LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 10/8 ts. 3
  • Go Tlhagoga le go Phutlhama ga Kobamelo ya ga Satane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhagoga le go Phutlhama ga Kobamelo ya ga Satane
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basha ba Segompieno—A ba Dumela
    Tsogang!—1994
  • Kobamelo yi ga Satane mo Motlheng wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Satane—A Tota o Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Nna o Disitse—Satane o Batla go go Kometsa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 10/8 ts. 3

Go Tlhagoga le go Phutlhama ga Kobamelo ya ga Satane

Baperesiti ba ba apereng diaparo tse dintsho ba ne ba tshwaragane le go dira ditiro tsa bosatane mo phaposing e e lefifi, ba goela dithapelo tsa bone mo ditlhabelong tse di bofilweng mo aletareng, ba tshotse le dikhantlele tse di neng di ntse di dira meritinyana mo leboteng fa ba ntse ba obamela modimo wa bone, Satane. Maloko a a sa tswang go tsena mo kobamelong eno a a leng foo, a lerilwe ke go bolelelwa kitso nngwe e e leng sephiri ya maatla a a fetang a motho mme go rena boitumelo fela koo. Ba ntse ba ikatametsa, ka boikutlo jwa bobatana jo e leng bone fela ba nang le jone.

A seno ke tiragalo fela e e sa reng sepe e e iphetelang? Kgotsa a ke tiro e e bosula ya sedimona e e anameng thata mo setšhabeng gompieno?

MAKWALODIKGANG, dimakasine le dibuka di ile tsa bega thata kaga ditiro tse di tsitsibanyang mmele tsa makoko a bosatane. Dithelebishine le diradio di ile tsa bua thata ka thubakanyo e e anameng thata ya ditlhopha tse di obamelang Satane. Ke bothata jo bogolo jo bo tshwentseng mapodise mo ditorotswaneng le mo ditoropong tse dikgolo tsa Amerika, Canada le Yuropa.

Basha gompieno ke bone bao ba gapiwang thata ke kobamelo ya ga Satane. Mosimolodi wa Church of Satan o tlhalosa lebaka la seno jaana mo makasineng wa ’Teen wa June 1993: “Mo boemong jwa gore re rute maloko a rona gore a se ka a itetla go tlhotlhelediwa ke dikeletso tsa bone tsa tlholego, re ba ruta gore ba dire jaaka di batla. Seno se akaretsa go kgotsofatsa mebele ya bone, go batla go ipusolosetsa, le go batla go nna le dilo tse di bonalang.”

Ruri Satane o tshwanetse a bo a itumedisiwa ke thuto eno ya sediabolo e e leng kgatlhanong le melaometheo ya Bokeresete e e tlhotlheleditsweng ke Modimo!

Kobamelo ya ga Satane e anama tota. Ke bothata jo bo ntseng bo etegela pele, lefa go ntse jalo, bo gaufi thata le gore bo nyelediwe. Modimo wa jone o atlholetswe loso. Go ntse fela jalo le ka lefatshe la ga Satane le batshegetsi botlhe ba lone, ka gonne “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19; Baroma 6:16) Jehofa o itsise baobamedi botlhe ba ga Satane le ba bangwe botlhe ba ba obamelang Satane ba itse kana ba sa itse, jaana: “Modimo wa kagiso o tlaa akofa o tapetela Satane fa tlase ga dinao tsa lona.”—Baroma 16:20.

Mme jaanong, ke eng se “Modimo wa kagiso” o tla se direlang batho ba ba bogang mo isagweng? Ditlhogo tse tharo tse di latelang di tla bontsha kafa kobamelo ya ga Satane e ileng ya tlhagoga ka teng le kafa e tla phutlhamang ka teng le gore ke maemo afe a a tla latelang morago ga moo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela