Basha ba Segompieno—A ba Dumela
Kobamelo ya ga Satane Motlhofo Fela?
“GO OBAMELA Satane go anama thata mo basheng,” go ne ga bega jalo lokwalodikgang lwa Finland lwa February 27, 1993. Go ya kafa mapodise a Tampere, kwa Finland, a bolelang ka teng, dikebekwa tse di gwebang ka diokobatsi di ngokela basha, segolobogolo ba basetsana mo kobamelong ya sesatane. Gantsi bontsi jwa bone ke bana ba go tloga ka dingwaga tse 10 go ya go tse 15. “Go obamela Satane go aname thata mo basheng,” lokwalodikgang lono lo ne lwa bega jalo.
Lokwalodikgang lono lo ne lwa tlhagisa jaana: “Go tlhagoga ga kobamelo eno ya ga Satane ga se selo se se diregang fela mono gae (Finland). Ka sekai, bosheng jaana makasine wa Afrika Borwa wa Johannesburg wa Star o ne wa tlhagisa ka gore basha ba le bantsi ba makgoa a a humileng kwa nageng eo ba obamela Satane.” Ruri kobamelo ya bosatane ke bothata jo bo tshwentseng batsadi le bana mo lefatsheng lotlhe.
Selo se segolo se kobamelo ya ga Satane e se solofetsang batho ke gore, o ka bona melemo e le mentsi ka go dira go le gonnye fela. Makasine wa ’Teen o ne wa tlhalosa jaana: “Obamela diabolo; dira dilo tsotlhe tse di maswe tse a di batlang, mme o tla go duela ka go go naya sengwe le sengwe se o se batlang. Seno ke sone se se dirang gore bana ba le bantsi ba kgatlhegele kobamelo ya ga Satane.”
Mosha mongwe yo mmotlana yo o neng a ipolela e le wa setlhopha sa kobamelo ya ga Satane o ne a re: “Ke dumela gore motho o tshwanetse a itumelela botshelo tota. Ke bona go na le dilo tse pedi fela mo botshelong: molemo le bosula. Dilo tsotlhe tse batho ba reng di maswe ke tsone tse di dirang gore motho a itumele. Maleo a dira gore motho a itumele mo maikutlong, mo mmeleng le mo tlhaloganyong.”
Fa leteketifi lengwe la Denver, kwa Colorado, kwa U.S.A., le e leng mankge mo go tsa makoko a bosatane le ne le bodiwa gore o akanya gore ke eng se se dirang gore basha ba gapiwe maikutlo thata jaana ke kobamelo ya ga Satane, o ne a araba jaana: “Ga nkitla ke bo ke lebala se mosha mongwe wa kobamelo ya ga Satane a neng a se mpolelela. O ne a re, ‘Mosola wa go tshela ke eng? Re dira se re se ratang ka gonne re tshela gompieno fela. Ga go na isagwe epe.’”
Dr. Khalil Ahmad, mokaedi wa ditirelo tsa basha ba dingwaga tsa bolesome kwa Nova Scotia Hospital kwa Dartmouth, kwa Canada o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe ka serai seno sa kobamelo ya ga Satane. “Basha ba batla go ijesa monate. Gantsi ba ba kgatlhiwang ke [kobamelo ya ga Satane] ke ba ba bokoa, ba ba itlhobogileng. Go dira gore ba ikutlwe e kete ba na le nonofonyana nngwe.”
Leteketifi lengwe le le itsegeng thata le le itebagantseng le kobamelo ya ga Satane la kwa San Francisco le ne la supa bothata jwa seno jaana: “Lefatshe leno le tletse ka batho ba ba sa kgatlhegeleng ba bangwe. Ga re na sepe le batho ba bangwe, re amegile fela ka rona. Re tshela mo setšhabeng sa batho ba ba ratang thubakanyo ba ba bosula fela. Bana ba akanya fa tsela e e ntseng jalo ya botshelo e itshiametse fela mme kgabagare ba kgatlhiwa ke kobamelo ya ga Satane.”
Basha ba gompieno ba nweleletse go le kana kang mo kobamelong ya ga Satane? “Bana ba ipolaya ba bo ba bolaya le ditsala tsa bone. Re lebanwe ke bothata jo bogolo,” go ne ga tlhagisa jalo Larry Jones, yo e leng poresidente wa Cult Crime Impact Network e bile gape e le leutenente wa mapodise a Boise, kwa Idaho, kwa U.S.A. Lepodise le lengwe go tswa kwa Illinois, le tiro ya lone e akaretsang go sekaseka ditiro tsa kobamelo ya ga Satane jaaka mogakolodi wa sepodise wa sekolo sengwe se segolo o ne a bolela gore 90 lekgolong ya basha ba ba itsenyang mo kobamelong ya ga diabolo ke ka gonne go le mo fesheneng, lefa go ntse jalo 10 lekgolong ya bone “e itsenya mo go yone ka pelo yotlhe.”
Lokwalodikgang lwa sekolo sengwe sa kwa Brooklyn, kwa New York, e leng School News Nationwide, mo karolong ya lone ya “Bodumedi” ya January-February-March 1994, lo ne lo na le setlhogo se se reng “Ke Eng Fa Kobamelo ya ga Satane E Gapa Basha Maikutlo.” Lo ne lwa bega jaana: “Morago ga gore basimane bangwe ba babedi ba lwe kwa bojelong jwa sekolo, yo o fentseng o ne a tlola a bo a dira salute ya letsogo e e sa tlwaelegang ka go mena lebole, monwana wa gagwe wa bosupa le o monnye e lebile kwa godimo. Morutabana wa botaki o ne a gakgamadiwa ke go bona bana ba le bantsi ba taka ditshwantsho tsa batho ba e keteng bodiabolo ba na le ditlhogo tsa dipodi. E bile gape, dibuka tse di buang ka kobamelo eno di ne di nyelela mo laeboraring ya sekolo.
“Totatota bana bano ba ne ba simolola go kgatlhiwa ke maatla, maselamose le masaitseweng a kobamelo ya ga Satane. Mo go ba le bantsi ba bone, seno se ne se le monate e bile go kgatlha. Mo go ba bangwe, e ne e le selo se se masisi—se se masisi thata mo go Lloyd Gamble wa dingwaga tse 17—yo o neng a bolawa ka go ntshiwa setlhabelo sa bosatane.
“Morago ga loso lwa ga Lloyd, le morago ga gore monnaawe wa dingwaga tse 15 a tshwarwe ka ntlha ya go mmolaya, bagolo ba kgaolo eo ya Monroe ba ne ba simolola go tlhaloganya bokao jwa matshwaonyana a a neng a ntse a belaetsa: letshwao la letsogo ‘la sediabolo,’ ditshwantsho tse di nang le ditlhogo tsa dipodi le dibuka tse di neng di ntse di tlhatlhelela basha bano kaga ngwaokobamelo eno.”
Go na le dipego tse di seng kana ka sepe kaga bana le basha ba ba bolayang batsadi ba bone le maloko a mangwe a malapa a bone ka ntlha ya kobamelo eno ya ga Satane. Bana bangwe ba ile ba bolawa ke bana ba bangwe mo go tsone ditiro tseno. Fela jaaka bagolo ba ba nang le bosatane ba dira, bana bangwe le bone ba ile ba gobatsa diphologolo le go di bolaya. Ba ile ba dira ditlhabelo tsa sesatane ka go bolaya diruiwa tsa fa gae. Ga re na sebaka se se lekaneng go ka kwala ditiro tsotlhe tsa bosetlhogo tse di dirilweng ke bana ba ba inaakantseng le kobamelo ya ga Diabolo.
A dikai tseno ke tsa bana ba ba kgatlhegelang kobamelo ya ga Satane fela? A ke ba sekae fela ba ba tseneng ka tlhogo mo kobamelong eno ya ga Diabolo? Batho ba ba ileng ba batlisisa kaga kobamelo eno ba araba ka gore, ga go a nna jalo. David Toma, yo e kileng ya bo e le leteketifi la ditlolomolao tse di potlana yo o neng a tsenela tiro ya go tsamaya a kgothatsa basha, o ne a bolela gore mo sekolong sengwe le sengwe se a tsamayang a bua kwa go sone, o botsa bana potso e le nngwe fela, “Ke ba le kae mo go lona ba ba itseng mongwe kana ba utlwile gore mongwe ke wa setlhopha sa kobamelo ya ga Satane?” O fopholetsa gore “nngwetharong ya baithuti botlhe e tsholetsa matsogo.”
Go ya ka Shane Westhoelter, yo e leng poresidente ya National Information Network, go tloga ka 30 go ya go 40 lekgolong ya baithuti ba dikolo tse dikgolo ba amana ka tsela nngwe le kobamelo eno. Mo godimo ga moo, Westhoelter o gatelela gore mo e ka nnang 70 lekgolong ya ditlolomolao tsotlhe tse di dirwang ke basha ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse 17, ba di dira ka ntlha ya go amana le kobamelo eno.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Go obamela Satane go aname thata mo basheng ba gompieno