Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 3—A ‘Puso ka Bao Ba Phalang Botlhe’ Tota Ke Yone E E Di Phalang Tsotlhe?
Puso ya Se-“Aristocracy”: ke puso ya batlotlegi, eleng ba sekae ba ba nang le ditshiamelo tse di fetang tsa ba bangwe, kana setlhopha sa batho bao go akanngwang gore ke bone ba ba tshwanelegang botoka go gaisa ba bangwe botlhe go ka busa; puso ya se-“oligarchy”: puso ka ba sekae fela ba maemo, e ka tswa e le ya batho kana ya malapa, gantsi e le ka maikaelelo a a sa siamang le a bogagapa.
GO LEBEGA e le selo se se nang le tlhaloganyo gore mofuta wa puso e e di phalang tsotlhe e ne e ka nna gone fa e ne e ka bopiwa ka batho ba ba phalang botlhe. Batho ba ba phalang botlhe ba rutegile botoka, ba tshwanelega botoka, ebile ba na le bokgoni botoka—maiphako ao a tswelela pele jalo—mme ka gone ba kgona botoka go ka etelela ba bangwe pele. Puso ya batlotlegi eo e eteletsweng pele ke setlhopha se se ntseng jalo se eleng sa batho ba maemo e ka nna ya mefuta ka mefuta; ka sekai, puso ka bahumi, eleng ya se-plutocracy; puso ka baruti, eleng ya se-theocracy; kana puso ka batlhankedi ba puso, eleng ya se-bureaucracy.
Merafe e le mentsi ya bogologolo tala, eo e neng e le kafa tlase ga puso ya bagolwane ba morafe kana dikgosi, e ne e le ya puso ya batlotlegi. Ka nako e e rileng, Roma, Engelane, le Japane, fa re bolela di le tharo fela, tsotlhe di ne di na le dipuso tsa batlotlegi. Kwa Gerika wa bogologolo, lefoko “aristocracy” le ne le dirisiwa fa go buiwa ka dinagasetoropo, kana poleis, tseo go neng go busa setlhophanyana se sennyane mo go tsone. Gantsi puso e ne e le mo magetleng a malapa a le mmalwa a a tumileng. Lefa go ntse jalo, mo makgetlong a mangwe lelapa le le lengwe le ne le tsaya puso ka dikgoka ka tsela e e seng ya semolao mme le bo le tlhoma puso ya mofuta wa bokgokgontshi.
Jaaka fa go ne go ntse ka dinagasetoropo tse dingwe tsa Gerika, Athena pele e ne e le naga e e kafa tlase ga puso ya batlotlegi. Mme morago ga moo, e ne ya re fa diphetogo tseo di neng di diragala mo setsong sa bone di ne di koafatsa go kgaoganngwa ga batho go ya ka maemo a bone mme di kgoreletsa go nna seoposengwe ga yone, toropo eno e ne ya tsaya puso ya mofuta wa setemokeratiki. Sparta, kafa letlhakoreng le lengwe, eo go dumelwang gore e simologile mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E., e ne e busiwa ke puso ya sesole ya ba sekae fela ba maemo. E ne ya re ka bonako fela toropo eno ya bo e lwela go lekana le Athena eo e neng e e feta ka dingwaga, mme ditoropo tseno ka bobedi jwa tsone di ne tsa lwela go busa lefatshe la Gerika la ka nako eo. Ka gone, puso ka ba le bantsi, jaaka e e tshwanang le eo e neng e le kwa Athena, e ne ya simolola go lwa kgatlhanong le puso ya ba sekae fela ba maemo, jaaka e e tshwanang le eo e neng e le kwa Sparta. Gone ke boammaaruri, go lwela go lekana goo ga tsone e ne e le selo se se raraaneng, seo se kopanyeletsang se se fetang go sa utlwane ka puso fela.
Kgopolo E E Molemolemo E A Sokamisiwa
Dipharologano tsa sepolotiki gantsi e ne e le sone selo seo boramatlhale ba Magerika ba neng ba aga ba ngangisana ka sone mo matlhajaneng a bone. Morutwana wa pele wa ga Plato ebong Aristotle o ne a bontsha pharologano eo e leng teng magareng ga dipuso tsa batlotlegi le dipuso tsa ba sekae fela ba maemo. O ne a tlhalosa puso ya batlotlegi eo e sa tswakwang le epe a re ke mofuta o o molemo wa puso, eleng kgopolo e e molemolemo eo e dirileng gore batho ba ba nang le dikgono tse di kgethegileng mmogo le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitshwaro ba ineele mo tirelong ya batho botlhe gore ba bangwe ba ke ba solegelwe molemo. Mme lefa go ntse jalo fa puso ya batlotlegi eo e sa tswakwang le epe e etelelwa pele ke batshwanelegi bao ba gatelelang ba bangwe ebile ba le pelotshetlha, e ne ya senyega mme ya fetoga puso ya ba sekae e e sa siamang. Seno o ne a re ke mofuta o o bodileng wa puso.
Lemororo Aristotle a ne a buelela puso ya ‘batho ba ba phalang botlhe,’ gone o ne a dumela gore fa go tlhakanngwa puso ya batlotlegi le ya setemokeratiki seo gongwe se ne se tla tlhagisa puso ya mofuta o o batlegang, eleng kgopolo eo e santseng e ikuela mo bathong ba le bantsi ba ba botlhale ba dipolotiki. Tota, Baroma ba bogologolo tala ba ile ba bo ba tlhakanya mefuta e mmedi eno ya dipuso mme ba nna le katlego eo eseng kana ka sepe. “Dipolotiki [tsa kwa Roma] e ne e le tiro ya motho mongwe le mongwe,” go bolela jalo The Collins Atlas of World History. Lefa go ntse jalo, mo godimo ga moo, “baagi ba ba humileng thata go gaisa ba bangwe botlhe mmogo le bao ba neng ba le lesego go ka tsalwa ke batho ba maemo ba ne ba bopa puso ya ba sekae eo mo go yone ba neng ba kgaogana ditiro tsa bomakiseterata, tsa go nna moeteledipele wa sesole le tsa go nna moruti.”
Le eleng go ya mafelong a dingwaga tsa bogareng le mo masimologong a metlha ya segompieno, mafelo a setoropo a Yuropa a ne a tlhakanya dipuso tsa setemokeratiki le tsa batlotlegi mo goromenteng ya tsone. Collier’s Encyclopedia e bolela jaana: “Repaboliki ya Venetia eo e neng e sa batle go utlwa sepesepe ka diphetogo, eleng eo Napoleon e neng ya re kgabagare a feletsa a e gapile, ke sekai se se molemo sa mofuta o o ntseng jalo wa puso ya basekae; mme lefa go ntse jalo Ditoropo tse di Gololesegileng tsa Mmusotona o o Boitshepo wa Roma, ditoropo tsa Mokgatlho wa Kgolagano ya ga Hansa, le ditoropo tse di hirilweng tsa Engelane le tsa kwa Yuropa bophirima di bontsha tsone ditshekamelo tse di tshwanang le tseo ka kakaretso tsa go laola ka letsogo la tshipi ke ba sekae fela ba maemo mme lefa go ntse jalo e le batho ba ba ikgantshang le ba ba rutegileng thata [eleng ba puso batlotlegi].”
Go ile ga tsosiwa kgang, mme e le ka lebaka le le utlwalang, ya gore dipuso tsotlhe ke tsa mofuta wa tsa batlotlegi, ereka tsotlhe di leka ka thata gore di nne le batho ba ba tshwanelegang go gaisa botlhe e le bone ba ba tshwereng marapo. Kgopolo ya setlhopha se se busang e ile ya dira gore pono eno e nne e e nonofileng. Ka gone buka nngwe ya tshupiso e konela ka go re: “Setlhopha se se busang mmogo le batshwanelegi di setse di fetoga dipolelwana tse di tshwanang tsa go tlhalosa boammaaruri jwa seo Plato le Aristotle ba neng ba se buelela ba re ke selo se se molemolemo.”
Go Batlana le ‘Ba Ba Phalang Botlhe’
Mo makgolokgolong a dingwaga pele ga boramatlhale bano ba Magerika ba itelekela, mokgatlho wa batho oo mo go one batlhanka ba duelwang ka dinaga (eleng seo se neng se theilwe mo bareneng le mo batlhankeng) o ne wa dira gore go nne le selekanyo se se rileng sa go tlhomama ga puso mmogo le kagiso mo China ya bogologolo eo e neng e le kafa tlase ga ntlo ya segosi ya ga Chou. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re morago ga 722 B.C.E., ka nako ya seo se bidiwang motlha wa ga Ch’un Ch’iu, tsamaiso ya go duelwa ga batlhanka ka dinaga e ne ya nna ya koafala ka iketlo. Mo karolong ya bofelo ya lobaka lono, go ne ga tlhaga setlhopha sa mofuta o mosha sa batshwanelegi, seo se neng se bopilwe ka bao pele go neng go twe ke “banna ba ba tshiamo,” bao ba neng ba direla mo malapeng a tsamaiso ya go duelwa ga batlhanka ka dinaga, mmogo le bana ba batlotlegi ba bogologolo. Maloko a setlhopha seno se sesha sa batshwanelegi a ne a fetela mo maemong a a kwa godimo mo pusong. Confucius, yoo e neng e le ramatlhale yo mogolo wa kwa China, jaaka fa The New Encyclopœdia Britannica e tlhalosa, o ne a otlelela gore “go nna le bokgoni mmogo le boitshwaro jo bo molemolemo, mo boemong jwa gore o tsetswe ke mang, e ne e le tsone dilo tseo di neng di dira gore motho a tshwanele go ka nna moeteledipele.”
Mme lefa go ntse jalo kwa Yuropa mo dingwageng di feta dikete di le pedi morago ga moo, tiro ya go tlhopha batshwanelegi, eleng bao ba tshwanelegang botoka go phala ba bangwe go ka busa, mo go yone go ne go sa itshwenngwe go le kalo ka “go nna le bokgoni mmogo le go nna le boitshwaro jo bo molemolemo.” Moperofesara wa kwa Harvard ebong Carl J. Friedrich o bolela gore “batshwanelegi ba kwa Engelane eo e neng e na le puso ya batlotlegi mo lekgolong la bo somerobedi la dingwaga e ne e le batshwanelegi bao go tshwanelega ga bone go ne go ikaegile segolobogolo ka madi a tsalo mmogo le dikhumo. Go ne go ntse jalo le kwa Venice.” O oketsa ka go re: “Mo dinageng dingwe tse di ntseng jaaka Prussia ya mo lekgolong la dingwaga la bosomerobedi, batshwanelegi ba ne ba tlhophiwa go ya ka madi a tsalo le bokgoni jo bo tlhomologileng mo sesoleng.”
Kgopolo ya gore dinonofo tse di molemo tsa ‘batho ba ba botoka’ di ne di fetela mo baneng ba bone ke yone e neng ya baka gore go nne le mekgwa ya go nyala ya dikgosi tsa bo-monarch mo metlheng ya bogologolo. Mo Metlheng ya Bogareng, kgopolo ya gore ba bangwe ba na le madi a maemo e ne e atile. Fa o ne o ka nyala motho yoo eleng motho fela yo eseng wa maemo go ne go tshwana fela le go isa maemo a setlhopha seo kwa tlase, go roba molao wa Modimo. Dikgosi tsa bo-monarch di ne di patelesega gore di nyale bao ba tsetsweng ke batho ba maemo fela. Kgopolo eno ya gore ba bangwe ba na le madi a maemo e ne ya re morago ga moo ya tsala selo seno se se nang le tlhaloganyo sa go e buelela—eleng go nna kwa godimo ga ba bangwe goo go neng go theilwe mo go nneng le ditshono, thutego, dikgono, kana dilo tseo o di fitlheletseng tse di botoka mo go tsa bone.
Molaomotheo mongwe oo o neng o itsege jaaka o o pateletsang gore go itshwarwe ka tsela e e tlotlegang maikaelelo a one e ne e le go dira gore dinaga tseo di leng kafa tlase ga dipuso tsa batlotlegi di nne le katlego. Oo fa o tsewa fela jaaka fa o ntse o bolelang gore “go tlotlega ke selo se se patelesegang,” o ne o kaya “go patelesega ga boitshwaro jo bo tlotlegang, jwa go nna pelotshweu, le go dira dilo segolo goo go neng go tsamaisana le maemo a a kwa godimo kana le tsalo.” Ka ntlha ya go nna “ba ba fetang ba bangwe” ga bone, bao ba neng ba tsetswe ke batho ba maemo ba ne ba patelesega gore ba direle batho ba bangwe dilo ka tsela ya segolo. Molaomotheo ono o ne o fitlhelwa mo dipusong tsa batlotlegi jaaka ya go tshwana le eo e neng e le kwa Sparta, eo batlhabani ba yone ba neng ba patelesega gore ba beye dikgatlhego tsa batho ba bangwe kwa pele ga tsa bone ka namana, mmogo le kwa Japane mo setlhopheng sa batlhabani, eleng sa basamurai.
Dipuso tsa Batlotlegi Di Fitlhetswe Di Tlhaela
Moo puso ya batlotlegi e neng e tlhaela gone go bontshiwa ka tsela e e motlhofo fela. Kwa Roma wa bogologolo, e ne e le batho ba ba tsetsweng ke batho ba maemo fela, bao ba neng ba itsege jaaka dikgorane, bao ba neng ba tshwanelegela go ka nna maloko a Lekoko la Senate la Roma. Batho fela, bao ba neng ba itsege jaaka batho ba maemo a a kwa tlase, ba ne ba sa tshwanelegele seo. Mme lefa go ntse jalo mo boemong jwa gore e nne banna ba ba “nang le bokgoni mmogo le ba boitshwaro jo bo molemolemo,” jaaka fa Confucius a ne a ile a batla seo mo go bao ba busang, maloko a Lekoko la Senate ba ne ba nna ba nnela boikanyologi go ya pele mmogo le go gatelela ba bangwe. Seo se ne sa felela ka gore go nne le ntwa ya selegae.
Go sa kgathalesege metlha ya diphetogo eo e neng e ntse e tla ka go ipoeletsa, puso ya ba sekae fela ba maemo eo e nang le senate e ne ya nna ya tswelela pele e le gone, bobotlana go tla go fitlha ka nako ya fa Julius Caesar a ne a tlhoma puso ya bokgokgontshi dingwaga di sekae pele ga a bolawa ka 44 B.C.E. Morago ga loso lwa gagwe, puso ya batlotlegi e ne ya tsosolosiwa gape, mme lefa go ntse jalo ka 29 B.C.E. e ne e setse e emiseditswe ka e nngwe gape. Collier’s Encyclopedia e tlhalosa jaana: “E ne ya re fa Roma e ntse e gola ka maatla, ka go huma, mmogo le ka dinaga, puso ya batlotlegi ya fetoga puso e e sa ikanyegeng ya ba sekae fela ba maemo, mme go latlhegelwa ga yone ke mowa wa baagi go ne ga bontshiwa ke go latlhegelwa ga yone ke tlotlo go tswa mo baaging. Go wa ga yone go ne ga baka gore go nne le puso ya bo-monarch eo go utlwiwang ka motho a le mongwe fela mo go yone.”
Mo dingwageng di le 1 200 kana go feta tseo di neng tsa latela morago ga moo, dipuso tsa batlotlegi, lemororo go ne go twe ke tsa bo-monarch ka leina fela, di ne tsa anama kwa Yuropa. E ne ya re fa nako e ntse e tsamaya diphetogo di le dintsi tsa sepolotiki, tsa itsholelo, mmogo le tsa setso di ne tsa nna tsa fetola tsamaiso eno ka iketlo. Mme lefa go ntse jalo mo lobakeng lono lotlhe, puso ya batlotlegi ya kwa Yuropa e ne ya nna ya sala e le maatla, e ne e kgona go ka tswela pele e na le dinaga tseo di neng di le kafa tlase ga yone ebile e santse e gagamaditse seatla mo ditirong tsa sesole, kafa letlhakoreng le lengwe e ntse e nnela ya sekakgofa go ya pele, e senya ka madi, e ikgantsha, le go tlhoka tlhoafalo.
Mo dingwageng tsa bo 1780 puso ya batlotlegi e ne ya wa mo go botlhoko thata. Louis XVI wa kwa Fora, ereka a ne a iphitlhela a le mo mathateng a madi, o ne a ikuela mo malokong a puso ya Fora ya batlotlegi gore ba tlogele dingwe tsa ditshiamelo tse di rileng tseo ba neng ba na le tsone tsa madi. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re mo boemong jwa gore ba mo eme nokeng, ba ne ba mo iponela sesolo ka ntlha ya mathata ao a a neng a le mo go one, ba solofela gore ka go dira jalo ba tla reketlisa puso eo ya bo-monarch mme ba bo ba boelwa ke maatla a bone ka namana ao a neng a ba latlhegetse. “Ereka ba ne ba sa kgotsofadiwe ke go busiwa ga batho ke kgosi e ba busa mo boemong jwa puso ya batlotlegi, ba [eleng ba puso ya batlotlegi] ne ba batla gore batho ba busiwe ke puso ya batlotlegi e ba busa mo boemong jwa puso ya batlotlegi,” go tlhalosa jalo Herman Ausubel, yoo eleng porofesara wa hisitori kwa Yunibesithing ya Columbia. Boikutlo jono ke jone joo bo neng jwa thusa go baka gore go nne le Menolopuso ya Fora ka 1789.
Ditiragalo tseno tsa kwa Fora di ne tsa tlisa diphetogo tse dikgolo thata tseo di neng tsa utlwiwa kgakala go pota melelwane ya yone ka kwa. Puso ya batlotlegi e ne ya latlhegelwa ke ditshiamelo tsa yone tse di kgethegileng, tsamaiso ya go duelwa ga batlhanka ka dinaga e ne ya fedisiwa, go ne ga amogelwa Polelo ya Ditshwanelo tsa Motho Mmogo le Moagi, jaaka fa go ne ga nna jalo le ka molaotheo. Mo godimo ga moo maatla ao baruti ba nang le one a ne a beelwa melelwane ke molao.
Puso ka ba sekae—lemororo go ne go akanngwa gore ke bone ba ba phalang botlhe—e ne e beilwe mo dikaleng tsa katlholo ke ba le bantsi mme ba ne ba fitlhetse e tlhaela.
Go Bona ‘Ba Ba Phalang Botlhe’ Labofelo
Lebaka le le mo pepeneneng la gore ‘ba ba phalang botlhe’ ga se ka dinako tsotlhe ba tshelelang leina leo la bone le bontsha bongwe jwa makoa a a seng kana ka sepe ao ‘puso ya ba ba phalang botlhe’ e nang le one, eleng, bothata joo e nang le jone jwa go itse gore tota ‘ba ba phalang botlhe’ ke bomang. Gore motho a fitlhelele dipatlafalo tsa go tshwanelega botoka go phala ba bangwe go ka busa, go tlhokafala mo gontsi go feta go nna mohumi fela, go nna le madi a batlotlegi, kana go kgona go nna le dinonofo tse di sa tlwaelegang tsa sesole.
Ga go boima go itse gore dingaka, baapei, kana badiri ba ditlhako ba ba botoka go phala ba bangwe ke bomang. Seo re se dirang fela ke go leba tiro ya bone kana dilo tseo ba di dirileng. “Lefa go ntse jalo, mo pusong boemo jwa gone ga bo motlhofo go le kalo,” go bolela jalo Porofesara Friedrich. Bothata ke gore batho ga ba dumalane malebana le gore ke eng seo puso e tshwanetseng ya nna sone le gore ke eng seo e tshwanetseng ya se dira. Gape, mekgele ya puso e fetogetse ruri e sa fetse. Ka gone, jaaka fa Friedrich a bolela: “Go santse go le thata go itse gore tota batshwanelegi ke bomang.”
Gore tota ‘puso ya ba ba phalang botlhe’ e nne e e di phalang tsotlhe, batshwanelegi ba ne ba tla tshwanela gore ba tlhophiwe ke mongwe yoo o nang le kitso eo e fetang ya motho ebile a sa dire phoso fa a dira tshwetso. Bao ba tlhophilweng ba ne ba tla tshwanela gore e bo e le batho ba ba nang le boitshwaro jo bo siameng jo bo se kakeng jwa senngwa, ba ineetse ka bojotlhe mo mekgeleng eo e se kakeng ya fetolwa ya puso ya bone. Go iketleeletsa ga bone go eteletsa dikgatlhego tsa ba bangwe kwa pele ga tsa bone ka namana e tshwanetse ya nna selo seo go senang pelaelo epe ka sone.
Bibela e bontsha gore Jehofa Modimo o tlhophile sone sone setlhopha se se ntseng jalo—eleng Morwawe Jesu Keresete mmogo le ba sekae ba balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang—mme o ba tlhophile gore ba buse mo lefatsheng ka dingwaga di le sekete. (Luke 9:35; 2 Bathesalonia 2:13, 14; Tshenolō 20:6) Keresete le babusi mmogo le ene jaaka dibopiwa tsa moya tse di sa sweng tse di sa leofeng mme eseng jaaka batho ba ba dirang boleo, ba tla tshololela lefatshe ditshegofatso tsa kagiso, polokesego, le boitumelo tse di nnelang ruri, ba busetsa setho boitekanelong. A go na le puso epe ya motho—tota le eleng ‘puso ya ba ba phalang botlhe’—eo e neng e ka kgona go re neela dilo tse di kalo?
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Puso ya Ba Sekae Fela ba Maemo ya Motlha wa Segompieno
“Ditshekamelo tsa puso ya ba sekae fela ba maemo . . . di ile tsa lemogiwa mo dipusong tsotlhe tse dikgolo tsa batlhankedi ba puso tsa ditsamaiso tsa sepolotiki tsa maemo a a kwa godimo. Go raraana goo go ntseng go gola ga mokgatlho wa batho wa segompieno mmogo le ga puso ya gone go ntse go latlhela puso mo diatleng tsa balaodi mmogo le tsa dikomiti tsa bomankge go ya pele. Tota le eleng mo dipusong tseo di dirisang melaotheo, ga go a ka ga bonwa karabo epe e e kgotsofatsang ya potso e e malebana le gore batho bano bao eleng bone ba dirang ditshwetso mo pusong ya batlhankedi ba puso go ka dirwa jang gore e nne bone ba ikarabelang mo go seo ba se dirang mme ba bo ba beelwa melelwane ka tsela e e nang le katlego mo dinonofong tse ba nang le tsone kwantle ga gore, mo godimo ga moo, seo se tsenye go nna le katlego mmogo le tlhaloganyo ga tiro ya go dira ditshwetso mo kotsing.”—The New Encyclopœdia Britannica.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Aristotle o ne a dumela gore fa go tlhakanngwa puso ya batlotlegi le ya setemokeratiki seo se ne se tla tlhagisa puso ya mofuta o o botoka go di phala tsotlhe
[Motswedi wa Setshwantsho]
National Archaeological Museum, Athens