Go Tshelwa Botlhole ke (lead) Lloto—Bothata Jo Bo Aparetseng Lefatshe Lotlhe
LETSHOLO la ga Sir John Franklin la go batlana le Tselawatle e go neng go a tle go buiwe ka yone e e Lebang Bokonebophirima le ne le le mo dipharagobeng. Dikepe tsa gagwe tse pedi di ne di tshwerwe ke metsi a a suleng dikgapetla, mme ebile mariga a maleele a kwa Arctic a ne a sa tswa go simologa. Mongwe wa banna ba letsholo leno la mo lewatleng o ne a setse a ile ga maotwana hunyela ka tsela e e neng e gakgamatsa—o ne ka iketlo a simolola go latlhegelwa ke tlhaloganyo, a simolola go itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang, mme kwa bofelong a wa dinama go fitlhelela aa swa. Jaanong botsenwa jono bo ne jwa simolola go anama. Banna ba bantsi ba ne ba swa. Morago ga gore bomadimabe jono bo bake dintsho di le somepedi mo dingwageng tse pedi tseo di neng tsa latela, maloko a letsholo ao a neng a falola a ne a ikemiseditse go tswa a tlogela dikepe tseno tsa bone moo eleng gore ba ne ba simolola mosepele o o makgwakgwa wa go ya ntlheng ya borwa, ba tsamaya mo lenageng le le lolea fela le khurumeditswe ke segagane, ba goga dilei tse dikgolo di tletse ka dilwana tseo e seng tsa botlhokwa, le eleng dilo tsa go iketla. Ga go na ope mo letsholong leno yo o ileng a falola. E ne e le ka 1848. Mo e ka nnang mo dingwageng tse 140, seo se neng sa baka botsenwa jono jwa bone e ne e ntse e le masaitseweng. Lefa go le jalo mo ngwagasomeng e e fetileng, morago ga gore go sekasekwe meriri ya bone le manathwana a marapo a bone go ne ga senoga selo sa konokono mo masaitseweng ano: lloto. Banna bano ba ne ba jele nama e e neng e tsentswe mo metemeng eo e neng e tswetswe ka monoso wa lloto. Ba ne ba tshetswe botlhole ke lloto!
Go tshelwa botlhole ke lloto e ne e ntse e le bothata bogologolo le eleng pele ga malatsi a letsholo leo le le ileng la seka la nna le katlego, mme e ile ya nna matshosetsi a magolo mo boitekanelong jwa lefatshe ka bophara fa e sale go tloga ka nako eo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga kwalwa thata ka dikotsi tseo di bakiwang ke go tshelwa botlhole ke lloto. Mekgatlho ya tsa boitekanelo go ralala lefatshe lotlhe e mo tsietsing ya gore go ka lepalepanwa jang le seno. Segolobogolo kwa dinageng tse di jaaka tseo di leng kwa Latin Amerika le Yuropa Botlhaba, koo go nang le dithibedi di sekae fela tsa melao ya tsa tikologo, go tshelwa botlhole ke lloto e ile ya nna bothata jo bo golelang pele teng. Merafe eo e ikemetseng sentle mo go tsa itsholelo le yone e tshwenyegile kaga seno.
Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, ka ntlha ya go tshwenngwa ke bosupi jo bo golelang pele jwa gore go tshelwa botlhole ke lloto go fetogile bolwetsi jo bo anamang, batlhankedi ba tsa boitekanelo kwa Australia, Denmark, Jeremane, Mexico, Scotland, le kwa United States ba ile ba simolola dipatlisiso tseo di bontshang kafa lloto e leng kotsi ka gone tota le eleng selekanyo se sennye fela sa yone mo bathong, segolobogolo mo baneng.
E Kotsi go le Kanakang?
A go kopana le tshipi e e sa reng sepe, eo e fitlhelwang gongwe le gongwe go ka nna kotsi go le kalo? Dr. Richard Wedeen, yo eleng mokwadi wa buka ya Poison in the Pot: The Legacy of Lead, o dumela gore lloto e ka gobatsa go dira ga dikhemikhale tsotlhe tsa mmele wa motho. Ka jalo o ile a konela ka gore “lloto e ka nyalanngwa le malwetsi a madi a magolo, go swa mhama, le malwetsi a pelo mmogo le bolwetsi jwa diphilo.” Wedeen o dumela gore bagodi bangwe ba ba lwalang e le ka ntlha ya go tshelwa botlhole ke lloto ba ka nna ba fetoga batho ba ba lemaletseng bojalwa mme kgabagare ba tshwanelwa ke go ya ditheong tsa batho ba ba tshwerweng ke malwetsi a tlhaloganyo.
The World Book Encyclopedia e thathamisa matshwao a mangwe, a a jaaka anemia, go otsela, go gogega ga mesifa, go ikutlwa o le bokoa, go golafala, go nna le ditlhabi mo mogodung, le go tlhatsa. “Go gobala mo bobokong, go idibala la go swa, le go roroma mmele di nna gone mo maemong a a masisi, mme ebile mo maemong a a masisi le go feta a go tshelwa botlhole jono ke lloto go ka felela ka loso,” saetlopedia eno e bega jalo. Mme go lemotshega gore palo e kgolo ya bao ba leng kafa tlase ga maemo ano a a masisi ba sala ba ntse ba tshwenngwa ke go gobala boboko, go kwala jalo ngaka nngwe e e itsegeng.
Ke eng seo tota lloto e se dirang go tlhagisa matshwao ano? Totatota, ka phoso mmele o ithaya o re lloto eno ke khalesiamo, ka jalo mmele ga o dire maiteko ape a go tlhabantshana le yone. Jaaka fa e ntse e anama le madi fa a ntse a elela jalo, lloto e baka tshenyo gongwe le gongwe kwa e fetang gone. Mo mading, e kgoreletsa go tlhagisiwa ga hemoglobin, ka gone e gobatsa kgono ya madi ya go rwalela okesejene kwa dirweng tse dingwe. Mo bobokong le mo tsamaisong ya methapo, e ingaparetsa mo diporeteineng tsa konokono tseo di bidiwang di-enzyme mme e bo e di dira gore di seka tsa nna le mosola ope. Marapo one a kgobokanya le go boloka lloto eno, ka dinako tse dingwe a e ntsha ka nako ya fa go setse go le thari mo go ka bakang dikgobalo tse di oketsegileng.
Dilo tse pedi tseo di leng malebana le go tshelwa botlhole ke lloto tseo di e dirang kotsi le go feta. Sa ntlha, e ka nna bolwetsi jo bo itshubileng, jo bo nnang bo ntse bo itlhagisa ka bonya ka bonya jalo, go le thata go bo lemoga. Sa bobedi, segolo bogolo ka ntlha ya diphetogo tse dikgolo tsa madirelo, lloto e fitlhelwa gongwe le gongwe mo tikologong ya rona.
Tshipi E E Fitlhelwang Gongwe le Gongwe
Gompieno, go jela dilo tlhogo ke gone fela go lekanyetsa ditsela tseo lloto e ka dirisiwang ka tsone. Ka sekai, fa e sale ka bo 1920 go fitlhelela bosheng jaana, ditone di le dimilionemilione tsa lloto di ile tsa tswakanngwa le petorolo e le gore go tle go tokafadiwe tsela eo dienjene di dirang ka yone. Lloto e ile ya dirisiwa thata mo dipenteng, lefa gone dinaga dingwe morago jaana di ile tsa dira dithibelo tse di gagametseng gore e seka ya dirisiwa thata ka tsela eno.
Le eleng lefa gone o ka tswa o nna mo nageng eo lloto e leng kgale e kganetswe go dirisiwa mo dipenteng kana mo peterolong, gone o ka nna wa tswa o sa sireletsega mo go feletseng mo go kopaneng le lloto. Ka sekai, o ka tswa o nna mo ntlong kana mo kagong eo e ileng ya pentiwa pele ga melao eo e tsenngwa tirisong. Kana gongwe mo o nnang gone go santse go na le dikoloi tsa bogologolo tseo di santseng di dirisa peterolo e e tswakantsweng le lloto, tseo di santseng di kuisa mosi o o tswakaneng le lloto o o ka kgotlelang moya le mmu tse di go dikologileng.
Se sengwe gape, lloto e ile ya dirisiwa thata mo dipeiping tsa metsi le mo go nosetseng ka yone. Disireletsi tsa lloto di dirisiwa ke bategeniki ba di-X-ray go itshireletsa ka tsone le badiri ba maatla a nuklea go itshireletsa kgatlhanong le marang a a kotsi. Ditsidifatsametsi tseo di dirilweng ka ditanka tse di noseditsweng ka lloto di santse di dirisiwa, fela jaaka meteme ya dijo eo e tswalwang ka go nosediwa ka lloto le yone e santse e dirisiwa. Dikgapetlana tsa lloto gantsi di fitlhelwa mo digalaseng le mo dibotlolong tsa beine. Tota le eleng dibotlolo tse dingwe tsa masea di dirwa ka dikgapetlana tsa lloto. Go na le dipolata tsa lloto mo magaleng a dikoloi. Marumo le marumonyana a ditlhobolo tse dinnye a lloto a dirisiwa ke dimilionemilione tse di senang palo tsa batho. Lethathama la dilo tseo go dirwang lloto ka tsone ga le fele.
Lefa gone go tshelwa botlhole ke lloto ga batho ba ba godileng e le selo se se tshwentseng bomankgwe ba le bantsi ba tsa kalafi, batswasetlhabelo ba bagolo ba masetlapelo ano ke bana. Ke ka ntlha yang fa e le bana? Mme o ka ba sireletsa jang wa ba wa itshireletsa wena ka bowena mo bolwetsing jono jo bo koafatsang mmele le tlhaloganyo mo go maswe jaana?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 22
A go kopana le tshipi e e fitlhelwang gongwe le gongwe go ka nna kotsi go le kalo?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 22]
Jaaka fa e ntse e anama le fa e ntse e elela jalo le madi, lloto e gobatsa karolo nngwe le nngwe eo e fetang mo go yone
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 23]
“Lloto e ka nyalanngwa le bolwetsi jwa madi a magolo, go swa mhama, malwetsi a pelo mmogo le bolwetsi jwa diphilo”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Photo: Painting by Thomas Smith, courtesy of the Maritime Museum, Greenwich, England