Lekgotla la Lefatshe la Dikereke—Le Dumela go Nna le sa Utlwane
KA August 3 go ya go 14, 1993, go ne ga amogelwa setlhopha se se sa tlwaelegang sa baeti ba sedumedi kwa toropokgolong ya Santiago, kwa Spain. Kwa toropokgolong eno, go ne go tshwaretswe Khonferense ya Lefatshe ya Tumelo le Thulaganyo e e neng e duelelwa ke Lekgotla la Lefatshe la Dikereke. Maikaelelo a baemedi bano a ne a le magolo thata—go nonotsha maiteko a a neng a sa atlega a go dira gore dikereke tsa Labokeresete di utlwane.
Desmond Tutu, mobishopomogolo wa Anglican wa Afrika Borwa o ne a bolela ka tlhamalalo fela gore boemo jono ke “botshwakga jwa dikereke.” “Re ina menwana ya rona mo metsing, mme ga re pelokgale sentle go itatlhela mo teng,” o ne a bolela jalo ka kutlobotlhoko.
Ga go ketla go nna motlhofo gore dikereke di itatlhele mo teng. Go sa utlwaneng ga baemedi go ne ga itshupa tota le mo moletlong wa kwa tshimologong fela kwa kerekeng ya Katoliki ya Santiago. “Hymn to St. James,” e e neng ya opelwa ka nako ya tirelo eo, e ne ya kgalwa go twe e tlotlomatsa bosetlhogo jwa Bakatoliki ba Ba-Spain kgatlhanong le Bajuta, Bamoseleme le Baporotesetanta, le mororo mobishopomogolo wa Katoliki, Rouco a ne a kgothaletsa ba ba neng ba le teng gore ‘ba nne le moya wa baeng ba sedumedi mme ba dire gore Bakeresete ba boelane.’
A go na le dikgopolo tsa motheo tse di ka dirang gore Bakatoliki, Ba-Orthodox le Baporotesetanta ba utlwane? Setlhopha sengwe se se batlisisang se ne sa akantsha gore dikereke tsotlhe di lebe Tumelo ya motheo ya Nicaea “jaaka mafoko a botlhokwa a a tlhalosang tumelo ya baaposetoloi.” Ba ne ba solofela gore tumelo eno ya motheo e ne e ka “dirisiwa go lere kutlwano mo tume-long” le mororo “e tla bo e supiwa ka ditsela tse dintsi.”
E ne ya “supiwa ka ditsela tse dintsi” kgapetsakgapetsa kwa khonferenseng eno. Baemedi ba Orthodox le ba Katoliki ba ne ba bolela fa ba sa utlwane le tshwetso ya bosheng ya Anglican ya go dumelela gore basadi ba tlhongwe jaaka baruti. Sengwe gape se ba neng ba sa utlwane mo go sone ke go lwela maloko ga dikereke tsa Orthodox le tsa Katoliki mo dinageng tse e kileng ya bo e le tsa Bokomonise. Mobishopomogolo wa Kereke ya Orthodox ya Segerika e bong Iakovos o ne a bolela gore go ne go le phoso gore go buiwe kaga go “rerela sesha batho ba ba sa bolong go nna Bakeresete ka makgolo a dingwaga” e le fela gore ba ile ba tlhoka lesego mme ba tshela ka masomesome a dingwaga mo Bokomoniseng jo bo latolang Modimo. Tota e bile, pego ya khonferense eno e ne ya kgala “go sokolola batho” gore ke gone go kgoreletsang kutlwano, le mororo e ne ya dumela gore ‘mokgwa wa borongwa jwa kereke o tshwanetse wa tlhaloganngwa sentle.’
Samuel B. Joshua, bishopo wa kwa Bombay, o ne a tlhalosa a sa itumela gore kutlwano ya dikereke “ke kgopolo fela e e loriwang.” Fa a sena go iponela ka boene mathata a go kopanya makgamu a marataro a dikereke kwa India, o ne a bolela gore “go ne go lebega fela ka fa ntle e kete ba atlegile” mme mokgweleo wa teng “o ne o le bokete fela thata.” O bolela gore kutlwano ya Bokeresete ga e a tshwanela go batliwa go akantswe ka “dithuto le thulaganyo ya kereke.”
A mme gone kutlwano e e dirwang go tlhokomologiwa dithuto e ka nna kutlwano ya boammaaruri? A ditumelo tse di santseng di ‘sa tlhaloganye mokgwa wa borongwa jwa kereke’ di ka tswa ruri di latela Keresete? Paulo o ne a bolela gore balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba tshwanetse go tswelela ba ‘le pelo nngwe fela.’ (2 Bakorinthe 13:11) Go dumelana fela gore ba nne ba sa utlwane ga go dumalane le molao oo gotlhelele.