LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 9/8 ts. 11-15
  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Tshwarwa ke Bolwetsi jwa CFS

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Tshwarwa ke Bolwetsi jwa CFS
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A CFS Ke Bolwetsi jwa Mmatota?
    Tsogang!—1992
  • Bolwetsi Jo Bo Sa Itseweng Bo Simolola go Elwa Tlhoko
    Tsogang!—1992
  • Go Batlisisa ka Seo Se Bakang Bolwetsi Jono
    Tsogang!—1992
  • Go Thusa Bao Ba Nang le Mathata A A Amanang le go Ja
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 9/8 ts. 11-15

Go Lebana le Kgwetlho ya go Tshwarwa ke Bolwetsi jwa CFS

DINGAKA kwa simposiamong di ne di tlhabana matlhale kaga kalafi ya bolwetsi jwa CFS (letsapa le le tseneletseng la mmele) ka nako ya fa kgang eno ya tsone e ne e tlhagisiwa mo thelebisheneng fa mongwe wa bone a ne a tswa molomo a re: “Balwetsi bano botlhe ba lebega ba itekanetse fela jaaka mongwe le mongwe wa rona ba re leng fano mo kokoanong eno.” Ka ntlha ya go bo balwetsi bao ba lebega ba sa lwale, go le gantsi ba tshwarwa ka tsela eo e oketsang mahutsana a bona.

Patricia, yo e leng molwetsi wa bolwetsi jwa CFS kwa Texas, o ne a re: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa jaaka Jobe, yo ditsala tsa gagwe e neng e se ka metlha di mo gomotsang.” Ka sekai, mongwe yo a neng a tlile go mo tlhola, ka nako nngwe o ne a mo raya a re: “Mo go nna o lebega o siame fela! Nna ke ne ke ithaya ke re o a lwala tota. Wena le matsalaake lo di ya thoteng di bapile. Le ene o na le go tshwenyega bobe ka ditlhabinyana fela tseo di sa reng sepe.”

Dikakgelo tse di ntseng jalo di ka utlwisa botlhoko fela thata, ebile di dira kgwetlho e kgolo thata mo go yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS. “Go thata tota go tlhalosa ditlhabi tsa maikutlo tseo di nnang teng ka gonne o kgalwa go twe o a ‘itepeletsa,’” go ne ga tlhalosa jalo Betty, yo e leng molwetsi yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS wa kwa Utah, “mme seno ke selo se se botlhoko le go feta tsotlhe seo bolwetsi jwa CFS bo ka se leretseng balwetsi ba jone.”

Lorato le Kakanyetso Tseo Di Tlhokegang

Betty o ne a tlhalosa mahutsana ao gongwe mongwe le mongwe yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS a lebaganeng nao fa a ne a re: “Ga re tlhoke gore re utlwelwe botlhoko. Ga go tlhokafale gore re tlhomogelwe pelo. Lefa go le jalo, ohoo, abo go ka bo go le botlhale jang ne go re akanyetsa! Modimo o itse mathata a re nang le one le khutsafalo e re leng mo go yone, mme seo ke sone se leng botlhokwa le go feta. Lefa go ntse jalo go botlhokwa thata gape gore re bone tshegetso ya mo maikutlong go tswa mo bakaulengweng ba rona le bokgaitsadi ba Bakeresete.”

Lefa go le jalo, mo bathong ba le bantsi, bolwetsi jwa CFS e sala e ntse e le bolwetsi jo bo leng thata go bo tlhaloganya, ke fela jaaka mongwe yo mmotlana yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS yo o tswang kwa Washington State a ileng a bua bosheng jaana. “Selo se le sengwe se ke eletsang gore ekete batho ba ka bo ba na le sone ke gore ba nne le kakanyetso,” o ne a rialo, “e seng tlhomogelopelo, go na le moo e nne go akanyetsa ba bangwe. Mme gone selo seno ga se kgonege ka gonne e se batho ba bantsi bao ba ileng ba dirisana le bolwetsi jo bo ntseng jaaka jono.”

Go ntse go le jalo, ga e a tshwanela ya nna selo se se sa kgonegeng go tlhaloganya bothata jwa bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS. Ke boammaaruri gore, go ka nna thata mo go rona go tlhaloganya maemo a bona a mmele. Lefa go le jalo re ka ithuta ka ga bolwetsi jono jwa bone go fitlhelela jaanong re nna le lesedi la gore ba lwala go le kana kang. Go farologana le AIDS, eo yone e bolayang, molwetsi mongwe o ne a tlhalosa gore bolwetsi jwa CFS jone “bo go dira fela gore o eletse gore o ka bo o sule.” Deborah, yo o neng a simolola go lwala ka 1986, o ne a dumela gore: “Ke lobaka lo loleele, ke ntse ke rapela Modimo bosigo jo bongwe le jo bongwe gore a letle gore ke swe.”—Bapisa Yobe 14:13.

Ke boammaaruri gore, re batla go kgothatsa, go thusa bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS go kgona go lebagana le kgwetlho ya jone, lefa go le jalo maswabi ke gore dikakgelo tsa rona di ka dira se se farologaneng le seo. Ka sekai, mongwe yo o neng a tlile go lekola yo a neng a tshwerwe ke bolwetsi jwa CFS o ne a mo naya kgakololo a dira jalo ka maikaelelo a mantle a re: “Seo o se tlhokang ke gore o nwe maswi a a bothito bosigo. A tla go thusa gore o kgone go robala, mme o tla ikutlwa sentle mo malatsinyaneng a sekae.” Kakgelo eo e ne ya senola fa motho yono a sa tlhaloganye bolwetsi jwa CFS gotlhelele. E ne ya kgopisa yo o lwalang go feta jaaka e ne e ka mo thusa.

Bao ba lwalang ba ka nna ba ikutlwa ba sa kgone go dira dilo tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa go diragala gore ba nne gone, maiteko ao ba a dirileng go nna gone e ka nna ya tswa e le a magolo thata go feta jaaka fa re ka gopola. Ka jalo go na le gore o bue le bona ka malatsi ao ba ileng ba se ka ba nna gone mo dipokanong ka ona, re ka nna bonolo fela ra re: “Go iintumedisa jang go go bona. Ke a itse gore ga se ka gale go leng bonolo ka wena go nna gone fano, lefa go le jalo re itumeletse go nna le wena bosigong jono.”—Leba lebokoso le le tsamaisang le setlhogo seno.

Thulaganyo ya methapo ya tlhaloganyo ya bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS go le gantsi e a amega, seno se ka dira gore le eleng go dirisana mmogo ka tsela e e tlwaelegileng fela le batho ba bangwe go nne bokete. “Go tlhokega gore re nne disireletsi fa gare ga bone le batho ba bangwe,” go ne ga tlhalosa jalo Jennifer, yo monna wa gagwe a tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS. “Re tshwanelwa ke go ba thusa ka gore re ba nee tshono ya go nna ba le bosi, mme re sa ba dire gore ba utlwe botlhoko, le go ba dira gore ba tile dikakgelo dipe fela tseo di ka ba amang maikutlo.”

Jennifer o ne a dumela gore bolwetsi jono jwa bao ba lwalang e ka nna ya nna morwalo o o bokete mo malokong a lelapa, bao ba ka lapisiwang ke go tlhola ba ba direla sengwe le sengwe. Lefa go le jalo jaaka fa a ile a tlhalosa, fa balwetsi ba ka se newe sebaka sa go ikhutsa, ba tla tsaya lobaka go fola, mme seno se ka dira gore kgabagare mongwe le mongwe a boge. Se se kgatlhisang ke gore, go lebega bolwetsi jono e le ka sewelo bo ka tshelanwang fa e le gore gone bo a tshelanwa, lefa gone go na le ketsaetsego ya gore ekete bo ka fetela mo baneng ka go bo ba bo anyile mo batsading.

Tottie, yo eleng mongwe yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS ebile e le mogatsa molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a re monna wa gagwe o ne a fetsa dingwangwaga a ntse a mo thusa go ka kgona go lepalepana le kgwetlho ya bolwetsi jono. O mmolelela gore o anaanela seo a mo diretseng sone lefa go le jalo o ne a bolela gore: “Go le gantsi ditsala di botsa ka ga me le kaga botsogo jwa me, lefa go le jalo Ken le ene o tlhoka gore a kgothadiwe.”

Tebelelo E E Molemo— Lefa go le Jalo Kotsi ya Teng

Bolwetsi jwa CFS ke ka sewelo fela bo ka feleletsang bo bolaile motho fa e le gore gone bo a bolaya tota. Go itse seo go ka nna ga go thusa go kgona go lepalepana le kgwetlho eno. Batho ba le bantsi bao bo ba tshwereng fa nako e ntse e ya ba a tokafala, mme ba le bantsi ba a fola. Dr. Anthony Komaroff o ne a re: “Ga go le fa e le molwetsi a le mongwe gareng ga makgolokgolo a bao re setseng re rakane nabo bao re dirileng dipatlisiso mo go bona bao ba neng ba na le bolwetsi jono e le jo bo sa foleng, jo bo tswelelang bo sa kgaotse moo maemo a bona fa nako e ntse e ya a neng a nnela maswe go ya pele. Ga go na ope wa bone yo a kileng a nna jalo. Ka jalo go farologana le malwetsi a mangwe ao a ka tswelelang a go gateletse a sa go tlhomogele pelo, bolwetsi jono bo farologane gotlhelele.”

Fa a ne a tshegetsa ntlha eno, Dr. Andrew Lloyd, yo e leng mmatlisisi yo o tumileng yo o batlisisang ka bolwetsi jwa CFS kwa Australia, o ne a re: “Fa molwetsi a boa gape a fola, mme ebile re dumela fa selo seo e le se se tlwaelegileng go direga, go fola goo e nna go go feletseng. . . . Ka gone, seo se bolela gore o ka boa gape wa tokafala go sa kgathalesege gore tiragalo eno e e kopanyeletsang go tlhagisa boemo jono jwa go ikutlwa o aparetswe ke letsapa le legolo ke eng.” Go lebega go sena dikgobalo dipe tseo di lemotshegang mo dirweng tsa mmele morago ga gore balwetsi ba fole.

Deborah, yo a neng a ile a rapela ka metlha gore a swe ka gonne a ne a ikutlwa a lwala thata, kwa bofelong o ne a tokafala. O ikutlwa e le ene Deborah yole wa pele mme bosheng jaana one a re o ikaelela go boa gape a pata monna wa gagwe mo tirelong ya nako e e tletseng. Batho ba bangwe le bone ba ile ba boa ba fola fela jalo. Go ntse go le jalo, go tlhokega gore motho a nne kelotlhoko. Ka ntlha yang?

Keith, yo o neng a fola mme a boa a lwala gape, o ne a tlhagisa jaana: “Go botlhokwa thata gore o lemoge kafa bolwetsi jono bo leng masisi ka gone, o seka wa akanya ka bonako gore go lebetswe ka jone.” Ka nako ya fa a ne a ikutlwa gore o fodile, Keith o ne a boa a tsenela tirelo ya nako e e tletseng gape mme a boela ikatiso ya gagwe ya tsa mabelo gape, a taboga ka metlha le go tsholetsa ditshipi. Lefa gole jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore, bolwetsi jono bo ne jwa boa gape, mme a boela a robala mo diphateng tse di molelo gape!

Bolwetsi jono bo ntse jalo bo a kukunela; go tlwaelegile gore bo ka boela jwa tshwara motho gape morago ga gore a ikutlwe a fodile. Go ntse go le jalo, go thata go tila gore bo se ka jwa go boela gape. Jaaka fa Elizabeth a ne a tlhalosa: “Go thata tota gore motho o seka wa batla go leka go duelela nako eo o e feditseng o robetse fa o simolola o ikutlwa botoka. Ka bonako fela o setse o batla go lebala gotlhelele ka bolwetsi—o simolola ka gangwe fela le wena o batla go itirela dilo.”

Ka lona lebaka leno go tlhokega maiteko a magolo le bopelotelele go lepalepana le dikgwetlho tsa bolwetsi jwa CFS.

Seo Bao Ba Lwalang Ba Ka Se Dirang

Go botlhokwa gore bao ba lwalang ba tlhagolele tsela e e molemo ya go leba dilo malebana le bolwetsi jo bo sa foleng jono jo go sa itseweng gore bo ka felela jang. Beverly, yo o ileng a lwala bolwetsi jono lobaka lo loleele, o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke simolola ke akanya gore eleruri jaanong ke a fola mo dibekeng kgotsa dikgweding tsa fa ke ikutlwa sentle, go le gale ke boela gape ke ikutlwa ke gateletswe go gaisa pele. Ka jalo ke tswelela pele ke amogela ntlha ya gore ga nkake ka kgona go dira sengwe le sengwe seo ke se ratang.” Keith o ne a re: “Go lebega fa bopelotelele e le selo sa botlhokwa go di feta tsotlhe.”

Bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS ba tlhoka gore ba dirise maikatlapelo a bone ka go a somarela le go naya mebele ya bona tshono ya gore e fole. Ke gone ka moo, bao ba lepalepanang ka katlego le bolwetsi jwa CFS ba gatelelang botlhokwa jwa seo se bidiwang kalafi ya go kgaratlhela go ikhutsa. Seno se bolela go ipaakanyetsa ditiragalo dingwe tse di tlang ka go kgaratlhela go kgona go bona boikhutso jo bo lekaneng nako e santse e le gone. Ka ntlha ya seno, bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS ba ka kgona go nna gone kwa dikopanong tsa Bokeresete kgotsa kwa ditiragalong dingwe tse di kgethegileng kwantle ga go boga thata morago ga moo e le ka ntlha ya go bereka bobe.

Gape, se se botlhokwa ke gore, o tlhagolele go nna le moya o o ritibetseng, le o o edileng, ka jaana go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa mo tlhaloganyong go ka dira gore o boele o lwale gape fela jaaka go berekisa mmele bobe le gone go ka dira jalo bonolo fela. Ka jalo kgakololo e e molemo ke gore: “O se ka wa senya maikatlapelo a gago ka go leka go iphemela.” Ee, tila go leka go tlhalosetsa batho ba ba sa tlhaloganyeng bao ba belaelang bolwetsi jono jwa gago.

Fa e le gore o tshwerwe ke bolwetsi jwa CFS, o tshwanetse go gakologelwa gore se se botlhokwa ga se gore batho bangwe ba tla ikutlwa jang ka wena go na le moo se se botlhokwa ke gore Mmopi, Jehofa Modimo, o ikutlwa jang ka wena. Mme ruri o tlhaloganya seemo sa gago ebile oa go rata ka ntlha ya sengwe le sengwe seo o se dirang go leka go mo direla. O ka ikanya gore Jehofa le baengele ba tlhokometse, eseng bogolo jwa seo o se dirang, go na le moo, jaaka Jobe, maikutlo a gago, go itshoka ga gago, le boikanyegi jwa gago.

Susan, yo o neng a gateletswe la go swa ke bolwetsi jwa CFS mo dingwageng tse pedi tse di tlhomaganeng, o ne a re selo se se botlhoko go di feta tsotlhe ka bolwetsi jwa CFS ke gore motho a ka ikutlwa gore botshelo ga bo na bokao. Ka jalo o ne a akantsha gore: “Batla dilo tseo di ka go lereseng boipelo kana kgotsofalo. Ke na le dijalo tse dintle tse tharo tsa African violet, mme letsatsi le letsatsi ke leba gore a ga di a thunya.” Lefa go le jalo se se botlhokwa le go feta, a rialo, ke go “ikaega ka Jehofa ka thapelo le go dira bomoya jwa gago selo sa ntlhantlha mo botshelong jwa gago.”

Ba le bantsi bao ba lwalang bolwetsi jono ba re ba go fitlhela go thusa go reetsa dikgatiso tsa theipe tsa Bibela le tsa dimakasine tsa The Watchtower le Awake! Se se kgatlhisang ke gore, Priscilla, yo a ileng a umakwa mo setlhogong sa bobedi, o ne a akgela ka gore fa motho a fitlha mo seemong seo mo go sona a tlogelang go tlhola a akanya bobe ka seo se ileng sa mo latlhegela, “bolwetsi jwa CFS ga bo tlhole jaanong bo mo fekeetsa.” O ne a re: “Go itlosa mo mogopolong wa gore seemo seno sa me se tla nnela ruri, ke ile ka kwala makwalo mangwe a a kgothatsang a dikwalo moo ke kgonang go a bona sentle gongwe le gongwe gone mo phaposing ya me.”

Go Tweng ka Kalafi ya Jone?

Go fitlha mo nakong eno go ka dirwa go le gonnye fela mo go tsa kalafi go na le go leka go alafa matshwao a jone. Go ne go na le tsholofelo e kgolo gore seokobatsi se se bidiwang Ampligen se tla thusa. Ba le bantsi bao ba neng ba dirisa seokobatsi seno go ne ga lebega fa ba tokafala, lefa go le jalo ditlamorago dingwe tse di sa itumediseng tseo bangwe ba neng ba nna le tsone di ne tsa dira gore U.S. Food and Drug Administration e tsenye thibelo ya gore e seka ya tlhola e dirisiwa.

Dilo tse di jaaka go khidiega fa o robetse, go kopanyeletsa le go sa kgoneng go thulamela, ke dilo tse di tlwaelegileng ka bolwetsi jwa CFS. Se se kgatlhisang ke gore, molemo o o tlhabantshanang le go tshwenyega thata mo maikutlong—ka dinako tse dingwe go o nwela go tshwenyega thata mo maikutlong makgetlo a le lekgolo fela—go thusa batho ba bangwe ba ba tshwerweng ke bolwetsi jono, lefa go le jalo eseng botlhe, gore ba robale botoka mme ka jalo ba kgone go tokafala. Beverly o ne a fetsa dingwaga a tila go dirisa diokobatsi tseno mme lefa go le jalo o ne moragonyana a di leka. “Di ile tsa nthusa ka tsela e e gakgamatsang,” o ne a rialo, “ke eletsa gore ekete nkabe ke ile ka simolola go di dirisa pelenyana ga nako eo ke simolotseng go di dirisa ka yone.”

“Mefuta e mengwe e mentsi ya kalafi [go kopanyeletsa “e e dirisiwang fa e e tlwaelegileng e retelelwa” eo balwetsi bangwe ba ileng ba e fitlhele e le molemo fa ditsela tse ditlwaelegileng tsa go alafa bolwetsi jono di retelelwa] e ile ya lekwa go ka alafa bolwetsi jwa CFS,” go ne ga rialo The Female Patient. “Seno se kopanyeletsa gareng ga tse dingwe mefuta e e farologaneng ya kalafo, kalafi ya mo mmeleng, . . . kalafi ya go fodisa ditlhabi ka go tlhabatlhaba ka lomao moo go leng botlhoko gona, kalafi ya homeopathy, kalafi ya naturopathy, kalafi ya go lwantsha go tshwaediwa ke mogare wa candida, le boitseanape jwa kalafi jwa Sehindu.”

Lekwalodikgang leno la tsa kalafi le ne la bega jaana: “Go sa kgathalesege gore ngaka e ikutlwa jang ka namana ka mefuta eno ya dikalafi, e tshwanetse ya nna le kitso e e rileng ka ga [dikalafi] tseo gore e tle e kgone go tlhaloganya molwetsi le go mo neela kgakololo botoka. Balwetsi ba le bantsi ba itumela fela thata fa ngaka e le e e ba reetsang mme e tsaya dingongorego tsa bona tse dintsi tsia. . . . Balwetsi ba le bantsi bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa CFS ba ka thusiwa go ikutlwa botoka—le eleng le fa ba ka tiisediwa fela gore ngaka e tla ba ema nokeng—mme ebile ba le bantsi ba ka tokafala fela thata.”

Ka jaana bolwetsi jono bo sena kalafi, bangwe ba tle ba ipotse gore mosola wa go ya ngakeng ke ofe. Mosola o mogolo le go feta wa go batlana le thuso ya ngaka ke gore e ka go thusa ka diteko tsa yona go kgona go farologanya matshwao a malwetsi ao a ka tswang a na le matshwao a a tshwanang le a bolwetsi jono, eleng malwetsi a a jaaka kankere, bolwetsi jwa go omelela ga ditogwa tsa boboko le go tlhotlhona ga mesifa, bolwetsi jwa letlalo, le bolwetsi jwa Lyme. Fa malwetsi ano a mangwe a ka lemogiwa ka bonako a santse a simolola, motho a ka kgona go bona kalafi e e molemo. Emergency Medicine e akantsha dingaka jaana: “Ka gangwe fela fa lo lemoga matshwao a bolwetsi jono, tsela e e botlhale ke gore lo kaele balwetsi gore ba ye kwa setheong sengwe se se dirang dipatlisiso ka bolwetsi jono jwa letsapa le le tseneletseng la mmele.”

Go lemogilwe fa go ikhutsa e le yone kalafi e e molemo thata, lefa go le jalo go tlhokega gore motho a nne tekatekano, ka jaana go ikhutsa bobe go ka lere matswela a a sa itumediseng. Ka jalo kgakololo e e molemo go gaisa ke gore: Ithute go itekanyetsa dilo. Itse ditlhaelo tsa gago, mme o bereke o ntse o sa di tlhokomologe, letsatsi le letsatsi, beke le beke, kgwedi le kgwedi. Ikatiso e e botlhoswana, e e jaaka go tsamayatsamaya kgotsa go šapa mo letamong la metsi a a bothitho, go ka thusa tota fa fela motho a ka se di dire bobe moo a ka feletsang a itereditse letsapa le legolo mo mmeleng kana mo tlhaloganyong. Dijo tse di itekanetseng tseo di ka thusang go nonotsha thulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi le tsone di botlhokwa.

Go tlhoka tsholofelo e ka nna ya nna monwana le lenala le bolwetsi jono, fela jaaka go ile ga bontshiwa ka tsela e setlisang pelo mo go seo se neng sa diragalela mongwe wa bao ba neng ba tshwerwe ke bolwetsi jono yo o bidiwang Tracy yo o neng a itlhobogile mme a feleletsa a ipolaile. Lefa go le jalo loso ga se lone tharabololo ya bothata. Jaaka fa tsala ya gagwe e e neng e latlhegetswe tota e ne ya bolela: “Ke itse sentle seo eleruri Tracy a neng a se batla. O ne a sa batle go swa. O ne a batla go tshela—lefa go le jalo go tshela kwantle ga go boga jaaka a ne a boga. Mme seno e tshwanetse ya nna one mokgele wa rona.” Ee, ke mokgele o montle tota. Ka jalo tlhoma ditsholofelo tsa gago e seng mo go sweng, go na le moo e nne go kgaratlhela go fitlhelela mokgele oo, lefa e ka nna nako efe fela eo o tlileng go tla ka yone.

Bolwetsi jwa CFS ke bongwe jwa malwetsi a a sa tlwaelegang ao a oketsang lethathama la dibetso tseo di ganyaolang losika lwa gompieno lwa batho. Go sa kgathalesege kgatelopele eo boranyane jwa tsa kalafi bo ka e dirang, go tla tlhoka se se fetang bokgoni jwa tsa kalafi go a fodisa otlhe. Ngaka e kgolo, Jehofa Modimo, o ikaeletse eseng sepe fela fa e se—go fodisa lefatshe lotlhe go tswa mo malwetsing otlhe—ka botsamaisi jo bo lorato jwa goromente wa Bogosi jwa gagwe. Ka nako eo “monni oa gōna ga a ketla a re, Ke a bobola.” Eno ke tsholofetso e e tlhomameng ya Modimo!—Isaia 33:24.

[Lebokoso mo go tsebe 12, 13]

Ka Moo Ba Bangwe Ba Ka Thusang Ka Gone

Seo O Sa Tshwanelang go Se Bua le go Se Dira

◆ “Ruri o lebega botoka thata” kgotsa, “Ga o lebege o lwala.” Go bua mafoko a a tshwanang le ano go dira gore molwetsi a ikutlwe gore ga o dumele kafa matshwao a bolwetsi jwa gagwe a leng masisi ka gone.

◆ “Le nna ke ikutlwa ke lapile.” Kakgelo e e ntseng jalo e nyenyefatsa tsela eo molwetsi a ikutlwang ka yone. Bolwetsi jwa CFS bo kopanyeletsa se se fetang fela go ikutlwa o lapile. Ke bolwetsi jo bo leretseng molwetsi ditlhabi, le jo bo koafatsang mmele.

◆ “Ke lapile. Ke akanya gore le nna nka tswa ke na le bolwetsi jwa CFS.” O ka tswa o bua seno o itshamekela fela, lefa go le jalo bolwetsi jwa CFS ga se metshamekwane.

◆ “Ekete le nna nka tsaya malatsinyana gore ke tle ke ikhutse go se kae.” Balwetsi ba bolwetsi jwa CFS ga ba mo malatsing a boikhutso.

◆ “O ne o tlhola o ipolaisa tiro. Ke sone se o ileng wa lwala.” Seno se ka dira gore molwetsi a ikutlwe gore ke ene a ipaketseng bolwetsi jono.

◆ “O Ikutlwa jang?” O seka wa mmotsa potso eno kwantle fela ga fa eleruri o batla go itse. Ke boammaaruri gore, motho yo o lwalang bolwetsi jono ga a ikutlwe sentle lefa go le jalo a ka nna a seka a rata go tlhola a itoka.

◆ “Semangmang le ene o ne a tshwerwe ke bolwetsi jwa CFS, mme o ne a lwala ngwaga fela.” Bolwetsi jwa CFS bo a farologana mo bathong bo ka tshwara motho yo mongwe lobaka lo loleele jwa bo jwa mo gatelela go gaisa yo mongwe ka jalo go umaka mongwe yo a ileng a fola ka bonako go ka dira gore molwetsi yo o nang le lobaka lo loleele a ntse a lwala a kgobege marapo.

◆ O seka wa naya molwetsi kgakololo ya tsa kalafi kwantle ga fa a go kopa go dira jalo ebile o tshwanelega go ka go dira.

◆ O seka wa dira gore balwetsi ba bolwetsi jwa CFS ba ikutlwe gore fa ditlhabi di ba boela, ke ka ntlha ya sengwe seo ba ileng ba se dira.

Seo O Ka Se Buang le go Se Dira

◆ Bontsha fa eleruri o dumela gore ba a lwala.

◆ O ka ba leletsa mogala, kana wa ya go ba lekola. Go le gantsi go molemo go ba leletsa mogala pele.

◆ Tlotla dithibelo dipe fela tseo di ka tswang di beilwe tse di jaaka gore ba seka ba etelwa kana ba leletswa mogala.

◆ Fa e le gore molwetsi ga a tshwanela go etelwa, mo romelele karata kgotsa lekwalo. Balwetsi gantsi ba rata gore go nne le lekwalo leo ba le bulang letsatsi le letsatsi.

◆ Nna kutlwelobotlhoko. Ka dinako tse dingwe seno se ka bolela fela gore o tlhaloganye seemo seo yo o lwalang a leng mo go sona.

◆ Ithaopele gore ba go rome, o ka ba ela mabenkeleng go ba rekela korousara, wa ba isa kwa ngakeng, jalo le jalo.

◆ O ka nna wa bua fela wa re: “Ke itumeletse jang go go bona. Eleruri Jehofa o anaanela go itshoka ga gago ka boikanyegi.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela