Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 9—Puso ya Motho E Fitlhelela Setlhoa sa Yone!
Ditsamaiso tsa sepolotiki tsa meraferafe: mebusomegolo, makgotla a kgolagano, dipusotshwaraganelo tseo di dirwang mo gare ga metsesemorafe e ka tswa e le tsa nakwana kana tse di nnelang ruri mme di direlwa gore go fitlhelelwe mekgele e e tshwanang e e sa laolweng ke melelwane ya bomorafe, taolo ya semorafe, kana dikgatlhego tsa morafe.
OCTOBER 5, 539 B.C.E., e ne ya fitlhela motse wa Babelona o le mo moletlong. Batlhankedi ba puso ba le sekete ba ne ba ile ba amogela taletso ya maitseboa eo e neng e tswa mo go Kgosi Beleshasare. Lemororo ba ne ba tshosediwa ke masole a a neng a ba dikologile a Bameda le Baperesia, Beleshasare le boradipolotiki ka ene ba ne ba sa tshwenngwe ke seo. Gakologelwa gore dipota tsa motse oo go ne go sena yo o ka di ralalang. Go ne go se sepe se se neng se ka ba boifisa ka nako eo.
Go tswa foo, kwantle ga tlhagiso, meletlo eo e ntse e tsweletse, menwana ya seatla sa motho a sena mmele e ne ya simolola go kwala mafoko ano a botlhodi mo leboteng la mošate: MENE, MENE, TEKELE le UPHARASINE. Mangole a kgosi a ne a simolola go tetesela, mme ene a setlhafala.—Daniele 5:5, 6, 25.
Daniele, yo e neng e le Moiseraele le moobamedi wa Modimo o Beleshasare le balekane ba gagwe ba puso ba neng ba o tlhaetsa matlho, o ne a bidiwa gore a tle go tlhalosa seno. “Phutholō ea selō se, ke e,” Daniele o ne a simolola jalo, “MENE; Modimo o sekasekile bogosi yoa gago, me o bo khutlisitse. TEKELE; u lekancwe mo dilekanyoñ tsa pègō, me u hitlhecwe u tlhaetse. PERESE; bogosi yoa gago bo kgaogancwe, me bo neilwe Bameda le Baperesia.” Boperofeti jono tota go ne go sena molemo ope oo bo neng bo o bolelela pele. Bo ne jwa diragadiwa ka gore, “e rile mo bosigoñ youō hèla Beleshasare kgosi ea Sekaladea a bolawa.”—Daniele 5:26-28, 30.
Mo bosigong bo le bongwe, mofuta o mongwe wa puso ya motho o ne wa emisediwa ka o mongwe! Fa re lebelela diphetogo tse dikgolo tsa sepolotiki tse di tshwanang le eno tse di diragetseng bosheng jaana kwa Yuropa Botlhaba, re ka ipotsa gore a se se diragaletseng Beleshasare se ka bolela sengwe mo motlheng wa rona. A seno se ka bo se bolelela sengwe pele malebana le puso ya motho yotlhe fela? Re na le lebaka le le utlwalang la go akanya ka seno ka kelotlhoko, ka gonne “ditšhaba tsotlhe di a ke di nyelele gotlhegotlhe,” go rialo moporofesara Jacques Barzun wa Columbia University, mme o tlatsa ka gore: “Tsela e e boitshegang eo Greece kana Roma di ileng tsa wa ka yone ga se mainane.”
Batho ba ile ba tlhama mefuta yotlhe e go ka akanngwang ka yone ya puso. Morago ga dikete tsa dingwaga ba ntse ba leka mme ba palelwa, go ile ga nna le diphelelo dife? A puso ya motho e ile ya nna e e kgotsofatsang? A e ka naya setho ditharabololo mo mathateng a sone ao a ntseng a oketsega?
Ditsholofetso mo Godimo ga Ditsholofetso!
Karabo e e sa felelang e neelwa ke Bakul Rajni Patel, yo eleng mokaedi wa lefelo le le tumileng la go dira dipatlisiso kwa Bombay, India. O ne a latofatsa boradipolotiki ka “boitimokanyi jo bo feletseng,” a re: “Go tlwaelegile mo India le kwa merafeng e mengwe ya Mafatshe A A Santseng A Tlhabologa gore baeteledipele ba eme mo diraleng mme ba bue ka bokgeleke jwa bone jo bo tsosang maikutlo ba bua kaga ‘tlhabologo’ le ‘tswelelopele.’ Ke tlhabologo le tswelelopele tsa eng? Re tsietsa bomang? Seo o tshwanetseng wa se dira fela ke go leba dipalo tse di sa itumediseng tseo di leng malebana le Mafatshe A A Santseng A Tlhabologa: Bana ba le 40 000 ba swa letsatsi le letsatsi ba bolawa ke malwetsi ao a ka thibelwang.” O oketsa ka gore bobotlana bana ba le dimilione tse 80 ba fepelwa tlase kana ba robala ba sa ja bosigo bongwe le bongwe.
‘Mme lefa go ntse jalo a o ko o iketle pele,’ o ka ganela ka go rialo. ‘Bogolo akgolelang boradipolotiki go bo ba lekile. Go tshwanetse gore go bo go na le mofuta mongwe wa puso e le gore mathata a magolo a lefatshe le lebaneng le one gompieno a rarabololwe.’ Ke boammaaruri, mme lefa go ntse jalo potso ke gore: A e tshwanetse gore e bo e le puso e e itiretsweng ke motho kana e bo e le e e dirilweng ke Modimo?
O seka wa tseela gore potso eno ke ya boeleele, o akanya, jaaka fa batho ba le bantsi ba akanya, gore Modimo ga o batle go tsena mo go seno. Mopapa John Paul II go bonala gore le ene o akanya gore Modimo o tlogeletse batho gore ba ipuse ka mo ba ka kgonang ka teng, ka gore erile a etetse Kenya mo e ka nnang dingwaga tse some tse di fetileng, o ne a re: “Kgwetlho ya botlhokwa mo Mokereseteng ke ya botshelo jwa sepolotiki.” O ne a tswelela pele jaana: “Mo pusong baagi ba na le tshwanelo mmogo le boikarabelo jwa go tsaya karolo mo botshelong jwa sepolotiki. . . . E tla bo e le phoso go akanya gore Mokeresete ka bongwe ga a tshwanela go nna le seabe mo dikarolong tseno tsa botshelo.”
Batho, ba direla mo godimo ga kgopolo eno, mme gantsi ba engwa nokeng ke bodumedi mo go seno, ga ba bolo go nna ba batla puso e e lolameng. Mofuta mongwe le mongwe o mosha wa puso o ile wa nna wa patiwa ke ditsholofetso tse di molemolemo. Mme lefa go ntse jalo le tsone ditsholofetso tse di utlwalang di le molemo go gaisa tsotlhe di tsosa kgotlhang fa di sa diragadiwe. (Bona “Ditsholofetso Fa Di Bapisiwa le Dilo Tse Di Diragalang” mo tsebeng 23.) Ka phepafalo, le jaanong batho ga ba ise ba fitlhelele puso e e eletsegang.
Go Ipopa Mmogo
A moitseanape wa nuklea ebong Harold Urey o ne a na le karabo? O ne a bolela gore “ga go na tharabololo epe e e molemo ya mathata a lefatshe fa e se gore kgabagare go nne le puso ya lefatshe e e ka tlhomang molao mo godimo ga lefatshe lotlhe.” Mme lefa go ntse jalo ga se batho botlhe ba ba tlhomamisegang thata gore seno se ne se ka dira. Mo nakong e e fetileng, tirisanommogo e e nang le matswela mo gare ga maloko a makgotla a meraferafe ga e a ka ya kgonega gotlhegotlhe. Tlhokomela sekai seno se se tlhomologileng.
Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, ka January 16, 1920, lekgotla la meraferafe, eleng la Kgolagano ya Merafe, le ne la tlhomiwa le na le mafatshe a le 42 ao e neng e le maloko a lone. Go na le gore le bopiwe jaaka puso ya lefatshe, go ne go ikaeletswe gore le nne palamente ya lefatshe lotlhe, e e diretsweng go rotloetsa kutlwano mo lefatsheng lotlhe, e dira seno segolobogolo ka go fedisa dikgotlhang mo gare ga mebuso ya merafe ya dinaga tse di ipusang, ka go dira jalo le thibela ntwa. Ka 1934 palo ya maloko e ne e tlhatlogetse go merafe e le 58.
Lefa go ntse jalo, Lekgotla leno la Kgolagano le ne le theilwe mo motheong o o reketlang. “Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe e fedile go na le ditsholofelo tse dikgolo, mme lefa go ntse jalo go swaba le gone go ne ga itelekela kwantle ga go senya nako,” go tlhalosa jalo The Columbia History of the World. “Dilo tseo di neng di lebeletswe mo Lekgotleng la Kgolagano ya Merafe di ne tsa itshupa e le dijo tsa ditoro.”
Ka September 1, 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simologa, ya dira gore Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le seka la tlhola le dira. Lemororo le ile la se ka la phatlaladiwa semmuso go fitlhelela ka April 18, 1946, le ne la swa, ka maitlhomo le maikaelelo otlhe a lone, le le “mo dingwageng tsa bolesome,” le ise le bo le nne dingwaga tse 20. Pele ga phitlho ya lone semmuso, le ne le setse le emiseditswe ka lekgotla le lengwe la meraferafe, eleng Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, leo le tlhomilweng ka October 24, 1945, le na le dinaga di le 51 tseo e neng e le maloko a lone. Maiteko ano a masha a go ipopa mmogo a ne a tla tswelela jang?
Maiteko a Bobedi
Batho bangwe ba re Lekgotla la Kgolagano ya Merafe ga le a nna le katlego ka go bo le ne le sa rulaganngwa ka tsela e e siameng. Ba bangwe go ya kafa ba lebang dilo ka gone ga ba beye Lekgotla la Kgolagano ya Merafe molato o mogolo mme go na le moo ba baya mebuso ka bongwe molato eo e neng e sa batle go ema Lekgotla la Kgolagano ya Merafe nokeng ka tshwanelo. Kwantle ga pelaelo dipono tseno ka bobedi jwa tsone di na le boammaaruri bongwe jo bo rileng. Legale gone, bao ba tlhomileng Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ba lekile go ithuta go tswa mo makoeng a Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le go alafa mangwe a makoa ao Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le neng le a bontshitse.
Mokwadi ebong R. Baldwin o bitsa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng a re ke “le le gaisang la pele la Kgolagano ka kgono ya lone ya go dira gore go nne le thulaganyo ya kagiso, ya tirisanommogo, ya molao, le ya ditshwanelo tsa batho mo lefatsheng.” Ke boammaaruri, mangwe a maphata a lone a a dirang ditiro tse di rileng, ao mangwe a one eleng WHO (World Health Organization), UNICEF (United Nations Children’s Fund), le FAO (Food and Agriculture Organization), a ile a gagamalela mekgele e e molemo tota mme a atlega ka selekanyo se se rileng. Se sengwe se se lebegang se supa gore Baldwin o bolelela ruri ke ntlha ya gore Lekgotla la Merafe E E Kopaneng jaanong le na le dingwaga tse 45 le ntse le dira, mo eleng lobaka lo loleele go feta Lekgotla la Kgolagano ya Merafe gabedi le go feta.
Tiro e kgolo e Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le e fitlheletseng ke go potlakisa go neelwa boipuso ga mafatshe ao e neng e le dikolone, bobotlana le dira gore seno se diragale ka “thulaganyo go sekae go gaisa kafa go ka bong go nnile ka gone fa e ne e se ka lone,” go ya ka mokwaladikgang ebong Richard Ivor. Gape o bolela gore lekgotla leno le “thusitse go kganelela ntwa ya molomo gore e felele e le ya molomo fela.” Mme gape o baka “thulaganyo ya tirisanommogo e e dirang ya mo lefatsheng lotlhe” e le thusitseng go e tlhagisa.
Legale gone, bangwe ba ganela seno ka go bolela gore matshosetsi a ntwa ya nuklea ke one a thusitseng thata go dira gore Ntwa ya Molomo e se ka ya gakala thata go feta se se dirilweng ke Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Go na le go tshegetsa tsholofetso eo e leng karolo ya leina la lone eleng go kopanya merafe, boammaaruri ke gore lekgotla leno gantsi sa lone fela e ile ya nna go direla jaaka motsereganyi fela, le leka go thibela merafe e e sa kopanang gore e seka ya jaana ka meno. Mme lefa le dira karolo eno ya go tsereganya, ga le a ka la bona katlego ka metlha. Jaaka fa mokwadi Baldwin a tlhalosa, fela jaaka Lekgotla la bogologolo la Kgolagano, “Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ga le na thata ya go ka dira se se fetang se lefatshe lengwe leo eleng leloko la lone le le latofadiwang le se letlelelang ka pelo e tshweu.”
Kemonokeng eno e e seng ya ka pelo yotlhe eo maloko a neng a e naya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ka dinako dingwe e supiwa ke go bo ba sa iketleeletsa go ntsha madi a a tla thusang go dira gore lekgotla leno le tswelele pele le dira. Ka sekai, United States e ile ya gana go neela FAO madi ao a neng a solofetswe ka ntlha ya maitlamo ao a neng a tsewa e le a a kgalang Iseraele mme a buelela Palesetina. Moragonyana, naga eno eo eleng yone e e tshegetsang Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ka madi a mantsi e ne ya dumela go duela madi a a lekaneng gore e kgone go ka nna le seabe mo ditlhophong mme lefa go ntse jalo ya se ka ya duela karolo e e fetang peditharong ya molato.
Varindra Tarzie Vittachi, yo e kileng ya bo e le mothusamokaedi wa UNICEF, o ne a kwala ka 1988 gore o gana “go tsenelela mo lekokong le le tlwaelegileng le le bolayang” la batho bao ba itatolang Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. A ipitsa “motshwayadiphoso yo o ikanyegang,” lefa go ntse jalo, o dumela gore kgobo e kgolo e dirwa ke batho bao ba reng “Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ke ‘lebone le le timileng,’ gore ga le a fitlhelela maikaelelo a lone a a kwa godimo, gore ga le a kgona go diragatsa ditiro tsa lone tsa go tsisa kagiso le gore makalana a lone a a dirang ditlhabololo, kwantle ga a sekae fela a a molemo mo go one, ga a supa mosola wa go bo a le teng.”
Bokoa jo bogolo jwa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng bo senolwa ke mokwadi Ivor, fa a kwala jaana: “Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, lefa le ka dira eng kana eng, ga le kake la fedisa boleo. Lefa go ntse jalo, le ka dira gore go leofa ga meraferafe go raraane le go feta, mme le tla dira gore moleofi a ikarabelele mo go seo le go feta. Mme fela ga le ise le atlege mo go fetoleng dipelo le megopolo e kane e le ya batho ba ba eteletseng dinaga pele kana ya batho bao ba bopang dinaga tseo.”—Ditlhaka tse di sekameng ke tsa rona.
Ka jalo, bogole jo Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le nang le jone bo tshwana le bogole jo mefuta yotlhe ya puso ya motho e nang le jone. Ga go na lefa e le epe ya tsone e e ka kgonang go tsenya go rata se se siameng go go senang bogagapa, go ila se se sa siamang, le go tlotla taolo mo dipelong tsa batho ereka dilo tseno e le tsone dilo tsa konokono tse di batlegang gore go ke go nne le katlego. Akanya fela gore ke mathata a a kana kang ao a amang lefatshe lotlhe ao a neng a ka fedisiwa fa batho ba ka bo ba iketleeleditse go kaelwa ke melaometheo ya tshiamo! Ka sekai, pego nngwe ya dikgang e e neng e le kaga kgotlelo kwa Australia e bolela gore bothata jono bo teng “eseng ka ntlha ya botlhokakitso mme go na le moo e le ka ntlha ya tsela ya go leba dilo.” Setlhogo seno se bolela gore “mokgwa wa puso wa go busa o etegeditse bothata jono kwa pele,” mme se a re selo sa konokono se se bakang seno ke bogagapa.
Batho ba ba sa itekanelang tota ga ba kake ba bopa mebuso e e itekanetseng. Jaaka fa mokwadi Thomas Carlyle a ne a akgela jaana ka 1843: “Fa go ntse go ya puso nngwe le nngwe e nna selo sa mmatota se se tshwanang le batho ba yone, se se bontshang botlhale le go tlhoka botlhale ga bone.” Ke mang yo o ka ganetsang kakanyo e e ntseng jalo?
“Me Lo Tla Thubagañwa”
Jaanong, mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, puso ya motho e fitlhile kwa setlhoeng sa yone. Mebuso ya batho e ipopile go dira morero o o lonyatso thata go feta lefa e le ope o o kileng wa nna teng e o dira kgatlhanong le puso ya bomodimo. (Bapisa Isaia 8:11-13.) E ile ya dira jalo, eseng gangwe fela, mme e leng gabedi, e simolotse ka go tlhoma Lekgotla la Kgolagano ya Merafe mme morago e bo e tlhoma Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Tshenolō 13:14, 15 e bitsa matswela a seno e re ke “sechwanchō sa sebatana.” Seo se a tshwanela ka gonne ke setshwantsho sa tsamaiso yotlhe ya dilo ya sepolotiki ya setho e e mo lefatsheng. Jaaka sebatana, dikarolo tsa tsamaiso eno ya sepolotiki di ile tsa tlhasela baagi ba lefatshe mme ya tsala mahutsana a a seng kana ka sepe.
Lekgotla la Kgolagano le ne la felela ka matlhotlhapelo ka 1939. Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le lone le lebanwe ke bokhutlo jo bo ntseng jalo e le go diragatsa boperofeti jono jwa Bibela jo bo reng: “Itlameñ, me lo tla thubagañwa; itlameñ, me lo tla thubagañwa. Gakololanañ, me go tla cwa lehèla.”—Isaia 8:9, 10.
Go thubaganngwa mo ga bofelo ga “sechwanchō sa sebatana,” mmogo le tsamaiso ya puso ya motho eo se leng setshwantsho sa yone, go tla diragala leng? Jehofa o tla fedisa leng puso ya motho eo e gwetlhang bolaodi jwa gagwe? Bibela ga e fe letlha le le tlhomameng, mme lefa go ntse jalo, boperofeti jwa Bibela le ditiragalo tsa lefatshe di a re: ‘Mo bogautshwaneng.’—Luke 21:25-32.
Mokwalo o o mo leboteng o setse o le teng mme botlhe ba ba batlang go o leba ba ka o bona. Fela jaaka fa bogosi jwa ga Beleshasare bo ne jwa bewa mo dikaleng tsa katlholo mme jwa fitlhelwa bo tlhaela, puso ya motho yotlhe le yone fela jalo e ile ya atlholwa mme ga fitlhelwa e tlhaela. E letlelela ditiro tse di seng kafa molaong tsa sepolotiki, e tsosa dintwa, e tsweletsa boitimokanyi le bopelotshetlha jwa mefuta yotlhe pele, mme e itlhokomolosa go tlamela bao ba e tshegetsang ka bonno jo bo siameng, dijo, thuto ya kwa sekolong, le tlhokomelo ya tsa kalafi.
Motsing puso ya motho e fela, e tla fela ka bosigo bo le bongwe fela, jaaka go ka tualo. E tla bo e le gone gompieno, mme e tla bo e seo ka moso—e tseetswe sebaka ke Bogosi jwa Modimo, eleng puso e e lolameng eo e tlaareng kgabagare e nne teng!
[Box on page 27]
Ditsholofetso Fa Di Bapisiwa le Dilo Tse Di Diragalang
Mebuso ya Botlhokataolo e solofetsa kgololesego e e senang melelwane, eo o sa tweng sepe ke motho mo go yone; se se diragalang ke gore fa go sena puso ga go nne le thulaganyo ya ditekanyetso kana ya melaometheo e mo go yone batho ba ka dirisanyang mmogo gore botlhe ba solegelwe molemo; kgololesego e e senang melelwane e felela ka tlhakatlhakano.
Mebuso ya Bo-“monarch” e solofetsa tlhomamo le popagano kafa tlase ga puso ya mmusi a le mongwe fela; se se diragalang ke gore babusi ba batho, bao ba nang le kitso e e seng kae, ba kgorelediwa ke bosaitekanelang le makoa tse motho a nang natso, gongwe ebile ba tlhotlhelediwa ke maitlhomo a a sa siamang, bone ka bobone ba a swa; ka jalo tlhomamo le popagano dipe fela di tsaya nako e khutshwane.
Mebuso ya “aristocracy” e solofetsa go nna le babusi ba ba molemo go gaisa botlhe; se se diragalang ke gore ba busa ka go bo ba humile, ka go bo e le ba losika lo lo rileng, kana ka go bo ba na le thata, eseng ka go bo ba na le botlhale, temogo, kana lorato le go amega ka ba bangwe; se se diragalang fela ke gore mmusi yo o senang bokgoni wa puso ya bo-monarch o emisediwa ka babusi ba bantsi ba batshwanelegi ba puso ya aristocracy.
Mebuso ya Temokeratiki e solofetsa gore batho botlhe ba ka dira diphetso tse di ka solegelang botlhe molemo; se se diragalang ke gore baagi ga ba na kitso le maitlhomo a a molemo a go ka dira ditshwetso tse di tshwanetseng ka metlha tseo di solegelang botlhe molemo; puso ya temokeratiki e ne ya tlhalosiwa ke Plato a re ke “puso ya mofuta o o gogelang thata, e tletse dipharologanyo le tlhakatlhakano, mme e neela batho sengwe sa go tshwana le tekatekano mo bathong ba ba lekanang le ba ba sa lekaneng ka go tshwana.”
Mebuso ya “autocracy” e solofetsa go dira dilo mme e di dira jalo kwantle ga tiego epe; se se diragalang ke gore, jaaka mokwaladikang ebong Otto Friedrich a kwala, “le eleng banna ba ba nang le maitlhomo a mantle go gaisa, fa fela ba sena go tsenelela mo marareng a dipolotiki a go lwela go busa, ba tshwanela go lebana le tlhokafalo ya gore ba kaele ditiro tseo, mo mabakeng a a tlwaelegileng, ba neng ba ka di bitsa tse di sa siamang”; ka jalo babusi “ba ba molemo” ba puso ya autocracy ba fetoga babusi ba ba lelekisang thata bao ba iketleeleditseng go tlhokomologa ditlhokafalo tsa baagi ba bone ka ntlha ya dilo tseo ba fisegelang go di fitlhelela ka namana kana ka ntlha ya bopelotshetlha jwa bone ka namana.
Mebuso ya Bo-Fascist e solofetsa go laola tsa itsholelo gore e solegele botlhe molemo; se se diragalang ke gore ga e atlege go le kalo mo go seno mme e bile seno se dira gore ba latlhegelwe ke kgololesego ya bone ka namana; ka go galaletsa ntwa le bomorafe, e tlhagisa digole tsa sepolotiki tse di ntseng jaaka Italy kafa tlase ga ga Mussolini kana Jeremane kafa tlase ga ga Hitler.
Mebuso ya Bokomonise e solofetsa go bopa Setlhopha se se Eletsegang sa Batho, se se senang ditlhopha tsa batho go ya ka maemo a bone mme se na le baagi ba ba lekalekanang ka mo go feletseng fa pele ga molao; se se diragalang ke gore ditlhopha tsa batho go ya ka maemo a bone mmogo le go sa lekalekane go santse go le teng gape boradipolotiki ba ba sa ikanyegeng ba ja batho ba maemo a a kwa tlase ntsoma; seno se ile sa felela ka gore batho ba le bantsi ba gane tsamaiso ya bokomonise, mme makgotla a bomorafe le a a itlhaolang a tshosetsa go senya maitsetsepelo a yone.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Kaga Lekgotla la Merafe E E Kopaneng
▪ Mo nakong eno Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le na le maloko a le 160. Dinaga fela tseo eseng maloko a lone mme di le bogolo jo bo rileng ke tse pedi tsa Korea le ya Switzerland; setšhaba sa Switzerland se ne sa gana go nna maloko a lone mo ditlhophong tseo di neng tsa tshwarwa ka March 1986 ka palo ya ba le 3 kgatlhanong le a le 1.
▪ Kwantle ga lekgotla leno ka bolone, le laola makgotla a mangwe a le 55 a a kgethegileng, makalana a a kgethegileng, makgotla a ditshwanelo tsa batho, le ditsamaiso tseo di dirang gore go nne le kagiso.
▪ Lefatshe lengwe le lengwe leo eleng leloko le neelwa sebaka sa go dira tlhopho e le nngwe mo Kokoanokakaretsong, mme lefa go ntse jalo, China, eo eleng lone lefatshe leo le nang le baagi ba bantsi go gaisa otlhe, le na le baagi ba le 22 000 kgatlhanong le moagi mongwe le mongwe a le mongwe mo morafeng wa leloko o o nang le palo e e kwa tlase thata ya baagi, ebong St. Kitts le Nevis.
▪ Mo nakong eo go neng go ketekiwa Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Kagiso wa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ka 1986, lefatshe le ne la nna le dintwa tse go neng go tlhometswe ka dibetsa mo go tsone di le 37, go feta lefa e le ka nako epe fela fa esale ka bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe II.
▪ Mo merafeng yotlhe eo eleng maloko a Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, 37 lekgolong ya yone e na le palo e e kwa tlase ya baagi go fetwa ke “morafe” o o kopaneng wa boditšhabatšhaba wa Basupi ba ga Jehofa; 59 lekgolong ya yone e na le baagi ba palo e e kwa tlase ga ya batho bao ba neng ba tlile moletlong wa Segopotso sa loso lwa ga Keresete monongwaga.
[Ditshwantsho mo go tsebe 28]
Batho ba ba sa itekanelang ga ba a ka ba kgona go lere puso e e itekanetseng
Lekgotla la Kgolagano ya Merafe
Lekgotla la Merafe E E Kopaneng