Ditshamekisi tsa Gompieno—Di Ruta Bana ba Rona Eng?
BANA ba rata go tshameka. Go ya ka buka ya Choosing Toys for Children, bana ba ba itekanetseng sentle “ka tlholego fela ba itirela dilo e bile ba ikakanyetsa dilo.” Go ne go ntse fela jalo le mo metlheng ya bogologolo. Go ne go tlwaelegile thata bogologolo go bona bana ba “tshameka mo mebileñ.” (Sekaria 8:5) Gantsi metshameko e e ntseng jalo e ne e le e ba e itlhametseng, le e ba e ikakanyeditseng.—Bapisa Mathaio 11:16, 17.
Go a tshwanela he, go bo motshameko o bidiwa tiro ya ngwana, mme fa e le gore seo se boammaaruri, go ka twe ditshamekisi ke dithulusu tsa ngwana. Makasine wa Parents wa re: “Bana ba ithuta dilo tse di mo lefatsheng ka go tshameka. . . . Go tshameka ka ditshamekisi go ngotla lefatshe go le dira lefelo le lennye le le lekaneng ngwana, lefatshe le ngwana a ka kgonang go le laola. Go tshameka go nonotsha mesifa le botswerere jwa go dira dilo, go naya ngwana sebaka sa go buisana le bana ba bangwe, go kgona go mmontsha dilo tsa mmatota le tse e leng ditoro fela, e bile go thusa bana go ithuta go tlotla le ba bangwe, go naya ba bangwe sebaka, go abela ba bangwe. Go tshameka go rotloetsa tlhaloganyo mme go naya motho boitemogelo jwa go dirisa kgono ya go rarabolola mathata.”
Ditshamekisi di ne di le botlhokwa le mo baneng ba metlha ya Bibela. Fa go ne go epololwa kwa Iseraele go ne ga fitlhelwa ditshamekisi tsa bana tsa boleng jo bo kwa godimo, jaaka ditšhakgatšhakga, diphalana, le dipitsana le dikolotsana. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Bogologolo kwa Afrika, bana ba ne ba tshameka ka dibolo, ditshamekisi tsa diphologolo, le tse ba neng ba di goga ka megalanyana. Bana ba Greece le Roma tsa bogologolo ba ne ba tshameka ka mekorwana, dikolotsana, dihupu le ditopo. Mo Metlheng ya Bogare kwa Yuropa, ditshamekisi tse di neng di ratiwa thata di ne di akaretsa dimmabole tsa letsopa, ditšhakgatšhakga le dimpopi.”
Ditshamekisi tse di rotloetsang, tse di kgatlhang le tse di rutang sengwe di santse di le botlhokwa thata gompieno. Lefa go ntse jalo, go na le ditshamekisi tse dintsi ka tsela e e gakgamatsang tse di rekisiwang tse go belaetsang gore a tota di na le mosola mongwe. Setlhogo sengwe sa makasine wa Time wa 1992 sa re: “O se ka wa leba mefuta e mesha ya ngwaga ono ya ditshamekisi fa o batla sengwe se se molemo, se se siameng se o ka se itumelelang. Mo e ka nnang beng ba madirelo otlhe a magolo ba [tswelela] ba dira bontsi jwa dilo tse di ferolang sebete.” Mofuta mongwe wa ditshamekisi o ne o akaretsa logata lo lo lekanang le lwa motho leo bana ba neng ba kgona go le fetola gore le “ferole sebete tota.” Gape go rekisiwa ditshamekisi tse di kgonang go dira dilo dingwe tse di dirwang ke mmele, jaaka go tlhatsa. Batsadi mmogo le bana ba gatelelwa fela thata gore ba reke ditshamekisi tseno.
Go Rekisetsa Bana
Lokwalopaka lwa Pediatrics in Review lo bolela gore “Melawana ya bogologolo ya ga Hammurabi e ne e bolela gore motho yo a ka rekisetsang ngwana sengwe o ne a ka atlholelwa loso.” Lefa go ntse jalo, beng ba madirelo a ditshamekisi le babapatsi ga ba tlhabiwe ke ditlhong go rekisetsa bana ba ba sa itseng sepe dilwana tsa bone tse di jang madi a mantsi. Badiri ba ditshamekisi ba batlisisa se se mo tlhaloganyong ya ngwana ba dirisa mekgwa e e raraaneng tota. Ka go tswelela ba fetofetola dilwana tsa bone, ba kgona go dira gore se se neng se dirilwe ngwaga o o fetileng e nne sa bogologolo mme o batle go nna le sa ngwaga oo.
Diintaseteri tse di dirang ditshamekisi di dirisa maatla a thelebishene e nang nao mo bathong ka botlalo. Kwa United States fela, dithulaganyo tsa thelebishene tsa bana di tletse ka dipapatso tsa ditshamekisi. Babapatsi ba dirisa ditshwantsho tse dintle thata, medumo mengwe le mmino o o tlhotlheletsang maikutlo thata, go dira gore setshamekisi se se sa kgatlheng le eseng se lebege se le sentle, se kgatlha. Le mororo batsadi ba bantsi ba kgona go bona gore seno ke tsietso fela, “bana ba bannye bone ba dumela gore dipapatso tseno di bua boammaaruri.”—Pediatrics in Review.
Bontsi jwa difilimi tse di direlwang bana ke tse di bapatsang fela. Go ya ka buka ya Current Problems in Pediatrics, dithulaganyo tse di ntseng jalo di “diretswe go rekisa setshamekisi eseng go ruta ngwana kana go nonotsha botshelo jwa gagwe.” Ka sekai, thulaganyo ya Teenage Mutant Ninja Turtles e bapatsa “didirisiwa di feta 70, disiriele, le baesekopo.”
Go ya ka Pediatrics in Review, “dipatlisiso tse dintsi di supa gore bana ba ba bonang dipapatso tseno ba tshwenya batsadi ba bone thata gore ba ba rekele dilwana tse di bapatswang tseo.” Mongwe yo a neng a tlhoma khampani nngwe ya boditšhabatšhaba ya ditshamekisi o bolela jaana: “O ka bona fela bana ba goga batsadi ba bone ka dibaki mme o bo o itse fela gore ba re: ‘Fa o sa nthekele setshamekisi seno, ke tlile go swa.’” Ga go gakgamatse he go bo kwa Canada fela, bareki ba senya didolara di feta dibilione di le 1.2 (diranta di le dimilione di le dikete di le 3,2) ngwaga le ngwaga mo ditshamekising tsa bana ba bone, ditlogolwana, kana ditsala.
Metshameko ya Ntwa
Dibidio tsa metshameko ya ntwa di ratega thata mo intasetering ya ditshamekisi. Ba ba di buelelang ba re metshameko e e ntseng jalo e thusa motho gore a nne le botswerere jwa go rarabolola mathata, a kgone go dirisa leitlho le letsogo ka botswerere, a itse go dirisa metšhine ka botswerere, le go dira gore motho a rate go itse ka dilo. “Setshamekisi sa motlakase ga se na kotsi epe fa se dirisiwa sentle, e bile se ka ruta,” go bolela jalo setlhogo sengwe mo go The Toronto Star. ‘Mme,’ lone lokwalodikgang loo lo dumela gore, ‘gantsi ke selo se se kgaoganyang motho le ba bangwe e bile o nnela sone fela.’
Akanya ka mosimanyana mongwe yo o neng a tlhola a nnetse metshameko ya dibidio tsa ntwa. Mmaagwe o bolela jaana: “O setswerere tota—ga a kake a tloga fa sekirining go fitlha a ba bolaya botlhe.” Ngwana yo o na le dingwaga tse kae? Di le pedi fela! Monwananyana wa gagwe wa kgonope o na le marophi a a ntshitsweng ke go tobetsa dikonotswana ka diura di le nnè go ya go di le tlhano ka letsatsi. Lefa go ntse jalo, mmaagwe o lebega a sa tshwenyege. “Selo se se ntshwenyang fela ke gore o batla sengwe le sengwe fela jaana,” o bua jalo a thwantsha monwana. Motshameko ono “o bofefo tota . . . , mme botshelo ga bo bofefo ka tsela eo.”
Go ya ka The Toronto Star, batho ba ba kgatlhanong le dibidio tsa metshameko ba akanya gore metshameko eno “e dira gore ngwana a se ka a ikakanyetsa dilo tse di mo kgatlhang, a se ka a bala kana a dira dilo tse di tlwaelegileng tse go fetisiwang nako ka tsone, gape e mo dira gore a se ka a dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae.” Barutisi bangwe ba bolela gore ‘metshameko ya bidio e gogela ka tsela e e kotsi e bile e kgona go tlhotlheletsa ngwana gore a rate ntwa, a bo a rate go nna a le nosi.’
Dikgang tsa thelebishene tse di neng di supa dibomo tse di neng di thunya kwa ntweng ya Kgogometso ya Peresia ya 1991 di ile tsa dira gore go batliwe ditshamekisi tse dintsi tsa ntwa. Tse di neng di ratwa thata e ne e le dikoloi tse di rwalang dibetsa tsa Abrams, dimmisaele tsa Scud le dihelikopotara tsa Hind. Baitse ba boifa gore fa bana ba tshameka ka ditshamekisi tse di ntseng jalo ba ka nna ba simolola go rata ntwa kana ba se ka ba ila thubakanyo. Go dira jalo ga go dumelane le se se kaiwang ke temana ya Bibela e e mo go Isaia 2:4, e e neng ya bolelela pele gore batho ba Modimo ba ne ba se kitla ba “ikatisetsa ntwa ka gope.”—The New English Bible.
Go na le makgetlo mangwe a ditshamekisi tse di tshwanang le dilo tsa mmatota, jaaka ditlhobolo tse di maatla tsa metsi, di ileng tsa tsosa thubakanyo ya mmatota. Kwa toropokgolong nngwe ya kwa Amerika Bokone, ditlhobolo tse di maatla tsa metsi tsa polasetiki di ile tsa dira gore go nne le ntwa ya ditlhobolo, mo go neng ga swa ngwana wa dingwaga tse 15. Mo lekgetlhong le lengwe, basha ba babedi ba ne ba gobadiwa ke monna yo o neng a tshotse tlhobolo fa ba sena go mo kolobetsa ka metsi a ditlhobolo tsa bone. Go na le ditiragalo tse dintsi tse go neng ga lowa mo go tsone tse di neng di tsositswe ke dintwa tse go lebegang di ne di se diphatsa tsa ditlhobolo tsa metsi.
Se Tota O Se Kayang
Go na le batsadi ba le mmalwa thata ba ba nang le boikarabelo ba ba dumelanang le thubakanyo. Lefa go ntse jalo, intaseteri ya ditshamekisi tsa ntwa e ntse e bona madi a mantsi. Ka dinako tse dingwe batsadi ba tlhokomologa dilo tse ba di dumelang gore bana ba bone ba se ka ba ba galefela. Lefa go ntse jalo, fa ba dira jalo, ba ka tswa ba gobatsa ngwana yo fela thata. Mmatlisisi mongwe wa tsa boitekanelo jwa tlhaloganyo wa kwa Canada e bong Susan Goldberg o buelela seno jaana: “Fa re naya bana ditshamekisi, re ba supetsa gore re dumelana le se setshamekisi seo se se emelang.” Go boammaaruri gore ka tlwaelo bana ba bangwe ba itshupa gore ba rata ntwa. Moithutatlhaloganyo mongwe o ne a re: “Fa bana ba sa newe ditlhobolo tsa ditshamekisi, ba ne ba tla dira sengwe se sele, ba ne ba tla dirisa menwana ya bone.” Gongwe. Mme a motsadi o tshwanetse go rotloetsa go rata ntwa goo ka go naya ngwana selo se se tshwanang le sebetsa sa ntwa?
Gape go boammaaruri gore ke bana ba le mmalwa fela ba ba tla nnang dikebekwa gonne ba ne ba tshamekisiwa ka ditlhobolo. Mme fa o naya bana ba gago ditshamekisi tse di tshwanang le tseo, ke eng tota se o se kayang? A o batla gore ba dumele gore go bolaya go monate kana gore go bolaya le ntwa di a kgatlha? A o ba ruta go tlotla melao ya Modimo? Lefoko la gagwe le bolela jaana: ‘Yo o ratang go thubaka, moea oa [Modimo] oa mo ila.’—Pesalema 11:5.
Susan Goldberg o ne a bolela gape gore ‘fa bana ba nnela go tshameka metshameko ya ntwa, batsadi ba bone ba dumelana le seo lefa ba sa bue ka molomo mme bana bano ba tlile go rarabolola mathata ka ntwa.’ Bibela e bolela jaana mo go Bagalatia 6:7: “Se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.” A ngwana a ka nna le dinonofo tsa botho jo bo siameng fa a leba motshameko wa thubakanyo?
Fa dilo di lejwa sentle, go tshwanetse ga dumelwa gore bana ga ba tshwane. Ngwana yo mongwe a ka tshwakgolwa ke motshameko mongwe wa bidio, fa yo mongwe o ka se ka wa mo tshwakgola. Mme e bile gore a bana ba leba go thuntshiwa ga batho mo sekirining sa bidio jaaka selo sa mmatota ke sengwe se go sa tlhomamisegeng sentle ka sone. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go swetsa gore ke eng se se botlhokwa thata mo baneng ba bone mme ba ele tlhoko thata fa ba tlhophela bana ba bone ditshamekisi.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Go tshameka go thusa bana go ithuta go dirisana le bana ba bangwe