LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g04 8/8 ts. 31
  • Ditshamekisi Tse di Molemo Tota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshamekisi Tse di Molemo Tota
  • Tsogang!—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshamekisi tsa Gompieno—Di Ruta Bana ba Rona Eng?
    Tsogang!—1994
  • Batsadi—Tlhophelang Ngwana wa Lona Ditshamekisi ka Botlhale
    Tsogang!—1994
  • Batsadi—Ngwana wa Lona O Tshameka ka Eng?
    Tsogang!—1994
  • Keretšhe E e Se Nang Ditshamekisi
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2004
g04 8/8 ts. 31

Ditshamekisi Tse di Molemo Tota

Ke tshwanetse go batlela ngwanake setshamekisi se se ntseng jang? Ke tshwanetse go dirisa madi a a kana kang go se reka? Fa o le motsadi, o ka tswa o ile wa ipotsa dipotso tseno gantsi. Le fa go ntse jalo, o tla itumelela go itse gore ditshamekisi tse di sa tureng ke tsone tse di ka nnang molemo tota.

Buka ya Motivated Minds—Raising Children to Love Learning ya re: “Bana ba solegelwa molemo thata ke fa ba dira sengwe ka bobone le fa ba se keleka go na le fa ba se lebile fela ba sa dire sepe, ka jalo, ditshamekisi tse di sa raraanang tse di dirang gore ba akanye di botoka go feta bompopi ba ba buang kgotsa dikoloi tse dintlentle tse di tsamaisiwang ka dibeteri tse ngwana a ka se kang a kgona go dira sepe se se kalo ka tsone.” Bompopi bano le dikoloi tseno di ka nna tsa “itumedisa bana kwa tshimologong, mme gone gantsi bana ba feleletsa ba sa tlhole ba di kgatlhegela go le kalo ka gonne ga di ba neye sebaka sa go lekeletsa, go keleka kgotsa go itlhamela dilo.”

Ditshamekisi tse di dirang gore ngwana a akanye, go ikaegile ka dingwaga tsa gagwe, di akaretsa dilo tse di sa raraanang tse di jaaka ditena tse dinnye tse di dirilweng ka logong kgotsa ka polasetiki, mabokose a a se nang sepe, dipampiri, dilo tsa botaki, tota le motlhaba le metsi. Buka ya Motivated Minds ya re: “Ditshamekisi tse dinnye, jaaka tse di bontshang diphologolo mo polasing, di tla dira gore [ngwana] a kgone go tshwantsha, go baya dilo ka ditlhopha, go di bapisa le go tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go bua ka go itirela ditlhamane.” Gape buka eno e kgothaletsa batsadi go naya bana diletswa tse di sa raraanang tsa mmino—fa e le gore ba iketleeleditse go itshokela modumo wa tsone—ka gonne diletswa tseno di thusa bana go ithuta medumo le mefuta ya yone.

Bana ba na le ditlhaloganyo tse di gakgamatsang, mme ba tlhoafalela go ithuta le go tshameka. Ka jalo ke eng fa o sa ba thuse mo dikarolong tseno tsotlhe tse tharo ka go ba tlhophela ditshamekisi ka botlhale.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela