Lebaka La go Bo Bana ba Nna Masole a a Molemo
A O NE WA BOLAYA? “Nnyaa.”
A O NE O TSHOTSE TLHOBOLO? “Ee.”
A O NE WA KOROLA TLHOBOLO? “Ee.”
A O NE WA HULA? “Ee.”
GO DIRAGETSE ENG? “Ba ne ba wela fela fa fatshe.”—World Press Review, January 1996.
MOTLOTLO ono o o amang pelo gareng ga modirediloago le ngwana yo e leng lesole mono Afrika o bontsha tlhakatlhakano e e leng mo tlhaloganyong ya ngwana yo o lekang go amanya botshelo jo bo tlwaelegileng le ditiragalo tse di mo diragaletseng.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana, mo dinageng di le 25, bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 16 ba nnile le seabe mo ntweng. Ka 1988 fela, bana ba ka nna 200 000 ba ne ba nna le seabe se segolo mo dintweng. Ka ntlha ya gore bana bano ba batlhabani ba ne ba ntse ba dirisiwa ke bagolo ba sa lemoge, le bone ba a amega.
Botlhokwa Jwa Bone mo Bosoleng
Bogologolo, fa masole a ne a sa ntse a lwa ka marumo le disabole, ngwana o ne a se kitla a kgona go emelana le mogolo yo o kgatikanyang sebolao se se tshwanang le sa gagwe mo ntweng. Le fa go ntse jalo, ono ke motlha wa ditlhabano tse di bofefo. Gompieno, ngwana yo o nang le tlhobolo ya—AK-47 e e dirilweng kwa Soviet kgotsa ya M16 e e dirilweng kwa Amerika—a ka lwa kgatlhanong le mogolo.
Ditlhobolo tseno ga di botlhoswana fela mme gape go motlhofo go di dirisa le go di baakanya. AK-47 e ka tlhatlhamololwa le go tlhamaganngwa gape ke ngwana wa dingwaga di le lesome. Gape ditlhobolo tseno di bonwa ka bontsi. Go rekisitswe di-AK-47 di ka nna dimilione di le 55. Mo nageng nngwe mo Afrika, di rekisiwa fela ka R26. Ditlhobolo tsa M16 le tsone di bonwa ka bontsi e bile di tlhwatlhwa tlase.
Kwantle ga gore bana ba kgona go dirisa ditlhobolo, gape ke masole a a molemo ka mabaka mangwe a a rileng. Ga ba lope tuelo e bile ke sewelo ba tshabang. Go feta moo, bana ba na le keletso e kgolo ya go itumedisa bagolo ba bone. Go lemoga ga bone se se siameng le se se sa siamang go fenngwa ke go batla go amogelwa ke setlhopha sepe fela sa kgololesego kgotsa ke masole a dirukhutlhi a a setseng a fetogile “balelapa” la bone.
Gape bontsi jwa bone ga bo boife sepe. Moelatlhoko mongwe wa sesole kwa Afrika Bophirima o tlhalositse jaana: “E re ka [bana] ba sa tlhaloganye loso jaaka masole a a godileng, ga ba ineele motlhofo fa go le maswe.” Mosimane mongwe wa kwa Liberia, yo o neng a na le leina la mareto le go tweng ke Captain Killing Machine, o ne a ipelafatsa ka gore: “Fa banna ba bagolo ba ne ba retologa mme ba tshaba, rona basimane re ne re sala re lwa.”
Le fa gone basimane e nna masole a a molemo, ka gale ba lebiwa e le ba ba seng botlhokwa thata. Mo ntweng nngwe kwa Botlhabagare, ditlhopha tsa masole a bana di ne tsa laelwa go tsamaya mo tseleng e go neng go epetswe dibomo mo go yone.
Go ba Ngoka le Maemo a Tiro
Bana bangwe ba tsenela bosole kgotsa ditlhopha tsa dirukhutlhi ka go bo fela ba senka go bontsha bogatlhamela masisi. Gape, fa kotsi e ba gomagomela e bile malapa a tlhakatlhakane, tiro ya bosole e nna lefelo la polokesego gape e fetoga lelapa la bone. United Nations Children’s Fund e bolela gore: “Bana ba ba godileng ba dikologilwe ke thubakanyo ba bona seno e le tsela e e tlwaelegileng ya botshelo. E re ka ba le nosi, e le masiela, ba tshogile, ba lapile pelo e bile ba kgobegile marapo, kgabagare ba tla tlhopha go lwa.”
Bana ba bangwe ba tsenela bosole ka gonne ba bona go sena sepe se se botoka se ba ka se tlhophang. Ka dinako dingwe fa dijo di tlhaela le kotsi e ba gomagomela, go tsenela bosole go ka bonala e le yone fela tsela ya go falola.
Ka dinako dingwe bana ba ka ipona e le ba ba tlhabanelang tolamo ya setšhaba, ditumelo tsa bodumedi kgotsa setso sa bone. Ka sekai, kwa Peru, bana ba ba pateleditsweng go tsenela bosole jwa dirukhutlhi ba rutiwa megopolo mengwe ya dipolotiki ka lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, gantsi seno ga se tlhokege. Brian Milne yo e leng moitsethutomotho yo o ithutileng ka ga bana ba e leng masole kwa Borwabotlhaba jwa Asia, o ne a bolela jaana: “Bana ga ba tlhoke thuto kgotsa kgopolo e e rileng. Ba tlhotlhelediwa fela ke letlhakore lengwe le le rileng mme ba simolole tiro.”
Mo godimo ga moo, bana ba bangwe bone ba patelediwa go ikwadisa. Mo dintweng dingwe tsa Afrika, makoko a a lwang a ne a tsamaya mo metseng a gapa bana, mme morago ga moo ba bo ba lebelela kgotsa ba nna le seabe mo go teketeng le go bolaya ba malapa a bone. Ka dinako dingwe ba patelediwa go hula batsadi ba bone kgotsa go ba kgaola dikgokgotso. Fa basimane ba setse ba tlhorontshitswe, ba tlhotlhelediwa go tlhorontsha ba bangwe. Basha bano ba ba kgwaraladitsweng dipelo gantsi ba dira ditiro tsa bosetlhogo tse le e leng masole a a godileng a a nonofileng a se kitlang a di dira.
Go Boela Kwa Botshelong jo bo Tlwaelegileng
Ga go motlhofo mo baneng ba ba ntseng jalo go tlwaela botshelo jo bo se nang thubakanyo. Motsamaisi wa legae la bana kwa nageng nngwe ya Afrika Bophirima o buile seno: “Bana ba re ba alafileng botlhe ba sotlilwe ka ditsela tse di farologaneng. Ba ne ba betelela, ba bolaya le go teketa. Bontsi jwa bone ba ne ba neelwa bojalwa le diokobatsi, go le gantsi motokwane, le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe heroine. . . . O ka akanya fela kafa dilo tseo tse di boifisang di amang ditlhaloganyo tsa bana ka teng ba bangwe ba bone ba leng dingwaga di le robedi kgotsa robonngwe fela.”
Boemo ke jo bo tshwanang kwa nageng e e gaufi le eo ya Liberia, koo masome a le diketekete a bana a feditseng dingwaga tsa bongwana ba tlhorontsha baagi mo nageng eo yotlhe. Ga go motlhofo gore basha ba e leng bomajoro le bajenerale ba tlogele maemo le thata e ba e neetsweng ke AK-47. Moagi mongwe wa kwa Somalia o boletse gore: “Fa o na le tlhobolo, o na le botshelo. Fa o sena tlhobolo, ga o tshele.”
Gangwe le gape, bana ba batlhabani ga ba kgone go boela gae ka ntlha ya go bo ba gapilwe kgotsa ba gannwe ke ba malapa a bone. Mogakolodi mongwe wa bana kwa Liberia o boletse gore: “Bomme ba ne ba re bolelela gore, ‘Mo tseyeng. Ga re batle selalome seno mo ntlong ya rona.’”
Le fa gone bana ba le bantsi ba setse ba tlwaela go tshela matshelo a a ritibetseng, go dira jalo go tlhoka gore ba ba nnang le bone ba ba bontshe lorato lo logolo, ba ba thuse le go ba tlhaloganya. Ga se selo se se motlhofo mo ngwaneng kgotsa go ba lelapa la gagwe. Modirediloago mongwe kwa Mozambique o tlhalositse seno: “Bapisa botshelo jwa fa o ne o kgona go tsaya sengwe le sengwe se o se batlang, o bolelela ba bangwe gore ba direng o bo bapise le botshelo jwa gago fa o boela gape mo motseng. Segolobogolo fa o na le dingwaga di le 17, o sa itse go bala le go kwala e bile o sa itse tiro epe ya diatla. O tlogetswe fela mo botshelong jo bo lapisang. Go thata tota go boela gape kwa morago kwa goreng batho ba bangwe ba go bolelele gore o dire eng le go boela gape kwa mophatong wa ntlha.”
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Anwar wa dingwaga di le 13 o nna kwa Afghanistan. O setse a lole dintwa di le thataro, o bolaile ka lekgetlho la ntlha mo ntweng ya bosupa. O ne a hula masole a mabedi a le gaufi thata le bone mme a kgotla ditopo tsa bone ka tlhobolo ya gagwe go tlhomamisa gore ba sule. Fa Anwar a bodiwa gore o ne a ikutlwa jang ka tiragalo eno, o ne a lebega a akabaditswe ke potso eno. O ne a bolela gore: “Ke ne ke itumetse ka go bo ke ba bolaile.”
Mo ntweng yone eo, balekane ba ga Anwar ba masole ba ne ba gapa masole a le manè a baba. Jaanong magolegwa a ne a bofiwa, a bipiwa matlho le go hulwa. Anwar o ne a ikutlwa jang ka seno? Motlhabani yo mosha yono o ne a rotola matlho mme a araba ka iketlo le ka go theta, jaaka e kete o bua le seeleele. “Ke ne ke itumetse.”
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Legolegwa lengwe le le neng le setse le tla gololwa kwa Afrika Bophirima le ne le bofilwe ka dihanaboye, mme molaodi wa masole o ne a latlhegetswe ke dinotlolo. Molaodi o ne a rarabolola bothata jono ka go laela lesole la mosimane gore le kgaole diatla tsa legolegwa leno. Mosimane yono a re: “Ke sa ntse ke utlwa go bokolela ga monna yoo mo ditorong tsa me. Nako le nako fa ke akanya ka ene, ke ikwatlhaela go bo ke dirile selo seo.”