Kgopolo E E mo Bibeleng
A go Gaisana mo Metshamekong go Phoso?
BANNABAGOLO ba babedi ba ntse mo parakeng mo letsatsing le le mogote, ba tshameka tšhekase. Gaufi le bone go na le bana ba ba goelang kwa godimo fa ba ntse ba tabogataboga ba tshameka thatšhe. Gape go na le setlhopha sa makawana se se ipelelang go tshameka baseketebolo gaufinyana le foo. Ee, letsatsi le letsatsi, go re dikologa, bannye le bagolo ba ipelela metshameko. Batho ba bantsi fa ba tshameka ba iteka ka thata gore ba dire bojotlhe jwa bone. Gongwe le wena o dira se se tshwanang.
A mme go ka twe mefuta e e ntseng jalo ya go gaisana jalo lo le botsalano e phoso? Batho ba bantsi ba itse kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go Bagalatia 5:26, fa a ne a re Bakeresete ga ba a tshwanela go “tsosa dikgaisano.” (NW) Ka ntlha ya seno, a go tla bo go sa siama gore Bakeresete ba gaisane mo metshamekong ya go itshidila mmele?
Ka bokhutshwane fela, nnyaa. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Pele ga re araba potso eo, a re sekasekeng hisitori ya metshameko ka bokhutshwane.
Hisitori ya Metshameko
Go nna le seabe mo metshamekong go simologile kwa metlheng ya bogologolo mme e ntse e le selo se se dirwang thata go ralala hisitori—go akaretsa le mo hisitoring ya batho ba Modimo. Lefoko “bolo” e bile le a tlhagelela mo Baebeleng. Mo go Isaia 22:18, fa e umaka ka fa Jehofa Modimo a tlileng go senya batho ba ba bosula ka teng, e bolela jaana: “O tla [ba] potoka thata jaaka bolo.” (NW) Dibolo tse dingwe tsa segompieno—jaaka dibolo tsa kolofo le tsa beisebolo—di santse di dirwa ka go potokwa thata ka dilo tse di dirisiwang go phuthela. Baebele ya King James e ranola temana eno jaana: “O tla lo . . . konopela jaaka bolo.” Gore tsela eno ya go tshwantsha dilo e bo e ne e tshwanela, batho ba ba neng ba tshela ka nako eo ba tshwanetse ba bo ba ne ba dirisa dibolo.
Mo godimo ga moo, mo Baebeleng go na le kgang ya gore Jakobe wa tlhogo ya lotso o ne a kampana le moengele. Pego eno go lebega e kaya gore Jakobe o ne a kile a ikatisa pele gore a nne setswerere, ka gore ntwa ya teng e ne e sa fele mme e ne ya tsaya diura tse dintsi. (Genesise 32:24-26) Se se kgatlhang ke gore, go ya ka bakanoki bangwe, pego eo e ka tswa e supa gore Jakobe o ne a itse melao ya go kampana. Baiseraele le bone ba ka tswa ba ne ba hula ka bora le motsu—motshameko o mongwe o o batlang gore motho a ikatise a bo a nne setswerere. (1 Samuele 20:20; Dikhutsafalo 3:12) Banna ba bogologolo ba ne ba siana e le tsela e ba neng ba ikatisa le go ithapisa ka yone.—2 Samuele 18:23-27; 1 Ditirafalo 12:8.
Metshameko e e neng e tshamekiwa go dirisiwa tlhaloganyo—jaaka go bua ka malepa—go lebega e ne e tlwaelegile e bile e tseetswe kwa godimo. Gongwe sekai se se itsegeng thata ke sa ga Samesone fa a ne a bolelela Bafilisitia malepa.—Baatlhodi 14:12-18.
Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, metshameko ka dinako tse dingwe e ne e dirisiwa go tshwantsha botshelo jwa Bokeresete. Ka sekai, mo go 1 Bakorinthe 9:24, 25, Paulo o umaka ikatiso ya motabogi mme a bo a tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa gore Mokeresete a ikgape a bo a itshoke. Gape, go phepafetse gore fa Jehofa a ne a bopa, o ne a dira gore bontsi jwa dibopiwa tsa gagwe di rate go tshameka, ka gore motho le phologolo di ipha nako ya go tshameka.—Jobe 40:20; Sekaria 8:5; bapisa Bahebere 12:1.
Fa Kgaisano e Fetelela
Jaanong, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresetekaene eng fa a ne a ba raya a re ba se ka ba “tsosa dikgaisano”? (Bagalatia 5:26, NW) Karabo e mo go se go buiwang ka sone foo. Paulo o ne a simolola go bua kgang eno ka go ba bolelela gore ba se ka ba ‘nna boipelafatso fela’ kgotsa jaaka dithanolo tse dingwe tsa Baebele di e baya, ba se ka ba nna “boikgogomoso,” “mabela,” “ba eletsa go ikgantsha.” Go rata go itsege le go galalediwa go ne go tlwaelegile mo bataboging ba motlha wa ga Paulo.
Ka jalo le gompieno mo lefatsheng le le tletseng boikgantsho, batabogi ba bantsi ba tsamaya ka tsela e e supang boikgodiso ba batla gore ba bonwe le bokgoni jwa bone bo itsiwe. Ba bangwe ba ya le bokgakaleng jwa go tseela ba bangwe kwa tlase. Go sotla le go supa ba bangwe ka monwana ka go bua mafoko a a ba nyenyefatsang kana mo batabogi ba bangwe ba go bitsang “go tlatsa leswe” ke dilo tse di anamang ka bonako gompieno. Tseno tsotlhe e tla bo e le go “tsosa dikgaisano,” (NW) go gogela kwa go se Paulo a neng a bua ka sone mo karolong e e konelang ya Bagalatia 5:26—bopelotshetlha.
Dikgaisano tse di sa dirweng ka tsela e e lekalekaneng fa go le maswe thata di ka felela le e leng ka dintwa le loso. Ela tlhoko se se diragetseng fa banna ba ga Saulo le ba ga Dafite ba ne ba kopane kwa Gibeone, fa Abenere le Joabe ba ne ba dumalana gore “makau a nanoge, a tshameke fa pele ga [bone].” (2 Samuele 2:14-32) Seno go lebega e ne e le dikgaisano tsa go kampana ga mofuta mongwe. Go sa kgathalesege gore e ne e le kgaisano ya eng, ka bonakonyana e ne ya felela e le ntwa e e maswe thata e go neng ga tshololwa madi mo go yone.
Pono e e Lekalekaneng
Metshameko e tshwanetse go lapolosa—e seng go tlogela motho a tshwenyegile mo maikutlong. Re ka fitlhelela seno ka go leba dilo ka fa di ntseng ka teng, re ntse re gakologelwa gore tsela e re leng botlhokwa ka yone mo Modimong le mo bathong ba bangwe ga e amane gope le bothakga jwa rona mo metshamekong.
Go tla bo go se botlhale go letla maikutlo a go rata go nna kwa godimo ga ba bangwe gore a nne mo go rona ka ntlha ya bokgoni jwa mmele kana jwa tlhaloganyo. Ka jalo a re tileng mokgwa wa lefatshe o o sa tshwanelang wa go batla go itsege, gongwe re tloga re dira gore ba bangwe ba re fufegele, lorato ga lo ke lo ikgantsha. (1 Bakorinthe 13:4; 1 Petere 2:1) Lefa gone re ka lebelela gore batshameki ba ba mo letlhakoreng le le lengwe ba ka itumelela mme ba akgolana ba le matlhagatlhaga, ga re batle gore maikutlo a rona a se ka a laolesega mme ra bo re simolola go ikgantsha.
Ga re kake le ka motlha ra lekanya gore batho ba botlhokwa ka bokgoni jwa bone mo metshamekong. Ka tsela e e tshwanang, ga re kake ra itseela kwa tlase ka go bo re sena bokgoni jo bo lekaneng. A seo se raya gore go tla bo go le phoso go bala dino? Ga go reye jalo. Mme re tshwanetse go gakologelwa gore tota motshameko mongwe le mongwe ga o botlhokwa le e seng—go nna botlhokwa ga mmatota ga batho ga go lekanyediwe ka gore ba tshameka sentle go le kana kang. Fa go tshamekiwa ka ditlhopha, ditlhopha tse dingwe di fetola tsela e di tswakantseng batshameki ba tsone ka yone gantsinyana gore go se ka ga fenya setlhopha sepe se le sengwe fela nako le nako.
Bakeresete ba tshwanetse go nna ba gakologetswe gore lefa gone metshameko e umakiwa mo Baebeleng, ga e umakiwe gantsi. Go tla bo go le phoso go konela ka gore go bo metshameko e umakiwa mo Baebeleng go raya gore metshameko yotlhe e a amogelwa. (Bapisa 1 Bakorinthe 9:26 le Pesalema 11:5.) Gape Paulo o ne a bolela gore “go tshikinya mmele go molemo mokhutshwane; mme poifomodimo e molemo ka ga dilo tsotlhe.”—1 Timotheo 4:8.
Ka jalo metshameko fa e tshamekiwa ka tshwanelo, e monate e bile e a lapolosa. Baebele ga e kgale kgaisano ya mefuta yotlhe, mme e kgala e e tsosang boikgantsho, dikgaisano, bopelotshetlha, mafufa kana go dirisa dikgoka.