Kafa Thelebishene E Fetotseng Lefatshe ka Gone
ERILE ka mariga a ngogola, thelebishene ya fetola lefatshe lebala le legolo la metshameko. Kwa Roma, Italy, mebila e ne e sa nkge motho. Matadiana a ka nna dimilione tse 25 a ne a lebeletse metshameko ya kgwele ya dinao ya Sejana sa Lefatshe. Kwa Buenos Aires, Argentina, le gone mebila e ne e sena batho, mme e le ka ntlha ya lebaka lone leo. Kwa Cameroon, Afrika Bophirima, lone lesedi le le bobodudu jo bo borokwa leo le ne le bonala le boifisa ka difensetere fa batho ba ba dimilione ba ntse ba dudueletsa gongwe. Kwa Lebanona e e kgaugantsweng ke ntwa, masole a ne a pega dithelebishene mo ditankeng tsa bone tse di sa berekiseweng gore ba lebelele. Ka nako ya fa kgaisano eno e fitlha kwa setlhoeng sa yone, go fopholediwa gore nngwetlhanong ya baagi ba lefatshe ba ne ba lebeletse, ba kgobokanetse lebokose leno jaaka dibokwana di kokoanetse dikgabo tsa molelo, difatlhego tsa bone di bonesitswe ke matlhasedi a lone a a letobo.
Tiragalo eno e e boitshegang ya thelebishene e ne e se ntšha. Ka 1985 mo e batlang e le nngwetharong ya baagi ba lefatshe—mo e ka nnang batho ba le 1 600-000 000—ba ne ba lebelela konsarata ya mmino wa rock e e neng e bidiwa Live Aid. Disatalaete di le lesome le bobedi di ne di gasetsa lenaneo leno kwa dinageng di ka nna 150, go tswa kwa Iceland go ya go fitlha kwa Ghana.
Thelebishene—lebokose leno le le tletsetletseng gongwe le gongwe e ntse e le lone tshosoerweleng ya phetogo nngwe e e fitlhegileng e e nnang teng. Boitseanape jono bo ne jwa gola go tswa mo dibontshetsing (screens) tse dinyenyane, tsa ditshwantsho tse di sa bonaleng sentle tsa bo 1920 le bo 1930 go fitlha mo bontshetsing tse di raraaneng tsa malatsi ano, tse di nang le mmala o o tlhatswegileng ebile di bonala sentle, mme ka nako e e tshwanang di tlhotlheletsa phetogo e kgolo ya lefatshe lotlhe. Ka 1950 go ne go na le dithelebishene tsa palo e e kwa tlase ga dimilione tse tlhano mo lefatsheng. Gompieno, go na le tse di ka nnang 750-000 000.
Ditiragalo tse di tshwanang le metshameko ya kgwele ya dinao ya Sejana sa Lefatshe di bontsha fela kafa thelebishene e nonofileng ka gone go kopanya lefatshe ka mogolagang o le mongwe fela wa tshedimosetso. Thelebishene e fetotse tsela eo batho ba ithutang ka gone ka lefatshe le le ba dikologileng. E ile ya thusa go gasa dikgang le megopolo, e sita le dilo tsa setso le ditekanyetso tsa boitsholo, go tswa mo nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe, di kgabaganya melelwane ya bopolotiki le ya popego ya lefatshe motlhofo fela e le eo e kileng ya ne e kgoreletsa go elela mo go ntseng jalo ga tshedimosetso. Thelebishene e fetotse lefatshe. Bangwe ba re e ka go fetola.
Go dumelwa thata gore Johannes Gutenberg o ne a dira phetogo e e boitshegang ya ditlhaeletsanyo tse di dirwang le batho ba bantsi fa Bibela ya ntlha e ne e tswa mo motšhining wa gagwe o o gatisang ka 1455. Jaanong ka tshoganyetso go ne go ka kgonega gore molaetsa o le mongwe fela o fitlhelele bareetsi ba palo e kgolwane thata ka nako e khutshwanyane, le ka ditshenyegelo tse di kwa tlase thata. E ne ya re go ise go ye kae dipuso tsa bona nonofo ya motšhine o o gatisang mme tsa leka go o laola ka melao ya dilaesense. Mme lefa go ntse jalo tshedimosetso e e gatisitsweng e ne ya fitlhelela batho ba le bantsi le go feta. E ne ya re mo masimologong a bo 1800, rahisitori Alexis de Tocqueville o ne a akgela ka go re dipampiri tsa dikgang di ne di na le nonofo e e sa tlwaelegang ya go ka jala kgopolo e le nngwe mo megopolong ya batho ba le 10 000 ka letsatsi le le lengwe fela.
Jaanong a o ko o akanye ka thelebishene. E ka kgona go jala kgopolo e le nngwe mo megopolong ya batho ba le dimilione tse di makgolokgolo—botlhe ka nako e le nngwe fela! Gape e farologane le pampiri e e gatisitsweng, ka jaana ga e tlhoke gore batho ba ba e lebelelang ba bo ba rutilwe botsipa jo bo raraaneng jwa go bala, ebile ga e ba tlhoke gore ba ikakanyetse ditiragalo tseo mo tlhaloganyong. E tsisa melaetsa ya yone e na le ditshwantsho le modumo le dikgogedi tsotlhe tseo di ka tlhagisiwang.
Ga go a ka ga tsaya lobaka gore boradipolotiki ba bone kafa thelebishene e nang le bokgoni jo bogolo ka gone. Kwa United States, Dwight D. Eisenhower o ne a dirisa thelebishene ka botlhale fa a ne a ipapaletsa ditlhopho tsa botautona ka 1952. Go ya ka buka ya Tube of Plenty—The Evolution of American Television, Eisenhower o ne a fenya ditlhopho ka gonne o ne a itshupa e le ene ntlhopheng “yo go leng motlhofo go mmapatsa” go feta ba bangwe mo didirisiweng tsa kgaso. Buka eo e bontsha gore thelebishene e ka nna ya bo e ile ya nna le seabe se segolo le go feta mo phenyong eo John F. Kennedy a neng a e bona fa a ne a fenya Richard M. Nixon mo ditlhophong tsa 1960. E ne ya re fa bontlhopheng ba ne ba ngangisana mo thelebisheneng, babogedi ba ne ba akanya gore Kennedy o fentse Nixon. Lefa go ntse jalo, bareetsi bao ba neng ba reeditse kgang yone eo mo seromamoeng ba ne ba akanya gore ba ne ba lekana ka dintlha. Ke ka ntlha yang fa go ne go na le pharologanyo eno? Nixon o ne a lebega a le moswaana ebile a kgobegile marapo, fa Kennedy ene a ne a lebega a ikemiseditse gape a le mosetlhana, a bontsha go itshepa le go nna matlhagatlhaga. Morago ga ditlhopho, Kennedy o ne a bua jaana mabapi le thelebishene: “Re ka bo re sa bona phatlha ya go fenya fa e ne e se ka sedirisiwa seo.”
“Sedirisiwa seo” se ne sa tswelela se dira gore nonofo ya sone e utlwale lefatshe ka bophara. Bangwe ba ne ba simolola go e bitsa ba re ke maatla a boraro a magolo. Boranyane jwa disatalaete bo ne jwa kgonisa bagasi gore ba gase melaetsa go kgabaganya melelwane ya dinaga le eleng mawatle tota. Baeteledipele ba lefatshe ba ne ba dirisa thelebishene jaaka lefelo la go ikgapela kemonokeng ya dinaga tse di farologaneng le la go kgoba baba ba bone. Dipuso dingwe di ne di e dirisa go itlhatswa leina mo dinageng tsa baba. Mme fela jaaka fa dipuso di ne di ile tsa leka go laola selo seo se neng se ribolotswe ke Gutenberg fa di sena go tlhaloganya kafa se neng se nonofile ka gone, dipuso di le dintsi di ne tsa gagamaletsa thelebishene molao. Ka 1986 mo e batlileng e le sephatlo sa ditšhaba tsotlhe di ne di gasa mananeo a a laolwang ke puso fela.
Lefa go ntse jalo, tsa maranyane di dirile gore thelebishene e ketefalele pele go ka laolwa. Disatalaete tsa gompieno di romela melaetsa e e ka kgonang go amogelwa le eleng mo magaeng ao a amogelang kgaso ka diamogedi tse dipotlana thata. Dikapaditshwantsho tse dipotlana tsa video, tse di motlhofo go sepela ka tsone le dikhasete tsa video, di patilwe ke bontsintsi jwa bakapaditshwantsho ba ba dirang tiro eno go intsha bodutu fela, di ile tsa tsala dikgatiso di se kana ka sepe tseo gantsi go sa kgonegeng go ka di kganela tse di nang le ditshwantsho tsa mo e batlileng e le tiragalo nngwe le nngwe eo go nang le mosola go e bega mo dikgannyeng.
Lekgotla lengwe la dikgang la U.S., le go tweng Turner Broadcasting’s CNN (Cable News Network), le kokoanya dipego tsa dikgang go tswa mo dinageng di ka nna 80 le bo le di bontsha mo lefatsheng lotlhe ka bophara. Kgaso ya yone ya dikgang mo lefatsheng lotlhe bosigo le motshegare e dira gore e kgone go fetola tiragalo nngwe le nngwe fela ka ponyo ya leitlho gore e nne kgang e e amang mafatshefatshe.
Thelebishene e fetogile go tswa go sedirisiwa se se gatisang dilo tse di diragalang mo lefatsheng go nna sedirisiwa se se bopang dilo tse di diragalang mo lefatsheng, mme seno se ntse se tswelela pele. Thelebishene e ne ya nna le seabe sa konokono mo motseletseleng wa diphetogo tseo di neng tsa tshikinya Yuropa Botlhaba ka 1989. Boidiidi jwa batho kwa Prague, Czechoslovakia, ba ne ba goa mo mebileng, ba batla “gore ditiragalo di gasiwe ka nako eo di diragalang ka yone” di gasiwa mo thelebisheneng. Mme lemororo batho ba ba lwelang gore dilo di fotolwe ba kile ba bo ba bolaya batho gore ba gape kago nngwe ya puso, kago ya yone ya phemelo, kana kago e e thata ya mapodise, batho bao ba neng ba lwela gore dilo di fetoge ka 1989 bone lantlhantlha ba ne ba lwela gore ba tsene mo diphaposing tsa kgaso tsa thelebishene. Ebile tota, puso e ntšha ya Romania e ne ya simolola go busa naga eo ka go tsena mo phaposingkgaso ya koo ya thelebishene! Ka jalo, go bitsa thelebishene gore ke mmuso wa boraro o mogolo e ka nna ya bo e se go feteletsa dilo le eseng.
Mme lefa go ntse jalo thelebishene e dirile se se fetang go tlhotlheletsa mo go tsa dipolotiki fela. Jaanong e bile e fetola dilo tsa setso tsa lefatshe le ditekanyetso tsa lone tsa boitsholo. Gantsi United States e pegwa molato wa gore e ‘laola lefatshe mo dilong tsa setso,’ ke gore, e sukunyetsa dilo tsa yone tsa setso mo lefatsheng e dirisa thelebishene. Ereka United States e ne ya nna yone naga ya ntlha go dira mokoa wa mananeo a a busetsang a a rekisiwang, mo mafelelong a bo 1940 le ka bo 1950, badiri ba Maamerika ba ne ba kgona go rekisetsa merafe e mengwe mananeo ka tlhotlhwa e e kwa tlase thata ga eo ba neng ba ka e tlhoka go itirela mananeo a bone a ditshwantsho.
Mo mafelong a bo 1980, Kenya e ne e reka go fitlha go 60 lekgolong ya mananeo a yone a dintshwantsho tsa thelebishene go tswa kwa mafatsheng a sele; Australia, 46 lekgolong; Ecuador, 70 lekgolong; le Spain, 35 lekgolong. Bontsi jwa mananeo ano a a tswang kwa mafatsheng a sele a ne a tswa kwa United States. Lenaneo lengwe la Amerika la ditshwantsho, le go tweng Little House on the Prairie, le ne la gasiwa mo dinageng di le 110. Lenaneo la ditshwantsho la Dallas le ne la bonwa mo dinageng di le 96. Bangwe ba ne ba ngongorega ba re go dikologa lefatshe dilo tsa mo gae di ne di sa tlhole di gasiwa mo thelebisheneng, gore go rata go reka dilo tse di rekisiwang le go rata dilo tse di bonalang ga Baamerika go ne go anama.
Dinaga di le dintsi di mo selelong malebana le ‘go laola lefatshe mo dilong tsa setso.’ Kwa Nigeria, bagasi ba ile ba ngongorega gore go tsenngwa ga mananeo a ditshwantsho ao a tswang kwa mafatsheng a sele go senya setso sa morafe; ba tshwenngwa ke gore babogedi ba Ma-Nigeria ba lebega ba itse mo go oketsegileng kaga United States le Borithane go feta kafa ba itseng ka teng kaga Nigeria. Bayuropa le bone ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Erile mo phuthegong nngwe ya bosheng jaana ya congress ya U.S., moeteledipele wa bagasi ebong Robert Maxwell o ne a goa jaana ka bogale: “Ga go na morafe ope o o tshwanetseng go leseletsa gore setso sa one se laolwe ke o mongwe o sele.” Ka jalo, merafe mengwe e ile ya simolola go baya dithibelo mo palong ya mananeo ao eseng a mo gae ao diphaposikgaso di ka a gasang.
‘Go laola lefatshe mo dilong tsa setso’ go ka senya se se fetang ditso fela. Go ka nna ga bo ga gobatsa le lefatshe. Moya wa ditšhaba tsa Bophirima wa go rata go reka dilo tse di rekisiwang ka mogopolo wa go nna le tsone tsotlhe ka nako yone eo o ile wa nna le karolo mo go leswefatseng moya, mo go kgotleleng metse, le mo go senyakeng lefatshe ka kakaretso. Jaaka fa mokwadi mongwe wa The Independent, pampiri ya dikgang ya kwa Lontone, a ne a tlholosa: “Thelebishene e tliseditse lefatshe tsholofelo ya isagwe e e galalelang ya go bona kgololesego ka ntlha ya dilo tse di bonalang—jwa khumo ya mafatshe a Bophirima—eo eleng tsholofelo ya tsietso, ka gonne e ka fitlhelelwa fela ka go senngwa ga tikologo ya tlholego mo e ka se keng ya tlhola e baakanngwa.”
Go phepafetse he, gore thelebishene e fetola lefatshe gompieno, mme ga se ka metlha e tlisang phetogo e e siameng mo go lone. Mme lefa go ntse jalo gape e na le matswela a a bonalang sentle mo bathong ka bongwe. A o mo kotsing ya seno?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 18]
Dipampiri tsa dikgang di ka tsenya kgopolo e le nngwe mo megopolong ya batho ba le dikete tse some ka letsatsi le le lengwe fela
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 19]
Thelebishene e ka tsenya kgopolo e le nngwe mo megopolong ya batho ba le dimilione tse di makgolokgolo ka ponyo ya leitlho