LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 4/8 ts. 3-4
  • Bana ba mo Kotsing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bana ba mo Kotsing
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bana ba e Leng Masole le Dikhutsana
  • Ka Mofufutso wa Bana
    Tsogang!—1999
  • Go Kgetholola Basadi
    Tsogang!—1998
  • Lebaka La go Bo Bana ba Nna Masole a a Molemo
    Tsogang!—1997
  • Bothata Jono ke Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 4/8 ts. 3-4

Bana ba mo Kotsing

“Fa bana ba sa sirelediwe, mathata a magolo a a sa bolong go nna a ntse a le teng mo bathong e tla nna e ntse e le mathata a magolo a a sa bolong go nna a ntse a le teng.”—United Nations Children’s Fund.

BANA mo lefatsheng lotlhe ba mo kotsing. Kwa Kokoanong ya Lefatshe Lotlhe ya go Nna Kgatlhanong le Kgwebo ya go Sotla Bana ka Tlhakanelodikobo, e e neng e tshwaretswe kwa Stockholm, kwa Sweden ka 1996 e go neng go tlile baemedi ba dinaga di le 130 mo go yone, go ne ga ntshiwa bosupi jo bo tlhatswang pelo jo bo bontshang kafa bothata jono bo leng bogolo ka gone. Ka sekai, go ne ga begiwa gore kwa dikarolong tse dintsi mo lefatsheng, go na le basetsanyana ba le dimilione, bangwe ba bone ba ka nna le dingwaga di le lesome, ba ba patelediwang go dira e le diaka.

Makasine mongwe wa kwa Australia wa Melbourne University Law Review o boletse gore go patelediwa go dira boaka gono go ne ga bidiwa “mongwe wa mefuta ya segompieno e e bosula thata ya go dira batho makgoba.” Morago ga gore basetsana bano ba teketiwe mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong ka dingwaga tse dintsi, ba nna le matsadi botshelo jotlhe jwa bone. Mo mabakeng a mantsi basetsana bano ba itshokela bosetlhogo jono ka go bo fela ba batla go ja gore ba nne ba tshele. E seng jalo ba ka bolawa ke tlala. Ka maswabi, bontsi jwa bana bano ba ba se nang magae a bone ba ne ba patelediwa go nna diaka ke batsadi ba bone ba ba humanegileng thata, ba ba neng ba ba rekisa gore ba bone madi.

Mo godimo ga masetlapelo ano a re a bonang a a dirwang mo baneng go na le kgang e nngwe e go ngangisanwang ka yone thata ya go berekisiwa ga bana ba dirisiwa tiro e e boima. Kwa Asia, kwa Amerika Borwa le kwa mafelong a mangwe le kwa ditoropong tse dingwe tsa bajaki kwa United States, bana, le e leng ba ba ka nnang dingwaga di le tlhano ba patelediwa go dira se se ka bidiwang “tiro e e boima ya makgoba.” Ba bereka jaaka diroboto tse dinnye mo maemong a a tsitsibanyang mmele a a senyang mebele le ditlhaloganyo tsa bone tse dinnye. Bontsi jwa bone ga ba a rutega, ga ba a bontshiwa lorato lwa batsadi, ga ba na magae a ba ka ikutlwang ba sireletsegile mo go one, ga ba na ditshamekisi, ga ba na diparaka tse ba ka tshamekelang mo go tsone. Bontsi jwa bone bo dirisiwa ka tsela e e setlhogo ke batsadi ba bone.

Bana ba e Leng Masole le Dikhutsana

Go gakatsa masetlapelo ano le go feta, go ne ga nna le palo e e oketsegang ya bana ba ba dirwang masole mo masoleng a dirukhutlhi. Bana ba ka nna ba tsewa ka dikgoka kana ba rekiwa kwa marekisetsong a makgoba mme ba bo ba fetisiwa mo thulaganyong ya go ba kgwaralatsa dipelo, ka dinako tse dingwe ba dirwa gore ba lebe fa mongwe a bolawa. Bangwe ba ne ba bo ba laelwa go bolaya batsadi ba bone kana go dirisa diokobatsi gore ba gakatse maikutlo a bone a go bolaya.

Motlotlo o o latelang o bontsha fela ditlamorago tsa go senya tlhaloganyo go go dirilweng mo baneng ba ba dikete ba e leng masole mo Afrika. Motlotlo ono o o tshwenyang maikutlo o ne o le gareng ga modirediloago le mosimane wa lesole yo go bonalang fa a ne a leka go boloka go go setseng ga segakolodi sa gagwe:

“A o ne wa bolaya? ‘Nnyaa.’

A o ne o tshotse tlhobolo? ‘Ee.’

A o ne wa korola tlhobolo? ‘Ee.’

A o ne wa hula? ‘Ee.’

Go diragetse eng? ‘Ba ne ba wela fela fa fatshe.’”

Bangwe ba basha bano ke bananyana fela fa o fitlhela gore masole a teng ke bana ba dingwaga di le thataro go ya pele. Go ne ga begwa gore le e leng go tloga bogologolo ka 1988, go ne go na le bana ba e leng masole ba ba ka nnang 200 000 mo lefatsheng lotlhe.

Go bolelwa gore gareng ga dingwaga tsa 1988 le 1992, kwa lefelong la dikhutsana kwa nageng nngwe ya Asia, bana ba le 550, ba bontsi jwa bone e neng e le basetsana, ba ne ba tlhophiwa gore ba bolawe ke tlala. Ngaka nngwe e bega jaana: “Dikhutsana tseo di ne di sena dipilisi go okobatsa ditlhabi. Mme fa ba ntse ba rapaletse ba swa, ba ne ba ntse ba bofeletswe mo malaong a bone.”

Go tweng ka Yuropa? Naga nngwe koo e ne ya tshwenngwa ke go lemoga gore go na le setlhopha sengwe sa boditšhabatšhaba se se dirisang bana go dira ditshwantsho tse di tsosang tlhakanelodikobo se se neng se gapile basetsana bangwe ka dikgoka gore se ba gobolole ka tsa tlhakanelodikobo. Basetsana bangwe ba ba neng ba tlhoka lesego ba ne ba bolawa kana ba tlogelwa gore ba bolawe ke tlala.

Dipego tseno di supa sentle gore dinaga tse dintsi di na le bothata jo bogolo jwa go sotla le go gobolola bana. Mme, a ke go feteletsa dilo go bolela gore seno ke bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Ngwana yo e leng lesole kwa Liberia

[Motswedi wa Setshwantsho]

John Gunston/Sipa Press

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Kwa feketering ya ditene kwa Colombia, bana ba dira jaaka dikeriba tse e leng batho

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN PHOTO 148000/Jean Pierre Laffont

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

FAO photo/F. Botts

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela