Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo?
Karolo 1—Go Retololela Matlho Otlhe mo Pusong
DIPHETOGO tse di gakgamatsang thata tsa sepolotiki tsa kwa Yuropa tse di diragetseng ka 1989 di ne tsa retololela matlho otlhe a lefatshe mo kgannyeng e e leng malebana le puso ka tsela e e leng ya mofuta wa yone fela. Makasine mongwe wa dikgang o ne wa bolela gore “1989 ga e kitla e gakologelwa jaaka ngwaga oo Yuropa Botlhaba e ileng ya fetoga ka one mme go na le moo e tla gakologelwa jaaka ngwaga eo Yuropa Botlhaba jaaka fa re ne re e itse ka dingwaga di le masome a le manè e ileng ya tla bokhutlong ka yone.”
A ya kwa pele le eleng go feta foo, Francis Fukuyama wa setlhopha sa lefapha la U.S. State Department leo le rulaganyang ditaolo o ne a kwala maloba jaana gore “seo re ka tswang re se bona ka matlho e ka nna ya tswa e se bokhutlo jwa ntwa ya molomo fela, kana go feta ga motlha o o rileng wa histori ya morago ga ntwa, mme mo boemong jwa seo e le bokhutlo jwa histori ka boyone: ke gore, koo go fetoga ga dikgopolo tsa matlhajana tsa batho go felelang teng.”
Kgopolo eno, lemororo go sa dumalanwe ka yone ka gope, lefa go ntse jalo e lebisa tlhokomelo ya rona mo dipotsong dingwe tseo eleng tsa botlhokwa thata. Ka sekai, go ka bolelwang ka puso ya motho eo e tsereng makgolokgolo a dingwaga ao a fetileng? A motho o fitlhile mo ntlheng eo a ka buang ka “bokhutlo jwa histori ka boyone”? Tota ke eng seo se tlileng go diragalela dipuso mo isagweng? Mme ke diphelelo dife tseo ditiragalo tseno tsa mo isagweng di tlileng go nna le tsone mo go mongwe le mongwe wa rona?
Tsela Eo Batho Ba Ikutlwang ka Yone ka Puso
Go bonala ka phepafalo fa batho ba le dimilionemilione ba feletswe ke tsholofelo mo baeteledipeleng ba sepolotiki. Seno se ntse jalo eseng fela mo go bao ba nnang kwa Yuropa mme go na le moo, ka dilekanyo tse di farologaneng, go ntse jalo ka baagi gongwe le gongwe. Ka sekai, a re ke re tlhatlhobeng dinaga tsa Latin America.
Lekwalopaka lengwe le le tumileng la kgwebo la Jeremane le ne la tlhalosa boemo jwa sepolotiki jwa koo fa ngwaga wa 1988 e ne e fela jaaka “jo bo tshwanang fela le mokoa wa motlotla.” Fa le ne le bua dintlha ka tlhamalalo, le ne la bolela jaana: “Ekonomi . . . ya Argentina e a tsetsethegana. Brazil e tshosediwa ke go fetoga eo e sa laolesegeng. Peru e fitlhile mo maatla a yone a felelang gone. Uruguay e atlega fela ka lesego. Ecuador e leka go dira tshwetso ka seo kwantle ga pelaelo eleng maemo a tshoganyetso. Colombia le Venezuela . . . di tshegeditse mokgwa wa setso wa puso ya batho ka batho oo o leng bokoa thata. Kwa Mexico boemo jwa lekoko le le busang leo le nang le dingwaga di le 50 le busa go sena yo o le gwetlhang . . . bo a gautlhagana mo eleng gore mongwe le mongwe o kgona go bo iponela ka matlho. Dingwaga tsa bo 1980 di setse di tsewa jaaka ‘lesome la dingwaga leo le sa busetsang ka sepe.’”
Mo mafelong mangwe tsela eo boradipolotiki ba ratwang ka yone e wetse kwa tlasetlase thata. Fa batho ba kwa Austria ba ne ba kopiwa gore ba beye ditiro di le 21 go ya ka maemo a tsone, ba ne ba baya boradipolotiki mo maemong a bo 19. Dipatlisiso tsa go ntsha maikutlo a baagi kwa Federal Republic of Germany di bontsha gore 62 lekgolong ya baagi bao ba ileng ba botsolodiwa ba dumela gore ga ba na tshepo e e kalo mo go boradipolotiki.
Moporofesara Reinhold Bergler, yoo eleng mokaedi wa Setheo sa Thutotlhaloganyo kwa Yunibesithing ya Bonn, o tlhagisa gore “basha ba gaufi thata le go furalela puso, dipolotiki le boradipolotiki.” O bolela gore 46 lekgolong ya basha bano ba leba boradipolotiki jaaka batho bao ba “tsosang leratla fela,” mme 44 lekgolong ya bone ba ba leba jaaka ba ba sa ikanyegeng.
Mmotsolotsi mongwe wa Moamerika, fa a ne a kwala ka bo 1970, o ne a bolela jaana: “Go na le tumelo ya gore tiro (ya dipolotiki) ga e kgathalele ope ebile ga e na boikanyegi mo eleng gore ga e kake ya dirisiwa ke badiraditlhopho ba e dirisetsa maikaelelo a bone.” Ka gone, palo ya batho ba kwa United States bao ba ikutlwang gore boradipolotiki “tota ga ba kgathalele gore o diragalelwa ke eng” e ile ya tlhatloga ka iketlo go tloga go 29 lekgolong ka 1966 go ya go 58 lekgolong ka bo 1980. Lekwalodikgang la kwa Jeremane eleng Stuttgarter Nachrichten le tshegetsa tshwetso e e ntseng jalo, le bolela jaana: “Se se tlang pele mo go borradipolotiki ba le bantsi ke dikgatlhego tsa bone tseo ba nang le tsone mo mogopolong mme morago, gongwe, tsa badiraditlhopho ba bone.”
Kafa go lemosegang ka gone, go sa kgathaleng ga sepolotiki go a oketsega. Ka 1980 e ne e le 53 lekgolong fela ya baagi ba U.S. bao ba tshwanelang go ka dira ditlhopho bao ba ileng ba ya kwa mafelong a go dira ditlhopho. Go bolelwa gore seno e ne e le kwelotlase ya botlhano ka go latelana mo go bao ba dirang ditlhopho. Ka 1988 palo ya badiraditlhopho e ne e wetse tlase go fitlha go 50 lekgolong fela.
Borradipolotiki ba lemoga bothata jono. Moeteledipele mongwe wa lefatshe yo o tumileng o ne a bolela jaana: “Go na le boitimokanyi joo bo seng kana ka sepe . . . mo go tsa dipolotiki.” Fa a ne a tlhalosa gore ka ntlha yang, o ne a bolela jaana: “Bo a tlhokafala gore o ke o tsene mo tirong ya tsone le gore tiro eo e seka ya go latlhegela.” Ke mang yo o neng a bolela seno? Tautona ya pele ya U.S. ebong Richard Nixon. Ka ntlha ya dilo tsa matlhabisaditlhong tseo di neng tsa dira gore a seka a nna tautona ka lobaka lo lotelele, ga se batho ba le bantsi bao ba ka belaelang gore o ne a itse seo a buang ka sone.
Go palelwa ga sepolotiki go dira gore batho ba ba ikanyegang ba ipotse gore a puso e e molemo go ka kgonagala le go kgonagala gore e nne teng. A re ne re se kake ra nna botoka fa go ne go sena puso gotlhelele? A gongwe tharabololo ke gore ‘go seka ga nna le puso’?
[Lebokoso mo go tsebe 4]
Kwa go senañ kgōgō ea botlhale gōna, batho baa we.”—Diane 11:14