LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 9/8 ts. 5-8
  • A CFS Ke Bolwetsi jwa Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A CFS Ke Bolwetsi jwa Mmatota?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bolwetse jwa CFS E Ka Tswa E Le go Nna le Pelo E E Botlhoko?
  • Kafa Bosupi jwa Bosheng Jaana Bo Leng Bogolo ka Gone
  • Go Tweng Fa E le Gore CFS Ke Bolwetsi jwa Mmatota?
  • Botlhokwa jwa go Dumela Bolwetsi Jono
  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Tshwarwa ke Bolwetsi jwa CFS
    Tsogang!—1992
  • Bolwetsi Jo Bo Sa Itseweng Bo Simolola go Elwa Tlhoko
    Tsogang!—1992
  • Go Batlisisa ka Seo Se Bakang Bolwetsi Jono
    Tsogang!—1992
  • Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong—Kafa go ka Alafiwang ka Teng
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 9/8 ts. 5-8

A CFS Ke Bolwetsi jwa Mmatota?

“KE NE ka ya kwa dingakeng tsotlhe,” go tlhalosa jalo Priscilla, yo o tshwerweng ke CFS (bolwetsi jwa letsapa le le tseneletseng la mmele) wa kwa Washington State, U.S.A. “Go ne ga dirwa diteko tsa madi a me ka ba ka bodiwa ka tsela ya me ya go tshela. Ba ne ba bolela gore tota go ne go se na sepe se se neng se le phoso ka nna mme ba akantsha gore ke batle kgakololo go tswa mo go bao ba berekanang le malwetsi a tlhaloganyo. Go ne go se na ope wa dingaka yo o neng a batla go ntsaya jaaka yo o lwalang tota kana gore ditemotsi tsa bolwetsi jwa me ke tsa mmatota.”

Seo se mo diragaletseng se diragaletse le ba bangwe ba le bantsi. Ngaka nngwe e e neng ya kwala go JAMA (Journal of the American Medical Association) ngogola o ne a bolela jaana: “Molwetsi yo o tlwaelegileng wa bolwetsi jwa CFS o a bo a kile a bonana le dingaka di le 16 tse di farologaneng. Ba le bantsi ba ne ba bolelelwa gore ba ne ba itekanetse sentle, gore ba ne ba utlwile pelo botlhoko, kana gore ba ne ba gateletswe thata. Ba le bantsi ba bone ba ne ba romelwa kwa dingakeng tsa bolwetsi jwa tlhaloganyo. Go botokanyana gompieno, lefa go se go kalo.”

Bolwetse jwa CFS bo na le dikgwetlho tse eleng tsa mofuta wa tsone fela, jaaka fa The American Journal of Medicine e bontsha: “Kgatelelo ya go berekana le bolwetsi joo motho wa jone a lebegang a siame fela mo mmeleng, yo erileng go tlhatlhobiwa go bona gore a o na le malwetsi mangwe mo mmeleng ga fitlhelwa a siame fela le yo diteko tsa gagwe tsa laboratori di supang gore o siame fela e kgolo thata. Bolwetsi jono gantsi bo amanngwa le gore go bo go na le go sa tshwarane sentle mo gare ga balekane ba lenyalo, balosika ba bangwe, bathapi, barutabana, badiri ba tsa pholo, le dikhampani tsa inshorense.”

Kgwetlho e e lebaneng dingaka ke gore letsapa le le tseneletseng ke temotshi e e bonwang mo bathong ba bantsi. “Fa ngaka e ne e ka tsaya [R3] go tswa mo molwetsing mongwe le mongwe yo o ngongoregang ka go lapa, ngaka eo e ne e tla tlogela bongaka,” go ne ga kwala jalo mokwadi mongwe wa tsa kalafi. Mme gone go phepafetse gore ke ba sekae fela ba ba ngongoregang ka gore ba na le letsapa bao ba nang le bolwetsi jwa CFS. Ereka go sena teko epe ya kalafi ya bolwetsi jono, dingaka di ka bo lemoga jang?

Tsela ya go Tlhalosa Bolwetsi jwa CFS

Ka March 1988 go Annals of Internal Medicine, CDC (U.S. Centers for Disease Control) e ne ya kwala setlhopha sa ditshupo le ditemotshi tseo fa di kopane di bontshang bolwetsi jwa CFS. (Bona lebokoso le le mono.)

Matshwao a magolo a go lemoga bolwetsi jwa CFS ke (1) go tlhaselwa ke letsapa ka tsela e o sa e tlwaelang leo le tsayang nako e e fetang dikgwedi di le thataro ebile go fokotsa selekanyo seo motho a berekang ka sone ka 50 lekgolong le (2) go sa nneng gone ga maemo a mangwe a kalafi kana a bolwetsi jwa tlhaloganyo ao a ka nnang a baka ditemotshi tsa jone. Lefa go ntse jalo, gore molwetsi a tle a tsewe jaaka yo o nang le bolwetsi jwa CFS, o tshwanetse gape a bo a na le di le 8 tsa ditemotshi di le 11 tse di leng mo lenaaneng la matshwao a mabotlana kana di le 6 tsa di le 11 tsa ditemotshi tseno mmogo le di le 2 tsa di le 3 tse di mo lenaaneng la matshwao a mo mmeleng.

Ka mo go bonalang ka gone, bao go lemotshegang bolwetsi jwa CFS mo go bone ba lwala thata ka lobaka lo loleele. CDC e ile ya dira gore tsela ya go tlhalosa bolwetsi jwa CFS e nne e e gagametseng thata gore batho bano ba kgone go bonwa sentle. Bao ba senang ditshupo tse di botlhoko go le go kalo tsa bolwetsi jono mo nakong ya jaanong tlhaloso eno ga e ba ame.

A Bolwetse jwa CFS E Ka Tswa E Le go Nna le Pelo E E Botlhoko?

Go tweng ka dingaka tse di bolelang gore balwetsi ba bolwetsi jwa CFS ba utlwile pelo botlhoko le gore ba na le mathata a mangwe a tlhaloganyo? A balwetsi bano ba na le ditemotshi tse di itsegeng tsa go utlwa pelo botlhoko?

Balwetsi ba bolwetsi jwa CFS ba na le go utlwa pelo botlhoko, mme fela jaaka fa Dr. Kurt Kroenke, ebong perofesa kwa sekolong sa kalafi kwa Bethesda, Maryland, U.S.A., a ne a botsa: “A mongwe le mongwe o ne a se kitla a utlwa pelo botlhoko fa a ne a nna a lapetse rure ka sebaka sa ngwaga kana go feta?” Ka jalo go a tshwanela go botsa gore: A go utlwa pelo botlhoko ke gone go go bakang bolwetsi jwa CFS, kana go nna gone ka ntlha ya go bo o na le bolwetsi jono?

Gantsi potso eo e thata go e araba. Ngaka e ka nna ya lebelela ntlha ya bobedi ya matshwao a magolo, eo e bolelang gore ‘maemo a bolwetsi jwa tlhaloganyo ao a bakang ditemotshi tseno a ka nna a se tlhokomelwe,’ mme a bo a fetsa ka gore molwetsi o utlwile pelo botlhoko mme ga se go lwala ga karolo nngwe ya mmele kana go lwala mo mmeleng. Lefa go ntse jalo, mo mabakeng a le mantsi tsela eno ya go batla go bona bolwetsi ga se e e kgotsofatsang.

Lekwalopaka la kalafi ebong The Cortlandt Consultant le ne la kwala jaana: “Bosupi jo bo tlhokang go tlhokomelwa go gaisa jo bo bontshang gore CFS ke bolwetsi jwa ‘karolo nngwe ya mmele’ ke tsela eo bo tlhaselang 85 lekgolong ya balwetsi ka gone ka tshoganyetso. Bontsi jwa balwetsi bano ba bolela gore bolwetsi jwa bone bo ne jwa simolola ka letsatsi lengwe ba na le ditshupo dingwe tse di tshwanang le tsa mofikela di na le letshoroma, [mometso o o botlhoko, go ruruga ga letlhogela la limfe, go opa ga mesifa], le ditemotshi tse dingwe tse di tsamaisanang le tsone.” Dingaka tse di ileng tsa berekana le balwetsi ba bolwetsi jwa CFS di tlhatswegile pelo gore go utlwa pelo botlhoko gantsi ga se gone go go bakang ditemotshi tsa bolwetsi jono.

“Fa re ne re bapisa dikgang tseno tsa rona,” go ne ga bega jalo Dr. Anthony Komaroff, ebong tlhogo ya General Medicine kwa Brigham le Women’s Hospital kwa Boston, U.S.A., “re ne ra gakgamadiwa ke gore bontsi jwa balwetsi ba ne ba bolela gore ba ne ba itekanetse sentle, ba le matlhagatlhaga ebile ba atlega mo botshelong go fitlhelela letsatsi lengwe ba ne ba nna le serame, mofikela kana go thibana ga mafatlha mme di sa fele. Ditemotshi tse di neng di ka tsewa e le tse di amanang le tlhaloganyo—eleng go utlwa pelo botlhoko, go ikutlwa o lwala, go se robale sentle le tse dingwe—di ne di seyo pele ga bolwetsi jono bo simolola.”

Temotshi e nngwe e e tlwaelegileng ya go utlwa pelo botlhoko ke go se tlhole o kgatlhegela sepe fela. Mme Dr. Paul Cheney o ne a tlhalosa jaana: “Balwetsi bano ba farologane thata le seno. Ba amegile thata kaga gore ditemotshi tsa bone tsa bolwetsi di bolelang. Ga ba ka ke ba dira sepe. Ga ba kgone go bereka. Ba le bantsi ba a boifa. Mme ga se gore ga ba kgatlhegele sepe se se fa gaufi le bone.”

Go ruruga ga dikgeleswa, letshoroma, palo e e sa tlwaelegang ya disele tse ditshweu tsa madi, go nna le mathata a khemo gangwe le gape, go opa ga mesifa le ditokololo, le bogolo jang go utlwa ekete o a lwala ka tsela e e sa tlwaelegang le go nna botlhoko ga mesifa go ka nna ga diragala morago fela ga go itshidila mmele go go lekaneng—ditemotshi tseno ga se tse di amanang le bolwetsi jwa go utlwa pelo botlhoko.

Kafa Bosupi jwa Bosheng Jaana Bo Leng Bogolo ka Gone

Mo tokololong ya yone ya November 6, 1991, JAMA e ne ya bega jaana: “Tshedimosetso e e tlileng pele go tswa mo patlisisong e e ntseng e tsweletse pele ya balwetsi ba ba ikutlwang ka tsela e CDC e tlhalosang ditshupo tsa bolwetsi jwa letsapa le le tseneletseng la mmele (CFS) ka yone e bontsha gore balwetsi ba le bantsi ba ba nang le bolwetsi jono ga se ba ba utlwileng pelo botlhoko kana ba ba nang le mathata a mangwe a bolwetsi jwa tlhaloganyo.”

Dr. Walter Gunn, yo o neng a tlhokometse patlisiso ya bolwetsi jwa CFS ka kelotlhoko kwa CDC, o ne a tlhalosa jaana mo tokololong eno ya JAMA: “Lemororo dingaka di le dintsi di ne di ka akanya gore balwetsi bano botlhe [ba ba leng mo patlisisong eno] ba ne ba utlwile pelo botlhoko, re ne ra fitlhela gore ke 30% fela ya balwetsi ba bolwetsi jwa CFS bao ba neng ba bontsha gore ba ne ba utlwile pelo botlhoko ka nako ya fa letsapa leno le simolola.”

Ebile go ka nna ga bo go na le dilo tse di bonalang mo mmeleng tse di sa tshwaneng magareng ga balwetsi ba le bantsi ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS le ba ba utlwileng pelo botlhoko. “Balwetsi ba ba nang le bolwetsi jwa go utlwa pelo botlhoko mo gogolo (MDD) gantsi ba na le dilonyana tse di sa tlwaelegang ka boroko jwa rapid-eye movement (REM), fa balwetsi ba bolwetsi jwa CFS ba na le dilonyana tse di sa tlwaelegang ka [boroko] jwa non-REM,” go ne ga kwala jalo lokwalopaka la kalafi eleng The Female Patient.

Makasine wa Science wa December 20, 1991, o ne wa bega ka selo se sengwe se segolo seo ba neng ba se fitlhelela. O ne wa bolela gore patlisiso e bontsha gore “balwetsi ba bolwetsi jwa CFS ba na le dilekanyo tse di sa tshwaneng tsa dihoromone dingwe tsa boboko” mme o bo o tlhokomela jaana: “Le mororo go sa tshwane mo bathong ba ba senang bolwetsi jwa CFS e ne e le go go lekaneng, balwetsi ba bolwetsi jwa CFS ka metlha ba ne ba bontsha gore dilekanyo tsa bone tsa horomone ya steroid e e bidiwang cortisol di fokotsegile, le gore dilekanyo tsa horomone ya pituitary ACTH (adrenocorticotropin hormone), di oketsegile, eleng diphetogo tse di farologaneng thatathata le tse di bonwang mo mothong yo o utlwileng pelo botlhoko.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Go Tweng Fa E le Gore CFS Ke Bolwetsi jwa Mmatota?

Dingaka tsa kalafi ga di batle go ipofa ka malwetsi a ba sa a tlhaloganyeng, a a tshwanang le bolwetsi jwa CFS. “Mo tirong ya rona ga re batle go ipofa,” go ne ga kwala jalo Dr. Thomas L. English. “Go sa batle go ipofa go go utlwalang ke tsela e e ‘tlwaelegileng’ ya go akanya ya dingaka tse di botlhale, tse di kgonang go lemoga dilo.” Lefa go ntse jalo Dr. English o ipotsa gore go molemo go le go kae mo molwetseng yo o lwalang bolwetsi jono “fa CFS e le bolwetsi jwa mmatota.” O botsa dingaka tse dingwe tse le tsone di sa batleng go ipofa a re: “Go tweng fa lo le phoso? Ke eng se se tlileng go diragalela balwetsi ba lona?”

Dr. English ka boene o tshwerwe ke bolwetsi jwa CFS, ebile ngogola JAMA e ne ya kwala setlhogo sa gagwe seo se neng se lebisitswe go dingaka tse dingwe. O ne a ba kopa gore ba ipee mo boemong jwa molwetsi yo o lwalang bolwetsi jono, a tlhalosa bolwetsi jono jaana:

“O nna le ‘serame’ mme e re morago ga moo boleng jwa botshelo jwa gago bo a fetoga ka mo go feletseng. Ga o kgone go akanya sentle . . . Ka dinako tse dingwe go batla nonofo yotlhe ya gago go bala lekwalodikgang kana go kgona go latela tatelano ya ditiragalo mo thulaganyong nngwe ya thelebishene. Go ikutlwa jaaka ekete dikarolo dingwe tsa mmele di tswile mo madulong a tsone go go sa feleng. O tsamaya ka iketlo mo tseleng e e kotsi e e letobo ya go tlhokomela molwetsi, eo pele o neng o tsamaya mo go yone o na le tsholofelo. Go nna le go opa ga mesifa mo mmeleng wa gago otlhe fela. Ditemotshi tsa gone di a tla di bo di tsamaya gape, di a oketsega di bo di fokotsege ka botlhoko jwa tsone. . . . Le wena o ka nna wa utlwa o belaela dingwe tsa ditemotshi tse di mo go wena fa o ne o ise o ke o bue le balwetsi ba bangwe ba ba ikutlwang ka tsela e e tshwanang . . . kana o ise o bue ka tsone le dingaka tse di boneng makgolokgolo a tiragalo e e tshwanang le eno. . . .

“Ke buile le balwetsi ba le bantsi ba ba lwalang jaaka nna bao ba ileng kwa dingakeng tsa kalafi go ya go kopa thuso, mme e le ba ba boileng ba nyenyefaditswe, ba galefile, ebile ba boifa. Mebele ya bone e ba boleletse gore ba a lwala mo mmeleng, mme selo se ba se bolelelwang ke dingaka tsa bone gore bolwetsi jwa bone ke go lwala ga mmele go go bakwang ke go akanya ga bone gore ba a lwala se ne se ba tshosa fela ebile se ba galefisa—se sa ba tlhomamisetse. Go ne go ba bolelela gore dingaka tsa bone di ne di sa tlhaloganye go le go kalo se bothata eleng sone. . . . A re tshwanetse ra dumela gore lebaka fela la go bo ditemotshi tseno e bo e le tse di sa tlwaelegang ebile re sa di itse ga di ka ke tsa bo e le tsa mmatota? A re tshwanetse ra tsaya gore diteko tsa rona tsa laboratori di kgona go bona malwetsi a masha le a magologolo? Go se tshepe megopolo e mesha fa e sa le go ntse go le gone fa motho a nna gone; mme le ditlamorago tse di diphatsa tsa go sa tshepe gono le tsone fa e sale di ntse di le gone go tloga bogologolo.”—JAMA, February 27, 1991, tsebe 964.

Botlhokwa jwa go Dumela Bolwetsi Jono

“Dingaka tse di senyang nako e ntsi di bua le balwetsi ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS ba utlwa kgang e e tshwanang ka metlha; ke kgang e e tlwaelegileng,” go ne ga kwala jalo Dr. Allan Kind, ebong mankge wa malwetsi a a tshelanwang. “Ke ka go bolelela gore Letsapa Le Le Tseneletseng la Mmele ke Bolwetsi jwa mmatota.”

Dingaka di le dintsi di a dumalana jaanong. Ka gone The Female Patient e kgothatsa dingaka jaana: “Go fitlhelela go ka kgona go bonwa temotshi e e tlhomameng le tsela e e tshwanetseng ya go tshwara molwetsi, ngaka e na le boikarabelo jo bo kgethegileng jwa go bolelela balwetsi bano gore eleruri ba na le bolwetsi jwa mmatota, le gore ga se se ‘ba se akanyang fela.’”

Melemo ya go tlhomamisa gore molwetsi o a lwala e ka nna e megolo. Fa ngaka e ne e bolelela molwetsi mongwe gore o ne a na le bolwetsi jwa CFS, o ne a bolela jaana: “Dikeledi di ne tsa tshologa.” Fa a utlwa ngaka e re bolwetsi jwa gagwe ke jwa mmatota, le gore bo na le leina, seno se ne sa mo golola.

Lefa go ntse jalo, ke eng se se bakang bolwetsi jwa CFS? Dipatlisiso di bontshitseng?

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Matshwao A A Bontshang Bolwetsi jwa Letsapa Le Le Tseneletseng la Mmele

Matshwao a Magolo

1. Go tlhaselwa ke letsapa le o sa le tlwaelang le le tsayang sebaka se se fetang dikgwedi di le thataro mme le fokotsa boleng jwa tiro ya motho ka 50 lekgolong

2. Go sena maemo a mangwe a kalafi kana a bolwetsi jwa tlhaloganyo ao a ka nnang a bo a bakile ditemotshi tseno

Matshwao a Mabotlana

Ditemotshi tseno di tshwanetse tsa simolola fa letsapa leno le simolola kana e setse e simologile

 1. Letshoroma le le seng bogale

 2. Mometso o o botlhoko

 3. Matlhogela a a opang a limfe

 4. Go koafala ga ka metlha ga mesifa

 5. Go opa ga mesifa

 6. Letsapa le le nnang lobaka lo loleele morago ga go itshidila

 7. Go opa ga tlhogo

 8. Go opa ga ditokololo

 9. Go se robale sentle

10. Go ngongorega ka dilo tse di amanang le methapo ya boboko, tse di tshwanang le go lebala, go tlhakana tlhogo, go nna le mathata a go tlhoma mogopolo mo go seo o se dirang, go utlwa pelo botlhoko

11. Tlhaselo e e bogale (ya diura di le mmalwa go ya go malatsi a le mmalwa)

Matshwao a mo Mmeleng

 1. Letshoroma le le seng bogale

 2. Go nna bogola ga mometso

 3. Matlhogela a limfe a a kgonang go utlwala kafa ntle kana a le botlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Dingaka di tshwanetse tsa bo di kgona go lemoga e le gore di bone pharologanyo mo gare ga go utlwa pelo botlhoko le bolwetsi jwa letsapa le le tseneletseng la mmele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela