LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 4/8 ts. 26-29
  • “Ke Ne Ka Lela Ka Ntlha ya go Itumela”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Ne Ka Lela Ka Ntlha ya go Itumela”
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Jehofa Eleruri O Kutlwelobotlhoko Ebile O Amega Ka Tsela E E Boteng Ka Ba Bangwe”
  • “Ke Ikutlwa Gore Botshelo Bo Na Le Mosola Jaanong”
  • “Ke Gologile”
  • “Ke Rarabologetswe Ka Ponyo ya Leitlho!”
  • “Bangwe Ba Kgona go Lebala, Ba Bangwe Bone Ga Ba Kgone”
  • Go Lebana le Bothata Jaaka Bo Ntse
  • Makwalo A A Tswang Kwa Balebeding
  • ‘Nako ya go Fola’
    Tsogang!—1991
  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
    Tsogang!—1991
  • Go Bontsha Lorato le go Diragatsa Tshiamiso fa go Dirilwe Boleo jo bo Masisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Thibelo mo Legaeng
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 4/8 ts. 26-29

“Ke Ne Ka Lela Ka Ntlha ya go Itumela”

Batho Ba Ba Balang Makasine Ono Ba Tlhalosa Kanaanelo ya Bone E E Boteng ya Setlhogo Se Se Reng “Go Fodisa Dintho Tse Di Bakilweng Ke go Sotliwa Fa O Ne O Sale Ngwana”

MOTSELETSELE wa bosheng jaana wa ditlhogo tse di mo makasineng wa Tsogang! o ne wa tlhotlheletsa batho ba le bantsi bao ba balang makasine ono go tswa mo lefatsheng lotlhe gore ba tlhalose kanaanelo ya bone e e tswang pelong malebana le motseletsele wa setlhogo se se ka fa ntle se se reng “Go Fodisa Dintho Tse Di Bakilweng ke go Sotliwa Fa O Ne O Sale Ngwana” se se mo go Tsogang! ya October 8, 1991. Tsela eo ba ileng ba arabela ka yone e ile ya bontsha gore dintlha tseno tseo di rulagantsweng ka kelotlhoko di fitlheletse boikaelelo jwa tsone, joo bo neng bo na le dikarolo di le tharo: (1) go utlwela botlhoko batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo le go dira gore ba nne le tsholofelo; (2) go tlhagisa batsadi gore ba tle ba nne ba ntse ba thantse malebana le go sireletsega ga bana ba bone; (3) go thusa bagolwane bao ba thusang batho bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno gore ba tle ba nne le kitso e e botoka e le gore ba tle ba kgone go thusa batho bano ka tsela e ba tla solegelwang molemo ka yone.—Diane 21:13; bapisa 27:23.

Setlhogo seo se neng sa boelediwa ke batho ba le bantsi ba ba balang makasine ono botlhe ba ne ba dira kakgelo eno mo go sone e e reng: “Ga ke bolo go nna ke anaanela go bo ke le yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, kanaanelo ya me le lorato lwa me mo go Jehofa le mo go ‘motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale’ (Mathaio 24:45-47) di ile tsa oketsega ka tsela e e boitshegang morago ga fa ke sena go bala tokololo ya Tsogang! ya October 8, 1991.”

“Jehofa Eleruri O Kutlwelobotlhoko Ebile O Amega Ka Tsela E E Boteng Ka Ba Bangwe”

Batho ba le bantsi thata ba ne ba bontsha gore ba lebogela karolo e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe ya ditlhogo tseno: e leng karolo e e bontshang gore Modimo o a reetsa, o amega ka rona, o a itse gore motho yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae o ne a se molato, le gore ene Modimo, a ka kgona go dira gore motho a fole. Motho mongwe yo o balang makasine ono o tlhalosa jaana: “Ke lo leboga go tswa botennyeng jwa pelo ya me ke lo lebogela Tsogang! eno ya October 8. Ditlhogo tseo lo di kwadileng tseno di nthusitse ka go mpontsha gore tota Jehofa o kutlwelobotlhoko le gore o amega ka tsela e e boteng ka ba bangwe.”—Borithane.

Mmè mongwe o kwala jaana: “Dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng ke ne ke batla go lo kopa gore lo kwale ka kgang e e malebana le go fodisa dintho tse di bakilweng ke go sotliwa fa o ne o sale ngwana. Ga ke a ka ka lo kwalela mme go na le moo ke ne ka rapelela seno mo go Jehofa. Ka gone, lo ka akanya fela gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke itumetse thata jaana ka nako ya fa ke ne ke bona setlhogo se se ka fa ntle sa tokololo ya October 8. Ke ne ka thubega ka selelo, mme ka leboga Modimo wa rona yo o lorato ebong Jehofa, go tswa botennyeng jwa pelo ya me.”—Greece.

Yo mongwe o bolela jaana: “Ke lela sa mahutsana ka nako ya fa ke akanya ka ga seo se neng se tshwanetse go ntiragalela. Ke ka ntlha ya moo ke badileng motseletsele wa ditlhogo tseno ka kelotlhoko e kgolo thata eleng ditlhogo tseo di leng malebana le ‘Go Fodisa Dintho Tse Di Bakilweng ke go Sotliwa Fa O Ne O Sale Ngwana,’ tseo ke di fitlhetseng di le mosola ka mo go boitshegang. Di bontsha ka phepafalo gore lo amega ka tsela e e lorato ka bao ba ileng ba tshwanelwa ke gore ba boge dilo tse di ntseng jalo mo matshelong a bone.”—Italy.

Ba le bantsi ba ile ba bontsha boikutlo jono: “Ke leboga Jehofa go bo a re file tshedimosetso eno, tseno ke ditlhogo tseo di di gaisang tsotlhe tseo ke kileng ka tsamaya ka di bala mo kgannyeng eno. Ke rapelela gore seno se se ka sa thusa fela batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo (bao ba santseng ba tshela) mme gore gape se thuse bao ba kileng ba nna le poifo e e sa siamang ya go tshaba go bua le ba bangwe ka kgang eno le go fitlhela go le thata go bua ka yone.”—United States.

“Ke Ikutlwa Gore Botshelo Bo Na Le Mosola Jaanong”

Mmè mongwe yoo morwadie a neng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae o ne a ise a bo a kgone go lebana le bothata jono jwa go sotlwa goo ga ngwana. “Mme lefa go ntse jalo ditlhogo tseo lo di kwadileng tseno di mpontshitse ka fa nka lebanang le bothata jono ka gone,” o ne a tlhalosa jalo. “Ke feditse dikgwedi di le 11 ke alafiwa beke nngwe le nngwe ka kalafi eo mo go yone go sa dirisiweng diokobatsi ke alafelwa go tlhobaela, go garoga pelo, le go tshwenyega thata mo maikutlong. Ditlhogo tseo di nthusitse thata go gaisa kalafi yotlhe e e leng teng mo lefatsheng eo mo go yone go sa dirisiweng diokobatsi! Ke ikutlwa gore botshelo bo na le mosola jaanong, le mororo pele ga fa ke bala tokololo eno, ke ne ke santse ke ikutlwa ke le molato ka ntlha ya sengwe seo ke neng ke sa kake ka kgona go se thibela.”—Borithane.

Ba le bantsi ba ne ba bolela gore tshedimosetso eno e ne ya lere phetogo e e botlhokwa thata mo matshelong a bone: “Ga ke na mafoko a a lekaneng go lo lebogela ditlhogo tseno tseo lo di kwadileng. Di ne tsa goroga ka nako ya fa ke ne ke batla ke tshwenyegile thata ka tsela eo ke ka se kang ka e lebala. Ka malatsi mangwe ke ne ke tle ke ikudupanye ke bo ke lela sa masisa pelo. Ke lebogela ditlhogo tseno, tseo ke di badileng ka bo ka nna ka di bala gape, ke kgona go bona gore bohutsana jwa me, le bohutsana jwa batho ba bangwe botlhe, bo botlhokwa mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe. Tshedimosetso eno e ntirile gore ke eletse go simolola go fola. Ke setse ke ikutlwa gape gore ke gaufi le Jehofa.”—United States.

Lefa go ntse jalo go sotla bana ka go tlhakanela dikobo nabo ga se bothata jwa kwa Mafatsheng a Bophirima fela, jaaka fa sekai seno se bontsha: “Ka nako ya fa ke ne ke amogela tokololo ya October 8 e e buang ka go sotliwa ka nako ya fa o ne o sa le ngwana, ke ne ka e bala ke sa tlhole ke re ka moso. Ke ne ka tsaya lobaka lo loleele thata ke bala ditlhogo tseno ka ntlha ya bothata jwa go leba ditlhaka matlho a me a sekile dikeledi! Maikutlo a me le mogopolo wa me di ne di ganelela fela thata mo ditlhogong tseno. Jaanong ke ikutlwa ke itumetse go bo go na le mongwe yo o kutlwelobotlhoko jaana. Ke ne ka kgothatsega fa ke bona ka fa Jehofa ka bopelonomi a thusang ka gone batho bao go boga ga bone go sa bonweng ke batho ba bangwe. Ruri ke itumeletse go bo lo gatisitse ditlhogo tseno. Ke tla tswelela pele ke dirisa seo se kwadilweng mo ditlhogong tseno gore ke fodise dintho tsa me. Ka lorato le ditebogo tse di boteng tseo ke sa kgoneng go di tlhalosa ka mafoko.”—Japane.

Yo mongwe o kwala jaana: “Ke ntse ke lwantshana le dintho tse di sa bonaleng tsa maikutlo tseo di bakilweng ke go sotliwa fa ke ne ke sale ngwana mo botshelong jotlhe jwa me. Ka nako ya fa ke ne ke amogela makasine wa October 8, ke ne ka lemoga gore Jehofa o itse seo re se tlhokang le e leng pele ga fa rona re ka se itse le gore tota o a re rata. Ke ne ke sa kgone go bona sentle ka ntlha ya dikeledi tseo di neng di tshologa go tswa mo matlhong a me, ebile ke ne ka utlwa ekete pelo ya me e ne e le gaufi le go phatloga ka ntlha ya go rata le go anaanela Rraarona yo o lorato wa selegodimo. Tokololo eno ya October 8 ke makasine oo ke tla o ngomaelang ‘go fitlhelela dilo tsa pele di se kitla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong.’”(Isaia 65:17)—United States.

“Ke Gologile”

Mmè mongwe yoo ka metlha a neng a nna a tshwenyegile thata mo botshelong jwa gagwe o kwala jaana: “Ke lo lebogela ditlhogo tseno tseo lo di kwadileng tseo di buang ka go sotliwa ka nako ya fa o ne o sa le ngwana. Ke ne ka bo ka feleletsa ke gologile, ke le dingwaga di le 53! Selo seo se neng sa nkgolola mo mathateng ano e ne e le polelo e e bontshang gore batho ba babotlana bano bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ‘ga ba na maatla a go iphemela ka nako ya fa ba tshosediwa, ka gone Modimo ga o ba lebe jaaka bao ba leng molato.’” Go bala Tsogang! ya October 8 le go tlhaloganya gore, jaaka fa makasine oo o ne wa tlhalosa, “E NE E SE MOLATO WA GAGO!” go mo thusitse gore a dirise setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu mo go simololeng mokgwa wa gagwe wa go fola.—Borithane.

Mmè yo mongwe o bolela jaana: “Ke ne ka nna ka sotlwa ka gore go tlhakanelwe dikobo le nna gangwe le gape go simolola ka nako ya fa ke ne ke sa le monnye go fitlhelela mo dingwageng tsa me tsa ntlha kwa sekolong se sepotlana. Jaaka fa go umakilwe mo ditlhogong tseno, ke ne ke na le go itebatsa tsotlhe tseo di neng tsa ntiragalela. Lefa go ntse jalo, ke ne ka nna ka gakologelwa dilo tseno. Ka metlha ke ne ke ipolelela jaana: ‘Ke motho yo o leswe tota. Jehofa ga a kake a bo a nkamogela.’ Ka gone ke ne ke aga ke rapela Modimo jaana: ‘O ka nna wa se ka wa ntetla go nna mo Paradaiseng, mme lefa go ntse jalo ka tsweetswee ntetle gore bobotlana ke nne mo teng ga phuthego ya gago go fitlhelela ke swa.’ Seno ke ka ntlha ya go akanya, jaaka batho bao ba umakilweng mo ditlhogong tseno bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo, gore tota ga ke phepa ka mo go lekaneng go nna mo Bogosing jwa Modimo le gore ke tlile go swa ka Hara–Magedona. Go ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong le go ikutlwa ke se motho wa sepe go ne go nja moo e neng ekete ke ne nka re lefatshe fatoga ke tsene. Ka gone, dilo tseo di kwadilweng mo ditlhogong tseno, tseo di neng di bontsha kutlwelobotlhoko le bopelonomi fela thata, di nthusitse eletota. Ke a re ke ne ke tshologa dikeledi mo matlhong a me jaaka fa ke ne ke di bala.”—Japane.

Mmè yo mongwe o kwala jaana: “Ke batla go lo lebogela ditlhogo tseno tseo lo di kwadileng tseo di bontshang go amega ka batho ba bangwe ebile e le ditlhogo tseo lo dirileng patlisiso e e tseneletseng malebana le tsone. Ka dingwaga di le dintsi, go utlwisiwa botlhoko ke go sotliwa ga bana ka go tlhakanela dikobo nabo go ile ga tlhakatlhakanya maikutlo a me fela thata. Go motlhofo gore batho ba le bantsi ba utlwele batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo botlhoko le bao ba ileng ba amiwa ke diphelelo tse di hutsafatsang tsa ntwa le ke tlhakatlhakano ya sepolotiki. Re utlwela batho bao ba falotseng mo Matlhotlhapelong a Bonazi botlhoko. Go motlhofo go tlhaloganya bosula joo bo dirwang ke batho bao re sa ba itseng. Lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa bangwe ba sa bo tlhaloganye ka nako ya fa bao ba bo dirang e le borraarona ka namana, bommaarona, bomalomaarona, bokgaitsadiaarona, bomogoloaarona—e leng bao ba neng ba tshwanetse go re gomotsa, go re tlhokomela, le go re sireletsa? Ke bone ka fa seno se neng sa nkama ka gone ka ba ka itemogela kafa go ngomoga pelo go tlhakatlhakanyang motho ka gone. Ka nako ya fa ke ntse ke fola, e ntse e le Rre wa me wa semoya ebong Jehofa, yoo gangwe le gape a ntseng a ntira gore ke ikutlwe ke le botoka ka nako ya fa ke tlhakatlhakane jalo, a ntshireletsa gore ke se ka ka koafalela ruri.”—United States.

“Ke Rarabologetswe Ka Ponyo ya Leitlho!”

Mmè mongwe yo o bolelang gore o ne a fetsa dingwaga di le 28 tse ditelele a ikutlwa e kete o latlhegile o ne a kwala jaana: “Ke ne ka bala ditlhogo tseno tsotlhe fela mo maitsiboeng ao ke amogetseng tokololo eno ka one mme ke ne ka lela ka gonne ke ne ke tseegile maikutlo fela thata ebile ke itumetse. Ke itumetse tota go itse gore Jehofa o tlhaloganya ka phepafalo eletota kafa ke ikutlwang ka teng. Ke ikutlwa jaaka e kete ke rarabologetswe ka ponyo ya leitlho! Ereka ditlhogo tseno di gatelela gore bana bao ba leng mo boemong joo ga ba na boikarabelo bope jwa seo se diregang, ke a lemoga gore gotlhelele ga ke na lebaka lepe la go ikgoba. Ruri ga ke tlhole ke tshwenyega mo mogopolong.” O ne a tlhotlheletsega mo pelong gore a dirise Lefoko la Modimo gore le mo thuse go fola.—Japane.

Go betelela bana ke bothata jo bo leng gone le kwa dinageng tse di tlhabologang, jaaka fa re bona seno mo karabelong e e tshwanang eno e e tswang kwa Aferika: “Ditlhogo tseno di ne tsa goroga ka nako eo ka yone ke neng ke di tlhoka fela thata. Abo go usa pelo jang ne go bala dipolelo tse di ntseng jaaka e e reng, ‘tlhomamisega gore go na le tsholofelo ya gore o ka fola’ le e e reng, ‘E NE E SE MOLATO WA GAGO!’ Jaaka fa ke ne ke ntse ke bala ditlhogo tseno, ke ne ka ikutlwa ke bolokesegile ebile ke gomotsegile eletota, e le lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa me ke ikutlwa jalo. Di ne tsa lere kgomotso ya mmatota mo mogopolong wa me, mo moweng, le mo mmeleng wa me. Jaanong ke tla nna le nonofo ya go tsaya dikgato tsa gore ke fole ka botlalo.”—Nigeria.

Mmè yo mongwe o kwala jaana: “Ga ke kgone go tlhalosa kanaanelo ya me le kafa ke neng ka ikutlwa ka gone morago ga fa ke sena go bala Tsogang! ya October 8 e e buang ka go sotliwa ka nako ya fa o ne o sale ngwana. Matlho a me a ne a itsheka dikeledi jaaka fa ke ne ke ntse ke bala serapa sengwe le sengwe, tsebe nngwe le nngwe, lekwalo lengwe le lengwe mo go yone. E ne ya kwalwa ka kamego e e boteng eletota, ka bopelonomi le ka lorato. Jaaka motho yo o ileng a sotlwa ka gore go tlhakanelwe dikobo le nna, ke ntse ke aga ke lwantshana le maikutlo a me le mahutsana ao ke nang nao. Jaanong ke ikutlwa gore kutlobotlhoko eo e ntseng e nkimela e fokotsegile. Ke kgona go dira gore ke simolole go fola ke dira jalo ke thusiwa ke ditlhogo tseo lo di kwadileng ebile ke thusiwa le ke tsala e e ikanyegang, e e pelotelele eo e ntheetsang e bo e ntshegetsa.” A dirisa tirelo ya boperisiti eo e dirwang ke Morwawe, Modimo wa bopelonomi jotlhe jo bo sa re tshwaneleng o “tiisa” le go “thatahatsa” batho ba le bantsi ba ba ntseng jalo bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo. (1 Petere 5:6-11)—United States.

Motho mongwe yo o ileng a sotlwa ke mongwe wa losika ka go tlhakanela dikobo nae o ne a tshwenyegile fela thata mo maikutlong moo e leng gore o ne a bo a leka go ipolaya ka go fisa karatšhe a itswaletse mo teng ga yone. O ne a falodisiwa mo go yone mme a ya go robadiwa kwa bookelong. O ne a tlisediwa tokololo ya October 8 ka bonako fela fa e sena go tswa. O ne a lela fela thata ka nako ya fa a ne a e bala, mme morago ga moo a boeletsa ditlhogo tseno gangwe le gape gore di tle di mo tshegetse, di mo thuse go fenya maikutlo ano a go batla go ipolaya. Tsala ya gagwe eo e neng ya mo thusa thata e ne ya kwala jaana: “Ka dinako tse dingwe ke akanya gore makasine wa Tsogang! o tshwanetse wa newa leina le lengwe le le reng Go Lebana le Mathata ka gonne ke seo tota o re thusang go se dira.”—United States.

“Bangwe Ba Kgona go Lebala, Ba Bangwe Bone Ga Ba Kgone”

Motho mongwe yo o nang le kanaanelo yo o balang makasine ono o bolela jaana: “Ditlhogo tseno tse di buang ka go sotliwa fa o ne o sale ngwana di na le tshedimosetso e e lekalekaneng eletota. Ke anaanela dikwalo tseo di dirisitsweng mo go tsone. Lo kwadile ditlhogo tseno sentle fela thata moo e leng gore ke ne ke ka lo akgolela seno mo serapeng sengwe le sengwe. Ke itumelela go bo lo bontshitse gore le mororo bangwe ba kgona go lebala, bangwe bone ga ba kgone. Ke na le dingwaga di le tharo ke ntse ke bona mo mogopolong wa me dilo tseo di neng tsa diragala mo nakong e e fetileng le go nna le ditlhabi mo mmeleng tseo dingwe le dingwe tsa tsone di tsosiwang ke sengwe le sengwe seo ke se gakologelwang. Lefa go ntse jalo motho o nna botoka ka go ithuta go lebana le dilo tseno tsa nako e e fetileng tseo di tlang gape mo mogopolong. Ke bowa gape ke lo lebogela motseletsele wa ditlhogo tse di ntseng jalo tseo tshedimosetso e e mo go tsone e lekalekantsweng ka tsela e e molemo jaana.” (United States) Ditlhogo tseno tseo di theilweng mo Dikwalong di thusitse motho yono yo o ileng a sotlwa, mmogo le ba bangwe ba bantsi, gore ba bowe gape ba itumele mo dilong tsa semoya tseo Jehofa a re di fileng.—Bafilipi 4:4-9.

“Ke na le dingwaga di le dintsi ke bala makasine wa Tsogang!,” mmè mongwe o kwala jalo. “Lefa go ntse jalo, ga ke ise ke bo ke tsamaye ke tsewe maikutlo thata jaana ke setlhogo go gaisa motseletsele wa ditlhogo tseo di leng mo makasineng ono o o nang le setlhogo se se reng ‘Go Fodisa Dintho Tse Di Bakilweng ke go Sotliwa Fa O Ne O Sale Ngwana.’ Eno ke kgang e e thata go ka bua ka yone, mme lefa go ntse jalo lo e kwadile ka tsela e e botlhale le e e bontshang bopelonomi. Nna ka bonna jaaka motho yo ke ileng ka sotlwa ka nako ya fa ke ne ke sale ngwana, kgang eno e nthusitse ya bo ya nkgomotsa fela thata. Ke tla boloka makasine ono e le gore ke tle ke nne ke o boeletse gangwe le gape. Ruri ga ke na mafoko a a lekaneng go lo lebogela nako, matsapa, temogo, mme go di feta tsotlhe lorato loo lo le bontshitseng mo go bao ba bogang ka setu.”—United States.

Go Lebana le Bothata Jaaka Bo Ntse

Go itshupile go le mosola fela thata mo bathong bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo bao ba sa kgoneng go lebala dilo tse di bosula tseo ba di diretsweng gore ba letlwe go buisana le mogolwane yo o kutlwelobotlhoko, ba lebane le bothata fela jaaka bo ntse, ba bone kafa Jehofa a lebang kgang eno ka gone, le go lebana nayo go ya ka Dikwalo e le gore ba tle ba fole ka thuso ya maatla a thekololo ya ga Jesu. Mmè mongwe o tlhalosa jaana malebana le seno:

“Tota ga ke kgone go tlhalosa kafa ditlhogo tseno di tlileng ka nako e e tshwanetseng ka gone. Ruri ke ne ke sa kgone go dumela kafa tshedimosetso eno e neng e opa kgomo lonaka ka gone. Ke na le dingwaga di le 20 ke boga bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong le jwa go tshwarelwa ke tlala ruri, ke batlana le thuso le ditharabololo tsa mathata ano gongwe le gongwe: dingaka tsa malwetsi a tlhaloganyo, baithutaboboko, dingaka tsa kalafi, setlhopa seo mo go sone mongwe le mongwe a bolelelang ba bangwe ka mathata a gagwe ka namana, ditliliniki tseo di thusang bao ba batlang go fokotsa boima jwa mebele ya bone—dilo tsotlhe tseno ga di a ka tsa nthusa ka sepe.

“Mme jaanong ke bona thuso ka tshedimosetso e e ntseng jaaka eo e fitlhelwang mo tokololong eno ya October 8. Thuso eno e batlega ka bonakonako. Ga ke kgone go tlhalosa kafa ke ikutlwang ke feletswe ke tsholofelo ka gone ka dinako tse dingwe, eleng seo se mphekeetsang fela thata moo e leng gore loso le ne le tle le lebege e le lone tharabololo. Mme jaanong ke kgona go bona gore seo se neng sa ntiragalela ka nako ya fa ke ne ke sale ngwana e ne e se molato wa me, gore Modimo ga a akanye gore ke leswe. Ke nna ke neng ke sotlwa. Ka ntlha ya tshedimosetso e e ntseng jaaka eno, ke a lemoga gore tota Jehofa o amega ka nna, gore nka mo ikanya. Morago ga dingwaga di le 33 ke ntse ke tshela, ke utlwa moya wa ga Jehofa o simolola go notlolola dikeetane tsa kgolegelo. Ke lo lebogela go bo lo re rata thata jaana moo lo tsereng matsapa a gore lo tsenye tshedimosetso eno mo sekalejwaneng le le ntseng jalo le lentle leo le tlhokegang jaaka makasine ono wa Tsogang! Tsweetswee tswelelang pele lo gatisa ditlhogo tsa mofuta ono le tse dingwe, ereka di le botlhokwa thata mo bomoyeng jwa rona.”

Lekwalo le le latelang le le tswang kwa go rre mongwe le sobokanya boikutlo joo ba le bantsi ba nang najo. O ile a bogisiwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga tse di fetang 50 ka go bo a ile a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae ka nako ya fa a ne a sale ngwana. O bolela jaana: “Tsela eo Jehofa a re tlhokomelang ka lorato ka yone a dirisa phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng ga e ke khutla go re gakgamatsa le go re tlhotlheletsa gore ka metlha re ineele mo go ene ka tsela e e boteng le go mo ikanya. Morago ga gore ke ithute tshedimosetso e e mo go Tsogang! ya October 8, 1991 ka kelotlhoko e e buang ka go sotliwa ka nako ya fa o ne o sale ngwana, ke ne ka lela ka ntlha ya go itumela ka ba ka opelela Jehofa, lefika le kago ya phemelo, botshabelo jwa rona dipina ke sa kgaotse. Tswelelang pele lo gatisa ditlhogo tse di ntseng jalo, bakaulengwe. Jehofa o lo dirisa ka ditsela tseo lo ka se keng lwa ba lwa kgona go di tlhaloganya.”

Makwalo A A Tswang Kwa Balebeding

Lekwalo le le kgatlhang ke leno le le tswang kwa molebeding mongwe yo o etang yo o tlhokomelang tiro ya diphuthego di le mmalwa tsa Basupi ba ga Jehofa:

“Ke lo lebogela makasine wa Tsogang! ya October 8 e e buang ka ‘Go Fodisa Dintho Tse Di Bakilweng ke go Sotliwa Fa O Ne O Sale Ngwana.’ Go ne ga neelwa tshedimosetso e e molemolemo mo go tsone eo re e tlhokang eletota. Ditlhogo tseno di ne di opa kgomo lonaka eletota. Ke tlhokometse gangwe le gape gore batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba na le nako eo mo go yone go leng thata tota go ka nna le kamano le Jehofa jaaka Rre yo o lorato. Ka nako ya fa ke bona bothata jono, ke ba botsa jaana ka tsela e e botlhale, ‘A o ile wa se ka wa tshwarwa sentle ka nako ya fa o ne o sale ngwana?’ Gantsi fa ke ba botsa jalo, karabo ya bone ke ee! Mo mabakeng otlhe ao mo go one motho a neng a kgona go lemoga kafa go sotliwa ga gagwe ka go tlhakanela dikobo nae go tsamaisanang ka gone le tsela eo go tshwenyega ga bone ga jaanong jaana mo maikutlong kana go tlhakatlhakana ga bone mo maikutlong go ba amang ka gone, ba ne ba simolola go nna botoka.”

Kakgelo e khutshwanyane eno e e dirilweng ke mogolwane yo mongwe e sobokanya kafa bagolwane ba le bantsi ba ikutlwang ka gone: “Tokololo ya October 8 e e buang ka go sotliwa ka nako ya fa o ne o sale ngwana e ne e le molemolemo ebile e tlhokega. Jaaka bagolwane mo diphuthegong, re tlhoka go itse go le gontsi ka moo re ka kgonang ka gone ka mathata ano e le gore re tle re bontshe kamego le bopelotelele tseo batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba di tlhokang. Jaaka fa tsamaiso eno e ntse e nnela maswe go ya pele jaana, mefuta ya mathata ano e fetoga go nna e e atang le go feta. Ke boa gape ke lo lebogela thuso eno.”

Go amogela makwalo a a ntseng jalo go re itumedisitse fela thata. Go simolola go lemoga ka botlalo gore ‘e ne e se molato wa bone,’ le ka ntlha ya maatla a a fetolang motho a Lefoko la Modimo, batho ba ba ntseng jalo bao ba ileng ba sotlwa ka nako ya fa ba ne ba sale bana ba kgona go lebana le dilo tseo di sa itumediseng tseo ba di gakologelwang. Ba itumela mo tsholofelong e e kwa pele, ka tsholofelo ya gore mo lefatsheng le lesha la Modimo, “dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.” (Isaia 65:17; Baroma 12:12) Le eleng gone jaanong jaana, ka thuso ya maatla a a fodisang a madi a ga Jesu, ba na le boemo jo bo molemo le Modimo. (Bahebera 9:14) Ebile ba tlhoka gore ba ye mo bagolwaneng go senka thuso. Bagolwane ba ka nna jaaka “boipotelecō mo phehoñ” mo go bao ba tlhokang thuso, ba bua le bone ka tsela e e gomotsang le go rapela le bone. (Isaia 32:2; 1 Bathesalonia 5:14; Yakobe 5:14, 15) Ka gone, batho botlhe bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba ka thusiwa gore ba gatele pele le go bona boitumelo mo ditirong tsotlhe tseo di dirwang mo phuthegong ya Bokeresete.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela