LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 12/8 ts. 29-30
  • Kafa go Ka Thibelwang go Tshelwa Botlhole ke Lloto ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa go Ka Thibelwang go Tshelwa Botlhole ke Lloto ka Gone
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo O Ka Se Dirang
  • Metsi, Metsi Gongwe le Gongwe
  • Lloto mo Dijong le mo Dinong
  • Nna Tekatekano
  • Go Tshelwa Botlhole ke Lloto—Ditlamorago Tsa Gone Tse Di Sa Itumediseng
    Tsogang!—1992
  • Ela Tlhoko Botlhole Jwa Lloto!
    Tsogang!—2009
  • Go Tshelwa Botlhole ke (lead) Lloto—Bothata Jo Bo Aparetseng Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1992
  • A Lefatshe le Felelwa ke Metsi?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 12/8 ts. 29-30

Kafa go Ka Thibelwang go Tshelwa Botlhole ke Lloto ka Gone

GO SA kgathalesege dikgang tsotlhe tse di sa itumediseng tse di kaga go tshelwa botlhole ke lloto, seemo sa kgang eno ga se se se maswemaswe mo go kalo. Go farologana le malwetsi a mangwe ao re sa kgoneng go a laola, bothata jono jwa tsa boitekanelo ke bongwe jwa mathata ao batlhankedi ba tsa boitekanelo ba reng go na le sengwe seo re ka se dirang ka jone.

“Go tshelwa botlhole ke lloto ke selo seo se ka kgonang go thibelwa ka botlalo,” go bega jalo Newsweek e tsopola U.S. Secretary of Health and Human Services. Kotsi ya go tshelwa botlhole ke lloto “e ka khumolwa gotlhelele,” go ne ga rialo moithutabotlhole mongwe yo o itsegeng wa yunibesithi. “Go setse go itsiwe go le gontsi ka ga motswedi le seo se bakang go tshelwa botlhole ke lloto le ditsela tseo di ka latelwang e le gore go ka kganelwa go tshelegelwa ke botlhole jono le go simolola maiteko a go khumola bolwetsi jono goyagoile,” go tlhalosa jalo CDC (U.S. Centers for Disease Control). Mme kwa bokhutlong, U.S. Department of Health and Human Services e oketsa jaana: “Re tlhaloganya seo se bakang go tshelwa botlhole ke lloto mo baneng mme, se se botlhokwa le go feta, re tlhaloganya gore re ka fedisa seno jang. Maiteko a a kopanetsweng a setšhaba a ka thusa gore bolwetsi jono bo fedisediwe ruri mo dingwageng di le 20.”

Seo O Ka Se Dirang

Seno se ka fitlhelelwa jang? Sa ntlha, bomankge ba dumela gore dilo tsa konokono tse di bakang bothata ke pente le metsi. Ka sekai, moithutabotlhole yo o umakilweng fa godimo o ne a gatelela gore selo sa botlhokwa seo se ka dirwang go fedisa go tshelwa botlhole ke lloto ke gore beng ba matlo le bahirisi ba matlo ba tseye dikgato tse di gagametseng mo go fetoleng dipente le dipeipe tsa metsi. Ka gone, beng ba matlo ba ka tlhoka gore ba tlhomamise gore matlo a bone a sireletsegile mo botlholeng jono.

“Lefa go le jalo o seka wa tsenwa ke tsebetsebe,” go kwala jalo makasine wa In Health. “Pente e e sa kgobogang ga e na kotsi epe, lefa gone pente e e obogang le lerole la pente tsone di le kotsi. . . . Sekaseka ntlo ya gago mo teng le ka kwa ntle go bona gore a e na le mo pente e obogileng gone, o lebelela segolobogolo go dikologa dikgoro tsa legong le ditlhomeso tsa matlhabaphefo, e leng mafelo ao go le gantsi maemo a bosa le go gotlhega go ratang go kgobola mafelo a a pentilweng mo go one le go ngapa pente.” Lefapha la tsa boitekanelo la setšhaba kana naga ya lona le ka nna la kgona go go thusa go tlhomamisa gore a ntlo ya gago e mo kotsing, gongwe e ka go kaela kwa dilaboratoring tseo di katisitsweng mo go sekasekeng lloto le go e tlosa. Kgakololo ke eno: O seka wa leka go e tlosa wena ka bowena. Bana ba ka nna ba tshelegelwa ke botlhole jwa lloto fa batsadi ba ntse ba gotlha le go fofora pente e e onetseng mo mabotaneng, go go ka dirang gore moya o tlale ka lerole leo le tlhakaneng le lloto.

Metsi, Metsi Gongwe le Gongwe

Mo malapeng ao metsi e leng one a bakang bothata jo bogolo gone, bothata bo ka tswa bo lerwe ke dipeipi tseo di golaganyang ntlo le motswedimogolo wa metsi. Ntlo e kgologolo e ka tswa e na le dipeipe tseo di dirilweng ka lloto, eleng selo seo ka tlholego fela e leng sone motswedi wa botlhole jono. Tota le eleng dipeipi tsa kopore le tsa setale di ka nna tsa tswa di lomagantswe ka monoso wa lloto. Mo dinageng dingwe go ka nna ga thusa gore motho a sekaseke dipolane tsa ntlo e le gore a tle a kgone go bona gore go dirisitswe dipeipe tsa metsi tsa mofuta ofe mo karolong ya ga lona. Fa go na le sengwe seo se go belaetsang gore metsi a lona a ka tswa a na le botlhole jono, o ka nna wa dira tshwetso ya gore e tle go sekasekwa. Mo dinageng tse dintsi go na le dilaboratori tseo di rulagantsweng go dira seno ka tuelo e e kwa tlase.

Go tweng fa e le gore metsi a lona a na le seelo se se kotsi sa lloto? Ke eng seo o ka se dirang ka seno? Ke boammaaruri gore, ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go tsaya dikgato tse di gagametseng, tse di ntseng jaaka go fetola dipeipi tsotlhe tsa metsi. Batlhankedi ba tsa boitekanelo ba ntsha dikgakololo di sekae tse di motlhofo tseo go ka fokotswang selekanyo sa lloto ka tsone. Pele ga o ka ga metsi mo thepeng, lesa metsi a elele fa fatshe metsotso e sekae, segolobogolo fa e le gore thepe e ile ya seka ya dirisiwa mo diureng tse di fetang tse thataro. Seno se ka thusa gore metsi ape fela ao a nang le botlhole a tswe. Mme gape le ka motlha o seka wa dirisa metsi a thepe e e ntshang metsi a a molelo go apaya ka one le go a a nwa. Go a kgonega gore go nne le lloto e ntsi mo metsing a thepe e e ntshang metsi a a molelo go na le jaaka fa go ntse mo thepeng e e ntshang metsi a a tsididi.

Fa oo nwa go tswa mo ditsidifatsing tsa metsi tsa kwa sekolong, kwa diofising, kana kwa madirelong, o tshwanetse wa lesa metsi a tshologa metsotso e le mmalwa pele ga o ka a nwa. Ditsidifatsi dingwe tsa metsi di na le ditanka tseo di lomagantsweng ka monoso wa lloto.

Lloto mo Dijong le mo Dinong

Food and Drug Administration (FDA) ya Amerika e ile ya ntsha kgakololo malebana le go dirisiwa ga dilo tsa go nwa tseo di dirilweng ka galase eo e tswakantsweng le dikgapetla tsa lloto. Makasine wa Good Housekeeping o ile wa bega jaana: “Lefa gone go sena ope yo o ntshang kgakololo ya gore o seka wa tlhola o di dirisa gotlhelele, FDA e gakolola gore go tilwe go boloka dijo le dino tsa tagi mo dinkgong tseo di dirilweng ka dikgapetla tsa lloto ka lobaka lo lo rileng lwa nako, segolobogolo fa go bolokiwa dijo tseo di nang le asiti (tamatisoso; namune, tamati, le matute a mangwe a maungo; beine; le aseine) . . . FDA gape e gakolola gore masea le bana ba bannye ba seka ba anyisiwa ka dibotlolo tseo di dirilweng ka dikgapetla tsa lloto . . . kana lefa e le sedirisiwa sepe fela seo se dirilweng ka dikgapetlana tsa lloto.”

Go tweng ka dibotlolo tseo di tsenyang beine tseo melomo ya tsone e apesitsweng ka papetlana ya lloto? Bomankge bangwe ba tsa boitekanelo ba rotloetsa gore dipapetlana tseno tsa lloto di ntshiwe gotlhelele mme, morago ga go somola koroko, o kolobetse letsela ka marothodi a se makae a beine mme o phimole molomo wa botlolo ka yone.

Bommè le bommamalapa, a lo na le go boaboeletsa kgetsananyana e le nngwe ya polasitiki e e tsenyang borotho go boloka dijo ka yone? Babatlisisi ba ile ba fitlhelela gore go na le seelo se segolo sa lloto mo inking eo e dirisitsweng go kwala dikgetsana tseo tsa polasitiki kafa ntle, eo e ka nnang ya nwelelela mo dijong tse dingwe. Lloto eno ga e fetele go tswa mo kgetsananyaneng eno go ya mo borothong jo bo leng mo teng go yone; lefa go ntse jalo, fa go diragala gore moreki a tlhanole kgetsananyana eno, inking eo e nang le lloto e ka nna ya fetisetsa lloto mo dijong. Fa o boa o dirisa kgetsananyana eno gape, tlhomamisa gore ditlhaka tsa kgetsana eo ga di kopane ka gope le dijo.

Sa bofelo, makasine wa Discover o ntsha kgakololo eno: “Baeti ba ba etelang kwa moseja ga mawatle, segolobogolo bao ba etelang kwa dinageng tsa Mafatshe a a Humanegileng ba tshwanetse go ela tlhoko dipitsa tseo di dirilweng ka letsopa; marago a tsone ao a dirilweng ka lloto a ka nna a tswa a sa gotediwa thata mo mogoteng o o kwa godimo e le gore di seka tsa kgoboga, tsa foforega, le gore manathwana a lloto a seka a fetela mo dijong.”

Nna Tekatekano

Selo sa botlhokwa seo se ka thusang seo o tshwanetseng go se gakologelwa fa o lebagane le bothata jono kana bothata bope fela jo bo amang tikologo ke: Nna tekatekano. Go bonolo thata gore motho a ka tsenwa ke tsebetsebe, mme go tsenwa ke tsebetsebe ga go thuse ka sepe. Selo se se utlwisang botlhoko ke gore tikologo ya rona e tletse ka dilo tse di senang palo tseo di e kgotlelang kwantle ga lloto. E le gore re tshele botshelo jo bo senang kgotlelo eno gotlhelele, gongwe go ka re tlhoka gore re fudugele kwa lefelong lengwe le le kwa kgakalakgakala. Lefa go le jalo ke mang yo o ka ratang go tshela jaaka motshelanosi e le fela ka go bo a batla go tila kgotlelo? Selo se le sosi fela seo se ka rarabololang bothata jono ke gore go tsewe dikgato tse di tshwanetseng go itshireletsa le go sireletsa bana ba rona go tswa mo bothateng jono jo bo masisi. Tshireletso e e feletseng go tswa mo go sa diriseng ditswammung tsa lefatshe sentle ga motho e tshwanetse ya tla moragonyana.

Mme go tla gone e tla tla! A o ne o itse gore Mmopi wa polanete eno o solofetsa gore go tla tla nako ya gore setho se fitlhelele maiteko a go e fetola go nna paradaise? Ga go ne go tlhola go diragala gore motho a kgotlele le go anamisa dilo tse di botlhole gongwe le gongwe. Isaia 11:9 e oketsa tsholofetso eno jaana: “[Batho] ga [Ba] ketla [ba] utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” Ga go na pelaelo gore “kicō ea go itse Yehofa” e tla kopanyeletsa go tlhaloganya gore ditswammung tsa polanete eno di ka dirisiwa jang ka tsela eo e se kitlang e gobatsa bana kana bagolo—tsela eo e se kakeng ya gobatsa motho lefa e le ope fela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela