Go Batlisisa ka Seo Se Bakang Bolwetsi Jono
GO NE ga tsaya dingwagangwaga gore go lemogiwe gore ke eng seo se neng se koafatsa thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi ya balwetsi ba ba tshwerweng ke AIDS, lefa go le jalo go tsaya le eleng lobaka lo loleele le go feta go ribolola gore ke eng seo se gobatsang mebele le maboko a bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS (letsapa le le tseneletseng la mmele). Lefa gone go ise go lemogiwe gore ke eng seo se bakang bolwetsi jono, batsamaisi ba tsa kalafi ba kgona go ntsha bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa bogole joo bao bo ba tshwereng ba nang le jone mo mmeleng. Totatota, bosupi jo bo ntseng jalo bo ile jwa nna jwa dirisiwa mo dikgotlatshekelo.
Medical Post ya Canada e ne ya bega gore mo kgetsing nngwe eo mongwe a neng a isitswe kwa kgotlatshekelong, bomankge ba tsa kalafi ba ne ba ntsha bosupi jo bo tshegetsang ntlha eo e neng ya ntshiwa ke mmueledi wa motho yoo ya gore kgono ya molwetsi yoo ya go dira ditshwetso e ne ya kgorelediwa ke bolwetsi jono jwa gagwe. Ka gona Moatlhodi William G. N. Egbert o ne a tlhotlheletsega go swetsa ka go re: “Bolwetsi jono bo ama karolo nngwe le nngwe ya go akanya. . . . Dikarolonyana tse dinnye tsa boboko di a gobala.”
A seno ke boammaaruri?
Go Sa Itekanelang Sentle ga Boboko
Patlisiso ya tsa kalafi e dumalana le ntlha ya gore boboko jwa balwetsi ba bolwetsi jwa CFS bo a amega. The New York Times ya January 16, 1992, e ne e na le setlhogo se se reng: “Patlisiso E Lemogile go Sa Itekanelang Sentle mo Bobokong jwa Balwetsi ba Bolwetsi jwa Letsapa Le Le Tseneletseng la Mmele.” Setlhogo seno, seo se neng se le malebana le pego nngwe eo e neng e phasaladitswe letsatsi pele ga leo mo go Annals of Internal Medicine, se ne sa akgela jaana:
“Patlisiso e kgolo go gaisa eo e dirilweng ya bolwetsi jwa letsapa la mmele le le tseneletseng e lemogile matshwao a go ruruga mo mabokong a balwetsi, eleng sesupo sa ntlha sa go sa itekanelang sentle ga tlhaloganyo goo go amanngwang le bolwetsi jo bo seng maswe go le kalo jono joo go leng thata go bo tlhalosa.” Setlhogo seno se ne sa oketsa ka gore: “Patlisiso eno ke ya bosheng fela jaana ya metseletsele ya dipatlisiso tseo di bontshang dipharologano tseo di leng teng magareng ga dilwantshamalwetsi tsa mmele le dihoromone tsa batho bao ba lwalang botlhoko jono le bao ba sa lwaleng.”
Patlisiso e nngwe gape eo e ileng ya ngoka kgatlhego ya ba le bantsi e ne ya begiwa mo tokololong ya December 1991 ya Journal of Clinical Endocrinology and Metabolism. E ne ya fitlhela matshwao a go tlhaela ga dihoromone mo dikgeletsweng tseo di dutelang dihoromone tseno ka tlhamalo mo mading mmogo le go tlhaela ga dihoromone tseno mo bobokong jwa batho ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS. Ka gona patlisiso eno e ya tlatsa bosupi jwa gore dilo tse di malebana le dikhemikale tsa mmele le dilwantsha malwetsi di tlhagisa matswao a gore motho o tshwerwe ke bolwetsi jwa CFS.
Fa a ne a direla kwa CDC (U.S. Centers for Disease Control), Dr. Walter Gunn, o ne a etelela pele dipatlisiso tse dintsi tsa balwetsi ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS. O ne a bolela gore “baitseanape bangwe ba ba nang le bokgoni ba simolola go tsenya letsogo le bone mo dipatlisisong kaga bolwetsi jwa CFS.” Lefa gone dipholo tsa dipatlisiso tseno di umaka dilo tse di farologaneng tseo di ka tswang di baka bolwetsi jono, Dr. Gunn o ne a gatelela gore: “Selo se le sengwe seo se tlholang se lemogiwa ke gore ga go ope yo o begang gore ga go na go sa itekanelang sentle goo go kopanyelediwang.”
Ke selo sefe kana dilo dife tseo e leng tsone di ka tswang di baka bolwetsi jwa CFS? A e ka tswa e le bokwanatlhoko nngwe, kana dibokwanatlhoko tseo di bo bakang? Fa e le gore go ntse jalo, ka tsela efe? Thulaganyo ya twantshomalwetsi ya mmele e amega maswe go le kana kang? Go sa direng sentle ga yone go ka feleletsa go dirile jang gore matswao a bolwetsi jwa CFS a tlhagelele mo molwetsing?
Dilo Tseo Di Ka Tswang Di Bo Baka
Patlisiso e bontsha gore dibokwanatlhoko di na le seabe mo bolwetsing jono. Lefa go le jalo ke dibokwanatlhoko dife tseo? Babatlisisi ba ile ba bolela dibokwanatlhoko di le dintsi gore ke tsone di bo bakang. “Dibokwanatlhoko [tse di nang le RNA], dibokwanatlhoko tse di nang le dipudula, dibokwanatlhoko tsa kafa gare, bokwanatlhoko ya Epstein-Barr, le bokwanatlhoko ya mofuta wa bo 6 ya hepese e e tshwarang batho, tsotlhe di ka nna tsa tswa e le tsone di bakang bolwetsi jwa CFS,” go ne ga akgela jalo The Journal of the American Medical Association ka November e e fetileng.
Ke ka tsela efe dibokwanatlhoko di ka bakang bolwetsi jwa CFS? Ga go itsewe. Lefa go le jalo, Dr. Anthony L. Komaroff, yo e leng mmatlisisi yo o tumileng wa bolwetsi jwa CFS, o ne a re: “Tsela eo seno se tlhagelelang ka yone ke mo thulaganyong ya mmele ya twantshomalwetsi eo e tlholang e dira ka dinako tsotlhe e sa ikhutse, thulaganyo ya twantshomalwetsi eo e mekamekanang le seo re ka reng ke ntwa eo e sa kgaotseng kgatlhanong le dilo tseo re ka reng e di leba jaaka matsenelela mo mmeleng.”
Thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi e e itekanetseng e mekamekana le bokwanatlhoko, kana dibokwanatlhoko tseo e leng baba ba mmele, ka go ntsha dikhemikale, tseo di bidiwang di-cytokine (eleng dikhemikale tseo di bolayang dibokwanatlhoko tse di kotsi), gore di ke di tlhabantshe dibokwanatlhoko tseno tseo e leng baba. Lefa go le jalo, fa maemo ano a tshoganyetso a sena go lolamisiwa jalo, thulaganyo eno ya mmele ya twantshomalwetsi ka tlwaelo fela e tla emisa go tlhola e tlhagisa di-cytokine. Lefa go le jalo mo bathong bao ba tswerweng ke bolwetsi jwa CFS go bonala fa thulaganyo ya bona ya twantshomalwetsi e palelwa ke go emisa gore di-cytokine di seka tsa tlhola di tswa. Go lemotshega gore, dipatlisiso tse dintsi di fitlhelela gore mo bathong bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS bothata ya bo e le go tlhagisiwa ga di-cytokine tse di ntsintsi fela.
Seno se botlhokwa thata, ka jaana e se bokwanatlhoko eo e dirang gore motho a ikutlwe a lwala fa e tsena mo mmeleng wa gagwe. O ikutlwa a lwala e le ka gonne disele tsa mmele wa gagwe di ntsha di-cytokine, tseo di ka bakang mogotelo, ditlhabi, le go nna le letsapa le legolo. Dr. William Carter, yo e leng porofesara ya tsa kalafi kwa U.S., o ne a re: “Di-cytokine di nna mo mmeleng wa motho mme di bo di simolola go mo gobatsa go fitlhelela kgabagare re mmona a nna molwetsi yo o mo diphateng tse di molelo yo a retelelwang le eleng ke go itsikinya.”
Lefa go le jalo, ke eng seo se dirang gore thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi e nne e tswelele ka go tlhagisa di-cytokine fa gone e ne e tshwanetse go emisa go tlhola e di tlhagisa? Go ya ka Dr. Jay A. Goldstein, “bokwanatlhoko eo e tshwaeditseng motho mme e ise e itemose e dirwa gore e nne matlhagatlhaga ke seo re ka reng ke sone se simololang dilo, seo se dirang gore disele tsa thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi di tlhagise [di-cytokine] tse dintsi mo go feteletseng.”
Mo godimo ga moo, go lebega gore disele tsa tlhago tseo di bolayang disele tse dingwe tseo di sa batlegeng mo mmeleng le disele tseo di nang le maatla a go kometsa masalela a disele tse di onetseng le megare, tseo e leng tsone di di gogang kwa pele mo go sireletseng mmele kgatlhanong le baba, di a fokotsega ka palo kana boleng jwa tiro ya tsone bo a ngotlega mo bathong bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS, ka ntlha ya seno thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi e koafala le go feta. Selo se segolo seo se ileng sa lemogiwa ke gore thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi ya balwetsi ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS e lebega e sa dire ka tsela e e tshwanetseng, lefa gone go na le megopolo e e farologaneng malebana le gore ke eng fa seno se diragala.
Jaaka fa go ilwe ga bolelwa mo setlhogong se se fetileng, dingaka go le gantsi di lemoga gore mo balwetsing ba bantsi go tshwenyega thata mo maikutlong ga se gone go bakang bolwetsi jwa CFS. Lefa go le jalo, mo balwetsing ba bangwe dingaka di ikutlwa gore mathata a a amang tlhaloganyo a a ntseng jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, e ka nna ya nna yone selo se se tlatseletsang mo go bakeng bolwetsi jono. Se se kgatlhang ke gore, patlisiso e bontshitse gore kgatelelo ya maikutlo e ka nna ya gobatsa thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi. “Go tshwenyega mo maikutlong go ka nna ga kgoreletsa methapo ya kutlo le thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi mo go direng ka tshwanelo,” go ne ga kwala jalo Dr. Kurt Kroenke, wa Walter Reed Army Medical Center kwa Washington, D.C.
Ke gone ka moo, mo makgetlong a mangwe go tshwenyega thata mo maikutlong go ka bakang diphetogo mo thulaganyong ya mmele ya twantshomalwetsi tseo di ka tlatseletsang mo go bakeng bolwetsi jwa CFS. Go ntse go le jalo, go lebega fa dilo tse dingwe tse dintsi tseo di koafatsang thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi le tsone di tsaya karolo.
Dilo Tse Di Farologaneng Tse Di Bo Bakang
Babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore go bonala go sa utlwale gore e ka tswa e le selo se le sengwe fela seo se bakang bolwetsi jwa CFS. “Go na le moo, go lebega bolwetsi jwa CFS e le bolwetsi joo bo tlhaselang motho yo o ka tlhaselegang bonolo yo go tshwenyega thata mo makutlong, [dilo tse di sa utlwaneng le ene], go tshwaediwa ke dibokwanatlhoko, kgotsa dilo tse dingwe di dirileng gore thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi ya gagwe e latlhele seditse,” go ne ga tlhalosa jalo lekwalodikgang la tsa kalafi e leng Cortlandt Forum.
Ngaka, eo e ileng ya kwala go Medical Post ya Canada, e ne ya re: “Go ka tswa go bakiwa ke gore motho o ile a anya bothata jono mo batsading mme gape mmele o o lapileng mo go tseneletseng e ka nna ya nna selo se sengwe gape seo se rotloetsang bothata jono. Morago ga moo go latele tiragalo e e kotsi, go le gantsi e le go tshwaediwa go go kotsi ke bokwanatlhoko, go ka tlhasela mmele wa motho yono yo o lapileng mo go tseneletseng. Dilo tseno tsotlhe fa di kopane go lebega di tlisa dikgobalo mo thulaganyong ya mmele ya twantshomalwetsi.”
“Go tshwenyega thata mo maikutlong ke nngwe ya dilo tse dikgolo go feta tsotlhe tseo re di lemogang,” go ne ga rialo Dr. Charles Lapp. “Ka dinako dingwe re ile ra lemoga fa dikhemikale dingwe le tsone di na le seabe. . . . Mme se se gakgamatsang ke gore balwetsi ba me ba le mmalwa (lefa gone re ise re dire patlisiso ka seno) ba ile ba umaka gore dibolayaditshenekegi, dipente, le dipente tsa logong go lebega di ne tsa nna le seabe ka nako ya fa bolwetsi jono bo ne bo simolola go ba tlhasela.”
Ga go ise go ke go tsamaye go diragale mo hisitoring gore batho ba ka lebagana le go tlhaselwa mo mmeleng e le ka ntlha ya kgotlelo ya tikologo. Dilo tseo di tsenngwang mo dijong go di natetsha le diokobatsi le tsone di ka nna tsa gobatsa mmele mme tsa ama thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi mo go maswe. Dingaka dingwe di bolela le e leng gore go dirisa dibolayamegare mo go feteletseng go utlwisa thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi botlhoko.
Dilo tse dingwe le tsone di ka nna tsa tswa di kopanyelediwa mo go bogeng goo go fitlhelwang mo diketeng tsa balwetsi ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS. Lefa go le jalo lefa gone go setse go na le lesedinyana le le rileng le dilo tse di kgatlhisang tse e ka tswang e le tsone di bo bakang, seo se bakang bolwetsi jwa CFS e santse e le masaitseweng.
Sesupo sa Metlha ya Bofelo
Mo boperofeting jwa gagwe jo bogolo jo bo malebana le metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, Jesu Keresete o ne a bolelela pele jaana: “Me . . . mo maheloñ mañwe le mañwe [go tla nna] mebopamō, le dikgogodi tsa bolwetsi.” (Luke 21:11) Abo seno se le boammaaruri jang ne ka motlha ono wa rona! Malwetsi a le mantsi a gompieno ga go itsewe gore a bakiwa ke eng, go ntse go le jalo seno ga se a dire gore e nne malwetsi a a seng kotsi kana gore ke a a sa koafatseng go le kalo.
Go lebega bolwetsi jwa CFS e le fela bolwetsi jo bongwe jwa ao Jesu a neng a re a tla bopa karolo ya sesupo seo a neng a re se tla bontsha metlha ya bofelo. Lefa go le jalo go itse kaga seno ga go dire gore botshelo jwa bao ba bogang bo nne bonolo fela. Bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS ba ka dirisana jang le go boga gono ga bone?