LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 9/8 ts. 17-18
  • Boemo Jo Bo Tsewang ke Metshameko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boemo Jo Bo Tsewang ke Metshameko
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Rotloediwa ga Metshameko mo Nakong E E Fetileng
  • Metshameko mo “Tesetamenteng E Ntšha”
  • Boemo Jo Bo Tshwanetseng jwa go Itshidila Mmele
  • A go Gaisana mo Metshamekong go Phoso?
    Tsogang!—1995
  • A ke Tshameke Metshameko ya Khomputara Kana ya Bidio?
    Tsogang!—1996
  • Ke Eng se ke Tlhokang go se Itse ka Metshameko?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Go Baya Metshameko mo Boemong Jo E Tshwanetseng go Nna mo go Jone
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 9/8 ts. 17-18

Boemo Jo Bo Tsewang ke Metshameko

MMOPI yo Mogolo o tlhalosiwa mo Bibeleng jaaka ‘Modimo yo o itumetseng,’ ebile o batla dibopiwa tsa gagwe le tsone gore di itumele. (1 Timotheo 1:11) Ka jalo ga re a tshwanela go gakgamala go bo o bopile batho ba na le kgono ya go itumelela metshameko. Ka gone The New Encyclopædia Britannica e bega jaana: “Hisitori e e amanang le metshameko ke karolo ya hisitori e e amanang le motho.”

Go nna gone ga bolo go bolelwa fa go ile ga nna ntlha e e botlhokwa thatathata mo hisitoring ya metshameko. “Selo se se lemogilweng eleng gore diphologolo di ipelela go tshameka ka ditshamekisi,” go bolela jalo ensatlopedia e e tsopotsweng fa godimo, “go bontsha gore go ka tswa go ise go ke go tsamaye go nne le nako epe . . . e mo go yone di neng tsa tlogela sengwe se se tshwanang le bolo fela di sa se lelekise kana di se latlhelana.”

Se se kgatlhisang ke gore, go na le sedirisiwa sengwe seo le sone se sa bolong go nna se dirisediwa go itaya bolo. “Eleruri go ne go na le metshameko e mo go yone go dirisiwang dithobane eo e neng e tshamekiwa ke Baperesia, Bagerika, le Maindia a Amerika,” Britannica e bontsha jalo. “Polo, eleng lefoko le le simologileng kwa Tibet, go lebega le ne le dirisiwa ka tsela e e rileng ke Baperesia ka nako ya ga Darius I (yo o neng a busa go tloga ka 522-486 BC). Lemororo Scotland e iphaka gore ke yone e tlhamileng motshameko wa golf wa segompieno, o ne o na le baenyanapele ba one ba ba tlotlegang mo metlheng ya Roma le mo dinageng di le dintsi tsa Yuropa.”

Go Rotloediwa ga Metshameko mo Nakong E E Fetileng

Makgolokgolo a dingwaga pele ga go wediwa go kwalwa ga Dikwalo tsa Sehebera (“Kgolagano E Kgologolo”), metshameko e e rulagantsweng semmuso e ne e tumile thata. Ka sekai, morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le nnè go ne go tshwarelwa metshameko kwa Olympia wa bogologolo, Gerika. Britannica e bega jaana: “Go na le direkoto tsa bafenyi ba metshameko kwa Olympia fa esale go tloga ka 776 BC go fitlha ka AD 217,” kana mo e ka nnang dingwaga tse di sekete! Metshameko ya Diolimpiki e ne e le botlhokwa thata mo botshelong jwa kwa Gerika mo eleng gore e ne e dirisediwa go bala nako, sebaka sa nako se se fa gare ga metshameko se se neng se nna gone sa dingwaga tse nnè se ne se bidiwa Olympiad. Ka gone, Jesu Keresete o ne a tsholwa ka Olympiad ya bo 194, fa re dirisa tsela eo ya pele ya go bala nako.

Dikwalo tsa Sehebera ga di umake sepe ka metshameko eo e neng e rulagantswe semmuso, lemororo mongwe wa baporofeti a bolela gore “mebila ea motse [ya Jerusalema] e tla tlala tshimane le tshetsana ba tshameka.” (Sekaria 8:5) Dingwaga di feta lekgolo pele ga Jesu a tsholwa, dikgaisano tsa diatleletiki tsa Gerika di ne tsa rutwa batho ba kwa Iseraele. Go ne ga tlhomiwa kago nngwe e kgolo kwa Jerusalema e go neng go tshamekelwa metshameko e e farologaneng mo go yone, mme le eleng baperesiti ba bangwe ba ne ba tlhokomologa ditiro tsa bone e le gore ba tsenelele mo metshamekong eno.—2 Maccabees 4:12-15.

Aguseto Kaesare, mmusimogolo wa Roma ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa, o ne a rata diatleletiki, mme metshameko ya simolola go tuma kwa Roma. Lefa go ntse jalo, tota dikgaisano tseo di neng di kgatlha baagi botlhe ba Roma e ne e le tseo di neng di amana le ntwa, jaaka motshameko wa mabole le wa go lwa ka go mekamekana. Gantsi “metshameko” eno e ne e felela ka dikgaisano tse di nang le bothubaki jo bogolo, tse di nang le tshololo ya madi tse mo go tsone banna ba neng ba thulanngwa le banna ba bangwe mo dintweng kana ba thulanngwa le diphologolo go fitlhelela ba swa.

Metshameko mo “Tesetamenteng E Ntšha”

Lefa go ntse jalo, go sa tshameke metshameko ka tsela e e tshwanetseng go go ntseng jalo go ne go sa reye gore go phoso go nna le seabe mo metshamekong. Ga go na gope mo Dikwalong koo re balang gone ka Jesu kana ka balatedi ba gagwe gore ba ne ba kgala metshameko kana ba kgala go nna le seabe mo go yone. Go na le moo, gantsi baaposetoloi ba ne ba dirisa dikarolo tsa yone go tshwantsha dintlha dingwe tse di rutang tota.

Ka sekai, go lebega moaposetoloi Paulo a ne a akantse ka mabelo a dinao ao a neng a tabogiwa mo Metshamekong ya Diolimpiki fa a ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “A ga lo itse ha ba ba sianañ ba tle ba siane botlhe, me moñwe hèla a phamole sekgèlè? Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè.” O ne a oketsa ka gore: “Motho moñwe le moñwe eo o lekèlañ mo ditshamekoñ, o tshela ka tekanō mo diloñ cotlhe. Bōnè ba diha yalo gore ba amogèlè serwalō se se bōlañ; me rona ke gore re bōnè se se sa boleñ.”—1 Bakorintha 9:24, 25.

Mo lekgetlong le lengwe, Paulo o ne a bolela gore Mokeresete o tshwanetse go siana ka boikaelelo jwa go fenya mokgele wa botshelo. “Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgèlè sa pilecōgodimo ea Modimo,” o ne a kwala jalo. (Bafilipi 3:14) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a gakolola Timotheo jaana, fa a ne a bontsha botlhokwa jwa go tlhwaela melao ya boitsholo tsebe: “Le gōna ha motho a tsèna a leka mo ditshamekoñ, ga a ke a rwesiwa, ha a se ka a leka kaha molaoñ.” (2 Timotheo 2:5) Mme moaposetoloi Petere o ne a kwala gore badisa ba Bakeresete bao ba diragatsang maikarabelo a bone ba tla “bōna serwalō sa kgalalèlō se se sa ōnaleñ.”—1 Petere 5:4.

Ga go na pelaelo malebana le gore Timotheo yo mmotlana o tshwanetse a bo a ne a na le seabe mo go diseng Bakeresete ba basha bao ba neng ba rata metshameko. Ka gone, Paulo o ne a mo kwalela gore “go tshikinya mmele [jaaka mojiminase] go molemō mokutshane,” ka go dira jalo o ne a bontsha gore o ne a dumela ntlha ya gore go itshidila mmele mo go neng go dirwa ka natla ke Bagerika go ne go na le molemo mongwe o o rileng. “Me,” Paulo o ne a akofa a tlatsa ka go re, “poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.”—1 Timotheo 4:8; bona The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures.

Boemo Jo Bo Tshwanetseng jwa go Itshidila Mmele

Ka jalo Dikwalo di bontsha gore go itshidila mmele go ka nna ga nna le boemo jo bo tshwanetseng mo dilong tse motho a di dirang. Lefa go ntse jalo, go tlhokega gore re lekalekanye dilo, re nne boiphapaanyo. “A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe,” Paulo o ne a kwala jalo. (Bafilipi 4:5) Lefa go le jalo, a bo go le thata jang ne go bona tekatekanyo eno!

Bagerika ba pele ba ne ba rotloetsa metshameko ka mo go feteletseng, ebile Baroma ba ne ba tshameka metshameko eo e neng e gobatsa batsayakarolo mmogo le bao ba neng ba rata go bogela sengwe se se tletsetletseng madi. Mo letlhakoreng le lengwe, bangwe ba ile ba laola metshameko le eleng go e thibela ba re ba dira jalo ka ntlha ya bodumedi. The New Encyclopædia Britannica e ne ya akgela jaana: “Maemo a a setlhogo ao a neng a le gone mo lekgolong la bo 17 la dingwaga a ne a dira gore metshameko e se ka ya tlhola e itumelelwa mo Yuropa le Amerika.”

Mo bogautshwaneng jaana metshameko e ile ya tsosolosiwa gape gongwe go feta le fa e le leng pele mo hisitoring. “Fela jaaka maemo a bosa,” go bolela jalo The World Book Encyclopedia, “go lebega batho ba bua thata ka metshameko go gaisa setlhogo sepe se sengwe.” Metshameko e setse e bile e bidiwa gore “ke selo se se tshwakgolang batho fela jaaka diokobatsi.”

Go rata metshameko go go ntseng jalo go ile ga baka mathata afe? A wena kana lelapa la gaeno le itemogetse diphelelo dipe tse di botlhoko ka ntlha ya go rata metshameko gono ka tsela e e feteletseng? O ka dira jang gore metshameko e nne mo boemong jwa yone jo bo tshwanetseng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela