Batsadi—Ngwana wa Lona O Tshameka ka Eng?
“MOTSHAMEKO, lefura la mmotlana.” Polelo ya bogologolo e a rialo. Motshameko e sale e ntse e le selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa bana. Bana ba nonotsha ditlhaloganyo tsa bone le mesifa ya bone le go ithuta go dira dilo tse dintsi fa ba tshameka. Lefa go ntse jalo, gompieno metshameko ya bana e fetogile kgwebo e kgolo. Thekiso ya ditshamekisi, ga e laolwe ke bana kana batsadi, mme ke badiri ba tsone, barekisi, babapatsi, le babatlisisi ba ba tlhalefileng. Ba kgona go fetola lefatshe la motshameko gonne ba na le tegenoloji e ntšha ya go dira ditshamekisi e bile ba thusiwa ke metswedi ya tshedimosetso—mme matswela a seo a masisi tota mo batsading le mo baneng.
Ga go na pelaelo gore bontsi jwa badiri ba ditshamekisi ba kgatlhegela bana thata. Lefa go ntse jalo, gantsi se se bewang kwa pele ke go dira morokotso. Kgang e bo e nna gore ke eng se se tla rekwang thata eseng gore ke eng se se ka rutang ngwana kana sa mo rotloetsa go akanya. Ga go tlhole go rekisiwa dilo tsa maloba tsa leselanyana, kotana, kana selonyana fela sa polasetiki mme go rekisiwa ditshamekisi tsa tegenoloji e e kwa godimo, tsa mmatota, tse ngwana a dirisang tlhaloganyo ya gagwe go le gonnye fela gongwe e bile a sa e dirise gotlhelele.
Ka sekai, modiri mongwe o rekisa sete ya dikoloi tsa ditshamekisi tse di nang le bathonyana ba ba kgaogang dirwe fa e thula. Fa dikoloi tseno di thulana, bathonyana bano ba ntsha mabogo, maoto—le ditlhogo tsa bone ka fensetere ya kolotsana eno. Setshamekisi se sengwe sa mmatota se dira e kete motho o moimana. Kgetsana e e bewang go dikologa mpa ya mosetsanyana e dira gore a utlwe e kete o ragiwa ke leseanyana le le golang mo popelong a bo a utlwe le go itaya ga pelo ya lone.
Bangwe ba dumela gore ditshamekisi tse di ntseng jalo di ruta bana sengwe. Donna Gibbs, motsamaisi wa lefelo lengwe le le dirang ditshamekisi, yoo a le gokaganyang le metswedi ya tshedimosetso, o bitsa selo se se dirang gore motho a ikutlwe e kete o moimana seno a re “ke selo se se kgatlhang thata se se dirang gore [basetsanyana] ba kgone go itse se se diragalelang bommaabo.” Lefa go ntse jalo, batho ga ba dumelane le ene botlhe. Dr. T. Berry Brazelton, porofesa ya lephata la kalafo ya bana kwa Harvard University Medical School, o bitsa setshamekisi seno “go senya tshono ya motsadi ya go ithutela ngwana selo se se botlhokwatlhokwa.” Dr. David Elkind, porofesa e e ithutang ka bana, o bolela gore “ditshamekisi tseno di feteletsa dilo fela thata.” O bolela gore mpopi o o dirang gore motho a ikutlwe e kete o moimana “ke selo se se kgakala thata le se [bana] ba ka se tlhaloganyang kana ba se lemogang sentle.” Fa e le ka ditshamekisi tse di etsang fa dikoloi di thulana, o tswelela a bolela gore e re ka thelebishene ka boyone e setse e supa thubakanyo e ntsi, “ke eng fa e gatelelwa thata jaana ka mofuta ono wa ditshamekisi?”—The Globe and Mail, February 8, 1992.
Go ile ga ganetsanwa thata ka metshameko e e ratiwang thata, jaaka metshameko ya ntwa ya dibidio le dithunya tse di maatla tsa metsi. Fa o akanyetsa se se boletsweng ke poresidente wa Toy Manufacturers of America gore “go nna le ditshamekisi di ka nna 150 000 kwa marekisetsong nako le nako,” seo se dira gore batsadi ba nne le bothata jo bogolo tota jwa go swetsa gore ba ka reka ditshamekisi dife. Batsadi ba tshwanetse go kaelwa ke eng mo kgannyeng eno? A go na le lebaka le le utlwalang la go amega ka ditshamekisi tsa gompieno? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno le tse dingwe tse di tshwanang le tsone.