Ela Tlhoko Botlhole Jwa Lloto!
Mo dingwageng tsa bosheng jaana mebuso e ile ya ntsha taelo ya tshoganyetso ya gore dilwana tse batho ba di rekileng tse di jaaka ditshamekisi le dibenyane di busiwe. Ka ntlha yang? Go fitlhetswe selekanyo se se kotsi sa lloto mo go dingwe tsa dilwana tseno mme bana ba bannye ba rata go di monya kgotsa go di tlhafuna. Go tsenwa ke botlhole jwa lloto go ka nna kotsi thata mo baneng ba ba kafa tlase ga dingwaga di le thataro, ka gonne thulaganyo ya bone ya ditshika tse dikgolo tsa boboko e sa ntse e gola.
GO YA ka patlisiso nngwe e e dirilweng ke Johns Hopkins Bloomberg School of Public Health, lloto e thibela poroteine e e botlhokwa e e thusang boboko le tlhaloganyo gore di gole. Dipatlisiso di bontsha gore bana ba tsenwa ke diperesente di le 50 tsa lloto e ba e metsang mme gantsi bagolo ba tsenwa ke diperesente di le lesome go ya go di le 15 fela.
Dipatlisiso tsa bosheng di ile tsa akantsha gore tota le selekanyo sa lloto e mebuso mengwe e se letleletseng gore se dirisiwe mo dilwaneng se ka baka kotsi. Go ya ka National Safety Council kwa United States, mathata a ka akaretsa “go sa kgone go ithuta, bokoa jwa go sa kgone go tlhwaya tsebe, bothata jwa boitshwaro, go palelwa ke go gola, go sa utlwe sentle le go senyega ga diphilo” mo baneng. Basadi ba ba nnang baimana ba tshwanetse go nna kelotlhoko le go feta gore ba tile gore ba se ka ba tsenwa ke botlhole jwa lloto ka gonne e ka gobatsa leseanyana le le iseng le tsholwe.a
Mme gape lloto e ka kgotlela dijo kgotsa dino tse di apeilweng kgotsa tse di tshetsweng mo dilong tse di dirilweng ka letsopa le le phatsimisitsweng ka lloto, tse gantsi di dirisiwang kwa dikarolong dingwe tsa Asia le kwa Latin America. Ka dinako tse dingwe metsi a a nowang a bewa mo dipitseng tsa letsopa gore a nne a le tsididi mme dino tse di bolelo di tshelwa mo dikoping tsa letsopa tse di phatsimisitsweng ka lloto. Patlisiso nngwe ya bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le tlhano kwa Mexico City e ne ya bontsha gore mo e ka nnang halofo ya bana ba ba kwa godimo ga dikgwedi di le 18 ba ne ba na le selekanyo se se kwa godimo sa lloto mo mading a bone. Go ile ga umakiwa dijo tse di apeilweng mo dilong tsa letsopa e le lengwe la mabaka a seno. Lloto e dira gore dilo tsa letsopa di nne le tebego e e borethe, e e keteng galase, mme e ka nyerologa, segolobogolo mo dijaneng tse di gotediwang kgotsa fa e kopana le maungo le merogo e e rileng.
Dilo Tse Dingwe Tse di Dirang Gore Motho a Tsenwe ke Botlhole Jwa Lloto
Le fa mo dingwageng tsa bosheng jaana bontsi jwa dinaga tse di tlhabologileng di ile tsa tlogela go dirisa lloto mo peteroleng ya tsone, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o bolela gore go na le mo e ka nnang dinaga di le 100 mo lefatsheng tse di sa ntseng di dirisa peterole e e nang le lloto. Lloto ga e tlhaologe e bile ga e she. Ka jalo, dikarolwana tse dinnye tse di tswang mo dikoloing di kgotlela mmu o o bapileng le ditsela tse dikgolo. Go tswa foo lerole la lloto le a hemiwa kgotsa le isiwa kwa matlong ka leswe le le mo ditlhakong.
Selo se sengwe se segolo se se neng se baka kgotlelo ya lloto ke dipente tse di nang le lloto tse di neng di dirisiwa mo matlong pele ga go tlhomiwa melao e e neng e laola seo. Kwa United States fela, go fopholediwa gore go na le matlo a le dimilione di le 38—diperesente di le 40 tsa matlo otlhe—a a nang le pente e e nang le lloto. Pente e e foforegang kgotsa lerole la lloto le le nnang teng fa go ntšhafadiwa meago di ka nna kotsi thata.
Ditoropo le matlo a le mantsi a bogologolo a na le diphaepe tsa lloto kgotsa diphaepe tsa metsi tse di kopantsweng ka lloto le koporo. Tliliniki ya Mayo, setheo sengwe sa kalafi se se tumileng sa kwa United States, e akantsha gore motho a dire gore metsi a a tswang mo diphaepeng tse di ntseng jalo a elele metsotswana e le 30 go ya go 60 pele ga a a nwa. Metsi a a mogote a a tswang mo diphaepeng tseno ga a tshwanela go dirisiwa gotlhelele mme ga a tshwanelwa go nowa kgotsa ga apewa ka one—segolobogolo go dira mashi a lesea.
Selekanyo sa lloto se fokotsega thata mo mading fa se se bakang botlhole jwa yone se tlosiwa. Batho ba ba tshwenyegileng ka gore a ba na le lloto mo mading a bone ba ka nna ba dira ditlhatlhobo tsa madi. Fa motho a na le selekanyo se se kotsi o tshwanetse go batla thuso ya kalafi.
Botlhokwa Jwa go Lemotsha Batho
Go tsenwa ke botlhole jwa lloto go ka bakiwa ke go koelana ga lloto mo mmeleng ka sebaka sa nako e e rileng. Mme go metsa selekanyo se sentsi ka nako e le nngwe go ka bolaya. U.S. Centers for Disease Control e bega gore ka 2006 ngwana yo o neng a ise a simolole sekolo o ne a swa ka ntlha ya go metsa lenathwana la lebenyane la tshipi le le neng le na le selekanyo se se kwa godimo sa lloto.
Fa buka nngwe ya tshedimosetso e gatelela botlhokwa jwa gore batho ba lemotshiwe ka seno, e ne ya bolela gore gone jaanong, ngwana a le mongwe yo o iseng a ye sekolong mo go ba le 20 kwa United States o na le selekanyo se se kwa godimo sa lloto mo mading a gagwe. Fa e le gore go ntse jalo kwa nageng e kwa go yone go dirisiwa ga lloto go laolwang, go ka tweng ka dinaga tse go sa dirweng jalo gone? Ee ruri, mongwe le mongwe o tshwanetse go nna kelotlhoko!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bagolo le bone ba ka tsenwa ke botlhole jwa lloto mme seo se ka baka mathata a ditshikana, botlhoko jwa mesifa le ditokololo kgotsa mathata a go gakologelwa kgotsa go tlhoma mogopolo mo sengweng.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]
MATSHWAO MANGWE A BOTLHOLE JWA LLOTO MO BANENG
Ditlhabi mo mpeng, go nna dikgoka, go tlhoka madi mo mmeleng, mathata a go tsepamisa mogopolo, go bipelwa, letsapa le le tseneletseng, go opiwa ke tlhogo, go selekega, go sa gole sentle, go sa je sentle le go tlhoka maatla, go gola ka bonya.—MEDLINE PLUS MEDICAL ENCYCLOPEDIA.