Batsadi—Tlhophelang Ngwana wa Lona Ditshamekisi ka Botlhale
BANA ke “boshwa yoa ga Yehofa,” go bolela jalo Bibela. (Pesalema 127:3) Ka gone, batsadi ba ba boifang Modimo ba lemoga gore ba na le boikarabelo jwa go katisa bana ba bone ‘ka kotlhao le tao ya Morena.’ (Baefesia 6:4) Ga ba tlogele beng ba madirelo a ditshamekisi gore ba bope botho jwa bana ba bone.
Ditshamekisi di ka thusa ngwana go gola mo maikutlong le mo tlhaloganyong. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore batsadi ba tshwanetse go senya madi a mantsi ba reka dilo tsa tegenoloji ya maemo a a kwa godimo. Ditshamekisi dingwe tse di molemo thata tse di dirang gore motho a akanye ga di je madi a mantsi le eseng.
Lebokose la khateboto le ka dirisiwa go aga ntlo ya mantlwane, sefofane kana sepe fela se ngwana a ka se akanyang. Ngwana a ka ikagela matlo a mmu fa a na le kgamelo le garawe. Dibolokonyana tsa polasetiki kana tsa logong, ditshwantsho tse di bopiwang ka go bapisa dikotwana tsa tsone, mmopa le dikerayone di ka thusa ngwana go itapolosa tota. Mo baneng ba ba setseng ba godile, dilo tsa go taka le didirisiwanyana tse a ka dirang dilwana dingwe ka tsone di ka ba ruta ditironyana dingwe e bile di ka dira gore ba kgone le go itlhamela dilo—dilo tse di kgotsofatsang tota go gaisa go tobetsa dikonotswana tsa khomputara.
Metshameko mengwe ga e tlhoke didirisiwa dipe tse di kgethegileng. Go itsamaela mo nageng go ka kgatlha ngwana thata, segolo fa a na le motsadi yo o mo ratang, yo o ratang go tlotla le go nna le bana. Aitsane, le tsone ditiro fela tsa mo gae ba ka di rutiwa ka tsela ya motshameko. Penelope Leach o kwala jaana mo bukeng ya gagwe Your Growing Child: “Go paka kuku kana go apaya dijo, go peta mo tshingwaneng, go phepafatsa koloi kana go penta siling, go ya mabenkeleng kana go tlhapisa losea e ka nna ditiro tse dikgolo mo go wena, mme mo ngwaneng wa gago e ka nna metshameko e a e eletsang thata.”
Dikaelo Tse Supa Tse Di Thusang
Gone mme, ditshamekisi tse di dirilweng kwa madirelong di ka nna tsa rekwa. Mme fa e le gore lelapa le na le madi, o ka nna wa ipotsa dipotso tse di latelang pele o di reka:
1. A ruri setshamekisi seno se dira gore ngwanake a batle go itse dilo kana a ikakanyetse dilo? Fa go sa nna jalo, se tlile go mo lapisa pelo ka bonako. Setshamekisi se ka nna sa kgatlha fa o se bona se bapatswa mo thelebisheneng, mme gakologelwa: Bana ba ba di bapatsang ba duetswe madi gore ba lebege e kete ba rata ditshamekisi tseo. Ngwana wa gago a ka nna a se ka a se rata ka tsela eo. Leka go mo ela tlhoko fa a tshameka kana fa a le kwa lebenkeleng la ditshamekisi. Ke ditshamekisi tsa mofuta ofe tse di mo kgatlhang thata?
Ka dinako tse dingwe batsadi ba akanya gore setshamekisi ga se na mosola fa go sena sepe se se ka “ithutiwang” ka sone. Lefa go ntse jalo, Porofesa Janice T. Gibson o re gakolola jaana: “Bana ba kgona go ithuta sengwe ka setshamekisi sengwe le sengwe se ba tshamekang ka sone. Se se botlhokwa ke gore ba itumele gore ba kgone go tswelela ba tshameka ka ditsela tse di ba solegelang molemo.”
2. A ngwanake o nonofile sentle mo mmeleng le mo tlhaloganyong gore a ka tshameka ka setshamekisi seno? Ka dinako tse dingwe ngwana o a bo a ise a nne le maatla a a lekaneng, a se pelotelele mo go lekaneng, kana a ise a kgone go akanyetsa ka bonako gore a kgone go dirisa setshamekisi se se rileng. Lefa go ntse jalo, motsadi a ka nna a batla go se reka gonne se mo gakolola motlha mongwe o o fetileng. Mme, a gone ruri mosimanyana wa dingwaga tse tharo a ka kgona go dirisa sete ya terena ya motlakase—kana a tota a ka kgona go kgatikanya thobane ya beisebolo? Ke eng fa o sa lete go fitlha ngwana wa gago a nonofile sentle gore a ka kgona go itumelela ditshamekisi tse di tshwanang le tseo?
3. A setshamekisi seo ga se kotsi? Bananyana ba rata go tsenya sengwe le sengwe mo ganong e bile go motlhofo gore ba ka betwa ke dibolokonyana tsa logong kana dilwana tsa polasetiki. Dilo tse di nang le dintlha kana tse di motsu di kotsi thata mo baneng ba dingwaga tsotlhe. Gape o ka nna wa ipotsa gore a setshamekisi seno se ka kgona go konopiwa kana sa dirisiwa jaaka sebetsa mo go bo mogolowe.
Kwa United States, ditshamekisi tse dingwe di tshwailwe sentle go supa gore di diretswe bana ba ba kana kang. Ngwana wa gago a ka sireletsega thata fa o dirisa dikakantsho tseo. Fa o belaela sengwe ka setshamekisi sengwe, leka go botsa batho ba ba thusang bareki gore a go na le se o ka se lekeletsang gore o kgone go se tlhatlhoba.
4. A sedirisiwa seno se dirilwe sentle e bile a se thata? “Bananyana ba ba ratang go diga, go latlhela, le go latswa sengwe le sengwe ba ka senya ditshamekisi tse di seng thata,” makasine wa Parents o gakolola jalo.
5. A setshamekisi se lekane madi a sone? Ke ka sewelo tota dipapatso tsa thelebishene di bolelang tlhwatlhwa, mme gone ditshamekisi di ja madi a mantsi. Bontsi jwa madi bo duela leina la batlhami ba sone go na le dilo tse di dirisitsweng go se dira. Mo godimo ga moo, gantsi dipapatso di dira gore ngwana a solofele go bona dikgakgamatso, seo se dirang gore ngwana a swabe tota.
Ruta bana ba gago gore e nne bareki ba ba botlhale. Diane 14:15 e bolela jaana: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.” Setlhogo sengwe mo go The New York Times se ne sa re: “Ka dinako tse dingwe o ka bolela go sa le gale gore setshamekisi se se rileng ga se a dirwa sentle kana tsela e se buelelwang ka yone ke ya go tsietsa fela.” Times e ne ya oketsa jaana: “Gantsi bana ba akanya pele ba reka fa madi a tswa mo dikgetsing tsa bone go na le fa a tswa mo go tsa gago.”
Gone mme, boleng jwa setshamekisi tota ga bo fela mo dilong tse di dirisitsweng go se dira kana tsela e se dirilweng ka yone. Lebaka la botlhokwa ke gore ngwana wa gago o tlile go se dirisa go le kana kang le gore o tlile go se itumelela go le kana kang. Swinki e ka ja madi a mantsi, mme e ka itumelelwa ka diura tse dintsi le ka dingwaga tse dintsi. Ke go senya madi go reka setshamekisi se se tlhwatlhwatlase se se senyegang ka bonako.
6. Setshamekisi seno se ruta ngwana dilo dife tsa botlhokwa le melawana efe ya boitsholo? Porofesa nngwe e e ithutang ka bana e bong David Elkind e tlhagisa gore “ditshamekisi di tshwanetse go tlhotlheletsa tsela e ngwana a akanyang ka yone ka ditsela tse di molemo, eseng tse di bosula.” Tila go reka ditshamekisi tse di tshosang, tsa thubakanyo, kana tse di supang mekgwa e e leswe e e dirwang ke bagolo jaaka go betšha.
Go tweng ka ditshamekisi tse di thailweng mo bathong ba ba ratiwang thata ba ditlhamane kana mo dilong tse di itlhametsweng tsa saense? Dipolelo tsa batho ba ba ntseng jalo gantsi di bua ka go fenngwa ga boikepo ka tshiamo. Ka jalo batsadi bangwe ba leba ‘didirisiwa tseo tse di dirilweng ka botswerere’ tsa dipolelo tseno e le dilo fela tse dintle tse di ka akanngwang ke bana e bile ga ba bone kotsi epe fa ba letla bana ba bone go tshameka ka tsone. Bangwe ba ka nna ba boifa gore dipolelo tse di ntseng jalo di ka dira gore ngwana a kgatlhegele masaitseweng a bodimona. (Duteronome 18:10-13) Batsadi ba tshwanetse go itirela ditshwetso ba sa atlhole ba bangwe, ba akanyetse thata kafa dipolelo tse di ntseng jalo le ditshamekisi dipe fela tse di thailweng mo go tsone di ka amang bana ba bone ka teng.
Gape gakologelwa molaomotheo ono o o mo go 1 Bakorintha 10:23: “Dilō cotlhe di letlelesegile; me dilō cotlhe ga di molemō.” Lefa gone setshamekisi sengwe se se ratiwang thata se siame fela mo go wena, a ruri se na le mosola mongwe gore o ka se reka? A se tla kgopisa ba bangwe?
Batsadi ba tshwanetse go sekaseka le ditshamekisi tse go tweng di kgona go ruta, segolobogolo fa boikaelelo jwa tsone e le go ruta bana ka tlhakanelodikobo le go ima. A ngwana o setse a lekane go utlwa tshedimosetso eo? A tshedimosetso eo e ne e ka nna botoka fa o e tlotla le ngwana wa gago?a Ditshamekisi tse dingwe di ka supa se se dirwang, mme gone a di supa dikgopolo tse di siameng ka boitsholo?
7. A tota ruri ke batla gore ngwanake a nne le setshamekisi seno? O ka nna wa bo o ikutlwa gore ngwana wa gago o na le didirisiwa tse dintsi thata, gore ruri setshamekisi seno ga se ne se thusa ka gope, kana gore se dira modumo o o sa kgoneng go o itshokela. Fa e le gore mathata a a ntseng jalo ga a kgone go rarabololwa, o ka fitlhela go se na sepe se o ka se dirang fa e se go gana. Seno ga se motlhofo. Mme go dira sengwe le sengwe se ngwana a se eletsang kana a se batlang ga go kitla go thusa ngwana wa gago gore a nne mogolo yo o kgonang go lekalekanya dilo sentle. Ela tlhoko molaomotheo ono o o mo go Diane 29:21 (NW): “Yo o pepetletsang motlhanka [kana ngwana] ka go mo senya go tswa bosheng jwa gagwe, fa a godile o tlile go nna motho yo o sa lebogeng.”
Seno ga se reye gore jaaka motsadi jaanong o tshwanetse go gagamatsa taolo le go feteletsa. Seo se tla galefisa ngwana wa gago le go mo utlwisa botlhoko. “Botlhale yo bo cwañ kwa godimo . . . bo bonōlō.” (Yakobe 3:17) Moitse mongwe mo go tsa tlhokomelo ya bana o ne a baya seno jaana: “O tshwanetse wa nna fa fatshe le ngwana wa gago mme o mo tlhalosetse sentle gore ke eng fa o sa batle go mo naya ditshamekisi tse di rileng.”
Dilo Dingwe Tse Di Botlhokwa go Gaisa Ditshamekisi
Le mororo ditshamekisi e ka nna didirisiwa tse di molemo thata tsa go ruta le go tlosa bodutu, ke dilo fela. Ngwana a ka nna a rata setshamekisi, mme setshamekisi ga se kake sa rata ngwana. Bana ba tlhoka go tlhokomelwa ka lorato goo go ka dirwang ke batsadi ba bone fela. “Totatota, motsadi ke setshamekisi se se gaisang thata se se kileng sa dirwa,” go bolela jalo Dr. Magdalena Grey. Fa batsadi ba tshameka le bana ba bone, ba atamalana thata mo maikutlong mme seo se thusa gore ngwana a gole a na le dikgopolo le maikutlo a a siameng.
Ee, bana ba tlhoka go tshameka ka ditsela tse di siameng. Mme se se botlhokwa thata, ba tlhoka go kaelwa ka tsela ya semoya. Bibela e bolela jaana: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, e boñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Batsadi ba ka dira go le gontsi thata go thusa bana ba bone go bona kitso eno e e bolokang botshelo. Malapa a Basupi ba ga Jehofa a leka go dira thuto ya Bibela karolo ya dilo tse ba di dirang ka metlha. Gantsi ba dira seno ka dikgatiso tse di jaaka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, Go Reetsa Morutisi yo Mogolo le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo tse di kwaletsweng bana segolobogolo.b Dibuka tseno ga di tlose bodutu fela—di ile tsa thusa bana ba bantsi gore ba dumele mo Modimong. Bana gape ba itumelela diterama tse di theipilweng tsa Bibela le tsa dikgatiso tse di tshwanang le The Greatest Man Who Ever Lived.*
Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ba dira se se fetang fela go tshameka le bana ba bone—gape ba rapela le bone, ba ithuta le bone e bile ba tlotla le bone. Go ba tlhokomela jalo ka lorato go tlhoka nako le maiteko. Mme fa nako e ntse e tsamaya, seo se itumedisa ngwana go feta motshameko ope fela kana setshamekisi sepe fela se sesha se se kgatlhang!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona ditlhogo tse di buang ka go ruta tlhakanelodikobo, mo tokololong ya Tsogang! ya March 8, 1992.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Bana ba itumelela ditshamekisi tse di itiretsweng mo gae—dikgamelo tse di tlhatswetsang dilwana di nna dikara; mabokose a ditlhako e nna diterena