“Basupi ba ga Jehofa Ba Ba Tswang Kwa USSR—Ba Letetswe ke Malatsi A A Itumedisang mo Isagweng”
SENO e ne e le setlhogo se segolo seo se neng se le mo pampiring ya dikgang ya puo ya Seesemane eleng The Warsaw Voice ya August 19, 1990, e e gatisiwang kwa Poland. Mokwadi wa yone, ebong Anna Dubrawska, o ne a akgela mabapi le Kopano ya “Puo E E Itshekileng” ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warsaw ka August, 1990. O ne a botsolotsa Basupi ba ba neng ba tswa Soviet Union, ba bangwe ba bone ba neng ba ile ba fetsa dingwaga di le 15 ba le mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa bokgoba e le ka ntlha ya ditumelo tsa bone tsa bodumedi. Mme jaanong ba ne ba gatelela diphetogo tse di molemo tse di neng di diragala mo nageng ya bone.
Grigor Goryachek, modiri mongwe wa moagi yo o tswang Crimea ebile a godisitswe jaaka Mosupi, o ne a isiwa botshwarwa dingwaga di le 15 kwa Siberia. O ne a re: “Jaanong re lebeletse go nna le botshelo jo bo itumedisang.” Mosupi yo mongwe, ebong Anton Pohanich, o ne a re: “Re setse re tshela botshelo jo bo itumedisang. Jaanong ke kgona go isa molaetsa wa rona ka ntlo le ntlo ke sa boife sepe, lemororo seno se ne se sa kgonege mo nakong e e fetileng.”
Dubrawska o tsopola mafoko a ga Igor Cherny, Mosupi mongwe wa dingwaga tse 17 yo o neng a tswa kwa Caucasus: “Ka dingwaga tse 70 batho ba ne ba le kgakalakgakala thata le Modimo, bogolo thata basha, mo jaanong ba batlang go boela kwa go Ene ka tsela e e tshwanang, kana bobotlana ba simolole ka go utlwa kaga Gagwe.”
Buka ya Se-Poland eleng Dziennik Wieczorny (Lekwalodikgang la Maitseboa) tlase ga setlhogo se se reng Radość braci (Go Ipela ga Bakaulengwe), e ne ya bega gore mothapiwa mongwe wa mo setediamong sa Zawisza mo motseng wa Bydgoszcz o ne a re: “Ke itumedisiwa ke puo e e phepa e e dirisiwang koo le maitseo a mantle a a bontshiwang ke basha.”
Zofia Uszynska, fa a ne a kwala mo pampiring ya dikgang ya Poland eleng Trybuna kafa tlase ga setlhogo se se reng Głosiciele Królestwa (Baboledi ba Bogosi), o ne a bolela jaana malebana le kopano eo: “Mo nakong ya metsotso e le 30 ke ne ka abelwa dijo tse di motlhoswana le kofi makgetlo a le some. Batho ba le batlhano ba ba farologaneng ba ne ba nkabela ditilo tsa bone. Ka malatsi a le manè a a latelelanang batho ba feta 30 000 ba ne ba tsenelela mo moketeng wa [bodumedi] kwa Dziesieciolecia Stadium kwa Warsaw. Basadi ba ba gaufi le go belega, malapa a a nang le bana ba bannyane, bagolo le basha. Mokolobediwa yo mmotlana mo bakolobediweng botlhe o ne a le dingwaga di le 11, yo mogolo mo go bone botlhe o ne a na le dingwaga di ka tshwara 80.”
Setlhogo seno se ne sa tswelela ka go re: “Ba-Russia ba le diketekete [tota ba feta 16 000] ba ne ba tla pokanong ya ngwaga ono. Ngwaga o o fetileng ba ne ba le 6 000. Batlhankedi ba molelwane wa Russia ba ne ba letlelela dibese tsotlhe go feta go sa tlhokafale gore ba eme mo meleng ya boleele jwa dikilomitara tse dintsi ba tlhatlhobiwa. Go ne ga tla baemedi go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa Soviet Union: go tswa Vladivostok, Khabarovsk, Vorkuta. Ba bangwe ba ne ba tsaya malatsi a le mane kana a le matlhano ba le mo tereneng.”
E ntse e le yone pampiri eo e tsopola Ivan M. Grevniak fa a ne a re: “Ke ne ka bona tshiamololo mo go seo bomopapa le baruti ba neng ba se dira, mme ke ne ka batla kwa go nang le boikanyegi gone.” Polelo eo e tswelela ka go re: “O ne a lemoga gore go ya kafa Basupi ba ga Jehofa ba itshwarang ka gone mafoko a bone a tsamaisana le ditiro tsa bone.” Go tswa foo Ivan o ne a oketsa ka go re: “Ke leboga Modimo go bo a ne a ntetlelela go ithuta boammaaruri.”
Trybuna eno e bega gore Ivan ke mogolwane mo phuthegong kwa Lvov, koo “go nang le diphuthego di le 13 gone le badumedi ba feta 2 000 ba bodumedi . . . ‘Gongwe le gongwe mo ditlhopheng tsotlhe tsa bodumedi go rena moya wa bomorafe. Lefa go ntse jalo moya oo ga o yo gotlhelele gareng ga batho ba bodumedi jwa me,’ go bolela jalo Grevniak.”
Go utlwana mono go ne ga bontshiwa kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warsaw koo thulaganyo e neng ya neelwa nako e le nngwe fela teng ka Se-Poland le ka Se-Russia mo dikarolong tse di farologaneng tsa setadiamo. Go ne go sena kgotlhang epe ya bomorafe gotlhelele.
Zofia Uszynska o ne gape a kgatlhiwa thata ke phuthego eno e e neng e tlhoka gore e tlamele batho ba feta 35 000 ka marobalo, dijo, le eleng go ba tlhokomela ka tsa kalafi bao ba neng ba tlile kopanong eno. O ne a fetsa ka go re: “Ga ke ise nke ke tsamaye ke tsenelele kokoano ya batho ba ba molemo, ebile ba le botsalano jaana.”
Pampiri ya dikgang ya Se-Poland eleng Sztandar Młodych (Boemo jwa Basha) e ne ya akgela ka tiro e e neng ya dirwa go dira gore setadiamo se lekane go amogela baeng ba le bantsi thata: “Jaaka tsela ya go direla setšhaba . . . balatedi ba ga Jehofa ba ne ba dira ditilo sesha, ba baakanya dikgogometso le matlwana a boitiketso, ba phepafatsa lebala la bojang. Ba ne ba ntsha madi a bone go duelela ditshenyegelo tsa kopano. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba baakanya marobalo a a kwa thoko a ka tshwara 22 000 ba a baakanyetsa baeng, ba ne ba thusa baagi ba Soviet ka dijo, le ka kalafi ya bone.”
Eleruri Basupi ba ga Jehofa ba setse ba le mo “malatsing a a itumedisang” kwa Yuropa Botlhaba mme ba rapela gore seemo sa bone se sesha sa kafa molaong kwa dinageng tse di jaaka Romania, Hungary, le Poland ekete mo bogautshwaneng se ka nna gone kwa Czechoslovakia, Albania, Bulgaria, le Soviet Union.—2 Bathesalonia 3:1; 1 Timotheo 2:1, 2.
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Basupi ba Soviet Union ba ba neng ba le kwa Kopanong ya “Puo E E Itshekileng” ya Warsaw, go akaretsa le bayakolobetso (kwa godimo le setshwantsho se se mo gare), sebui sa Mo-Russia, thulaganyo, le baemedi ba Ba-Soviet ba le fa pele ga dibese tsa bone