LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr18 August ts. 1-10
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
  • Ditlhogwana
  • AUGUST 6-12
  • AUGUST 13-19
  • AUGUST 20-26
  • AUGUST 27–SEPTEMBER 2
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
mwbr18 August ts. 1-10

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

AUGUST 6-12

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 17-18

“Bontsha Gore o a Leboga”

(Luke 17:11-14) Mme fa a ne a ya kwa Jerusalema o ne a feta a raletse Samarea le Galalea fa gare. 12 Mme fa a ne a tsena mo motsaneng mongwe banna ba le lesome ba ba nang le lepero ba mo kgatlhantsha, mme ba ne ba emela kgakala thata. 13 Ba tlhatlosa mantswe a bone ba re: “Jesu, Morutisi, re utlwele botlhoko!” 14 E rile a ba bona a ba raya a re: “Tsamayang mme lo ipontshe baperesiti.” Ya re ba tsamaya ba ntlafadiwa.

ntlha e e mo go Luk 17:12, 14 mo nwtsty

banna ba le lesome ba ba nang le lepero: Mo metlheng ya Baebele, balepero ba ne ba nna mmogo ka ditlhopha gore ba kgone go thusana. (2Dik 7:3-5) Go ya ka Molao wa Modimo, balepero ba ne ba tshwanetse go nna kgakala le batho ba bangwe. Gape Molepero o ne a tshwanetse go goa a re, “Boitshekologo, boitshekologo!” gore batho ba go itse gore o teng gaufi. (Lef 13:45, 46) E re ka balepero bano ba le lesome ba ne ba diragatsa Molao, ba emela kgakala thata le Jesu.

lo ipontshe baperesiti: Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a itse gore Molao o sa ntse o dira, ke ka moo a ileng a romela balepero ba a ba fodisitseng kwa baperesiting. (Mat 8:4; Mar 1:44) Go ya ka Molao wa ga Moshe, moperesiti o ne a tshwanetse go tlhomamisa gore molepero o fodile. Gape molepero yono o ne a tshwanetse go ya kwa tempeleng gore a ise dilo tse Molao o neng o re go tlilwe ka tsone fa motho a fodile.—Lef 14:2-32.

(Luke 17:15, 16) Mongwe wa bone, e rile a bona gore o ne a fodisitswe, a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le le kwa godimo. 16 Mme a wela ka sefatlhego fa dinaong tsa ga Jesu, a mo leboga; mo godimo ga moo, e ne e le Mosamarea.

(Luke 17:17, 18) Fa Jesu a fetola a re: “Go ne ga ntlafadiwa ba ba lesome, ga ke re? Janong ba bangwe ba le robongwe ba kae? 18 A go ne ga se ka ga bonwa bape ba ba neng ba boa ba tla go naya Modimo kgalalelo fa e se monna yono wa tšhaba e sele?”

w08 8/1 14-15 ¶8-9

Ke Eng fa re Tshwanetse go Bontsha Tebogo?

A Jesu o ne a itlhokomolosa kgang ya gore balepero ba bangwe ba ne ba sa mo leboga? Pego eo e tswelela jaana: “Fa Jesu a fetola a re: ‘Go ne ga ntlafadiwa ba ba lesome, ga ke re? Jaanong ba bangwe ba le robongwe ba kae? A go ne ga se ka ga bonwa bape ba ba neng ba boa ba tla go naya Modimo kgalalelo fa e se monna yono wa tšhaba e sele?’”—Luke 17:17, 18.

Balepero ba bangwe ba le robonngwe ba ne ba se boikepo. Pelenyana, ba ne ba bontshitse phatlalatsa gore ba dumela mo go Jesu mme ba ikobela ditaelo tsa gagwe ka go rata, tse di neng di akaretsa gore ba ye kwa Jerusalema go ya go iponatsa kwa baperesiting. Le fa go ntse jalo, le fa ba ne ba anaanela se Jesu a neng a se ba diretse ka bopelonomi, ba ne ba palelwa ke go ya go mo leboga. Keresete o ne a swabisiwa ke tsela e ba neng ba itshwara ka yone. Go tweng ka rona? Fa mongwe a re tshwara sentle, a re itlhaganelela go mo raya re re re a leboga mme fa go tshwanela, re bontshe seo ka go mo kwalela lekwalo?

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Luke 17:7-10) “Ke mang wa lona yo fa motlhanka wa gagwe a lema kgotsa a tlhokometse letsomane a tla mo rayang fa a tsena a tswa kwa tshimong a re, ‘Akofa o tle kwano mme o nne ka go sekama fa tafoleng’? 8 Go na le moo, a ga a na a mo raya a re, ‘Mpaakanyetsa sengwe gore ke je sejo sa me sa maitseboa, mme o apare khiba o bo o ntirele go fitlha ke fetsa go ja le go nwa, mme morago ga moo o ka nna wa ja wa ba wa nwa’? 9 Ga a na go ikutlwa a leboga motlhanka ka gonne a dirile dilo tse a di abetsweng, ga ke re? 10 Jalo, le lona, fa lo dirile dilo tsotlhe tse lo di abetsweng, lo re, ‘Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe. Se re se dirileng ke se re tshwanetseng go bo re ne re se dirile.’”

ntlha e e mo go Luk 17:10 mo nwtsty

ba ba se nang molemo wa sepe: Kgotsa motho yo o “se nang mosola.” Jesu o ne a sa reye gore batlhanka bano kgotsa barutwa ba gagwe ba tshwanetse go itsaya e se batho ba sepe. Mafoko a temana eno a a reng “ba ba se nang molemo wa sepe” a raya gore batlhanka ba tshwanetse go nna boikokobetso, ba sa batle go tlotlomadiwa ka tsela epe. Baithuti bangwe ba Baebele ba re mafoko ano a ka tswa a kaya gore “re batlhanka fela ba ba sa batleng go tlotlomadiwa.”

(Luke 18:8) Ke a lo bolelela, O tla dira gore ba direlwe tshiamiso ka bofefo. Le fa go ntse jalo, fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?”

ntlha e e mo go Luk 18:8 mo nwtsty

tumelo: Kgotsa “tumelo ya mofuta ono.” Jesu o ne a sa bue ka tumelo nngwe le nngwe fela mme o ne a bua ka tumelo ya mofuta o o rileng e e tshwanang le ya motlholagadi yo a neng a bua ka ene mo setshwantshong se se mo go Luke 18:1-8. Tumelo eno e akaretsa go nna le tumelo fa o rapela le go dumela gore Modimo o tla direla batho ba gagwe tshiamiso. Go lebega Jesu a ne a tlogetse potso eno a sa e araba ka gore o ne a batla gore barutwa ba gagwe ba sale ba akanya gore tumelo ya bone e nonofile go le kana kang. Setshwantsho se Jesu a ileng a se bolelela barutwa ba gagwe se se kaga thapelo le tumelo se ne se tshwanela ka gonne o ne sa tswa go ba bolelela ka diteko tse ba neng ba tla lebana le tsone.—Luk 17:22-37.

Mmalo wa Baebele

(Luke 18:24-43) Jesu a mo leba mme a re: “A bo e tla nna selo se se thata jang ne gore ba ba nang le madi ba tsene mo bogosing jwa Modimo! 25 Tota e bile, go motlhofo gore kamela e tsene ka letshoba la nnale e e rokang go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.” 26 Ba ba neng ba utlwa seno ba re: “Ke mang yo gongwe o ka bolokwang?” 27 A re: “Dilo tse di sa kgonegeng mo bathong di a kgonega mo Modimong.” 28 Mme Petere a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsa rona ra go sala morago.” 29 A ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Ga go na ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa mosadi kgotsa bomorwarraagwe kgotsa batsadi kgotsa bana ka ntlha ya bogosi jwa Modimo 30 yo ka tsela epe a se kitlang a bona go menagane gantsi go feta mo lobakeng lono lwa nako, mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.” 31 Foo a tseela ba ba lesome le bobedi kwa thoko mme a ba raya a re: “Bonang! Re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme dilo tsotlhe tse di kwadilweng ka baporofeti ka ga Morwa motho di tla wediwa. 32 Ka sekai, o tla neelwa batho ba ditšhaba mme o tla sotlwa a ba a tshwarwa ka go tlhoka maitseo a ba a kgwelwa mathe; 33 mme fa ba sena go mo kgwathisa ba tla mmolaya, mme mo letsatsing la boraro o tla tsoga.” 34 Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba bona bokao jwa sepe sa dilo tseno; mme lefoko leno le ne le fitlhegile mo go bone, e bile ba ne ba sa itse dilo tse di neng di buiwa. 35 Jaanong fa a ne a fitlha gautshwane le Jeriko monna mongwe yo o foufetseng o ne a ntse go bapa le tsela a kopa. 36 Ka gonne a ne a utlwile boidiidi bo feta a simolola go botsa gore seno se kayang. 37 Ba mmegela ba re: “Jesu Monasaretha o a feta!” 38 Foo a goa, a re: “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko!” 39 Ba ba tsamayang kwa pele ba mmolelela ba gagamaditse gore a didimale, mme a nna a goa le go feta moo a re: “Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko.” 40 Foo Jesu a ema mme a laela gore monna yono a isiwe kwa go ene. Fa a sena go fitlha gautshwane, Jesu a mmotsa a re: 41  “O batla ke go direla eng?” A re: “Morena, a ke kgone go bona gape.” 42 Jalo Jesu a mo raya a re: “Boa gape o kgone go bona; tumelo ya gago e go fodisitse.” 43 Mme ka ponyo ya leitlho a kgona go bona gape, mme a simolola go mo sala morago, a galaletsa Modimo. Gape, batho botlhe, fa ba bona seno, ba naya Modimo pako.

AUGUST 13-19

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 19-20

“Ithute mo Setshwantshong sa Bomaena ba le Lesome”

(Luke 19:12, 13) Jalo a re: “Monna mongwe yo o tshotsweng ke batlotlegi o ne a etela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go ikamogelela maatla a segosi le go ba a boa. 13 A bitsa batlhanka ba le lesome ba gagwe a ba naya bomaena ba le lesome mme a ba bolelela a re, ‘Dirang kgwebo go fitlha ke tla.’

jy-E 232 ¶2-4

Setshwantsho sa Bomaena ba le Lesome

A re: “Monna mongwe yo o tshotsweng ke batlotlegi [kgotsa “monna wa motlotlegi”] o ne a etela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go ikamogelela maatla a segosi” a bo a boa. (Luke 19:12) O ne a tla tsamaya lobaka lo loleele. Ga go pelaelo gore Jesu ke ene monna wa motlotlegi yo o yang kwa “lefatsheng le le kgakala” (kwa legodimong) go ya go newa bogosi ke Rraagwe.

Mo setshwantshong seno, pele monna yono a tsamaya, o bitsa batlhanka ba gagwe ba le lesome a bo a naya mongwe le mongwe wa bone maena a bo a ba raya a re: “Dirang kgwebo go fitlha ke tla.” (Luke 19:13) Maena wa selefera ke madi a a tlhwatlhwakgolo. Motho yo o berekileng dikgwedi di ka nna tharo kwa masimong o ne a amogela maena a le mongwe.

Gongwe barutwa ba ga Jesu ba ne ba lemoga gore ke bone batlhanka ba le lesome ba go buiwang ka bone mo setshwantshong seno ka gonne Jesu o ne a setse a ba biditse badiri ba thobo. (Mathaio 9:35-38) Gone Jesu o ne a sa reye gore ba tla bereka mo masimong, mme o ne a bua ka thobo ya go dira batho barutwa gore le bone ba kgone go rua Bogosi Jwa Modimo. Barutwa bano ba tla dirisa dithoto le dilo tse ba nang le tsone go dira tiro eno.

(Luke 19:16-19) Mme wa ntlha a itlhagisa, a re, ‘Morena, maena wa gago o bapetse bomaena ba le lesome.’ 17 Jalo a mo raya a re, ‘O dirile sentle, motlhanka yo o molemo! Ka gonne o itshupile o ikanyega mo selong se sennye thata, nna le taolo godimo ga metse e le lesome.’ 18 Jaanong wa bobedi a tla, a re, ‘Maena wa gago, Morena, o dirile bomaena ba le batlhano.’ 19 A raya le yono a re, ‘Le wena, lebelela metse e le metlhano.’

jy-E 232 ¶7

Setshwantsho sa Bomaena ba le Lesome

Fa barutwa ba lemoga gore ba tshwana le batlhanka ba ba mo setshwantshong ba ba dirisang dilo tse ba nang le tsone go dira batho barutwa, ba ka tlhomamisega gore ba itumedisa Jesu. Gape o tla ba duelela tiro ya bone ya bonatla. Gone ke boammaaruri gore barutwa ba ga Jesu ba lebana le maemo a a farologaneng mo botshelong e bile ba bangwe ba kgona go dira dilo tse ba bangwe ba sa kgoneng go di dira. Fa Jesu a amogela “maatla a segosi” o tla segofatsa botlhe ba ba ntseng ba dira ka natla mo tirong eno ya go dira barutwa.—Mathaio 28:19, 20.

(Luke 19:20-24) Mme o sele a tla, a re, ‘Morena, maena wa gago ke o, o ke neng ka o boloka o beilwe sentle mo letseleng. 21 Wa bona, ke ne ke go boifa, ka gonne o monna yo o makgwakgwa; o tsaya se o neng wa se ka wa se baya e bile o roba se o neng wa se ka wa se jala.’ 22 A mo raya a re, ‘Ke go atlhola ka se se tswang mo molomong wa gago, motlhanka yo o boikepo ke wena. O ne o itse, ga ke re, gore ke monna yo o makgwakgwa, yo ke tsayang se ke neng ka se ka ka se baya e bile ke roba se ke neng ka se ka ka se jala? 23 Ka gone ke ka ntlha yang o ne wa se ka wa tsenya madi a me a selefera mo polokelong? Mme fa ke goroga ke ka bo ke a tsere a na le morokotso.’ 24 “Foo a raya ba ba emeng gaufi a re, ‘Tsayang maena mo go ene mme lo o neye yo o nang le bomaena ba le lesome.’

jy-E 233 ¶1

Setshwantsho sa Bomaena ba le Lesome

Motlhanka yo neng a neetswe maena a le mongwe o paletswe ke go oketsa madi ao, ka jalo mong wa gagwe o ile a tsaya madi ao mo go ene. Baaposetoloi ba akanya ka Jesu a setse a busa mo Bogosing Jwa Modimo, mme ba lemoga gore fa ba sa dire ka natla fela jaaka motlhanka wa bofelo mo setshwantshong seno, ga ba kitla ba busa le Jesu.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Luke 19:43) Ka gonne malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla agang legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go dikanyetsa ba bo ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe,

ntlha e e mo go Luk 19:43 mo nwtsty

legoratshireletso la dikota tse di motsu: Lefoko la Segerika la khaʹrax le le tlhalosang “dikota tse di motsu,” le tlhagelela mo temaneng eno fela mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Lefoko leno la Segerika le tlhalosiwa e le “legong le le motswi kgotsa dipale tse di dirisediwang go dira legora.” Gape le tlhalosiwa e le “dipale tse masole a di dirisang fa a dira legora.” Mafoko ano a ga Jesu a ile a diragadiwa ka ngwaga wa 70 fa masole a Roma a ne a aga lobota kgotsa ba tlhoma dikota go dikologa Jerusalema. Masole ano a ne a eteletswe pele ke Titus. Maikaelelo a go aga legora e ne le gore Bajuda ba se ka ba tshaba, gore Bajuda ba se ka ba lwa le bone le go ba bolaisa tlala gore ba feleletse ba ineetse. Masole a Roma a ile a kgaola ditlhare tse di mo nageng e e gaufi le Jerusalema go aga legora leno.

(Luke 20:38) “Ke Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi.”

ntlha e e mo go Luk 20:38 mo nwtsty

gonne botlhe ba a tshela mo go ene: Kgotsa “mo matlhong a gagwe botlhe ba a tshela.” Baebele ya re batho ba ba katogetseng kgakala le Modimo mme gone ba tshela, mo Modimong go tshwana fela le fa ba sule. (Bae 2:1; 1Ti 5:6) Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba neng ba amogelwa ke Modimo ba bo ba tlhokafala, mo Modimong ba sa ntse ba tshela ka gonne o a itse gore o tlile go ba tsosa.—Bar 4:16, 17.

Mmalo wa Baebele

(Luke 19:11-27) Fa ba ne ba ntse ba reeditse dilo tseno a bua setshwantsho mo godimo ga moo, ka gonne o ne a le gaufi le Jerusalema mme ba ne ba ithaya ba re bogosi jwa Modimo bo ne bo tlile go iponatsa ka ponyo ya leitlho. 12 Jalo a re: “Monna mongwe yo o tshotsweng ke batlotlegi o ne a etela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go ikamogelela maatla a segosi le go ba a boa. 13 A bitsa batlhanka ba le lesome ba gagwe a ba naya bomaena ba le lesome mme a ba bolelela a re, ‘Dirang kgwebo go fitlha ke tla.’ 14 Mme baagimmogo le ene ba ne ba mo tlhoile, ba roma setlhopha sa baemedi morago ga gagwe, gore se re, ‘Ga re batle monna yono a nna kgosi ya rona.’ 15 “Kgabagare e rile a boa a sena go amogela maatla a segosi, a laela gore go bilediwe kwa go ene batlhanka bano ba a neng a ba neile madi a selefera, gore a tlhomamise se ba neng ba se bapetse ka tiro ya go gweba. 16 Mme wa ntlha a itlhagisa, a re, ‘Morena, maena wa gago o bapetse bomaena ba le lesome.’ 17 Jalo a mo raya a re, ‘O dirile sentle, motlhanka yo o molemo! Ka gonne o itshupile o ikanyega mo selong se sennye thata, nna le taolo godimo ga metse e le lesome.’ 18 Jaanong wa bobedi a tla, a re, ‘Maena wa gago, Morena, o dirile bomaena ba le batlhano.’ 19 A raya le yono a re, ‘Le wena, lebelela metse e le metlhano.’ 20 Mme o sele a tla, a re, ‘Morena, maena wa gago ke o, o ke neng ka o boloka o beilwe sentle mo letseleng. 21 Wa bona, ke ne ke go boifa, ka gonne o monna yo o makgwakgwa; o tsaya se o neng wa se ka wa se baya e bile o roba se o neng wa se ka wa se jala.’ 22 A mo raya a re, ‘Ke go atlhola ka se se tswang mo molomong wa gago, motlhanka yo o boikepo ke wena. O ne o itse, ga ke re, gore ke monna yo o makgwakgwa, yo ke tsayang se ke neng ka se ka ka se baya e bile ke roba se ke neng ka se ka ka se jala? 23 Ka gone ke ka ntlha yang o ne wa se ka wa tsenya madi a me a selefera mo polokelong? Mme fa ke goroga ke ka bo ke a tsere a na le morokotso.’ 24 “Foo a raya ba ba emeng gaufi a re, ‘Tsayang maena mo go ene mme lo o neye yo o nang le bomaena ba le lesome.’ 25 Mme ba mo raya ba re, ‘Morena, o na le bomaena ba le lesome!’— 26 ‘Ke a lo raya ka re, Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng; mme ene yo o se nang sepe, le se a nang le sone se tla tsewa. 27 Mo godimo ga moo, baba bano ba me ba ba neng ba se ka ba batla ke nna kgosi ya bone ba tliseng fano mme lo ba bolaele fa pele ga me.’”

AUGUST 20-26

MATLOTLO A A LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 21-22

“Kgololo ya Lona e a Atamela”

(Luke 21:25) “Gape, go tla nna le ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding, mme mo lefatsheng tlalelo e e mahehe ya ditšhaba, e sa itse kgoro ya botso ka ntlha ya go suma ga lewatle le khuduego ya lone,

kr 226 ¶9

Bogosi Jwa Modimo bo Tlosa Baba ba Jone

9 Ditiragalo tse di sa tlwaelegang kwa legodimong. Jesu o bolelela pele jaana: “Letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga e na go ntsha lesedi la yone, mme dinaledi di tla wa di tswa kwa legodimong.” Ruri batho ga ba na go tlhola ba leba kwa baeteledipeleng ba bodumedi go kopa kaelo. A gape Jesu o ne a bua ka dipontsho tse di sa tlwaelegang tsa maatla a a fetang a tlholego kwa magodimong? Go ka tswa go ntse jalo. (Isa. 13:9-11; Joele 2:1, 30, 31) Batho ba tla tsibogela jang se ba se bonang? Ba tla nna mo ‘tlalelong e e mahehe’ ka gonne ‘ba sa itse kgoro ya botso.’ (Luke 21:25; Sefa. 1:17) Ee, baba ba Bogosi jwa Modimo—go tloga ka ‘dikgosi go ya kwa batlhankeng’—ba tla ‘tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang’ mme ba tla sia gore ba iphitlhe. Le fa go ntse jalo, ga ba na go bona lefelo la go iphitlha le le sireletsegileng le le ka ba falotsang mo bogaleng jwa Kgosi ya rona.—Luke 21:26; 23:30; Tshen. 6:15-17.

(Luke 21:26) fa batho ba ntse ba tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni; gonne maatla a magodimo a tla reketlisiwa.

(Luke 21:27, 28) Go tswa foo ba tla bona Morwa motho a tla mo lerung ka maatla le kgalalelo e kgolo. 28 Mme fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”

w16.01 7 ¶17

Tswelelang lo Bontsha ‘Lorato Lwa Bokaulengwe’!

17 ‘Nna le bopelokgale jo bogolo.’ (Bala Bahebera 13:6.) Fa re ikanya Jehofa, re tla kgona go nna pelokgale le go itshokela diteko tse re lebanang le tsone. Bopelokgale joo bo tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo thata. Mme fa re sa kgobege marapo, re tla kgona go kgothatsa le go gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (1 Bathesalonika 5:14, 15) Tota le ka nako ya pitlagano e kgolo, re tla nna pelokgale e re ka re itse gore poloko ya rona e tla bo e atametse.—Luke 21:25-28.

w15 7/15 13 ¶13

“Kgololo ya Lona e a Atamela”!

13 Batho ba ba sa ikanyegeng ba tla tsiboga jang fa ba lemoga gore ba tlile go senngwa? Ba tla ‘ititaya ba lela selelo sa khutsafalo.’ (Mathaio 24:30) Mme Bakeresete ba ba tloditsweng le ba ba ba emang nokeng ba tla tsiboga jang? Ba tla dira se Jesu a neng a se bua fa a ne a re: “Fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”—Luke 21:28.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Luke 21:33) Legodimo le lefatshe di tla feta, mme mafoko a me ga a na go feta ka gope.

ntlha e e mo go Luk 21:33 mo nwtsty

Legodimo le lefatshe di tla feta: Go na le ditemana tse di reng legodimo le lefatshe di tla nnela ruri. (Ge 9:16; Pes 104:5; Mor 1:4) Ka jalo, Jesu o ne a raya gore tota le fa legodimo le lefatshe di ne di ka senngwa, mafoko a gagwe one a ne a tla diragadiwa le fa e bile go direga eng. (Bapisa Mat 5:18.) Le fa go ntse jalo, legodimo le lefatshe tse go buiwang ka tsone fano di ka tswa di kaya legodimo le lefatshe tsa tshwantshetso tse mo go Tsh 21:1 di bidiwang “legodimo la pele le lefatshe la pele.”

mafoko a me ga a na go feta ka gope: Kgotsa “mafoko a me a tla diragadiwa.” Tsela e mafoko ano a dirisitswe ka yone ka Segerika a gatelela gore mafoko a ga Jesu a tla nnela ruri.

(Luke 22:28-30) “Le fa go ntse jalo, ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; 29 mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, 30 gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.

w14 10/15 16-17 ¶15-16

Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”

15 Fa Jesu a sena go tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ne a dira kgolagano le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, e gantsi e bidiwang kgolagano ya Bogosi. (Bala Luke 22:28-30.) Go farologana le dikgolagano tse dingwe tse mo go tsone Jehofa e leng mongwe wa ba ba mo kgolaganong, eno ke kgolagano e Jesu a e dirang ka tlhamalalo le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. Fa Jesu a ne a re, “fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna,” go lebega a ne a bua ka kgolagano e Jehofa a neng a e dirile le ene ya gore a nne “moperesiti ka bosaengkae kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.”—Baheb. 5:5, 6.

16 Baaposetoloi ba ba ikanyegang ba le 11 ba ne ba ile ba ‘ngaparagana le Jesu mo ditekong tsa gagwe.’ Kgolagano ya Bogosi e ne e ba tlhomamisetsa gore ba ne ba tla nna le ene kwa legodimong le go nna mo ditulong tsa bogosi gore ba buse e le dikgosi e bile e le baperesiti. Le fa go ntse jalo, ba ba 11 bao, e ne e ka se nne bone fela ba nnang le tshiamelo eo. Jesu yo o galaleditsweng o ne a bonala mo go moaposetoloi Johane mo ponatshegelong mme a re: “Yo o fenyang ke tla dira gore a nne le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka ke ne ka fenya mme ka nna le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.” (Tshen. 3:21) Ka jalo, kgolagano ya Bogosi e dirwa le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000. (Tshen. 5:9, 10; 7:4) Kgolagano eno ke yone e dirang gore ba tshwanelege semolao go busa le Jesu kwa legodimong. Seno se tshwana le fa monyadiwa yo o tswang mo lelapeng le le tlotlegang a nyalwa ke kgosi e e busang mme a bo a nna le maatla a go busa mmogo le ene. Tota e bile, Dikwalo di bitsa Bakeresete ba ba tloditsweng di re ke “monyadiwa” wa ga Keresete, “kgarebane e e itshekileng” e e solofeditsweng go nyalwa ke Keresete.—Tshen. 19:7, 8; 21:9; 2 Bakor. 11:2.

Mmalo wa Baebele

(Luke 22:35-53) Gape a ba raya a re: “Fa ke ne ke lo romela lo se na sekgwama le kgetsana ya dijo le bompaatšhane, lo ne lwa se ka lwa tlhoka sepe, kgotsa lo ne lwa tlhoka sengwe?” Ba re: “Nnyaa!” 36 Foo a ba raya a re: “Mme jaanong a ene yo o nang le sekgwama a se tseye, ka tsela e e tshwanang le kgetsana ya dijo; mme a yo o se nang tšhaka a rekise seaparo sa gagwe sa kafa ntle mme a e reke. 37 Gonne ke a lo bolelela gore seno se se kwadilweng se tshwanetse go diragadiwa mo go nna, e leng, ‘Mme a balelwa le ba ba se nang molao.’ Gonne se se amanang le nna se a diragala.” 38 Foo ba re: “Morena, bona! ditšhaka di le pedi ke tseno.” A ba raya a re: “Go lekane.” 39 Fa a tswa a ya kwa Thabeng ya Lotlhware jaaka kafa mokgweng; mme barutwa le bone ba mo sala morago. 40 Fa a sena go tla mo lefelong leno a ba raya a re: “Tswelelang lo rapela, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong.” 41 Mme ene ka boene a ba katoga e ka nna sekgala sa makonopelo a leje, mme a oba mangole a simolola go rapela, 42 a re: “Rara, fa o eletsa, tlosa senwelo seno mo go nna. Le fa go ntse jalo, a go diragale thato ya gago, e seng ya me.” 43 Foo moengele a tswa legodimong a bonala kwa go ene mme a mo nonotsha. 44 Mme ya re a tsena mo botlhokong jo bo ngomolang pelo a tswelela go rapela ka tlhoafalo thata; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe. 45 Mme a khubamologa a sena go rapela, a ya kwa barutweng mme a ba fitlhela ba otsela ka ntlha ya khutsafalo; 46 mme a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo robetse? Tsogang mme lo tswelele lo rapela, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong.” 47 Ya re a sa ntse a bua, bonang! boidiidi, mme monna yo o bidiwang Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, o ne a ba eteletse pele; mme a atamela Jesu go mo atla. 48 Jesu a mo raya a re: “Judase, a o oka Morwa motho ka katlo?” 49 E rile ba ba neng ba le gaufi le ene ba bona se se neng se tlile go direga, ba re: “Morena, a re ka itaya ka tšhaka?” 50 Mongwe wa bone o ne a ba a itaya motlhanka wa moperesiti yo mogolo mme a kgaola tsebe ya gagwe ya moja. 51 Fa Jesu a arabela a re: “Mmang go diragale go fitlha fa.” Mme a ama tsebe a mo fodisa. 52 Foo Jesu a raya baperesiti ba bagolo le balaodi ba tempele le banna ba bagolwane ba ba neng ba tletse ene koo a re: “A lo tlile ka ditšhaka le melamu jaaka e kete lo tsogologetse senokwane? 53 Fa ke ne ke ntse ke na le lona mo tempeleng malatsi ka go latelana lo ne lwa se ka lwa otlolola diatla tsa lona kgatlhanong le nna. Mme eno ke nako ya lona le taolo ya lefifi.”

AUGUST 27–SEPTEMBER 2

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 23-24

“Itshwarele ba Bangwe”

(Luke 23:34) [[Mme Jesu a re: “Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.”]] Mo godimo ga moo, gore ba abe diaparo tsa gagwe, ba tshela bola.

cl 297 ¶16

“Go Itse Lorato Lwa ga Keresete”

16 Jesu o ne a bontsha sentle lorato lo Rraagwe a nang le lone ka tsela e nngwe gape—o ne a “iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Tsela eno e a neng a iketleeleditse ka yone e ne ya bonala le ka nako ya fa a le mo koteng ya tlhokofatso. Jesu o ne a bua ka eng fa a ne a patelesega go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong, a kokotetswe ka dimapo mo diatleng le mo maotong? A o ne a ikuela kwa go Jehofa gore a otlhaye babolai ba gagwe? Go na le moo, mangwe a mafoko a bofelo a ga Jesu e ne e le ano: “Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.”—Luke 23:34.

(Luke 23:43) Mme a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”

g 2/08 11 ¶5-6

A Modimo o Itshwarela Maleo a a Masisi?

Jehofa ga a lebe boleo fela mme gape o leba le boikutlo jwa batho ba ba leofang. (Isaia 1:16-19) Akanya go se kae ka disenyi tse pedi tse di neng di bapotswe le Jesu. Go bonala bobedi ba bone ba ne ba dirile maleo a a masisi, ka gonne yo mongwe o ne a dumela jaana: “Gonne re amogela ka botlalo se se re tshwanelang ka ntlha ya dilo tse re neng ra di dira mme monna yono [Jesu] ene ga a a dira sepe se se duleng mo tseleng.” Mafoko a sesinyi seno a supa gore o ne a itse sengwe ka Jesu. Mme kitso eo ya gagwe e ne ya mo thusa gore a fetole tsela ya gagwe ya go akanya. Seno se bontshiwa ke mafoko a gagwe a a latelang, a kopa Jesu ka go kokotlela jaana: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jesu o ne a araba jang kopo e e tswang pelong eno? O ne a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:41-43.

Akanya ka seo: Polelo ya bofelo ya ga Jesu fa e ne e le motho e ne e akaretsa mafoko a kutlwelobotlhoko mo monneng yo o neng a dumela gore o ne a tshwanelwa ke kotlhao ya loso. A bo seno se kgothatsa thata jang ne! Jaanong re ka tlhomamisega gore Jesu Keresete le Rraagwe, Jehofa, ba tla bontsha botlhe ba ba ikwatlhayang ka boammaaruri, kutlwelobotlhoko go sa kgathalesege gore ba dirile eng mo nakong e e fetileng.—Baroma 4:7.

(Luke 24:34) ba re: “Ammaaruri Morena o tsositswe mme o bonetse kwa go Simone!”

cl 297-298 ¶17-18

“Go Itse Lorato Lwa ga Keresete”

17 Gongwe sekao se se amang pelo se se bontshang kafa Jesu a neng a itshwarela ka gone se ka bonwa mo tseleng e a neng a dirisana le moaposetoloi Petere ka yone. Ga go pelaelo gore Petere o ne a rata Jesu fela thata. Petere o ne a raya Jesu jaana mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe ka Nisane 14: “Morena, ke iketleeditse go tsena le wena mo kgolegelong le mo losong.” Le fa go ntse jalo, diura di sekae morago ga foo, Petere o ne a itatola Jesu ka makgetlo a le mararo! Baebele e re bolelela se se neng sa direga fa Petere a ne a mo itatola ka lekgetlo la boraro: “Mme Morena a retologa a leba Petere.” Petere o ne a “tswela kwa ntle a lela mo go botlhoko” ka ntlha ya go utlwisiwa botlhoko ke boleo jwa gagwe jo bo masisi. Fa Jesu a sena go swa moragonyana mo letsatsing leo, moaposetoloi yono a ka tswa a ile a ipotsa gore, ‘A Morena o intshwaretse?’—Luke 22:33, 61, 62.

18 Go ne ga se ka ga tlhokega gore Petere a lete lobaka lo loleele go bona karabo. Jesu o ne a tsosiwa mo mosong wa Nisane 16, mme go bonala a ile a etela Petere ka namana mo go lone letsatsi leo. (Luke 24:34; 1 Bakorintha 15:4-8) Ke eng fa Jesu a ile a bontsha go amega jalo ka tsela e e kgethegileng ka moaposetoloi yono yo o ileng a Mo itatola setlhogo jalo? Jesu a ka tswa a ne a batla go tlhomamisetsa Petere yo o neng a ikwatlhaile gore o sa ntse a mo rata le gore o sa ntse a mo tsaya a le botlhokwa. Mme Jesu o ne a dira sengwe gape go nametsa Petere le e leng go feta.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Luke 23:31) Ka gonne fa ba dira dilo tseno fa setlhare se le metsi, go tla diragalang fa se swabile?”

ntlha e e mo go Luk 23:31 mo nwtsty

fa setlhare se le metsi, . . . fa se swabile: Jesu o bua ka setšhaba sa Iseraele. Fa a sa ntse a le mo lefatsheng, o ile a tshwantsha Bajuda le setlhare se se iseng se omelele mme se sa ntse se le metsi ka gonne go ne go na le bangwe ba ba neng ba dumela mo go ene. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tloga a bolawa e bile Bajuda ba ba neng ba ikanyega ba ne ba tla tlodiwa ka moya o o boitshepo ba bo ba nna karolo ya Iseraele wa semoya. (Bar 2:28, 29; Bag 6:16) Fa seno se direga, setšhaba sa Iseraele wa mmatota se ne se tla tshwana le setlhare se se swabileng ka gonne ba se na tumelo mo go Jesu.—Mat 21:43.

(Luke 23:33) E rile ba fitlha mo lefelong le le bidiwang Logata, ba mmapolela koo le badirabosula, yo mongwe kafa mojeng wa gagwe mme yo mongwe kafa molemeng wa gagwe.

setshwantsho se se mo nwtsty

Sepekere mo Seretheng

Setshwantsho seno ke sa sepekere se se boleele jwa disentimetara di le 11,5 se tsene mo seretheng sa motho. Lerapo leno le ile la fitlhelwa ka 1968 fa baithutamarope ba ne ba epa kwa bokone jwa Jerusalema mme ke la nako ya puso ya Roma. Le naya bosupi jwa gore dipekere di ka tswa di ne di dirisiwa go kokotela motho mo paleng fa a bolawa. Sepekere seno se ka tswa se tshwana le dipekere tse masole a Roma a ileng a di dirisa go kokotela Jesu Keresete mo paleng. Lerapo leno le ile la fitlhelwa mo lebokosong le le neng le dirisiwa go tsenya marapo a motho yo o suleng. Seno se bontsha gore motho yo o neng a bolaetswe mo koteng o ne a ka kgona go fitlhwa.

Mmalo wa Baebele

(Luke 23:1-16) Jalo ba le bantsi ba bone ba nanoga, botlhe fela, mme ba mo isa kwa go Pilato. 2 Mme ba simolola go mo latofatsa, ba re: “Monna yono re mo fitlhetse a sokamisa setšhaba sa rona e bile a iletsa go duela Kaesara makgetho e bile a re ene ka boene ke Keresete kgosi.” 3 Jaanong Pilato a mmotsa potso a re: “A o kgosi ya Bajuda?” Fa a mo araba a re: “Wena ka bowena wa rialo.” 4 Foo Pilato a raya baperesiti ba bagolo le boidiidi a re: “Ga ke bone tlolomolao epe mo monneng yono.” 5 Mme ba simolola go gatelela, ba re: “O fudua batho ka go ruta mo Judea yotlhe, e bile o simolotse kwa Galalea go fitlha fano.” 6 Fa a utlwa seo, Pilato a botsa gore a monna yono e ne e le Mogalalea, 7 mme, fa a sena go tlhomamisa gore o ne a tswa kwa kgaolong e e laolwang ke Herode, a mo fetisetsa kwa go Herode, yo le ene a neng a le mo Jerusalema mo malatsing ano. 8 E rile Herode a bona Jesu a ipela thata, gonne a feditse nako e telele a batla go mmona ka gonne a ne a utlwile kaga gagwe, e bile o ne a solofela go bona a dira sesupo sengwe. 9 Jaanong a simolola go mmotsa ka mafoko a le mantsi thata; mme a se ka a mo araba ka gope. 10 Le fa go ntse jalo, baperesiti ba bagolo le bakwadi ba nna ba ema ka dinao ba mo latofatsa ka kgakalo. 11 Foo Herode mmogo le badisa ba gagwe ba masole ba mo tlontlolola, mme a sotla ka ene ka go mo apesa seaparo se se tsabakelang a ba a mmusetsa kwa go Pilato. 12 Ka bobedi Herode le Pilato jaanong ba nna ditsala ka lone letsatsi leo; gonne pele ga moo ba ne ba ntse ba tsweletse ka bobaba mo gare ga bone. 13 Foo Pilato a phutha baperesiti ba bagolo le babusi le batho 14 a ba raya a re: “Lo ne lwa tlisa monna yono mo go nna lo re o tlhotlheletsa batho go tsuolola, mme, bonang! ke ne ka mmotsolotsa fa pele ga lona mme ka fitlhela mo monneng yono go se na lebaka la ditatofatso tse lo mo latofatsang ka tsone. 15 Tota e bile, le Herode ga a le fitlhela, gonne o ne a mmusetsa kwa go rona; mme, bonang! ga go na sepe se se tshwanetseng loso se a se dirileng. 16 Jalo ke tla mo kgwathisa ke ba ke mo golola.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela