Maemo A AIDS A Maswe Go Le Kana Kang Mo Afrika?
Ka mokwaledi wa Tsogang! mo Afrika
OTSHWANETSE wa bo o utlwile ka ga diponelopele. E ne e le tse di garolang pelo. Dimilione mo kontinenteng ya Afrika di tla tshwarwa ke AIDS. Tsamaiso ya mmele ya twantsho ya malwetsi e tla phutlama, e tlogela thulaganyo ya mmele ya go itshireletsa kgatlhanong le malwetse a a tshosang. Jaaka fa go ne go ntse ka sebetso sa bubo (bolwetsi jo bo bolayang jo bo neng bo anama ka lobelo lo logolo go tswa mo magotlong go ya mo bathong) seo se neng sa ganyaola Yuropa ka lekgolo la bo 14 la dingwaga, ka go tshwana loso le tshenyo di tla latela ka selekanyo se se iseng se ke se nne teng.
Morago ga moo go ne ga nna le go kgaotsanyana. Metswedi ya dikgang e ne e kgotsofetse, mme le batho ba ne ba setse ba lapisitswe ke diponelopele tse di tshosang tseno. A ruri go ne go tlile go nna maswe jaaka gone go begwa? Totatota seemo sa mmatota ka ga leroborobo la AIDS mo Afrika ke sefe?
“Ga go ope yo o itseng gore dipalopalo tsa mo isagweng e tla nna dife,” go rialo mmatlisisi wa AIDS Dr. Andre Spier. Lefa go le jalo ga a solofele sepe se se botoka. “Dipalo e tla nna tse di boitshegang ebile e tla nna tse di utlwisang setšhaba sotlhe botlhoko.” Ka mo go tshwanang, kwa konferenseng ya boditšhabatšhaba e e leng malebana le AIDS eo e neng e tshweretswe kwa Stockholm, Sweden, Dr. Lars Kallings o ne a bonela pele gore “mo dingwaganyaneng fela di se kae . . . [go] tla nna le go balwa go go tshosang ga ditopo jaaka ekete go balwa ditopo tsa masole ao a bolailweng mo ntweng.”
“Dingwaganyana di sekae” di setse di fetile fa esale go sena go bonelwa pele jalo. Gone jaanong bontsi jwa diponelopele tseno di nna fela jaaka di boletswe. Seo pele e neng e le dipalopalo fela jaanong se simolola go fetoga dipalo tsa mmatota tsa bao ba suleng. Mme dikgolo di santse di tla.
Ba Ba Suleng le Ba Ba Swang
Dikarolo di le dintsi tseo di welang ka fa tlase ga karolo ya Afrika ya Sahara di ile tsa aparelwa ke dintsho tse di boitshegang le tshenyegelo. “Mo metsesetoropong mengwe,” go bolela jalo pego nngwe ya bosheng jaana mo makasineng wa boitseanape e leng Nature, “AIDS ke yone e di gogang kwa pele mo go bakeng dintsho tsa batho ba ba godileng ebile ke nngwe ya dilo tse di bakang dintsho tsa masea.” Mo toropong nngwe ya Afrika, baruti ba lebagane le bothata jwa go itshokela go tsamaisa dipalopalo tsa dithulaganyo tsa phitlho tsa batho bao dintsho tsa bona di amanang le AIDS.
Ka October 1991 baeteledipele ba dipuso tsa Kgweranoditšhaba bao ba neng ba kopane kwa Harare, Zimbabwe, ba ne ba neelwa setlankana seo se neng se sedimosa ka AIDS mo Afrika. Go ne ga sedimosiwa gore magareng a diperesente di le 50 le 80 tsa malao otlhe kwa dikokelong tsa dinaga dingwe tsa Afrika bosheng jaana mo diperesenteng tseo tsa malao go ne go robetse balwetsi ba AIDS fela. Malebana le Uganda eo e amilweng thata ke seno, ngaka e e berekanang le AIDS e leng Dr. Stan Houston o ne a tlhagisa gore AIDS e setse e bolaile batho ba bantsi mo Uganda go feta bao ba ileng ba swa go ralala dingwaga tse 15 tsa ntwa ya selegae ya naga eo.
Se sengwe gape se se tlhobaetsang ka tsela e e tshwanang le seno ke seo dingaka le baitseanape ba ileng ba se lemoga ka Abidjan, Côte d’Ivoire. Go feta nako ya dikgwedi di le mmalwa, ditopo tsotlhe kwa dimotšhwareng tsa ditoropo tse pedi tse dikgolo di ne tsa sekwasekwa. Matswela e ne ya nna afe? Makasine wa Science one o o neng o na le pego kaga seno, o ne wa tlhagisa gore go ne ga fitlhelwa gore AIDS e ne e le yone “selo se segolo seo se bakileng loso” gareng ga banna ba ba godileng kwa Abidjan. Lekwalodikgang leno le oketsa ka gore dipalo tse di tsopotsweng “di ka tswa di lebela kwa tlase dipalo tsa sebele tsa dintsho tseo di bakiwang ke go tshwaediwa ke HIV [Human Immunodeficiency Virus (mogare o o bakang AIDS)].”
Le e leng WHO (World Health Organization), eo e leng yone e tlhokometseng go anama ga bolwetsi jono, e dumalana gore dipalo tseno tse di begilweng ke lemme fela la dipalopalo tse dikgolo tsa bao ba bolawang ke bolwetsi jono. Go ya ka lekwalodikgang la New Scientist, WHO “e tlhomamesegile gore bontsi jwa dinaga tsa Afrika Botlhaba le Afrika Bogare di begile fela mo e ka nnang nngwesomeng ya ditlhogelelo tsa AIDS . . . Dipalo tseo di begiwang ke tse di sa felelang ebile ga di a tlhomama gonne ga di neelwe tlhokomelo e e tseneletseng.”
Tshwaetsego E E Iseng E Itemose
Sengwe se se tshosang thata ka AIDS ke nako e telele thata ya tshwaetsego eo e tlang pele ga matshwao a sebele a AIDS a itlhagisa. Go feta dingwaga tse di lesome, mmele wa motho yo o tshwaetsegileng o ka otla le go nna legae la HIV e e bolayang. A ka nna a lebega le go ikutlwa a itekanetse. Fa e se fela motswasetlhabelo yono a ka tlhatlhobelwa bolwetsi jono, ga a kake le ka motlha a itse gore o lebagane le go tshwarwa ke bolwetsi jono jo bo bolayang—go fitlhelela matshwao a sebele a itlhagisa! Ke ene motho yono yoo e leng karolo ya baagi yo a lebegang a itekanetse, mme gone a tshwaetsegile yo o anamisang AIDS e se ka boomo.
Diteko tsa selekanyo sa tshwaetso ya HIV di bontsha ka moo sebetso seno se se bolayang se anamang ka tsela e e gakgamatsang ka gona mo Afrika. Ka sekai, Lokwalodikgang la African Affairs le bontsha gore “karolo e e tobelaneng ka baagi go iphaphatha le Lake Victoria . . . e bega tlhagelelo e e kwa godimo ya [HIV] . . . , go tloga go diperesente di le 10 go ya go tse 18 tsa bagolo bao go tweng go nang le kgonagalo e nnye kana e e magareng ya go tshwara ke bolwetsi jono go ya go diperesente tse 67 tsa bao ba nang le palo e kgolo ya batho bao ba tlhakanelang dikobo le bone.” Ka mo go tshwanang, lokwalodikgang lwa Nature lo ne lwa fopholetsa gore “mo bathong ba ba godileng ka kakaretso, tshwaetsego e ne ya anama ka lobelo lo logolo fa esale ka 1984, e fitlha go 20-30% mo metsesetoropong eo e leng yone e amegileng thata.” Akanya fela—mo e ka nnang nngwetharong ya karolo ya bagodi ba baagi ba atlholetswe go swa mo dingwageng tse some!
Mebuso le baeteledipele, ba pele ba neng ba sa batle go tlhagisa selekanyo seo AIDS e anameng ka sone, jaanong ba simolola ba lemoga bomasisi jwa leroborobo leno. Moporesitente mongwe wa pele wa naga nngwe mo Afrika o ne a ntsha tetla ya go dira letsholo la go tlhabantshana le AIDS—morago ga gore morwa wa gagwe ka namana a swe ka ntlha ya yone. Moeteledipele mongwe wa puso o ne yare bosheng jaana a tsibosa gore go ne go na le batho ba le 500 000 bao ba tshwaeditsweng ke HIV mo nageng ya gagwe. Bontsi jwa bano ba ne ba sa itse gore ba ne ba lwala la go swa mme ba ne ba anamisa sebetso seno ka boitsholo jwa bona jo bo repileng.
“Ba Bolelele Ka Seo Se Diragetseng Mono”
Jaaka fa diperesente tsa batho bao ba amiwang ke go tshwaediwa ke HIV di ntse di tlhatlhoga di sa kgaotse jaana, palo ya bao ba feleletsang ba lwala thata le ga swa e tla oketsega mo go gakgamatsang. Ka ntlha ya seno ba tla kgaogana le khutsafalo e e seng kana ka sepe le go tlhola ba boga. Mo karolong ya molelwane o o ganyaotsweng ke AIDS wa Uganda le Tanzania, seno se ne sa diragalela Khamlua ya o dingwaga tse 59. Fa e sale ka 1987 o ne a fitlha ba le 11 ba bana ba gagwe le ditlogolwana—botlhe e le batswasetlhabelo ba AIDS. “Bolelelang lefatshe kaga dingongorego tsa me,” o ikuela jalo, a utlwisitswe botlhoko thata ke tatlhegelo eno. “Ba bolelela ka seo se diragetseng mono.”
Ka ntlha ya yone mekgwa eno eo AIDS e anamang ka yone, seo se diragaletseng Khamlua mo Afrika go na le matshosetsi a gore se ka diragalela dikarolo tse dintsi lefatshe. ‘Lefa go le jalo’ o ka nna wa botsa, ‘ke go reng fa Afrika e le yone e diragalelwang thata ke masetlapelo le pogo eno eo e amang batho?’
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 3]
Mo dinageng dingwe tse di tlhabologang, “ka 1993, AIDS e tla be e le yone selo se le sosi se segolo go feta tsotlhe seo se bakang dintsho.”—The World Today, England