Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Fetoga?
KE BATHO ba sekae fela gareng ga rona ba ba ratang go dumela gore re na le makoa a a tlhomologileng. Abo mafoko a mmoki wa kwa Scotland ebong Robert Burns a tshwanela jang ne: “Ekete maatla mangwe a ne a ka re fa nonofo ya go ipona ka tsela eo ba bangwe ba re bonang ka yone.” Ee, re go fitlhela go le motlhofo go bona diphoso tsa ba bangwe ebile re ka nna bofefo go ba naya kgakololo go ba bontsha kafa ba ka di tokafatsang ka teng. Mme kgakololo epe eo rona ka borona re e tlhokang go fetola boitshwaro jwa rona e ka re kgopisa. A e ka go kgopisa le wena?
A re ko re emeng go le gonnye mme re akanyeng ka lefatshe le le itekanetseng le mo go lone mongwe le mongwe o tla bong a le phepa, a itekanetse, a itumetse, ebile a ikanyega; leo mo go lone le eleng balaodi ba tla bong ba le pelonomi ebile ba akanyetsa ba bangwe, ba kgatlhegela go direla ba bangwe molemo; koo go tla bong go sena bohula, ebile go sena ope yo o tla amogang wa gagabo ditshwanelo tsa gagwe; koo bana ba tla bong ba le kutlo go batsadi ba bone ba ba lorato, bao ba ba tlhokomelang; koo go tla bong go sena ba ba galefang ka bonako—go sena bothubaki, go sena bokebekwa, go sena boitsholo jo bo sa siamang; koo batho ba tla bong ba ikanya ba bangwe ebile ba itumedisa ka tlholego fela; koo botshelo bo ka itumelelwang gone ka pabalesego ebile ba na le pholo e e molemo.
A o kgona go ipona o tshwanelegela lefatshe le le ntseng jalo, fa lefatshe le le itekanetseng leo le ka nna gone? Ebu, mafoko a a molemo a a tswang mo Bibeleng ke a gore lefatshe leno le tloga le nna le le ntseng jalo mo bogautshwaneng. Ka jalo potso e e botlhokwa jaanong ke gore: A o na le mekgwa epe ya boitshwaro eo e ka nnang ya go dira gore o seka wa tshwanelegela go nna gareng ga batho ba ba itumetseng jalo? O akanya gore go tla bo go le thata go le kana kang go leka go tshwanelegela botshelo mo paradaiseng e e ntseng jalo?—Isaia 65:17-25; 2 Petere 3:13.
Le eleng jaanong, pele ga lefatshe leo le lesha le tla, a botshelo jwa gago e ka nna jo bo tokafetseng fa o ka dira sengwe ka boitshwaro jwa gago le boikutlo? Fa go le jalo, he ke ka ntlha yang o sa fetoge? Go a kgonega go dira jalo. Gakologelwa, ditlhotlheletso tse di rileng di ne tsa aga le go bopa boitshwaro jwa gago kwa tshimologong, ka jalo fa o di laola le go di kgatlhegela go ka kgonega gore o age boitshwaro jwa gago sesha le eleng jaanong.
Lefa go ntse jalo, o santse o ka nna wa ganela seo o bolela gore: ‘Mme a tota ke ka kgona go fetoga? Ke ile ka leka pele, makgetlo a le mantsi, mme ke ile ka palelwa. Ke kafa ke ntseng ka teng, ebile ga go na sepe se ke ka se dirang seno!’
Akanya ka Paulo, moaposetoloi wa ga Jesu Keresete. (Baroma 7:18-21) Paulo o ne a tlogela go nna moganetsi yo o bogale wa Bakeresete, yo o neng a ipona tshiamo mme a nna Mokeresete ka boene. O ne a fetoga ka go bo a ne a batla go dira jalo tota. O ne a seka a ineela ka ntlha ya dikgoreletsi kana ditlhotlheletso tsa ditogwana tsa tsalo. O ne a sa dumele gore botho jwa gagwe jwa bogologolo bo ne bo ka se ka jwa fetoga. O ne a tlhoka go dira boiteko jo bogolo. Mme o ne a amogela thuso e kgolo.—Bagalatia 1:13-16.
Thuso eno e ne e tswa kae?