Lebaka la go Bo go Ile ga Tlhokafala Gore go Tlhomiwe Mokgatlho wa Kgolagano
NTWA YA LEFATSHE I e ne e le matlhotlhapelo le tshenyo e e seng kana ka sepe tseo di tsereng dingwaga di le nne, e leng selo se go senang sepe seo se tshwanang naso seo se neng se kile sa tsamaya sa bonwa. Mebuso yotlhe e megolo ya lefatshe, mmogo le e mengwe, e ne ya gwantela ntweng e le maphata mabedi, setlhopha sengwe le sengwe sa tsone se ne se na le tsholofelo ya gore se ya go fenya, ka se ne se rotloediwa ke meduduetso ya batho bao ba neng ba tsieditswe ka go akanya gore ntwa ke bogatlhamelamasisi jo bo galalelang.
Mme lefa go ntse jalo mo dikgweding di sekaenyana fela, lefatshe le ne la ithuta ka tsela e e botlhoko kafa ntwa e nang le diphelelo tse di setlang pelo ka gone. Mme erile fa e sena go fela, eleng kgailo e e kalokalo, go fedisiwa setlhogo ga matshelo le dithoto, e ne ya tlogela lefatshe le bidikama mo molatong o o boitshegang wa madi ka ntlha ya ntwa. Go ne go tshwanelwa gore go dirwe sengwe e le go thibela kgotlhang e e ntseng jalo gore e se ka ya runya gape. Ke ka ntlha yang fa go sa nne le thulaganyo eo merafe e ka e dirisang go rarabolola dikgotlhang tsa yone ka kagiso go na le go di rarabolola ka go dirisa dibetsa? A seno e ne e le kgopolo e ntšha? Nnyaa.
Lebaka la Go Bo Maiteko a Nako E E Fetileng A Ile A Palelwa
Pele ga Ntwa ya Lefatshe I, go ne go ile ga tlhomiwa kgotlhatshekelo ya go leka go rarabolola dikgotlhang ka kagiso. E ne e le Kgotlatshekelo ya Leruri E E Tsereganyang ya Boatlhodi ya The Hague kwa Netherlands. Fa dingwaga tsa bo 1900 di ne di simolola, batho ba le bantsi ba ne ba solofela gore [Kgotlatshekelo eno] e ne e ka nna lefelo la konokono leo ntwa e neng e tla emisediwa ka botsereganyi kwa go lone. Mme lefa go ntse jalo ke eng seo se neng sa diragala kwa Kokoanong ya Kagiso ya Hague ka 1899 le 1907 seo se neng sa felela ka gore go tlhomiwe kgotlatshekelo eno, eo bontsi bo e bitsang Kgotlatshekelo ya Hague?
Kwa dikokoanong tse pedi tseo merafe eo e neng e na le baemedi kwa go tsone e ne ya se ka ya dumela go latela phetso e go patelediwang gore e latelwe eo e neng e ntshiwa ke kgotlatshekelo eno, le gone ebile e ne ya se ka ya dumela go lekanyetsa mokoa wa bone wa dibetsa kana go o fokotsa. Ebile tota, e ne ya gana le eleng tshitsinyo epe fela ya gore go fedisiwe dibetsa ya bo ya kgoreletsa thulaganyo epe fela eo e neng e tla e tlama gore e rarabolole dikgotlhang tsa yone ka gore go nne le motsereganyi mo gare ga yone.
Ka gone, e ne ya re kgabagare fa Kgotlatshekelo eno ya Hague e ne e simolola go dira, merafe e ne e ile ya tlhomamisa gore kgotlatshekelo eno e se ka ya ngotla boipuso jo bo feletseng joo e neng e na le jone. E ne ya dira seno jang? Ka leano leno le le bonolo la bopelotshetlha: E ne ya dira gore go tlisa kgetsi fa pele ga baatlhodi bano e nne selo seo o ka se dirang fa o rata. Ebile dinaga tseo tsone di neng tsa isa dingongorego tsa tsone kwa kgotlatshekelong eno di ne di sa patelesege go ka dumalana le epe fela ya ditshwetso tseo kgotlatshekelo eno e neng e di ntsha kwantle ga go gana.
Lefa go ntse jalo, tsela eno ya bopelotshetlha eo go neng ga sirelediwa boipuso jwa merafe ka yone e ne e baya kagiso le polokesego ya lefatshe mo kotsing. Ka gone go gaisana ka dibetsa go ile ga nna ga tswelela pele go sa tlhokomelwe go fitlhelela kgabagare go foroletsa setho mo ntweng eo e neng ya phatlakanya kagiso ya lefatshe mo selemong sa 1914.
Go a gakgamatsa go bo e ne ya re jaaka fa metsotswana ya bofelo ya kagiso e ne e ntse e fela, Serbia, fa e ne e araba kopo ya bofelo ya Austria, e ne ya tlhalosa ka fa e iketleeleditseng ka gone “go amogela tumalano ya kagiso, ka go lebisa bothata jono . . . kwa tshwetsong e e neng e tserwe ke Kgotlatshekelo ya Meraferafe ya kwa Hague.” Mme lefa go ntse jalo ereka go dirisiwa ga Kgotlatshekelo ya Hague go ne go sa tlame, Austria ga e a ka ya ikutlwa e patelesega go amogela “tumalano eno” eo e neng e ka nna ya felela ka “kagiso.” Ka gone go ne ga bolodiwa ntwa go boloka kagiso—mme ditopo tse di fetang dimilione di le 20 tsa baagi mmogo le masole di ne tsa duelela kagiso eo!
Baruti Ba Buelela Gore go Nne le Kgolagano
Ka May 1919, mobishopo wa Episcopal ebong Chauncey M. Brewster o ne a bolela a le kwa kopanong nngwe ya bobishopo kwa United States gore “tsholofelo ya lefatshe ya tshiamo le kagiso e e nnelang ruri di ikaegile ka go tlhomiwa ga molao wa meraferafe bosha mo pusong e ntšha. . . . Molao wa meraferafe o tshwanetse go newa taolo e e tlamang go feta ditshwetso tse di neng tsa dirwa kwa Kokoanong ya Hague [eo e neng ya tlhoma Kgotlatshekelo ya Hague]. Ka gone, gore merafe e dirisane mmogo e tshwanetse go nna seoposengwe e na le dinonofo tsa tumalano kana kgolagano.”
Mokadinale wa Roma Katoliki ebong Mercier wa Belgium le ene o ne a na le kakanyo e e tshwanang le eo. O ne a bolela jaana fa a ne a botsolodiwa ka March 1919, “Ke bona jaaka ekete tiro e kgolo eo Dipuso di tshwanetseng go e direla kokomana ya mo isagweng ke go dira gore bokebekwa joo merafe e santseng e tshologa madi ka ntlha ya jone bo se ka jwa tlhola bo nna teng.” O ne a bitsa bao ba neng ba na le seabe mo ditherisanong tsa kwa tumalanong ya kagiso ya Versailles a re ke “batsosolosi ba lefatshe le lesha” a bo a kgothaletsa gore go tlhamiwe kgolagano ya merafe gore go tle go fitlhelelwe mokgele ono. O ne a solofela gore kgolagano eno e ne e tla nna selo se se molemolemo sa go boloka kagiso.
Tsebe e e kafa ntle ya The New York Times ya January 2, 1919, e ne e na le setlhogo se segolo se se reng: “Mopapa O Solofela go Thaiwa ga Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe.” Serapa sa ntlha sa yone se ne sa itsise jaana: “Mo molaetseng wa Ngwaga o Mosha o o yang go Amerika, . . . Mopapa Benedict o ne a tlhalosa gore o solofela gore Kokoano eo ya Kagiso e ka nna ya felela ka gore go nne le thulaganyo ya lefatshe le lesha, ka gore go nne le Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe.” Mo molaetseng ono wa gagwe mopapa tota o se ka a dirisa polelo eno e e reng “thulaganyo ya lefatshe le lesha.” Lefa go ntse jalo, dilo tseo a neng a bolela gore o na le tsholofelo ya gore Mokgatlho wa Kgolagano o ne o tlile go di dira di ne di le molemo thata mo eleng gore go bonala fa Associated Press kana Vatican Press Office e ne ya swetsa ka gore polelo eno e ne e le yone e e tshwanetseng.
A o ko o akanye ka ditsholofelo tseno go ya ka maemo a metlha eo di neng di bolelwa mo go yone. Setho se se mo matshwenyegong se ne se rapelela gore ntwa e khutle. Dintwa di le dintsi thata mo makgolong a le mantsi thata a dingwaga di ne di ile tsa baka tshenyo e e seng kana ka sepe. Mme jaanong e kgolo go di feta tsotlhe e ne e rile kgabagare ya khutla. Mopapa yono o ne a bua jaana le lefatshe leo ka pelo yotlhe le neng le tlhologeletswe sengwe seo se ka le nayang tsholofelo: “Ekete Mokgatlho oo wa Kgolagano ya Merafe o ka nna teng, oo, ka go fedisa mokgwa wa go kwadisetsa batho bosole ka nkane, o tla fokotsang dibetsa; oo, ka go tlhoma dikgotlatshekelo tsa meraferafe, o tla fedisang dikgotlhang kana wa di rarabolola, oo, ka go baya kagiso mo godimo ga motheo o o nitameng, o tla nayang mongwe le mongwe boipuso le ditshwanelo tse di lekanang.” Fa Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe o ne o ka kgona go fitlhelela seo sotlhe, ruri o ne o tla kgona go tlhoma “thulaganyo ya lefatshe le lesha.”
Lebaka la Go Bo O Ile Wa Palelwa
Ka nako ya fa go ne go santse go akanngwa fela ka maikaelelo le mekgwa ya Mokgatlho ono wa Kgolagano maikaelelo a one mmogo le mekgwa ya one di ne di lebega di le dintle thata, di le mosola thata, ebile di ka dirisiwa. Ikano ya Mokgatlho ono wa Kgolagano ya Merafe e ne e bolela gore boikaelelo jwa one e ne e le go “etleetsa tirisanommogo ya merafe yotlhe le go fitlhelela kagiso le polokesego mo merafeng yotlhe.” Go fitlhelela kagiso le polokesego go ne go ikaegile ka gore merafe e dirisane mmogo le ka gore e “dumalane le maitlamo a gore go se ka ga itlhobogelwa mo ntweng fa go pala.”
Ka gone, fa go ne go tsoga kgotlhang e e masisi, merafe e e nang le kgotlhang eo e leng maloko a kgolagano eno, eo e itlamileng gore e tla boloka kagiso, e ne e tshwanela go tseela kgetse ya yone “kwa baemeding ba ba tlhophilweng kana kwa baatlhoding gore ba e rarabolole kana kwa Lekgotleng” la Kgolagano “gore le ye go e tlhotlhomisa.” Mo godimo ga moo, Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe o ne o ile wa dira gore go nne le Kgotlatshekelo ya Leruri E E Tsereganyang ya Boatlhodi, ya The Hague, mo thulaganyong ya yone ya go boloka kagiso. Go ne go akanngwa gore ruri sotlhe seno se ne se tla fedisa kotsi ya gore go nne le ntwa e nngwe gape e kgolo. Mme lefa go ntse jalo se ne sa se ka sa dira jalo.
Go ya ka borraditiragalo bangwe, lebaka lengwe la go bo Mokgatlho ono wa Kgolagano o ile wa se ka wa atlega jaaka o o bolokang kagiso e ne e le go palelwa ga “maloko” a le mantsi a one “go lemoga seo se neng se batlega gore kagiso e e ntseng jalo e nne teng.” Karolo ya konokono ya seo se neng se batlega gore e nne teng e ne e le go fokotsa dibetsa. Mme lefa go ntse jalo merafe e ne e sa batle go dira selo se se ntseng jalo. Ka gone ditiragalo di ne tsa ipoa seboaboane—go ne ga nna maswe le go feta. Merafe e ne ya ipoa kgatsu ka go gaisana ka go kokoanya dibetsa. Mokgatlho wa Kgolagano o ne o sa kgone go ka tlhatswa merafe pelo gore e dirisane mmogo mo go emiseng kgaisano eo ya go kokoanya dibetsa. Maikuelo otlhe mmogo le dipuisano e ne e le go itapisa fela. Merafe e ne e ya lebala thuto e kgolo eo e neng e e ithutile ka 1914: Bobolokelo jo bogolo jwa dibetsa bo dira gore ba ikutlwe e le bone ba go utlwiwang ka bone fela mo go tsa sesole.
Karolo e nngwe ya konokono ya seo se neng se batlega gore go nne le kagiso e ne e le go tshwanelwa ke go lemoga kafa go leng botlhokwa ka gone “gore go tshwarisanwe gore go nne le polokesego.” Go tlhaselwa ga morafe o le mongwe go ne go tshwanetse ga lejwa jaaka go tlhaselwa ga merafe yotlhe. Mme ke eng seo tota se ileng sa diragala fa o mongwe wa merafe eno o ne o itlhobogela mo ntweng go na le go buisana? Go na le go dira ka kutlwano go kganela kgotlhang, merafe e ile ya ikgaoganya ka ditlhopha tse di farologaneng, e batla go sireletsana. Sone selo se se tsietsang seno e ne ya nna sone se neng sa gogela merafe kwa khuduegong ya 1914!
Gape Mokgatlho wa Kgolagano o ile wa palelwa ka go bo United States e ile ya gana go fetoga leloko la one. Batho ba le bantsi ba akanya gore e ne e le “yone puso e e maatla eo e neng e na le bokgoni jwa go dira gore mokgatlho ono o atlege” le gore fa Amerika e ka bo e ne e le leloko la Mokgatlho ono wa Kgolagano seno se ka bo se ile sa o dira gore e nne wa lefatshe lotlhe eleng seo o neng o se tlhoka go le kanakana gore o ke o atlege.
Mme lefa go ntse jalo go ne go na le mabaka a mangwe gape a go bo Mokgatlho ono wa Kgolagano o ile wa palelwa. A ko o akanye ka polelo eno e e kgobang marapo eo e leng yone e simololang mo Maikanong a bone: “Leloko lepe fela la Mokgatlho ono wa Kgolagano le ka nna la tlogela go nna leloko la one, dingwaga di le pedi morago ga le sena go itsise boikaelelo jwa lone jwa gore le batla go dira jalo.” (Polelwana 1(3)) Selo seno seo o neng o ka se dira fa o rata, go sa kgathalesege gore se ne se dirwa ka maikaelelo a mantle go le kana kang, se ne sa dira gore Mokgatlho ono wa Kgolagano o reketle, ebile seno, gape, se ne sa koafatsa maikemisetso a merafe a go o ngaparela ka boikanyegi.
Kgololesego eno ya go ka tlogela go nna leloko la Mokgatlho ono wa Kgolagano e ne ya dira gore go nna gone ga Mokgatlho ono wa Kgolagano go itshetlege ka maloko a yone, ao a neng a ka nna a o tlogela nako nngwe le nngwe fela fa a ne a eletsa jalo. Maloko a one a ne a nna botlhokwa thata go feta Mokgatlho ono ka boone. Ka gone, e ne ya re fa May 1941 e itelekela, merafe e le 17 e ne e sa tlhole e le maloko a Mokgatlho ono wa Kgolagano. Dibetsa tse di tshabegang tsa Ntwa ya Lefatshe II di ne di phatlakanya tsholofelo eo e neng e le teng ka “thulaganyo ya lefatshe le lesha” le go baka gore Mokgatlho ono wa Kgolagano o phutlhame.
Go ne go tshwanetse ga nna le tsela nngwe e e botoka!
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]
Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe o ne wa palelwa ke go thibela Ntwa ya Lefatshe II
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Cassino, kwa Italy, fa e ne e tlhaselwa ka March 15, 1944
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. Army