LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 9/1 ts. 4-7
  • Kobamelo yi ga Satane mo Motlheng wa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kobamelo yi ga Satane mo Motlheng wa Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boloi, Tirisa-badimo, le Dipheko
  • Kobamelo ya ga Satane le Mmino
  • Ga se Selo Fela sa Phetogo
  • Tlhotlheletso ya ga Satane mo Lefatsheng le le Tletseng Letlhoo
  • Basha ba Segompieno—A ba Dumela
    Tsogang!—1994
  • Go Tlhagoga le go Phutlhama ga Kobamelo ya ga Satane
    Tsogang!—1994
  • Satane—A Tota o Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Eng se se Tlhotlheletsang Boloi?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 9/1 ts. 4-7

Kobamelo yi ga Satane mo Motlheng wa Rona

GA GO belaesege gore Satane o batla go obamelwa. Fa a ne a raela Jesu, o ne a mo solofetsa namane e tona ya tuelo fa a ne a ka mo direla selo se le sengwe fela: “Ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla.” (Mathaio 4:9) Legale, Jesu o ne a gana, mme ga se mongwe le mongwe yo o ileng a latela sekao sa gagwe. Go obamela Satane go aname thata mo motlheng wa rona wa segompieno.

Ka sekai, mo Canada The Calgary Herald e ne ya nna le ditlhogo di le dintsinyana tsa kgang e e reng “Barutwa ba ga Diabolo.” Koranta eno e ne ya tsopola mafoko a motlhotlhomisi mongwe wa lepodisi, a a reng: “Morago ga dipotsolotso ke ne ka lemoga gore kobamelo ya ga Satane ga se ya setlhopha se se rileng mo gareng ga batho. Tshedimosetso e e ileng ya kokoanngwa ke Calgary Police Service le ba Royal Canadiañ Mounted Police e senola gore mo Calgary fela go na le baobamedi ba ga Satane ba ba ka tshwarang 5 000.”

Dipego tse dingwe tsa dikoranta tsa dikgang di bontsha gore tumelo ya ga Satane, e e mefuta e e farologaneng e ntse e ntsifala mo United States yotlhe le Yuropa. Mme le eleng mapodisi a amegile ka kobamelo eno ya ga Satane. Ka ntlhayang? Ka go bo gantsi ba bona gore borukhutlhi bo amana le ditumelo tsa ga Satane. Maloba fela jaana, go ile ga tsopolwa letseka lengwe le bolela jaana: “Selo se re lwantshanyang naso ke bodumedi le batho ba ba dumelang mo go jone fela jaaka ba bangwe ba dumela mo Bokereseteng, mo Bobudeng, kana mo Boiselamong. Se o se bonang ga se bokebekwa fela jo bo tlwaelesegileng, mme ke bokebekwa jo bo dirwang ka ntlha ya bodumedi.”

Sekai sengwe se se tlhomologileng ke sa dipolao tse di neng tsa dirwa ke setlhopha sa Mansoñ mo California ka 1969. Go ya ka moitseanape wa ditiragalo ebong Jeffrey Russell, “Manson o ne a ipolela gore o ne a le Keresete le Satane. . . . molatedi wa ga Mansoñ ebong Tex Watsoñ, fa a tla go bolaya Sharoñ Tate o ne a bolela are, ‘Ke diabolo; Ke tlile fano go tla go dira tiro ya ga diabolo.’” Mme kobamelo ya ga Satane ga se ka metlha e feteletseng jaaka eno.

Boloi, Tirisa-badimo, le Dipheko

Eleruri, kobamelo ya ga Satane ga e felele fela mo kobamelong e e feletseng ya ga Satane ka sebele. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa a re: “Dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo.” (1 Bakorintha 10:20) Mme kobamelo ya badimona tota-tota e tshwana fela le kobamelo ya ga Satane, ka go twe Satane ke “kgōsana ea badimo.” (Mareko 3:23) Ke ditlwaelo dife tsa “Badichaba” tse go ka tweng ke tsa kobamelo ya bodimona, kana kobamelo ya ga Satane? Mafoko a Modimo go Iseraele are fa dikai dingwe: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè . . . eo o moitseanape, ieha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, Leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi. Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.”—Duteronome 18:10-12.

Ka jalo, re tlhagisiwa kgatlhanong le setlhabelo sa madi le ditiro tsa tirisabadimo tseo di dirwang ke baperesiti ba voodoo mo Brazil kana tsa ba-houngañ le ba-mambo ba Haiti. Mme gape re tlhagisiwa kgatlhanong le ditlwaelo tse di tshwanang le tse tsa Santeria, tse di tshegediwang ke Ba-Cuba bangwe ba ba tshabetseng mo United States. Re tlhagisiwa gape, kgatlhanong le baphekodi ba ba ipolelang gore ba kgona go buisana le meya e e suleng go boifisa batshedi.—Bapisa 1 Samuele 28:3-20.

Boloi bo aname thata mo dikarolong tse di farologaneng tsa Afrika. Ka sekai, mo Afrika Borwa, dingaka tsa setswana di na le nonofo e kgolo, mme batho ba di sisimoga thata. Bosheng jaana mo dikoranteng go ne ga begwa ka ditiragalo tseo digopa di neng tsa ja batho ka molelo ba ntse ba tshela ba ba neng ba bonwa molato wa gore ke bone ba rathileng bangwe-ka-bone mo motseng oo ka tladi! Dingaka tsa setswana tsa mafelo ao di ne tsa bolela gore batho bano ba ba senang molato ke bone ba ba dirileng “botlhodi” jono mme ba ba bofelela mo setlhareng gore ba jewe ke molelo. Tumelo e e ntseng jalo mo diphekong kana mo maselamoseng le yone e ntse e le go obamela badimona.

Lefa go ntse jalo, boloi ga bo felele fela mo Afrika. Ka 1985, Herbert D. Dettmer, yo o neng a le mo kgolegelong ya twantshoborukhutlhi mo Virginia, U.S.A., o ne a fiwa tetla ke Kgotla-tshekelo ya Kgaolo mo Kgaolong ya Botlhaba ya Virginia gore a neelwe diaparo tsa gagwe le didirisiwa tse a tla dirisang bodumedi jwa gagwe ka tsone mo kgolegelong. Mme bodumedi jwa gagwe e ne e le bofe? Go ya ka dipego tsa kgotla-tshekelo, o ne a le leloko la “Kereke ya Wicca (eo gantsi e itsegeng ka gore ke ya boloi).” Ka jalo, Dettmer o ne a nna le tshwanelo ya kafa molaong go dirisa sulefura, letswai la lewatle, kana letswai le le senang moutlwalo; dikhantlele; leswalo; watshe ya tloloko; le seaparo se se telele se sesweu mo kobamelong ya gagwe.

Ee, go ya kafa go itshupileng ka teng, boloi bo aname thata mo Bophirima. Koranta ya dikgang ya Britane Manchester Guardiañ Weekly e ne ya bega jaana: “Dingwaga tse tlhano tse di fetileng, go ne go fopholediwa gore go na le baloi ba le 60 000 mo Britane: gompieno [1985] palo e fopholediwa ke baloi bangwe gore e ka ne e godile go nna 80 000. Predictioñ, makasine wa kgwedi le kgwedi wa tepo-dinaledi le boitseanape, o na le babadi ba le 32 000.”

Kobamelo ya ga Satane le Mmino

Moporofesa Russell mo bukeng ya gagwe Mephistopheles—The Devil iñ the Modern World, o re lemotsha tsela e nngwe gape eo maikaelelo a ga Satane a tsweledisiwang ka yone. O kwala jaana: “Kobamelo e e feteletseng ya ga Satane e ne ya nyelela ka bofefo morago ga bo-1970, mme dikarolo tse dingwe tsa kobamelo e e tlwaelesegileng ya ga Satane di ne tsa tswelela go tsena mo go bo-1980 mo mminong wa ‘rock o o thantshang tsebe’ mme gangwe le gape o bitsa lei na la ga Diabolo le gore ditiro tsa kobamelo ya ga Satane di tlotlomadiwe ebong bosetlhogo, diokobatsi, bomaswe, khutsafalo, boitlhapediso, thubakanyo, modumo le tlhakatlhakano, le go felelwa ke boitumelo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Gongwe baopedi ba ba neng ba tsenya dikarolo dingwe tsa kobamelo ya ga Satane mo mminong wa bone ba ne ba sa tlhoafala thata-thata. Gongwe ba ne ba leka fela go tshosa batho kana go farologana gotlhelele. Lefa go le jalo, batho bangwe ba ba kgatlhwang ke dilo ka bofefo ba ne ba amega thata-thata. Moporofesa Russell o tlhalosa gore “dipolelo tse di anamisiwang tsa nako le nako tse go sa tlhoafalwang thata kaga bosula di ile tsa faposa ditlhaloganyo tse di boeleele le tse di bokoa. Nngwe ya diphelelo tsa sena ke borukhutlhi jo bo tshosang thata jo bo maswe-maswe, go akareletsa le “go thubetsa bana le go golafatsa diphologo-10.”

Kgang nngwe ya bosheng jaana e ne ya gamarisa baagi ba New York. Go ya ka pego nngwe ya koranta ya dikgang, mosimanyana wa dingwaga tse 14, “yo o neng a tlhakantswe tlhogo ke kobamelo ya ga Satane,” o ne a tlhaba mmaagwe ka thipa gore a bo a swe mme go tswa foo a bo a ipolaya. Mogakolodi mongwe wa malapa mo Canada o ne a tlhalosa jaana, jaaka go begilwe mo makasineng wa Maclean’s, gore palo e e ntseng e ya magoletsa ya basha ba ba tshwenyegileng ba ne ba ipolela gore ba ne ba dirisa “kobamelo ya ga satane, mme gantsi ba pataganya seo le diokobatsi le mmino o o farologaneng o o thantshang ditsebe wa rock.”

Ga se Selo Fela sa Phetogo

Phetogo nngwe e e raletseng United States yotlhe gone jaanong jaana e bidiwa mosele. Batho gantsi ba duela makgolo a le mantsi a didolara go tlhakanela mo dithulaganyong tseo “mosele,” ke gore motsereganyi, yo a ipolelang gore o (mesele gantsi ke basadi) kgona go buisana le moya wa motho yo o sa bolong go swa. Mo kgannyeng ya mosele mongwe, koranta ya dikgang e ne ya bega gore, dithulaganyo “nako le nako di fetisiwa ka satelaete ya thelebishene go isiwa kwa diketeketeng tsa batho ka nako e le nngwe fela mo metseng e ka nna merataro.” Tshekamelo eno e lemotshega ka botlhokakutlo jo bo papametseng mo kgakololong ya Bibela ya gore re tile ba ba dirisanang le badimo le baitseanape ba ditiragalo. Ka jalo, ke mofuta wa kobamelo ofe o o ka bolelwang gore ke kobamelo ya badimona. Mme fela jaaka tirisabadimo nngwe le nngwe, e theilwe mo maakeng a ga Satane a gore meya ya batho ga e swe.—Moreri 9:5; Esekiele 18:4, 20.

Tlhotlheletso ya ga Satane mo Lefatsheng le le Tletseng Letlhoo

Seemo se se boitshegang sa batho mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga se dira gore re ipotse gore a tlhotlheletso ya ga Satane ga ya fetela le eleng bokgakaleng. Moporofesa Russell o ama sena go sekae fa a tlhalosa ka go re: “Gone jaanong jaana, ka mabolokelo a dibetsa tsa nuklea a go fopholediwang gore a feta selekanyo se se tlhokafalang go bolaya setshedi sengwe le sengwe mo lefatsheng ka makgetlo a le masome a supa, ka boganana jwa rona re ipaakanyetsa ntwa e e se kitlang e solegela motho ope molemo, morafe, kana megopolo mme e tla isa diketekete tsa dimilione tsa batho mo lesong le le setlhogo. Ke maatla afe a a tlhotlheletsang batho mo tseleng e letsatsi le letsatsi e ntseng e nnela kotsi kwa pele? Tshenyego ya nuklea e tla solegela mang molemo mo polaneteng eno? Ke maatla ao fela kwa tshimologong ka bosetlhogo jwa one jo bo senang selekanyo le bopelompe a neng a rulaganyetsa tshenyego ya lobopo.”

Ke mang kana maatla ao ke eng? Moporofesa o iipha karabo ka mafoko ana: “Diabolo o tlhalosiwa jaaka moya o o senkang go nyeletsa le go senya lobopo lwa Modimo go ya bokgakaleng jwa kafa a ka kgonang ka gone. A maatla ao a re tlhotlheletsang go dirisa dibetsa tsa nuklea e ka se ke e nne one ao ka metlha yotlhe a lekileng go iphitlha gore ke eng? Mo seemong se se maswe-maswe sena sa polanete ya rona, re ka seke re ganetse go nna gone ga one.” Ruri Bakeresete ga ba ganetse go nna gone ga one! Jesu ka boene o ne a bontsha kafa Satane a nang le tlhotlheletso e kgolo mo lefatsheng leno fa A ne A mmitsa “kgōsana ea lehatshe yeno.” (Yohane 12:31) Fa e tlhalosa boikutlo jwa ga Satane gompieno, buka ya Tshenolō e bolela gore o “tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:12) Fa e tlhalosa ka seo Satane a lekang go se dira mo motlheng wa rona, yone buka eo e bolela gore o dirisa dipuo tsa lefela tsa sedimona go phuthela babusi ba lefatshe le no “kwa ntweñ ya letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.” (Tshenolō 16:14) Nnyaa, re ka se latole tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo fa re leka go batlisisa gore ke eng fa batho ka botsenwa jaana ba gagamaletse go inyeletsa.

Moaposetoloi Paulo o ne a bitsa Satane “kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō,” le “modimo oa lehatshe yeno.” (Baefesia 2:2; 2 Bakorintha 4:4) Ga go gakgamatse gore ke eng fa batho ba le bantsi ba ipotsa gore a bosetlhogo jo bo kanakana jo bo diragalang mo motlheng wa boitseanape wa “lesedi”—dintwa tse pedi tsa lefatshe, dipolao tsa batho mo Yuropa le Kampuchea, leuba le le tlhotlhelediwang ke dikgang tsa sepolotiki mo Afrika, dikgaogano tse dikgolo tsa sedumedi mo lefatsheng ka bophara le tsa lotso le mmala, tlhoano, polao, bosetlhogo jo bo dirwang ka bomo, bokebekwa jo bogolo jo bo bakiwang ke diokobatsi mo bathong, fa go umakiwa di se kae fela—di ka ne di sa latele thulaganyo nngwe e e feletseng ya maatla mangwe a a nonofileng, a a bosula, a boikaelelo jwa one e leng go kgarameletsa batho kgakala-kgakala le Modimo le e leng go inyeletsa mo lefatsheng lotlhe.

Tota mme he, Satane ke mang? Maikaelelo a gagwe ke eng? Rona motho ka bongwe re ka dirang ka gone? Re go kopa gore o tlhokomele puisano kaga dikgang tseno mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ereka batho ba Modimo ba bifela mmino wa ga Satane, ba senka boitlosobodutu jo bo phepa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela