AIDS Mo Afrika—Tlhagiso mo Dikarolong Tse Dingwe tsa Lefatshe!
“Fa O ratana le motho a le mongwe ngwaga le ngwaga mo dingwageng tse 6, mme le bona batho bano bao o ratanang nabo ba be ba dira jalo, e tlaare kgabagare o bo o nnile le kamano ya tlhakanelodikobo le batho ba le 45 000.” Palelelo eno e e bonolo ya ga Dr. K. E. Sapire, eo e tsopotsweng mo lekwalongdikgang la Afrika Borwa la Continuing Medical Education e bontsha kgonagalo e e boitshegang ya tshwanetsego ya AIDS mo bathong bao ba nang le boitsholo jo bo repileng.
Ka gone ke ka ntlha yang go bewa tlhokomelo thata mo Afrika?
Ke ka gonne seo se diragalang mono ke tlhagiso mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Afrika ga se yone fela lefelo leo boitsholo jo bo repileng bo tletsetletseng gona. Ke bothata jwa lefatshe ka bophara. “Morago ga seo sotlhe,” go rialo mankge mo mererong ya AIDS ebong Dr. Dennis Sifris, “motho mongwe le mongwe yo o tlhakanelang dikobo le balekane ba feta a le mongwe o itsenya mo kotsing ya go tshwaetsega.” Ka tsela e e tshwanang, go ya ka makasine wa U.S.News & World Report, go ya ka maitsholo a gompieno “lenyalo le lona ga le tlhomamise gore motho a ka tlhakanela dikobo fela le batho ba bong jo bo farologaneng le jwa gagwe—kgotsa gone gore motho a ka ikanyega go molekane wa gagwe wa lenyalo—mme ka gone e ka se nne tshireletso e e tlhomameng kgatlhanong le AIDS.”
Ke gone ka moo, ka mo go utlwalang, lekwalodikgang la African Affairs le tlhagisang gore: “Dinaga tse dingwe gape di sele le tsone di ka nna tsa nna le bothata jwa leroborobo leno.” Ditshupo tsotlhe di bontsha gore bothata jono jwa Afrika bo simolotse go anamela le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.
Ka sekai, makasine wa Newsweek o bega gore kwa Brazil ka sekai, “dipalopalo tse di golang ka lebelo le legolo tsa batho bao ba tlhakanelang dikobo le batho ba bong bo sele ba tshwaeditswe ke AIDS go tswa mo barataning mmogo nabo ba ba tshwaetsegileng.” Tirelo ya tsa boitekanelo ya naga eo e fopholetsa gore batho ba ka nna halofo ya millione ba setse ba na le mogare wa HIV. “Fa go ka se kake ga dirwa sepe ka seno,” go rialo Dr. Carlos Alberto Morais de Sá, yo e leng mokaedi wa patlisiso ya AIDS kwa Rio de Janeiroʼs Gaffrée e Guinle University Hospital, “re ile go lebaganwa ke tiragalo e e maswe thata mo boitekanelong jwa setšhaba.”
United States le yone e a tshosediwa. “Lefa dipalo tsa bao ba tshwaeditsweng e leka ntlha ya boitsholo jwa go tlhakanela dikobo le batho ba bong bo sele e le tse dipotlana,” go bega jalo makasine wa Time, “di ile tsa gola go fitlha go 40% mo ngwageng o o fetileng [1990], e le ka lobelo lo logolo go feta lefa e le leng pele.” Beke morago ga fa go sena go senolwa gore rramabelo yo o etsegeng Magic Johnson o tshwerwe ke AIDS ka ntlha ya boitsholo jwa tlhakanelodikobo le batho ba bong bo sele, mela ya megala ya ditirelo tsa kalafi e ne e kgobelelane ka megala eo e neng e tsena e tswa ya batho bao ba neng ba tsenwe ke tsebetsebe ba kopa tshedimosetso e e oketsegileng malebana le bolwetsi jono.
Maemo kwa Asia a bontsha se se tshwanang ka ga masetlapelo ao a tla tlogang a diragala koo. Karolo eo ya lefatshe e itemogetse koketsego mo bathong bao ba nang le HIV go tloga go mo e ka nnang lefela ka 1988 go fitlha go batho ba feta milione gone jaanong! “Selekano sa batho bao ba tshwaetsegileng mo Afrika go lebega se le sebotlana fa se bapisiwa le seo,” Dr. Jim McDermott o ne a bonela dilo pele jalo, fa a ne a bega morago ga patlisiso ya go sekaseka maemo mo Asia. O oketsa jaana: “Ke tlhomamisega gore Asia e tla nna lengwe la mafelo ao a santseng a ipotlile a a tlileng go nna le palo e kgolo thata ya batswasetlhabelo ba leroborobo la lefatshe ka bophara la Aids.”
Ga go thuse sepe ebile ga go na mosola ope go rwesa kontinente nngwe kgotsa setšhaba sengwe molato kaga gore AIDS e simologile mo go bona le gore e anamisiwa ke bone. Dr. June Osborn, yo e leng motlhokomedi wa maitsholo a baithuti mo Sekolong sa Boitekanelo jwa Setšhaba kwa Yunibesiting ya Michigan, U.S.A., o ne a baa kgang ka phepafalo jaana: “Ga se kgang ya gore o mang mme ke kgang ya gore ke eng seo o se dirang.”
A AIDS e tla tswelela ka masetlapelo a yona gongwe le gongwe? A go na le tharabololo, kgotsa a kgabagare AIDS e tla lalaanya batho ba dikarolo tse dintsi tsa kontinente ya Afrika le ba dikarolo tse dingwe tsa lefatshe?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
WHO photo by H. Anenden; background: NASA photo