapileng.’ (Jer. 31:25) Moporofeti o ne a kgothadiwa thata ke Jehofa. Akanya kafa o neng o tla ikutlwa o nonofile ka gone fa o utlwa Jehofa a go raya a re: “Fa e le nna, bona, gompieno ke go dirile motse o o sireletsegileng . . . Ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’” (Jer. 1:18, 19) Jeremia o ne a na le lebaka le le utlwalang la go bo a ile a bitsa Jehofa, “nonofo ya me le kago ya me e e thata, le lefelo la me la botshabelo mo motlheng wa matshwenyego.”—Jer. 16:19.

15 Ela tlhoko gore Jehofa o ne a raya Jeremia a re: “Ke na le wena.” A kgang eno e go lemotsha sengwe se le wena o ka se dirang fa mongwe yo o mo itseng a tlhoka kgothatso? O ka tswa o itse gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete kgotsa mongwe wa losika o tlhoka kgothatso; mme sa botlhokwa ke gore o dire sengwe ka gone. Mme gantsi, tsela e e molemolemo ke go dira se Modimo a ileng a se direla Jeremia—go ema nokeng motho yo o utlwileng botlhoko. Go tswa foo o mo kgothatse, mme gone o se ka wa bua lolololo. Go ka nna molemo gore o bue mafoko a sekae mme gone e le a a kgothatsang le a a agang. Ga o tlhoke go nna kgeleke mo puong gore o kgone go dira jalo. Bua mafoko a sekae a a bontshang gore o kgatlhegela motho, o amegile ka ene le gore o a mo rata. Mafoko a a ntseng jalo a ka thusa motho fela thata.—Bala Diane 25:11.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Jeremia 2:13) ‘Ka gonne go na le dilo tse pedi tse di bosula tse batho ba me ba di dirileng: Ba ntlogetse, nna motswedi wa metsi a a tshelang, gore ba tle ba ipetlele megobe, megobe e e thubegileng, e e ka se tsholeng metsi.’

(Jeremia 2:18) Mme jaanong o tshwanetse go nna le matshwenyego afe ka tsela ya Egepeto gore o nwe metsi a Shihore? Mme gape o tshwanetse go nna le matshwenyego afe ka tsela ya Asiria gore o nwe metsi a Noka?

w07 3/15 10 ¶1

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Jeremia

2:13, 18. Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ne ba dira dilo tse pedi tse di bosula. Ba ne ba tlogela Jehofa, ene yo o neng a tla ba naya masego, kaelo le tshireletso. Mme ba ne ba ipetlela megobe ya tshwantshetso ka go leka go dira kgolagano ya sesole le Egepeto le Asiria. Mo motlheng wa rona, go latlha Modimo wa boammaaruri o bo o ya le difilosofi le dithuto tsa batho le dipolotiki tsa lefatshe ke go emisetsa “motswedi wa metsi a a tshelang” ka “megobe e e thubegileng.”

(Jeremia 4:10) Mme ke ne ka re: “Ijoo Morena Molaodimogolo Jehofa! Ruri o tsieditse batho bano le Jerusalema gotlhelele, o re, ‘Kagiso ka boyone e tla nna ya lona,’ le tšhaka e fitlhile fela kwa moyeng.”

w07 3/15 9 ¶4

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Jeremia

4:10; 15:18—Jehofa o ne a tsietsa batho ba gagwe ba ditsuolodi ka tsela efe? Mo motlheng wa ga Jeremia, go ne go na le baporofeti ba ba neng “ba porofeta maaka.” (Jeremia 5:31; 20:6; 23:16, 17, 25-28, 32) Jehofa ga a ka a ba thibela gore ba se ka ba bolela melaetsa e e tsietsang.

Mmalo wa Baebele

(Jeremia 4:1-10) “Fa o ne o ka boa, wena Iseraele,” go bua Jehofa, “o ka nna wa boela mo go nna. Mme fa e le gore o tla tlosa dilo tsa gago tse di ferosang sebete ka ntlha ya me, ga o na go tsamaya jaaka mofaladi. 2 Mme fa e le gore ruri o tla ikana o re, ‘Jaaka Jehofa a tshela ka boammaaruri, ka tshiamiso le ka tshiamo!’ foo ditšhaba di tla itshegofatsa mo go ene, mme mo go ene di tla ipelafatsa kaga tsone.” 3 Gonne Jehofa o reile banna ba Juda le Jerusalema a re: “Itemeleng lefatshe le le lemegang, mme lo se ka lwa nna lo jala mo gare ga mitlwa. 4 Rupelang Jehofa, mme lo ntshe matlalo a dipelo tsa lona, lona banna ba Juda le banni ba Jerusalema; gore tšararego ya me e se ka ya tswa fela jaaka molelo, mme ruri ya tuka go se na ope yo o ka timang, ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona.” 5 Go boleleng mo Juda, lona batho, mme lo go itsise phatlalatsa le mo Jerusalema, lo go bue, mme lo letse lonaka go ralala naga eo. Goelang kwa godimo lo re: “Phuthegang mmogo, mme a re tseneng mo metseng e e sireletsegileng. 6 Tsholeletsang sesupo ntlheng ya Siona. Dirang gore go nne le boitshubelo. Se emeng fela.” Gonne go na le masetlapelo a ke a tlisang go tswa bokone, le eleng thubagano e kgolo. 7 O tlhatlogile jaaka tau e tswa mo lesuthung la yone, mme yo o senyang ditšhaba o bolotse; o dule mo lefelong la gagwe gore a dire lefatshe la gago selo sa go akabalelwa. Metse ya gago e tla wa e nna marope mo go se kitlang go nna le monni. 8 Ka ntlha ya seno ikgatlheng ka letsela la kgetsi. Ipetseng dihuba mme lo bokolele, ka gonne bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa ga bo a boa ka morago mo go rona. 9 “Mme go tla diragala mo letsatsing leo,” go bua Jehofa, “gore pelo ya kgosi e nyelele, le pelo ya dikgosana; mme baperesiti ba tla akabala, le baporofeti ka bobone ba tla gakgamala.” 10 Mme ke ne ka re: “Ijoo Morena Molaodimogolo Jehofa! Ruri o tsieditse batho bano le Jerusalema gotlhelele, o re, ‘Kagiso ka boyone e tla nna ya lona,’ le tšhaka e fitlhile fela kwa moyeng.”

MARCH 13-19

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 5-7

“Ba ne Ba Tlogela go Dira Thato ya Modimo”

(Jeremia 6:13-15) “Gonne go simolola ka yo mmotlana mo go bone go ya go yo mogolo mo go bone, mongwe le mongwe o itirela papadi ya tshiamololo; le go simolola ka moporofeti le eleng go ya go moperesiti, mongwe le mongwe o dira ka maaka. 14 Mme ba leka go fodisa go robega ga batho ba me go le gonnye, ba re, ‘Go na le kagiso! Go na le kagiso!’ mme go se na kagiso. 15 A ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong ka gonne ba ne ba dirile selo se se makgapha? Sa ntlha, ruri ga ba tlhabiwe ke ditlhong; sa bobedi, ga ba ise ba itse gore go ntse jang go kokobediwa. Ka jalo ba tla wa mo gare ga ba ba wang; ba tla kgotšwa mo nakong e ke tla ba dirang gore ba ikarabelele ka yone,” go buile Jehofa.

w88 4/1 11-12 ¶7-8

Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo

7 “Ba tla tlhabana nau,” Jehofa o ne a tlhagisa jalo, “me ga ba ketla ba gu henya.” (Yeremia 1:19) Jaanong ke ka ntlhayang fa Bajuda le babusi ba bone ba ne ba tla batla go tlhabana le moperofeti yono? Ka gonne molaetsa wa gagwe o ne o tlhasela boikgotsofalelo jwa bone le mofuta wa kobamelo ya bone e e neng e le tlwaelo fela. Jeremia ga a ka a bua nabo ka bonolo: “Bōnañ, lehoko ya ga Yehofa mo go bōnè le hetogile kgōbō; ga ba na kgatlhègō epè mo go yeōna. Gonne go simolola ka eo mmōtlana le go ea kwa go eo mogolo mo go bōnè, moñwe le moñwe o inetse mo bopelotshetlheñ; me go simolola ka moperofeti [bone ba ba neng ba tshwanetse ba bo ba le bakaedi ba melemo ya boitsholo le ya semoya], moñwe le moñwe o diha ka go herekana hèla.”—Yeremia 6:10, 13.

8 Ka boammaaruri, ba ne ba etelela morafe pele mo go ntsheng ditlhabelo. Ba ne ba dira ditlwaelo tsa kobamelo ya boammaaruri, mme dipelo tsa bone di ne di se mo go yone. Meletlo ya kobamelo e ne e raya mo gogolo mo go bone go na le boitshwaro jo bo siameng. Ka nako e e tshwanang, baeteledipele ba bodumedi jwa Bajuda ba ne ba tshwakgafatsa morafe wa bone ka go ba dira gore ba ikutlwe ba na le pabalesego e e seng ya boammaaruri, ba re, “Kagishō, kagishō!” mme go sena kagiso. (Yeremia 6:14; 8:11) Ee, ba ne ba fora batho ka go ba dira gore ba dumele gore ba ne ba agisantse le Modimo. Ba ne ba ikutlwa gore go ne go sena sepe se ba neng ba tshwanetse go tshwenyega ka sone, ka gonne ba ne ba le batho ba ga Jehofa ba ba bolokilweng, e le beng ba motse o o boitshepo le tempele ya one. A mme ke kafa Jehofa a neng a leba seemo ka teng?

(Jeremia 7:1-7) Lefoko le le neng la tla kwa go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, le re: 2 “Ema mo kgorong ya ntlo ya ga Jehofa, o bolele lefoko leno teng, o re, ‘Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona lotlhe ba Juda, ba lo tsenang mo dikgorong tseno go tla go ikobela Jehofa. 3 Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile jaana: “Dirang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona molemo, mme ke tla lo tlogela lo aga mo lefelong leno. 4 Lo se ka lwa ikanya mafoko a tsietso, lo re, ‘Tempele ya ga Jehofa, tempele ya ga Jehofa, ke tempele ya ga Jehofa!’ 5 Gonne fa e le gore ruri lo tla dira ditsela tsa lona le ditiro tsa lona molemo, fa e le gore ruri lo tla diragatsa tshiamiso mo gare ga motho le molekane wa gagwe, 6 fa e le gore ga lo na go gatelela moagi ope wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi, gape lo se kitla lo tsholola madi a a se nang molato mo lefelong leno, e bile lo se kitla lo sala medimo e mengwe morago go itlisetsa masetlapelo, 7 le nna ke tla lo tlogela lo aga mo lefelong leno, mo lefatsheng le ke neng ka le naya borraalonamogologolwane, go tswa bosasimologeng le go ya bosakhutleng.”’”

w88 4/1 12 ¶9-10

Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo

9 Jehofa o ne a laola Jeremia gore a ye go ema fa a neng a tla bonwa ke botlhe ka botlalo teng kwa kgorong ya tempele a bo a neele baobamedi ba ba neng ba tsena koo molaetsa wa Gagwe. O ne a tshwanelwa ke go ba raya a re: “Lo se ka loa ikanya mahoko a maaka, loa re, Tempela ea ga Yehofa, tempela ea ga Yehofa ke dikagō tse. . . . a a sa kakeñ a thusa sepe.” Bajuda ba ne ba sepela ka pono, eseng ka tumelo, ka jaana ba ne ba ikgantsha ka tempele ya bone. Ba ne ba setse ba lebetse mafoko a ga Jehofa a tlhagiso: “Legodimo ke setulō sa me sa bogosi, me lehatshe ke sebeèō sa me sa dinaō; lo tla nkagèla ntlo e e nntseñ yañ?” Jehofa, Molaodi Mogolo wa lobopo lono lo logolo, eleruri o ne a sa nne fela mo teng ga tempele ya bone, go sa kgathalesege gore e ne e le ntle go le kana kang!—Yeremia 7:1-8; Isaia 66:1.

10 Jeremia o ne a tswelela ka kgalemelo ya gagwe ya phatlalatsa e e neng e tlhaba: “A lo tla ucwa, lo bolaea batho, lo diha boaka, lo ikana ka maaka, lo hisetsa Baale mashwalō, lo sala medimo e sele moragō e lo sa e itseñ, . . . me lo re, Re golocwe; gore lo tlè lo dihè makgapha a lona aotlhe hèla?” Bajuda, jaaka ‘batho ba ba kgethilweng ba Modimo,’ ba ne ba akanya gore o ne o tla letlelela boitshwaro jwa mofuta mongwe le mongwe, fa fela ba ne ba lere ditlhabelo tsa bone mo tempeleng. Lefa go ntse jalo, fa ba ne ba akanya gore ke rre yo o senang tlhaloganyo yo o senyang ngwana wa gagwe yo mongwe fela, ba ne ba tla di gama ba sa di tlhapela.—Yeremia 7:9, 10; Ekesodo 19:5, 6.

(Jeremia 7:8-15) “Bonang, lo ikanya mafoko a tsietso—ga go na go lo tswela mosola le e seng. 9 A go ka utswiwa, ga bolawa motho le go dira boaka le go ikana ka maaka le go kuisetsa Baale musi wa setlhabelo le go sala medimo e mengwe morago e lo neng lo sa e itse, 10 mme lo bo lo tla lo ema fa pele ga me mo ntlong eno e leina la me le bidiwang mo go yone, lo re, ‘Ruri re tla gololwa,’ lo ntse lo dira dilo tseno tsotlhe tse di makgapha? 11 A ntlo eno e leina la me le bidiwang mo go yone e fetogile logaga fela lwa dinokwane mo matlhong a lona? Le nna ke se bone seo,” go bua Jehofa. 12 “‘Le fa go ntse jalo, tsamayang, gone jaanong, lo ye kwa lefelong la me le le neng le le kwa Shilo, kwa ke dirileng gore leina la me le age gone la ntlha, mme lo bone gore ke dirileng kwa go lone ka ntlha ya bosula jwa batho ba me ba Iseraele. 13 Mme jaanong ka lebaka la gore lo ne lwa nna lwa dira ditiro tseno tsotlhe,’ go bua Jehofa, ‘mme ka nna ka bua le lona, ke tsoga go sa le phakela ke bua, mme lwa se ka lwa reetsa, ka nna ka lo bitsa, mme lwa se ka lwa araba, 14 ke tla dira fela jalo mo ntlong e leina la me le bidiwang mo go yone, e lo e ikanyang, le mo lefelong le ke neng ka le naya lona le borraalonamogologolwane, fela jaaka ke dirile kwa Shilo. 15 Mme ke tla lo latlhela kwa ntle ke lo tlosa fa pele ga sefatlhego sa me, fela jaaka ke ne ka latlhela bomorwarraalona botlhe kwa ntle, bana botlhe ba ga Eferaime.’

jr 21 ¶12

Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”

12 Mo tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime, Jehofa o ne a laela Jeremia gore a ye kwa tempeleng mme a kgale phatlalatsa boikepo jo Bajuda ba neng ba bo dira. Ba ne ba akanya gore tempele ya ga Jehofa e na le maatla mangwe a masaitsiweng a a neng a ka ba sireletsa. Mme gone, fa ba ne ba sa tlogele mekgwa ya bone ya ‘go utswa, go bolaya le go dira boaka le go ikana ka maaka le go kuisetsa Baale mosi wa setlhabelo le go sala medimo e mengwe morago,’ Jehofa o ne a tla latlha tempele ya gagwe. Gape o ne a tla latlha le baitimokanyi ba ba neng ba obamela mo go yone, fela jaaka a ile a latlha motlaagana kwa Shilo mo motlheng wa ga Moperesiti yo Mogolo e bong Eli. Naga ya Juda e ne e se kitla “e nna sepe fa e se lefelo le le swafetseng.” (Jer. 7:1-15, 34; 26:1-6) Ruri Jeremia o ne a tshwanetse go nna pelokgale gore a bolele molaetsa oo! Mme go bonala a ile a o bolela phatlalatsa fa pele ga batho ba ba tlotlegang le ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo setšhabeng. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe mo motlheng wa rona le bone ba ile ba ikutlwa ba tlhoka bopelokgale gore ba kgone go neela bosupi mo mmileng kgotsa go bua le batho ba ba humileng kgotsa ba ba tlotlegang. Mme gone, re ka tlhatswega pelo ka seno: Ga re belaele gore Modimo o tla re ema nokeng, fela jaaka a ile a ema Jeremia nokeng.—Baheb. 10:39; 13:6.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Jeremia 6:16) Jehofa o buile jaana: “Emang fela mo ditseleng, lona batho, mme lo bone lo bo lo botse ka ditsela tsa bogologolo, kwa jaanong tsela e e molemo e leng teng; lo tsamaye mo go yone mme lo bonele meya ya lona boiketlo.” Mme ba nna ba re: “Ga re na go tsamaya.”

w05 11/1 23 ¶11

A o Tla Tsamaya le Modimo?

11 A ruri re letla Lefoko la Modimo le re kaela jalo? Go ka nna molemo gore ka dinako tse dingwe re eme go se kae mme re itshekatsheke ka boikanyegi. Akanya ka temana eno e e ka re thusang go dira jalo: “Jehofa o buile jaana: ‘Emang fela mo ditseleng, lona batho, mme lo bone lo bo lo botse ka ditsela tsa bogologolo, kwa jaanong tsela e e molemo e leng teng; lo tsamaye mo go yone mme lo bonele meya ya lona boiketlo.’” (Jeremia 6:16) Mafoko ano a ka re gopotsa motsamai yo o emang fa marakanelong a ditsela go botsa mongwe tsela. Ka tsela ya semoya re ka re, batho ba ga Jehofa ba batsuolodi kwa Iseraele le bone ba ne ba tshwanetse go dira sengwe se se ntseng jalo. Ba ne ba tshwanetse go senka tsela ya go boela mo ‘ditseleng tsa bogologolo.’ ‘Tsela eo e e molemo’ e ne e le tsela e borraabonemogolo ba ba ikanyegang ba neng ba tsamaya ka yone, tsela e setšhaba se neng se dirile boeleele jwa go letla gore ba fapoge mo go yone. Ka maswabi, Iseraele o ne a tsibogela kgakololo eno e e lorato ya ga Jehofa ka go nna thamoethata. Yone temana eno e tswelela jaana: “Mme ba nna ba re: ‘Ga re na go tsamaya.’” Mo metlheng ya gompieno, batho ba Modimo ba ile ba tsibogela kgakololo eo ka tsela e e farologaneng.

(Jeremia 6:22, 23) Jehofa o buile jaana: “Bonang! Setšhaba se tla se tswa kwa nageng ya bokone, mme go na le setšhaba se segolo se se tla tsosiwang kwa dintlheng tse di kgakala thata tsa lefatshe. 23 Ba tla tshwara bora le lerumo le le konopiwang. Se setlhogo, mme ga ba na go tlhomoga pelo. Lentswe la bone le tla utlwala thata fela jaaka lewatle, mme ba tla palama dipitse. Se tlhomagane ka thulaganyo ya tlhabano jaaka monna wa ntwa kgatlhanong le wena, wena morwadia Siona.”

w88 4/1 13 ¶15

Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo

Juda o Duelela Molato

15 Mo e ka nnang ka 632 B.C.E, Asiria o ne a gapilwe ke Bakaladea le Bameda, mme Egepeto o ne a isitswe kwa tlase ka boemo go nna mmusonyana fela o o kwa bokone jwa Juda. Seo se neng se tla nna matshosetsi tota mo go Juda se ne se tla tla ka tsela ya batlhasedi e e kafa bokone. Ka gone, Jeremia o ne a tshwanelwa ke go bolelela Bajuda-ka-ene dikgang tse di bosula! “Bōnañ, go tla chaba ñwe e cwa lehatshiñ ya botsheka; . . . ke ba ba bolalome, ga ba itse go utlwèla botlhoko; . . . moñwe le moñwe o gu tlhomeletse, wèna morwadia Siona, yaka monna eo o tlhomeletseñ tlhabanō.” Mmuso wa lefatshe o o neng o le mogolo ka nako eo e ne e le Babelona. Ono e ne e tla nna sedirisiwa sa Modimo sa go otlhaya Juda yo o neng a sena tumelo.—Yeremia 6:22, 23; 25:8, 9.

Mmalo wa Baebele

(Jeremia 5:26–6:5) Gonne mo gare ga batho ba me go fitlhetswe batho ba ba boikepo. Ba nna ba tlhodumela, jaaka fa batshwara dinonyane ba batalala. Ba beile serai se se senyang. Ba tshwara batho. 27 Jaaka serubi se tletse ka dibopiwa tse di fofang, jalo matlo a bone a tletse tsietso. Ke gone ka moo ba nnileng bagolo e bile ba nna le dikhumo. 28 Ba nonne; ba a phatsima. Gape ba penologile dilo tse di bosula. Ga ba a seka kgetsi epe ya molao, le eleng kgetsi ya molao ya mosimane yo o se nang rre, gore ba tle ba atlege; e bile ga ba a buelela katlholo ya bahumanegi.’” 29 “A ga ke a tshwanela go dira gore go ikarabelelwe ka ntlha ya tsone dilo tseno,” go bua Jehofa, “kgotsa a moya wa me ga o a tshwanela go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le seno? 30 Seemo se se akabatsang, le eleng selo se se maswe, se dirilwe gore se nne teng mo lefatsheng: 31 Baporofeti ba porofeta maaka; mme fa e le baperesiti bone, ba fenya go ya ka maatla a bone. Le batho ba me ba ratile go ntse jalo; mme lona batho ke lona, lo tla dira eng kwa bokhutlong jwa teng?”

6 Itshireletseng, lona bomorwa Benjamine, kgatlhanong le Jerusalema; mme letsang lonaka mo Tekoa. Tsholetsang sesupo sa molelo le kwa godimo ga Bethe-hakereme; ka gonne masetlapelo a lebile kwa tlase go tswa kwa bokone, le thubagano e kgolo. 2 Ruri morwadia Siona o tshwana le mosadi yo montle le yo o godisitsweng ka bopelonomi. 3 Badisa le metlhape ya bone ba ne ba tla kwa go ene. Ba ne ba tlhoma megope ya bone go mo dikologa. Mongwe le mongwe wa bone o ne a fudisa mo karolong ya gagwe. 4 Ba itshepisitse ntwa kgatlhanong le ene: “Ema, mme re tlhatloge ka sethoboloko!” “A bo go latlhega rona, gonne letsatsi le khutlile, gonne meriti ya maitseboa e nna e nama!” 5 “Ema, mme re tlhatloge mo bosigong re senye ditora tsa gagwe tsa bonno.”

MARCH 20-26

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 8-11

“Batho ba ka Atlega Fela fa ba Kaelwa ke Jehofa”

(Jeremia 10:2-5) Jehofa o buile jaana: “Lo se ka lwa ithuta tsela ya ditšhaba gotlhelele, mme lo se ka lwa welwa ke poifo ka ntlha ya ditshupo tsa magodimo, ka gonne ditšhaba di welwa ke poifo ka ntlha ya tsone. 3 Gonne mekgwa ya ditšhaba ke moya fela o o hemelwang kwa ntle, ka gonne ke setlhare fela mo sekgweng se motho a se remileng, tiro ya diatla tsa modiri yo o setswerere ka sedirisiwa sa go seta. 4 Motho o se ntlafatsa ka selefera le ka gouta. Ba di kokotela ka dimapo le dinoto gore sepe se se ka sa kgwetlha. 5 Di tshwana le setshosa sa tshimo ya komokomore, e bile ga di kgone go bua. Di a tsholediwa, gonne ga di kgone go tsaya dikgato dipe. Lo se ka lwa boifa ka ntlha ya tsone, gonne di ka se dire sepe sa masetlapelo, gape, mo godimo ga moo, ga di itse go dira molemo ope.”

(Jeremia 10:14, 15) Motho mongwe le mongwe o itshwere ka go sa akanye ga ba ga senoga botlhoka kitso jwa gagwe. Mothudi mongwe le mongwe wa tshipi ruri o tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya setshwantsho se se setilweng; gonne setshwantsho sa gagwe se se thetsweng ke maaka, e bile ga go na moya mo go tsone. 15 Ke lefela, tiro ya tshotlo. Di tla nyelela mo nakong e di elwang tlhoko ka yone.

it-1-E 555

Komokomore

Gape go ne go dirisiwa dipilara, dipale le dilo tse dingwe kwa masimong go tshosa diphologolo gore di se ka tsa ja dijalo, mme moporofeti Jeremia o ne a re ditshwantsho tse di dirilweng ke ditšhaba tse di neng di obamela medingwana di ne di tshwana le “setshosa sa tshimo ya komokomore” ka gonne di ne di sa tshele.​—Jer 10:5.

(Jeremia 10:6, 7) Ga go na ope yo o tshwanang le wena ka tsela epe, wena Jehofa. O mogolo, e bile leina la gago le na le thata e kgolo. 7 Ke mang yo o sa tshwanelang go go boifa, wena Kgosi ya ditšhaba, gonne mo go wena go a tshwanela; ka gonne gareng ga botlhe ba ba botlhale mo ditšhabeng le mo magosing otlhe a bone ga go na ope yo o tshwanang le wena ka gope.

(Jeremia 10:10-13) Mme Jehofa ke Modimo ka boammaaruri. Ke Modimo yo o tshelang le Kgosi ka bosakhutleng. Lefatshe le tla reketla ka ntlha ya kgalefo ya gagwe, mme ga go na ditšhaba dipe tse di tla itshokelang katlholo ya gagwe. 11 Lona lo tla ba raya lo re: “Medimo e e sa dirang magodimo le lefatshe ke yone e e tla nyelelang mo lefatsheng le ka fa tlase ga magodimo ano.” 12 Ke Modiri wa lefatshe ka maatla a gagwe, Yo o tlhomamisang ka thata naga e e ungwang ka botlhale jwa gagwe, le Yo o phuthulotseng magodimo ka tlhaloganyo ya gagwe. 13 Ka lentswe la gagwe o feretlha metsi kwa magodimong, mme o dira gore mouwane o tlhatloge go tswa ntlheng ya lefatshe. O diretse pula mesele, e bile o ntsha phefo kwa matlong a gagwe a polokelo.

w04 10/1 11 ¶10

Ke Bomang ba ba Nayang Modimo Kgalalelo Gompieno?

10 E ka ne o leba kwa magodimong kwa godimo kgotsa o leba popo e e mono lefatsheng, o bona bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Mmopi o teng. (Jeremia 10:12) Re tshwanetse go dumalana ka pelo yotlhe le dibopiwa tsa kwa legodimong tse di neng di goa di re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe.” (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba le bantsi ga ba kgone go bona bosupi jono ka ‘matlho a dipelo tsa bone,’ le fa gone ba gakgamadiwa ke tsela e dilo tse ba di bonang ka matlho di dirilweng ka yone. (Baefeso 1:18) Re ka tshwantsha seno jaana: “Go kgatlhwa ke bontle jwa tlholego le tsela e dilo tsa yone di dirilweng ka yone o bo o ganela gore di na le Modiri wa tsone ga go utlwale fela jaaka go tla bo go sa utlwale go kgatlhwa ke bontle jwa setshwantsho sengwe se se takilweng mme o bo o ganela gore go na le motaki yo o ileng a tsaya letsela a bo a dira setshwantsho se sentle ka lone. Ga go gakgamatse go bo ba ba ganang go dumela mo Modimong go twe “ga ba na seipato”!

(Jeremia 10:21-23) Gonne badisa ba itshwere ka go sa akanye, e bile ga ba a batla Jehofa. Ke ka lone lebaka leo ba sa dirang ka temogo, mme diphologolo tsa bone tsotlhe tse di fudisiwang di gasame.” 22 Reetsang! Pego! Ke eno e tlile, le go thuga mo gogolo go tswa kwa lefatsheng la bokone, go dira metse ya Juda kgakgabalo, kutla ya bophokoje. 23 Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.

w15 9/1 15 ¶1

A o Swabisitswe ke Modimo?

Maemo a a sa iketlang a lefatshe ke bosupi jwa gore batho ga ba kgone go ipusa. Dipuso tsa batho ga di a palelwa fela ke go dira gore go nne le kagiso, tshireletsego le boitumelo mme di dirile gore lefatshe leno le nne gaufi le go senngwa. Seno se bontsha gore mafoko ano a a kwadilweng mo Baebeleng a boammaaruri: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ke tsela ya Modimo fela ya go busa e tla tlisang kagiso, boitumelo le masego a a nnelang ruri, ka gonne seo ke se Modimo a se batlang.—Isaia 45:18.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Jeremia 9:24) “Mme a yo o ikgantshang a ikgantshe ka ntlha ya selo seno, go nna le temogo le go nna le kitso ka ga me, gore ke nna Jehofa, Yo o supang bopelonomi jwa lorato, tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng; gonne ke itumedisiwa ke dilo tseno,” go bua Jehofa.

w13 1/15 20 ¶16

Nna o Atamalane le Jehofa

16 Go nna motlotlo ka dilo tse di siameng go ka nna molemo. Ka sekai, ka metlha re tshwanetse go nna motlotlo go bo re le Basupi ba ga Jehofa. (Jer. 9:24) Go itlotla ka tsela e e siameng go re thusa gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng le gore re se ka ra nna le boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, go akanya gore tsela e re lebang dilo ka yone e siame go feta tsela e Jehofa a di lebang ka yone, go ka re katosetsa kgakala le ene.—Pes. 138:6; Bar. 12:3.

(Jeremia 11:10) Ba boetse kwa ditlolong tsa borraabonemogologolwane, ba ntlha, ba ba neng ba gana go utlwa mafoko a me, ba ka bobone ba setseng medimo e sele morago gore ba e direle. Ntlo ya Iseraele le ntlo ya Juda di tlodile kgolagano ya me e ke neng ka e dira le borraabonemogologolwane.

w07 3/15 9 ¶2

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Jeremia

3:11-22; 11:10-12, 17—Ke ka ntlha yang fa Jeremia a ne a akaretsa bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome mo dipolelong tsa gagwe, le fa Samarea e ne e ole ka 740 B.C.E.? E ne e le ka gonne go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. e ne e le katlholo ya ga Jehofa mo setšhabeng sotlhe sa Iseraele, e seng mo Juda fela. (Esekiele 9:9, 10) Mo godimo ga moo, fa bogosi jwa ditso tse di lesome bo sena go wa, tsholofelo ya gore bogosi jono bo ka tsosolosiwa e ne ya tswelela e le kwa Jerusalema, ka gonne melaetsa ya baporofeti ba Modimo e ne ya tswelela pele e akaretsa Baiseraele.

Mmalo wa Baebele

(Jeremia 11:6-16) Mme Jehofa a tswelela a nthaya a re: “Bolela mafoko ano otlhe mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema, o re, ‘Utlwang, lona batho, mafoko a kgolagano eno, mme lo a dire. 7 Gonne ke ne ka tlhagisa borraalonamogologolwane ka masisi mo letsatsing le ke neng ke ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto ka lone go tla go fitlha mo letsatsing leno, ke tsoga go sa le phakela ke ba tlhagisa, ke re: “Utlwang lentswe la me.” 8 Mme ga ba a ka ba reetsa le fa e le go sekega tsebe ya bone, mme ba ne ba nna ba tsamaya mongwe le mongwe mo bologwading jwa pelo ya gagwe e e bosula; ka jalo ke ne ka tlisa mo go bone mafoko otlhe a kgolagano eno a ke neng ka ba laela gore ba a dire, a ba sa a dirang.’” 9 Mo godimo ga moo, Jehofa a nthaya a re: “Go fitlhetswe leano la boferefere mo bathong ba Juda le mo banning ba Jerusalema. 10 Ba boetse kwa ditlolong tsa borraabonemogologolwane, ba ntlha, ba ba neng ba gana go utlwa mafoko a me, ba ka bobone ba setseng medimo e sele morago gore ba e direle. Ntlo ya Iseraele le ntlo ya Juda di tlodile kgolagano ya me e ke neng ka e dira le borraabonemogologolwane. 11 Ka jalo Jehofa o buile jaana, ‘Bona, ke ba tlisetsa masetlapelo a ba ka se kgoneng go tswa mo go one; mme ruri ba tla ikuela mo go nna gore ke ba thuse, mme ga ke na go ba reetsa. 12 Mme metse ya Juda le banni ba Jerusalema ba tla tshwanelwa ke go ya go ikuela kwa medimong e ba e kuisetsang mosi wa setlhabelo gore e ba thuse, e ruri e se nang go ba tlisetsa poloko mo motlheng wa masetlapelo a bone. 13 Gonne medimo ya gago e ntse mentsi jaaka metse ya gago, wena Juda; le dibeso tse dintsi jaaka mebila ya Jerusalema batho ke lona lo di beetse selo se se tlhabisang ditlhong, dibeso tse go kuisediwang Baale mosi wa setlhabelo mo go tsone.’ 14 “Mme fa e le wena, o se ka wa rapelela setšhaba seno, le gone o se ka wa ba tsholeletsa selelo sa go kopa ka tlhoafalo kgotsa thapelo, gonne ke tla bo ke sa reetsa ka nako e ba tla ntlhaeletsang ka yone ka ga masetlapelo a bone. 15 “Moratwa wa me o na le tiro efe mo ntlong ya me, gore bontsi jwa bone bo dire selo seno, e leng leano le le bosula? A mme ka nama e e boitshepo ba tla dira gore le fete le tswe mo go wena, fa masetlapelo a gago a tla? A o tla itumela ka nako eo? 16 Jehofa o biditse leina la gago a re, ‘Setlhare se se golang thata sa motlhware, se sentle se se nang le maungo e bile se bopegile sentle.’ Ka modumo wa go kurutla mo gogolo, o tukisitse molelo kgatlhanong le ene, mme ba robagantse dikala tsa sone.

MARCH 27–APRIL 2

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 12-16

“Baiseraele ba Ile ba Lebala Jehofa”

(Jeremia 13:1-5) Jehofa o ntheile a re: “Tsamaya, o ipatlele moitlamo wa leloba o o beye mo dinōkeng tsa gago, mme o se ka wa o tsenya mo metsing ape.” 2 Ka jalo ka ipatlela moitlamo go ya ka lefoko la ga Jehofa mme ka o baya mo dinōkeng tsa me. 3 Mme lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna lekgetlo la bobedi, le re: 4 “Tsaya moitlamo o o nang le one, o o mo dinōkeng tsa gago, mme o eme, o ye kwa Euferatese, mme o o fitlhe teng mo lopharong lwa lefika le legolo.” 5 Jalo ka tsamaya ka o fitlha fa Euferatese, fela jaaka Jehofa a ne a ntaetse.

jr 51 ¶17

Ela Tlhoko Gore o se Nne le Pelo e e Boferefere

17 Kabelo ya ga Jeremia e ne e akaretsa gore a ikobele kaelo ya Modimo. Fa o ne o le Jeremia, a o ka bo o ile wa amogela ditaelo tse a neng a di newa? Nako nngwe Jehofa o ne a laela Jeremia gore a batle moitlamo wa leloba mme a ipofe ka one. Morago ga moo Modimo o ne a mo laela gore a tseye loeto a ye kwa Euferatese. Fa o ka leba mo mmapeng, o tla bona gore o ne a tla tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di ka nna 500. Fa Jeremia a goroga koo, o ne a tshwanetse go fitlha moitlamo oo mo lopharong lwa lefika le legolo mme a tseye loeto lo longwe gape a boele kwa Jerusalema. Moragonyana Modimo o ne a mo laela gore a ye go tsaya moitlamo oo gape. (Bala Jeremia 13:1-9.) Loeto lotlhe lo Jeremia a tla bong a lo tsamaile e ne e tla nna dikilometara di ka nna 1 900. Tota batshwayadiphoso bangwe ga ba dumele gore Jeremia o ne a ka tsaya loeto lo loleele jaana lo lo neng lo tla mo tsaya dikgwedi. (Esera 7:9) Mme gone ke se Modimo a neng a mo laetse sone mme ke sone se Jeremia a ileng a se dira.

(Jeremia 13:6, 7) Ga diragala ya re kwa bokhutlong jwa malatsi a mantsi Jehofa a nthaya a re: “Ema, ya kwa Euferatese mme koo o tseye moitlamo o ke go laetseng gore o o fitlhe teng.” 7 Ka jalo ka ya kwa Euferatese mme ka epa ka tsaya moitlamo mo lefelong le ke neng ke o fitlhile mo go lone, mme bonang! moitlamo o ne o senyegile; o ne o sa tshwanele sepe.

jr 52 ¶18

Ela Tlhoko Gore o se Nne le Pelo e e Boferefere

18 Akanya fela moporofeti a ralala dithaba tsa Judea mme go ikaegile ka gore o tsere tsela efe, a tsena mo sekakeng se se yang kwa Euferatese. A tsaya matsapa ano otlhe fela gore a ye go fitlha moitlamo wa leloba! Baagelani ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipotsa gore o ile kae fa ba bona go feta nako e telele a seyo. Fa a boela gae, o ne a sa tlhole a tshotse moitlamo wa leloba. Mme Modimo o ne a mo laela gore a tseye gape loeto lo loleele a boele a ye go tsaya moitlamo o jaanong o neng o setse o senyegile e bile “o sa tshwanele sepe.” Ruri go ne go ka nna motlhofo gore a akanye jaana: ‘Ke utlwile jaanong. Selo se ke se dirang seno ga se na tlhaloganyo.’ Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a itetlile go bopiwa ke Modimo ga a ka a akanya jalo. Go na le gore a ngongorege, o ne a dira fela jaaka a ne a laetswe!

(Jeremia 13:8-11) Go tswa foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, le re: 9 “Jehofa o buile jaana, ‘Ke tla senya boikgogomoso jwa Juda le boikgogomoso jo bogolo jwa Jerusalema ka tsela e e tshwanang. 10 Setšhaba seno sa batho ba ba bosula ba ba ganang go utlwa mafoko a me, ba ba tsamayang mo bologwading jwa pelo ya bone le ba ba nnang ba sala medimo e mengwe morago gore ba e direle le go e ikobela, le bone ba tla nna fela jaaka moitlamo ono o o sa tshwaneleng sepe.’ 11 ‘Gonne fela jaaka moitlamo o ngaparela dinōka tsa motho, ka tsela e e ntseng jalo ke dirile gore ntlo yotlhe ya Iseraele le ntlo yotlhe ya Juda di nngaparele,’ go bua Jehofa, ‘gore ba tle ba nne mo go nna setšhaba le leina le pako le selo se sentle; mme ga ba a ka ba utlwa.’

jr 52 ¶19-20

Ela Tlhoko Gore o se Nne le Pelo e e Boferefere

19 Ke fela fa Jeremia a sena go tsaya loeto lwa bobedi Modimo a neng a mo tlhalosetsa lebaka la go bo a ne a mo roma jalo. Tsela e Jeremia a neng a itshwara ka yone e ne ya mo thusa gore a kgone go bua molaetsa ono o o masisi: “Setšhaba seno sa batho ba ba bosula ba ba ganang go utlwa mafoko a me, ba ba tsamayang mo bologwading jwa pelo ya bone le ba ba nnang ba sala medimo e mengwe morago gore ba e direle le go e ikobela, le bone ba tla nna fela jaaka moitlamo ono o o sa tshwaneleng sepe.” (Jer. 13:10) Ruri tsela eno e Jehofa a neng a e dirisa go ruta batho ba gagwe e a kgatlha! Tsela e Jeremia a neng a ikobela Modimo go tswa pelong ka yone fa a ne a newa kabelo eo e e neng e lebega e se botlhokwa, e ne ya thusa thata mo maitekong a Modimo a neng a a dira go fitlhelela dipelo tsa batho.—Jer. 13:11.

20 Gompieno Modimo ga a kope Bakeresete gore ba tsamaye makgolokgolo a dikilometara e le gore a ba rute thuto nngwe. Mme gone, a gongwe tsela ya Bokeresete e o dirang dilo ka yone e ka dira gore baagelani ba gago kgotsa batho ba o dirisanang le bone ba go gakgamalele kana ba go tshwayatshwaye diphoso? Seno se ka akaretsa tsela e o aparang le e o ipaakanyang ka yone, thutego e o e tlhophang, tiro e o e ratang, tota le tsela e o lebang bojalwa ka yone. A le wena o tla ikemisetsa go reetsa kaelo ya Modimo fela jaaka Jeremia a ne a dira? Dilo tse o di tlhophang gonne o letlile Modimo go bopa pelo ya gago di ka nna bosupi jo bo molemo mo bathong ba bangwe. Mme gone, go ikobela kaelo ya ga Jehofa e e mo Lefokong la gagwe le go amogela kaelo e a go nayang yone ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego go tla go solegela molemo fela thata. Go na le gore o itetle go kaelwa ke pelo e e boferefere, o ka kgona go tshwana le Jeremia. Ka jalo, ikemisetse gore o tla letla Modimo e nna ene a go bopang; mo letle gore a go dire sejana se se tlotlegang se a tla nnang a se dirisa.

it-1-E 1121 ¶2

Lotheka

Jehofa o ne a bua ka ntlo ya Iseraele le ya Juda a re ba tshwana le moitlamo mo lothekeng lwa gagwe, e le go bontsha gore o ne a ba beile gaufi thata le ene ka boikaelelo jwa go ba dira gore e nne sengwe se sentle mo go ene. (Jer 13:11) Jesu Keresete le ene o tlhalosiwa a busa ka tshiamo e le mo dinokeng tsa gagwe le boikanyegi e le moitlamo wa lotheka lwa gagwe. Seno se bontsha gore Jesu Keresete o dirisa maatla a gagwe ka tshiamo le ka boikanyegi. Fela jaaka moitlamo kgotsa lebante le thusa go tshwara sengwe, tshiamo e mo thusa go diragatsa boikarabelo jo Jehofa a mo neileng jone jwa gore a atlhole ka tshiamo.—Isa 11:1, 5.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Jeremia 12:1, 2) O tshiamo, wena Jehofa, fa ke ngongorega mo go wena, ammaruri fa ke bua le ka dikgang tsa katlholo le wena. Ke ka ntlha yang fa tsela ya baikepi e atlegile, fa botlhe ba ba dirang boferefere ba sa tshwenyege? 2 O ba jadile; mme ba medile medi. Ba nna ba tsamaela kwa pele; gape ba tlhagisitse maungo. O gaufi mo molomong wa bone, mme o kgakala le diphilo tsa bone.

(Jeremia 12:14) Jehofa o buile jaana kgatlhanong le baagelani botlhe ba me ba ba bosula, ba ba amang se se ruilweng boswa se ke dirileng gore batho ba me ba Iseraele ba se rue: “Bonang, ke ba kumola mo lefatsheng la bone; le ntlo ya Juda ke tla e kumola mo gare ga bone.

jr 118 ¶11

A Letsatsi le Letsatsi o Botsa Gore, “O Kae Jehofa?”

11 Jeremia o ne a tshwenyegile thata fa a bona baikepi ba atlega. (Bala Jeremia 12:1, 3.) Le fa gone a ne a sa belaele tshiamo ya ga Jehofa, o ne a batla gore Modimo a mo tlhalosetse “ngongorego” ya gagwe. Tsela e a neng a bua le Modimo ka tlhamalalo ka yone e ne e bontsha sentle gore o ne a na le kamano e e nonofileng le Modimo e e tshwanang le ya ngwana le rraagwe yo o mo ratang. Ke fela gore Jeremia o ne a sa kgone go tlhaloganya gore ke eng fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba atlega jaana le fa ba le boikepo. Mme gone, a o ne a bona karabo e e mo kgotsofatsang? Jehofa o ne a mo solofetsa gore o tlile go kumola baikepi. (Jer. 12:14) Tsela e Jeremia a ikanyang tshiamiso ya Modimo ka yone e ne ya nonofa le go feta fa a bona dikgang tse a di boleletseng Modimo ka thapelo di rarabologa. Mme ka ntlha ya seo, o tshwanetse a bo a ile a rapela Modimo le go feta, a tshololela Rraagwe maikutlo a gagwe.

(Jeremia 15:17) Ga ke a nna mo setlhopheng se se atamalaneng thata sa ba ba dirang metlae mme ka simolola go itumela. Ka ntlha ya seatla sa gago ke ntse ke le nosi, gonne o ntladitse ka katlholo.

w04 5/1 12 ¶16

Nna Pelokgale Jaaka Jeremia

A re Ele Tlhoko ba re Itsalanyang le Bone

16 Jeremia o umaka selo se sengwe gape se se neng sa mo thusa go nna pelokgale. A re: “Ga ke a nna mo setlhopheng se se atamalaneng thata sa ba ba dirang metlae mme ka simolola go itumela. Ka ntlha ya seatla sa gago ke ntse ke le nosi, gonne o ntladitse ka katlholo.” (Jeremia 15:17) Jeremia o ne a tlhopha go nna a le nosi go na le gore a itsalanye le batho ba ba bosula. Le rona gompieno re leba dilo jalo. Le ka motlha ga re lebale tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo ya gore “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo,” tota le mekgwa e e molemo e re sa bolong go nna le yone ka dingwaga di le dintsi.—1 Bakorintha 15:33.

Mmalo wa Baebele

(Jeremiah 13:15-27) Utlwang, lona batho, mme lo sekege tsebe. Lo se ka lwa nna mabela, gonne Jehofa ka boene o buile. 16 Nayang Jehofa Modimo wa lona kgalalelo, pele ga a dira gore go nne lefifi le pele ga dinao tsa lona di itaana mo dithabeng ka letlatlana. Mme ruri lo tla solofela lesedi, mme o tla le dira moriti o montsho; o tla le fetola letobo le lentshontsho. 17 Mme fa lo ka se le utlwe, moya wa me o tla lela ka ntlha ya boikgogomoso mo mafelong a go itshuba mme ruri o tla tsholola dikeledi; leitlho la me le tla elela dikeledi, ka ntlha ya gore motlhape wa ga Jehofa o tla bo o isitswe botshwarwa. 18 “Raya kgosi le mohumagadi o re, ‘Nnang kwa lefelong le le kwa tlasenyana, gonne serwalo sa lona sa bontle ruri se tla tswa mo ditlhogong tsa lona.’ 19 Metse ya borwa e tswetswe, gore ope a se ka a e bula. Juda yotlhe e isitswe botshwarwa. E isitswe botshwarwa ka mokgwa o o feletseng. 20 “Tsholetsa matlho, mme o bone ba ba tswang kwa bokone. Motlhape o mongwe o a o go neileng o kae, letsomane la gago le lentle? 21 O tla reng fa a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go wena, fa wena o ba rutile jaaka ditsala tse lo ntshanang seinong go bapa fela le wena kwa tshimologong? A ditlhabi tsa pelegi ka botsone ga di na go go tshwara, tse di tshwanang le tsa mosadi yo o belegang? 22 Le fa o tla bo o bua mo pelong o re, ‘Ke ka ntlha yang fa dilo tseno di ntiragaletse?’ ka ntlha ya bontsi jwa tlolo ya gago dintlha tsa seaparo sa gago di tlositswe jaaka sebipo; direthe tsa gago di tshwerwe setlhogo. 23 “A Mokushe o ka fetola letlalo la gagwe? kgotsa lengau marontho a lone? Lona ba lo leng batho ba ba rutilweng go dira bosula, lo ne lo ka kgona go dira molemo. 24 Jalo ke tla ba gasamisa jaaka dirite tse di fetang le phefo di tswa kwa nageng. 25 Seno ke kabelo ya gago, karolo ya gago e e lekantsweng e e tswang mo go nna,” go bua Jehofa, “ka gonne o ntebetse mme o nna o ikanya maaka. 26 Mme le nna ke tla tsholeletsa dintlha tsa seaparo sa gago mo sefatlhegong sa gago, mme tlontlologo ya gago ruri e tla bonwa, 27 ditiro tsa gago tsa boaka le go kgwankgwanyega ga gago, boitshwaro jwa gago jo bo repileng jwa boaka. Mo dithoteng, mo nageng, ke bone dilo tsa gago tse di ferosang sebete. A bo go latlhega wena, Jerusalema! Ga o ka ke wa bo o le phepa—morago ga lobaka lo lo kae?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela