LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 5/8 ts. 3-4
  • Fa go Nna Ngwana go le Botlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa go Nna Ngwana go le Botlhoko
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a go Namola Bana
    Tsogang!—1994
  • Bana Ba mo Dipharagobeng
    Tsogang!—1992
  • Lebaka La go Bo Bana ba Nna Masole a a Molemo
    Tsogang!—1997
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 5/8 ts. 3-4

Fa go Nna Ngwana go le Botlhoko

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SPAIN

Gompieno—letsatsi le le sa farologaneng le a mangwe a dingwaga tsa bo1990—bana ba le dikete tse 200 ba tla lwa mo dintweng tsa borukhutli, bana ba le dimilione tse 100 ba ba lekaneng go tsena sekolo ga ba kitla ba ya sekolong, bana ba le dimilione tse 150 ba tla ya go robala ba sa ja sepe, bana ba le dimilione tse 30 ba tla ithobalela fela mo mebileng, mme ba le dikete tse 40 ba tla swa.

FA E le gore o tshosiwa ke dipalopalo tseno, dipelo tsa ba ba diragalelwang ke dilo tseno di botlhoko thata. Fa tlase fano re tla utlwa go le gonnye ka dikgang tsa bana ba batlhano ba masetlapelo a ba mo go one a tla re thusang go tlhaloganya sentle se se kaiwang ke dipalopalo tseno tse di utlwisang botlhoko.

Ngwana yo e leng lesole. Mohammad o na le dingwaga di le 13 fela mme e setse e le lesole le le nang le maitemogelo le le setseng le lole dintwa di le supa la kwa borwabophirima jwa Asia. E ne e le modisa wa dipodi pele a ya ntweng—a na le dingwaga di le lesome. Gone jaanong, Mohammad o tshola tlhobolo ya AK-47 e e botlhoswana, e a sa tshabeng go e dirisa. Mo ntweng nngwe o ne a bolaya masole a mabedi a baba a le gaufi thata le bone. Fa a ne a bodiwa gore o ne a ikutlwa jang ka go ba bolaya, o ne a araba jaana: “Ke ne ke itumetse gonne ke ba bolaile.” Moofisiri wa gagwe o ne a tlhalosa gore bana ke masole a ditswerere, “ka gonne ga ba tshabe.”

Ngwana yo o berekang. Woodcaby o na le dingwaga di le nne, o nna mo ntlong e e dirilweng ka ditena tsa samente le molora kwa setlhaketlhakeng sengwe sa Caribbean. O tsoga ka 6:00 a.m. go dira ditiro tsa gagwe tsa legae tsa letsatsi: go apaya, go ga metsi, le go phepafatsa ntlo ya mongwaagwe. Ga a duelwe ka sepe e bile gongwe ga a kitla a tsena le ka kgoro ya sekolo. Woodcaby o bolela gore o tlhoafalela batsadi ba gagwe thata mme fela ga a itse gore ba kae. O fetsa tiro ya gagwe ka 9:30 p.m., mme fa a le lesego ga a ne a robala a sa ja.

Ngwana yo o tshwerweng ke tlala. Mo motseng mongwe wa Afrika wa Comosawha, mosetsana mongwe wa dingwaga tse 11 o fetsa letsatsi lengwe le lengwe a epolola digwere. Ene le lelapa la gaabo ba itshelela ka digwere tsa diaiye—totatota, ba tshela ka sengwe le sengwe se se ka tlhogang mo mmung wa bone o o phaphaletseng. Ba apaya digwere tseno ka metsi kana ba a di rita morago ba bo ba di gadika. Leuba le le maswe le dintwa tsa semorafe ke tsone tse di dirileng gore batho ba motse oo ba bolawe ke tlala jalo.

Ngwana wa mo mebileng. Edison ke mongwe wa diketekete tsa bana ba ba nnang mo mebileng ya toropo nngwe e kgolo ya kwa Amerika Borwa. O itirela madinyana ka go phatsimisa ditlhako, mme o ithobalela le bana ba bangwe ba ikhutagantse mmogo mo masigong a a tsididi gaufi le boemelo jwa dibese. Ka dinako tse dingwe o a tle a phamolele batho dilwana gore a oketse madinyana a o a amogelang mo tirong ya gagwe ya go phatsimisa ditlhako. O setse a kile a itewa gabedi ke mapodisi le go nna dikgwedi di le tharo kwa kgolegelong. Edison o bolela gore gone jaanong o “setse a batla” a tlogetse diokobatsi le go goga sekgomaretsi. O eletsa go ipona e le makheneke, mme o rata go ithutela tiro eo thata.

Loso lwa ngwana. Go tsididi e bile pula e a na kwa thabeng ya Dugen kwa Botlhabagare. Lesea le le potokilweng ka letsela la phitlho le tsenngwa mo lebitleng le le seng boteng. Ngwana yono o bolailwe ke go tsholola—selo se gantsi se bolayang masea. Mmangwana ke motshabi mme mashi a gagwe a ne a kgala ka nako ya fa a ntse a tshaba. Ka ntlha ya go tlalelwa o ne a nosa ngwana metsi a a nang le sukiri lefa go ntse jalo metsi ao a ne a na le megare, mme ngwana o ne a swa. Fela jaaka bana ba bangwe ba le 25 000 ba ba neng ba fitlhwa mo go lone letsatsi leo, o ne a ise a tshware ngwaga a tshotswe.

Dipego tseno tse di utlwisang botlhoko tse di ka atisiwang ga diketekete, di bontsha kafa bana bangwe ba tshelang ka teng mo lefatsheng. Mo baneng bano go nna ngwana, nako e ba ka bong ba e tshela ba sireleditswe ke lelapa le le ba ratang le ba ruta le go ba godisa sentle, ke sengwe se bontsi jwa bone ba se kitlang ba tswa mo go sone.

Peter Adamson, mokwadi wa pego ya The State of the World’s Children, o ne a bolela jaana ka 1990: “Ruri ga go tlhole go tlhokega gore batho ba swe le go boga ka selekanyo se se kanakana; ga go tlhole go ka itshokelwa. Batho ba tshwanetse go baakanya seemo seno gonne ba ka kgona.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Photo: Godo-Foto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela