Go Tshelwa Botlhole ke Lloto—Ditlamorago Tsa Gone Tse Di Sa Itumediseng
‘BOLWETSI jo bo masisi jo bo tlwaelegileng ka nako ya bongwana.’ “Matshosetsi a magolo a tikologo a mo baneng.” Jaaka fa o ka tswa o ile wa fopholetsa, matshosetsi ano a a umakiwang fano ke ao a leng malebana le selo se le sengwe fela: go tshelwa botlhole ke lloto.
Go ya ka CDC (U.S. Centers for Disease Control), “bana segolobogolo ke bone ba ka tshwaediwang bonolo ke ditlamorago tsa go tshelwa botlhole ke lloto. Go le gantsi go tshelwa botlhole ke lloto ke selo seo se ka diragalang se sa lemotshege: bana ba le bantsi ba ba tshetsweng botlhole jono ga ba bontshe matshwao ape a gore ba tshetswe ke yone. Ka gone, ba le bantsi bao ba tshwetsweng botlhole ke lloto, ga ba bo tlhatlhobelwe mme ebile ga ba alafiwe. . . . Ga se bothata jo bo amang fela karolo e e kgobelaneng ka baagi ya motsesetoropo kana jo bo amang bana ba baagi ba maemo a a kwa tlase fela. Ga go na setlhopha sepe sa tsa loago le tsa ikonomi, karolo nngwe e e rileng, kana setlhopha se se rileng sa morafe kana sa lotso seo bo se rekegelang.” Pego eno e oketsa jaana: “Go tshelwa botlhole ke lloto ka nako ya bongwana ke bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe.”
Kafa Lloto E Amang Bana ka Gone
Go fopholediwa gore kwa United States fela bana ba le dimilione tse tharo go ya go tse nnè ba ba leng kafa tlase ga dingwaga tse thataro ba na le selekanyo se se rileng sa botlhole jwa lloto mo mading a bone seo se leng kwa godimo ka tsela e e lekaneng go ka kgoreletsa go gola go go tlwaelegileng ga mmele wa bone. Seno se ka bolela go koafatsa sepe fela go tloga ka dikgono tsa go bala go ya go go gobatsa tlhaloganyo yotlhe. Mme fa go ntse jalo ka naga e le nngwe fela, dipalo tsa lefatshe lotlhe e tshwanetse e bo e le tse di sisimosang.
Mo Afrika, Asia, Mexico, le kwa Botlhabagare, lloto e santse e dirisiwa jaaka sedirisiwa sa tsa kalafi mo go bao ba iseng ba lemoge dikotsi tsa yone. E dirisiwa go fodisa go pipitlelwa, go thibela tshwaetsego ya thari, tota le eleng go dirisiwa jaaka molemo o o tshasiwang marinini a masea fa ba tswa dinakaladi.
Kotsi ya seno ga e maswe go le kalo mo eleng gore bana ba wela fela fa fatshe baa swa e le ka ntlha ya go tshelwa botlhole ke lloto. Jaaka fa go ile ga supiwa ke tokololo ya 1991 ya FDA Consumer, go swa ga bana ba bannye e le ka ntlha ya go tshelwa botlhole ke lloto ke selo se se diragalang ka sewelo fela. Lefa go le jalo ditlamorago tsa gone e santse e le tse di gobatsang thata. Lloto e ile ya bidiwa ka tshwanelo go twe ke “mmolai wa botlhale.” Makasine wa Newsweek o ile wa tsopola motlhankedi mongwe wa tsa boitekanelo a bua jaana: “Go na le dipalo tse dikgolo tsa bana bao ba go fitlhelang go le thata go farologanya dilo tse di rileng mo go tse dingwe kana le eleng go ema mo moleng wa go bona dijo e le ka ntlha ya go bo maboko a bone a tletse ka lloto.”
Matshwao a mangwe mo baneng ba ba tshetsweng botlhole ke lloto a kopanyeletsa go kgopisiwa ke dilo tseo di sa reng sepe, go sa kgone go robala sentle, go nna le ditlhabi mo mogodung, anemia, le go sa goleng ka tshwanelo. Thulaganyo ya methapo e e gobetseng, mmogo le go tlhoatlhoega go go sa feleng—jaaka go go tshwanang le ga phologolo e tsentswe mo serubing, jaaka fa ngaka nngwe e go tlhalosa—le gone go ka nna ga fitlhelwa mo baneng ba ba ntseng jalo. Mo maemong a a leng masisi le go feta, bana bangwe ba ka nna le bothata jwa go idibala la go swa le go ngatega, tota le eleng morago ga e sena go nna bagolo, ba ka nna ba tswelela ba ntse ba na le mathata a maikutlo. Dingwe tsa ditlamorago tseno e ka nna ya nna tse di nnelang ruri, ga rialo tlhogo ya Lekala la Thibelo ya go tshelwa Botlhole ke Lloto la CDC. Pele ga go lemogiwa bothata jono sentle, go le gantsi batsadi ba tlhakanngwa tlhogo ke seo se bakang bothata jono jo bo sa itemoseng.
Ke ka Ntlha Yang Fa Bo Tshabelela Bana Jaana?
Lloto e kotsi mo baneng segolobogolo ka ntlha ya mabaka a mabedi. La ntlha, bana ba tshwaediwa bonolo ke selekanyo se se kwa tlase thata sa lloto go na le seo se ka tshwaetsang bagolo. Ereka jaana maboko a bone le thulaganyo ya methapo e santse e gola, ba tshabelelwa ke go tshwaediwa bonolo ke lloto. La bobedi, bana, ka ntlha ya tsela eo ba itshwarang ka yone le seo ba se dirang, go ka nna bonolo thata gore ba kopane le lloto mo tikologong eo ba leng mo go yone.
Ka sekai, akanya ka pente e e tlhakantsweng le lloto, e santse e le motswedi o mogolo thata wa botlhole jono. Kwa dinageng tseo go santseng go letleletswe go dirisa dipente tseo mo matlong, dipalo tsa bao ba tshwaeditsweng ke botlhole jwa lloto eleruri di santse di tlile go tlhatlhoga ka lobelo lo logolo. Le eleng le fa mo dinageng dingwe go dirisiwa ga dipente tseo di tswakantsweng le lloto go thibetswe mo dingwageng tsa bosheng jaana, pente eno e santse e le gone mo matlong a bogologolo. Mabotana, ditshipi tsa matlhabaphefo, ditshamekisi, malao a bana, le dilwana tsa matlo tsotlhe di santse di ka nna tsa tswa di na le lloto. Ka sekai, kwa United States, go santse go na le lloto e ntsi mo magaeng a ka nna dimilione tse 57. Mo magareng a bo 1980, bana ba Maamerika ba ka nna dimilione di le 13,6 bao ba leng kafa tlase ga dingwaga tse supa ba ne ba nna mo matlong ao a pentilweng ka pente e e tlhakantsweng le lloto. Ba ba fetang milione ba bana bano go ka nna ga direga gore ba bo ba na le selekanyo se se kwa godimo thata se se kotsi sa lloto mo mading a bone.
Lebotana le le pentilweng borethe sentle le ka nna la seka la nna kotsi. Lefa go le jalo jaaka fa pente e ntse e tsofala, e simolola go phanyega le go oboga. Ereka jaana lloto e na le tatso e e botshe, bana ba ka nna ba ja manathwana a pente eno. Bana ba ile ba tshelwa botlhole ke lloto ka go latswa direpodi tse di obogang pente tsa matlhabaphefo. Mme fa kgabagare pente eno e fetoga lerole, e ka nna ya tshasegela bana mo menwaneng ya bone go tswa mo ditshamekising, go tswa mo bodilong, le go tswa mo mmetsheng—kwantle ga pelaelo go tswa foo e fetela mo melomong ya bone, kwa maleng, mme ya elela le madi. Bana bao ba tshabelelwang ke seno segolobogolo ke bao ba leng mo bogolong jo bo leng magareng a dikgwedi tse thataro go ya go dingwaga tse thataro.
“Motho a ka nna le botlhole go tswa mo selekanyong se sennye thata sa lloto,” go kwala jalo makasine wa Newsweek. “Ngwana a ka nna a nna le botlhole jo bo seng kana ka sepe jwa lloto (selekanyo sa yone e le di-microgram di le 60-80 mo desilitareng nngwe le nngwe ya madi) ka go ja fela miligerama o le mongwe wa lerole lwa pente e e tswakaneng le lloto—eleng selo se se lekanang le dithoro di le tharo tsa sukiri—letsatsi le letsatsi ka nako ya fa e santse e le ngwana.” Gore ngwana a nne mo kotsing ya botlhole jono e nna fa a ka ja lerole la pente eno le le kana ka thoro e le nngwe fela ya sukiri letsatsi le letsatsi. “Ke gone ka moo ngwana a ka lwalang e le fela ka ntlha ya go kgoma serepodi sa letlhabaphefo ka metlha mme morago a bo a anya monwana wa gagwe,” go bega jalo Newsweek, e oketsa ka gore batsadi ba le bantsi “ga ba lemoge selo seno ka bofefo fela—kana gone gore ga ba dumele—gore lerolenyana go tswa mo direpoding tsa matlhabaphefo a bone le ka tswa le tseela bana ba bone dikgono tsa bone tsa mo isagweng.”
Lloto le Maseanyana A A Iseng a Tsalwe
Bothata jono bo fetela le eleng kwa dipopelong tsa basadi ba ba leng mo mmeleng, koo maboko a a santseng a gola le thulaganyo ya methapo ya bana ba ba iseng ba tsholwe le yone e ka gobalang gone. Fa go direga gore lloto e fetele mo mmeleng wa ga mmè yo o imileng, e ka tswa e le ka go e ja kana ka go e hema, e ka fetela mo mading a gagwe a a elelang. Morago ga moo e fetela kwa loseanyaneng ka thari. Methapo ya ngwana e ka nna ya gobala kana ga fokotsa botlhale jwa gagwe. “Fa mosadi yo o imileng a ka ja tota le eleng selekanyo se sennye fela sa lloto,” go rialo mokwadi mongwe wa tsa boitekanelo, “e ka nna ya fetela kwa loseanyaneng ka samorago.” Mme gape Science News e ne ya bega jaana: “Dipatlisiso di ile tsa supa gore basadi bao ba berekang ka lloto kwa madirelong ba ka nna le selekanyo se se kwa godimo sa go sa tshole bana, go nna le bana ba ba tlang ba tlhokafetse, go tshola bana ba ba tlang pele ga nako le mathata a tsa tsalo.”
Borre le bone ba ka nna le seabe mo mathateng ano. Lloto eo e leng mo kelelong ya madi ya banna e ka nna ya dira gore peo ya bone e seka ya bopega sentle le gore e seka ya nna matlhagatlhaga, seo se ka kgoreletsang go ima kana seo se ka dirang gore maseanyana a seka a bopega sentle. Maseanyana a a fopholediwang go 400 000 mo basading ba Maamerika a tletse thata ka lloto mo eleng gore a tla nna le mathata a go gola. Ereka jaana go tshelwa botlhole ke lloto e le bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe, palo ya bana ba ba iseng ba tsholwe bao ba tshwaeditsweng ke yone e tshwanetse ya bo e le e e garolang pelo.
Ga Se Bana Fela
Go phepafetse gore, batho ba ba godileng le bone ba mo kotsing. E le gore ba ke ba kgone go sireletsa bana ba bone, ba tshwanetse go itshireletsa bone ka bobone. Ba kopana jang le lloto? Bomankge ba dumela gore kwantle ga pente ya matlo, motswedi o mongwe gape o o tletseletseng o o dirang gore batho ba nne ba sa sireletsega kgatlhanong le lloto ke lloto eo e fitlhelwang mo metsing ka ntlhaya ya dipeipi tsa metsi (ka jaana le dipeipe tsa kopore di ka tswa di lomagantswe ka monoso wa lloto) le petorolo eo e tswakantsweng le lloto. Kwa dikolong le kwa diofising, ditsidifatsi tsa metsi di na le ditanka tsa metsi tseo di noseditsweng ka lloto. Motlhankedi mongwe wa EPA (U.S. Environmental Protection Agency) o fopholetsa gore: “Mo e ka nnang diperesente di le 20 tsa go sa sireletsegang kgatlhanong le lloto di nna gone ka ntlha ya metsi a a nowang.” Kemedi ya Dire tse di Botlhole le Kwadiso ya Malwetsi e ne ya bega gore selekanyo sa lloto “go tswa mo ditsidifatsing tsa metsi tsa motlakase se ka nna kwa godimo thata, ebile se ka baya batho botlhe mo kotsing ya go kaa nwa botlhole joo, eseng fela bana.”
Go oketsa bothata jono, batsadi ba ka lere lloto eno mo gae ka diaparo tsa bone tseo ba di aparang kwa tirong mme ka go dira jalo seno sa baya bana mo kotsing e e seng kana ka sepe. Go ile ga fopholediwa gore ke mo e ka nnang badiri ba le dimilione tse robedi kwa United States fela bao ba rakanang le lloto kwa tikologong ya kwa ba dirang gone. Mme diperesente tse dikgolo tsa bano ke basadi.
Bao ba bolokang dino tsa tagi kana dilo tse dingwe mo dibotlojaneng tse di dirilweng ka dikgapetlana tsa lloto le bone ba ipaya mo kotsing e e rileng, ereka jaana go ka diragala gore lloto go tswa mo kgapetlaneng e fetele mo senong seo. Ka tsela e e tshwanang, dinkgwana tseo di dirilweng ka letsopa tseo di ileng tsa seka tsa omisiwa sentle ka mogote o o lekaneng di ka nna tsa gakolola manathwana a lloto go tswa mo dinkgwaneng go fetela mo dijong. Ka sekai, banyalani bangwe ba ile ba etela kwa nageng nngwe ya seeng ba tshotse mabekere a bone a go nwela kofi. Go ile ga lemogiwa gore mabekere ano a ne a ntsha lloto eo e fetang makgetlo a le 300 go feta jaaka fa melawana ya tsa boitekanelo kwa nageng ya bone e letla. Banyalani bano ba ne ba lwala mo go maswe morago ga go dirisa mabekere ano mo lobakeng lo lo khutshwane fela. Mo godimo ga moo, monoso wa lloto mo metemeng ya dijo, eo e santseng e dirisiwa mo dinageng dingwe, e oketsa diperesente tsa seelo se se kwa tlase sa go tshelwa botlhole ke lloto.
Batho bao ba ratang ditlhobolo ba mo kotsing ya go tshelwa ke botlhole ke lloto. Ka ntlha yang? Mme gone, dipatlisiso tsa bosheng jaana di ile tsa bontsha gore bao nako le nako ba yang kwa mafelong ao ba ikatisetsang go hula gone ao a leng mo teng ga dikago ba na le selekanyo se se kwa godimo thata sa lloto go tswa mo go hemeng lerole la yone. Go phamphamologa le go foforega ga marumo a a dirilweng ka lloto jaaka fa a ntse a thunya go romela manathwana a lloto mo moyeng, mme yo o ntseng a hula o a hemela kwa makgwafong a gagwe, go bega jalo makasine wa Science News. Mangwe a matshwao ao a thathamisitsweng a seno ke go utlwa tatso ya tshipi go sa fele le go roroma ga methapo ya seatla. Dipatlisiso tse dingwe di ile tsa bontsha gore maloko a lelapa a ka nna a amiwa ke kotsi ya go ja lloto go tswa mo go bao ba dirisang ditlhobolo tsa letsogo bao ba lereng lerole la lloto mo gae go tswa mo diaparong tsa bone.
Ka go bo go ja lloto e le selo se se ka diragalang bonolo thata jaana ebile e le selo se se leng kotsi mo baneng mmogo le mo bagolong, go phepafetse gore potso eo e tla latelang e tla nna: Ke eng seo se ka dirwang go kganela seno?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]
Mmele O Ka kgona go Emelana le Selekanyo Se Se Kana Kang sa Lloto?
KE SELEKANYO se se kana kang sa lloto seo e eleng se se feteletseng? Mmele o ka kgona go monyela selekanyo se se kana kang sa yone ntle le go gobala? Le mororo baitseanape ba santse ba sekaseka dipotso tse di jaaka tseno, dinaga di le dintsi di setse di ntse di tsentse melao eo e thibeleng maemo a bakang go tshelwa botlhole ke lloto, bobotlana go tswa mo dipenteng tse di tswakantsweng le lloto. Australia e ile ya tsenya molao o o ntseng jalo mo dibukeng tsa yone tsa molao morago kwa mo masimologong a bo 1920. Great Britain, Greece, Poland, le Sweden di ile tsa tsenya melao e e tshwanang tirisong moragonyana mo lekgolong leo la dingwaga. United States e ile ya seka ya tsenya Molao wa yone wa Thibelo ya Botlhole jwa Lloto mo Dipenteng go tla go fitlha ka 1971.
Lefa go ntse jalo, United States e ile ya dira melao e e gagametseng mo kgannyeng eno fa e sale go tloga ka nako eo. Ka 1985 CDC (U.S. Centers for Disease Control) e ile ya fokotsa selekanyo se se amogelesegang sa lloto mo mading go ya go di-microgram di le 25 (25 millionths tsa gerama e le nngwe) tsa lloto mo desilitareng nngwe le nngwe ya madi. Seo e ne e le selekanyo se se ka nnang ka halafo ya selekanyo sa lloto seo se neng se beilwe ke ngaka e kgolo e e arang morago kwa ka 1970, e leng di-microgram di le 60 mo desilitareng nngwe le nngwe. Lefa go le jalo, e ne ya re fa nako e ntse e feta, dipatlisiso di le dintsi di ne tsa bolela gore bana ba ne ba ka gobadiwa le ke seelo se se kwa tlase thata ga seo sa lloto. Ka jalo ka 1991 CDC gape e ne ya fokotsa seelo se go dumalanweng ka sone seo go mo e ka nnang kwa tlase ga halofo, e se fokotsa go fitlha go di-microgram tse 10 mo desilitareng nngwe le nngwe.
Lefa gone go ngangisanwa thata kaga nngwe ya dipatlisiso tse dikgolo tseo di bakileng phetogo eno, dipatlisiso tse dingwe le tsone di ile tsa tla ka dipholo tse di tshwanang. Ka sekai, dipatlisiso dingwe tse pedi go tswa kwa Scotland, di ile tsa nyalanya seelo sa lloto mo mading go nna di-microgram di le 11 mo desilitareng nngwe le nngwe le go latlhegelwa ke botlhale le go nna le mathata a boitshwaro mo baneng. Mme jaaka Bangkok Post e ile ya tlhalosa pelenyana ka 1992, melao e e jaaka wa kwa Thailand o o sireletsang batho ba ba godileng kgatlhanong le lloto o ka nna wa seka wa sireletsa bana—segolo bogolo bana ba ba iseng ba tsholwe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go Tshelwa Botlhole ke Lloto—Bothata jwa Bogologolo
LLOTO e ka tswa e ile ya simolola go dirisiwa bogologolo jole jwa ka 3000 B.C.E. Baegepeto ba bogologolo ba ne ba e dirisa go betla le go bopa dinkgwana ka yone, Bafonekia le Bakaladea ba ne ba gwebisana ka yone, mme Bagerika ba kwa Athena ba ne ba e epa mo lobakeng lwa makgolo a dingwaga a le supa. Lefa go le jalo ke Baroma, ka nako ya puso ya Bokaesare, bao e neng ya nna bone ba ntlha go lemoga boleng jwa lloto mo go tsa madirelo—mme ba ile ba boga mo go botlhoko ka ntlha ya selo seno seo ba ileng ba se lemoga.
Baroma ba ne ba e bitsa plumbum. Badiri ba ne ba menaganya dipapetlana tse dikgolo tsa lloto go dira dipeipi tsa mefuta e le 15 ya boleele jo bo rileng go ka di dirisa mo tsamaisong e kgolo ya bone ya go tsamaisa metsi. Baroma le Bagerika ke bone bao ba ileng ba thaela thulaganyo ya segompieno ya dipeipe tsa metsi motlhala ka go lomaganya dipeipi tse di dirilweng ka lloto mmogo. Ka gone ba ne ba ka lomaganya dikilometara di le dintsi tsa dipeipe mmogo gore di rwalele metsi kwa mafelong a a kwa kgakala. Baroma le bone ba ne ba thula lloto go nna dinkgwana tsa go nwela metsi, dinkgwana tsa beine, le dilo tse di apeelang. Go ne ga kgonwa go dira marulelo a a kgonang go emelana le maemo a a farologaneng a bosa ka dipapetlana tsa lloto.
Lefa go le jalo fela jaaka fa go dirisiwa ga lloto e se selo se sesha, le jone bothata jwa gore e lwatsa batho ga se selo se se sa tswang go lemogiwa bosheng fela jaana. “Mo e ka nnang bobotlana dingwaga tse 2 000,” go kwala jalo makasine wa Science News, “ditšhaba tsa batho di ile tsa lemoga gore lloto e ka nna ya tswa e le selo se se botlhole lefa gone di ne di sa itse gore ke jang e ka nnang botlhole.” Lefa go ntse jalo, go bonala Baroma ba bogologolo ba ne ba sa lemoge dikotsi tsa mmatota tsa lloto. Go ya ka Jerome Nriagu wa Canadian National Water Research Institute, ka tlwaelo fela ba ne ba tshela beine ya bone ka moro wa morara o o neng o bidisitswe mo dinkgwaneng tse di dirilweng ka lloto. Makasine wa Newsweek o tsopola Nriagu a bua jaana: “Leswana le le lengwe fela la moro oo le ne le ka nna selekanyo se se lekaneng go ka baka go tshelwa botlhole ke lloto go go sa foleng.” Mme baeteledipele ba Roma e ne e le banwi ba bagolo ba beine. Nriagu o fopholetsa gore batho ba maemo a a kwa godimo ba Roma ba ne baa nwa beine go tloga go selekanyo sa litara e le nngwe go ya go tse tlhano letsatsi le letsatsi!
“Go bolelwa gore lengwe la mabaka ao a dirileng gore Maroma a phutlhame jaana,” go bega jalo The Medical Post ya Canada, “e ne e le go rata ga bone go natetsha dibeine tsa bone ka lloto.” Pego nngwe e bolela jaana: “Go tshelwa botlhole ka ntlha ya go dirisiwa bobe ga lloto mo dilwaneng, mo ditlhabanong, mo ditlolontlafatsing, mo dinkgwaneng tsa beine, le mo dipeipeng tsa metsi go ka nna ga tswa go ile ga nna le seabe mo botsenweng jwa babusi [ba Roma] le go sa kgoneng go tshola bana le selekanyo se se kwa godimo sa bana bao ba tsholwang ba sule seo se neng se kganela ba losika lwa segosi go ata.”
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Lloto mo Diphologolong
FA O le motho yo o ratang diphologolo, o ka nna wa utlwisiwa botlhoko ke go utlwa gore mo e ka nnang go feta dimilione di le tharo tsa dinonyane tsa mo metsing di swa ngwaga le ngwaga e le ka ntlha ya go tshelwa botlhole ke lloto. Gape le fano, go tshelwa botlhole ke lloto go bidiwa “bolwetsi jo bo sa bonaleng” ereka gantsi bo nna gone bo sa itemose. The U.S. Department of the Interior e bega gore nonyane nngwe le nngwe eo motsumi a e bolayang, kwatara ya kilogerama ya marumo a a dirilweng ka lloto a ditlhobolo tse dinnye a felela mo tikologong ya lefelo leo. Baithutadimela ba ba neng ba sekaseka disentimetara di le mmalwa tsa mmu wa boalo jwa megope, makadiba, le matšha ba ile ba fitlhela gore mo dikarolong dingwe go na le marumo a a dirilweng ka lloto a feta 250 000 mo heketareng nngwe le nngwe ya mmu! Ditshitswana tsa go tshwara ditlhapi tseo di dirilweng ka lloto tseo di nang le go latlhegela mo metsing le tsone di kgotlela boalo jwa megobe.
Morago ga gore nako ya go tsoma e fete, dipidipidi le dinonyane tse dingwe tsa metsi di metsa marumo ano jaaka fa di ntse di senka le dijo. Malatsi a ka nna mararo go ya go a le some moragonyana, botlhole jono bo fetela kwa mading jaaka a ntse a elela mme bo fetela kwa dirweng tsa botlhokwa tsa mmele—pelo, sebete, le diphilo. Mo malatsing a bo 17 go ya go 21, nonyane eno e tla idibala mme morago e swe. Manong a ka tshelwa botlhole jono go tswa mo go metseng marumo a a dirilweng ka lloto ao a itshubileng mo mmeleng wa nonyane eno ya mo metsing eo a e jang. Fa e sale go tloga ka 1966, mo e ka nnang go feta dinonyane tseno tse di tshelang ka nama tseo di sa tlwaelegang di feta 120 di ile tsa fitlhelwa di lalaane di sule e le ka ntlha ya go tshelwa botlhole ke lloto—mo e ka nnang halofo ya palo eno fa e sale ka 1980. Ke boammaaruri gore, palo eno e emela fela manong ano ao go ileng ga sekasekwa ditoto tsa one ebile ga bonwa seo se bakileng loso lwa one; seno e ka tswa e le bontlhabongwe fela jwa palo ya mmatota.