Bolwetse Jwa Pele ga go Bona Kgwedi —Tlhamane Kgotsa bo Teng?
Tsela e a itshwarang ka yone ga e a tlhomama. Nako nngwe a ka dumalana le wena; ka ponyo ya leitlho fela a bo a ngangisana le wena. O bua mafoko a a supang go tlhoka tsholofelo. Lefa o mo gomotsa, a ka kgopisiwa ke se o se buang le se o se dirang. A ka dira selo se sennye fela gore se nne kgang e kgolo se bo se tsosa komang. Morago ga malatsi a sekae, kana beke e le nngwe, mosadi yono wa “seeng” o a nyelela a bo a bowa gape a nna jaaka ke mo itse . . . ka lobakanyana.
KE BOAMMAARURI gore ga se basadi botlhe ba ba fetofetogang maikutlo jalo. Lefa go ntse jalo, basadi bangwe ba ka nna ba bo ba lemogile gore ba tlhola ba fetofetoga maikutlo jalo mo malatsing a pele ba bona kgwedi. Ke eng se se dirang gore maikutlo a bone a fetofetoge jalo? A tota ba itshwara jalo ka ntlha ya diphetogo tse di nnang teng ka nako ya modikologo wa go bona kgwedi?
PMS ke Eng?
Go ya ka American Journal of Psychiatry, basadi ba ba nnang le “matshwao a modikologo a a masisi thata mo a ka ba kgoreletsang go dira dilo dingwe mo botshelong” e bile a nna teng ka metlha pele ga ba bona kgwedi, ba ka nna ba bo ba tshwerwe ke PMS (premenstrual syndrome [bolwetse jwa pele ga go bona kgwedi]). Le mororo go sena diteko dipe tsa laboratori tse di ka dirisiwang go lemoga PMS, go tshwanetse ga feta dibeke tse pedi kana tse tharo ka nako ya modikologo oo, basadi ba ba tshwerweng ke PMS ba sena matshwao ano. Ka tlhaloso eno, dingaka di fopholetsa gore ke diperesente di le 10 fela tsa basadi tse di tshwarwang ke PMS.
Batho ba bangwe ba tsa kalafi ba na le kgopolo e e farologaneng ka PMS. Ba bolela gore go na le diperesente di le dintsi tsa basadi ba ba tshwarwang ke PMS, diperesente tse di magareng ga di le 40 le 90. Ba tlhalosa gore lefoko leno le akaretsa mathata a a farologaneng a a jaaka go nona, letsapa, go opa ga malokololo, go nna le ditlhabi mo mpeng, go opiwa ke tlhogo e e botlhoko thata, go serega, go ruruga mabele, go lela thata, go eletsa dijo ka tsela e e feteletseng le go fetofetoga maikutlo. Go na le matshwao a a fetang 150 a a amanngwang le PMS. Basadi, go akaretsa le ba ba sa tlholeng ba bona kgwedi ba ka nna le lengwe la matshwao ano kana a sekae a one. Lefa go ntse jalo, gantsi mosadi o nna le PMS mo dingwageng tsa bo30. Mo basading ba le bantsi, matshwao a PMS a ngomola pelo, mme legale, a laolega. Mo setlhogong seno re tla bua thata ka batho ba ba nang le PMS e e seng masisi thata.
Nancy Reame, yo e leng modiradipatlisiso kwa Yunibesithing ya Michigan, o ne a bega gore kwa United States, PMS e tsewa e le “bothata fela jo bo tlwaelegileng jwa kalafi” mme kwa dinageng tse dingwe mefuta ya matshwao le kafa a nnang maswe ka gone, di farologana thata. O ne a re: “Batho bangwe ba bega thata matshwao a a tlhomologileng a mo mmeleng mme merafe e mengwe yone e bega thata matshwao a a tsamaelanang le maikutlo.” Reame, yo o neng a dira patlisiso nngwe kwa China o ne a umaka Ba-China e le sekai sa seno. O ne a akgela jaana: “Go ya ka setso sa Se-China, ke moila go nna le matshwao a a tsamaelanang le maikutlo.” Ka ntlha ya seno, o bolela gore fa o botsa basadi ba teng ka mathata a ba nnang le one ka nako ya go bona kgwedi, ba tla bua thata ka go gogega mesifa.
Masimologo a PMS
Dr. Robert T. Frank wa New York o ne a bua la ntlha ka PMS ka 1931 mo lekwalodikgannyeng la gagwe la “Mathata a Dihoromone a a Bakang Bolwetse Jwa Pele ga go Bona Kgwedi.” O ne a bone basadi ba ba tshwarwang ke letsapa, ba ba sa kgoneng go tlhoma mogopolo mo dilong le ba ba opelwang ke methapo pele ga go bona kgwedi.
Dingwaga di le 22 morago ga foo, Katharina Dalton le Raymond Greene, dingaka tsa Baesemane, ba ne ba phasalatsa setlhogwana sengwe mo lekwalopakeng la kalafi se mo go sone ba neng ba tlhama lefoko “premenstrual syndrome [bolwetse jwa pele ga go bona kgwedi].” Dr. Dalton o ne a bitsa PMS a re ke “bolwetse jo bo anameng thata le jo gongwe e leng jwa bogologolo go a gaisa otlhe mo lefatsheng.” Dilo tse a neng a di lemogile mo dipatlisisong tse a neng a di dira malebana le tsela e PMS e ka amang boitshwaro jwa basadi ka yone, di ne tsa phasaladiwa ka 1980. Ene le dingaka tse dingwe ba ne ba lalediwa go tla go tlhatlhoba basadi ba babedi ba kwa Boritane ba ba neng ba latofadiwa ka gore ba bolaile motho. Ba ile ba bolela gore boitshwaro jwa mosadi bo ka tlhotlhelediwa ke go fetofetoga ga dihoromone ka nako ya gagwe ya modikologo wa go bona kgwedi. Ka ntlha ya tsela e ba neng ba tlhalosa PMS ka yone, basadi bano ka bobedi ba ne ba tlhofofalediwa kotlhao mo molatong wa bone wa polao. Mo tshwetsong e e neng ya dirwa malebana le mongwe wa bone, molatofadiwa o ne a latofadiwa ka molato o o motlhofonyana wa gore o ne a sa ikaelela go bolaya motho ka ntlha ya gore “o ne a sa kgone go itaola ka botlalo.”
Go bonala fa ditiragalo tse mo go tsone basadi ba nnang le maitsholo a a diphatsa thata, a a jaaka mo kgannyeng e e fa godimo, di direga ka sewelo fela. Go santse go ganetsanwa thata mo makwalopakeng a tsa kalafi le a e seng a kalafi kaga gore ke eng se se bakang boitshwaro jo bo ntseng jalo le matshwao a mangwe a mannye a a ngomolang pelo a basadi ba le bantsi ba nnang le one ka nako ya bone ya go bona kgwedi.
A ruri boitshwaro jo bo ntseng jalo bo bakwa ke go fetofetoga ga dihoromone mo mmeleng wa mosadi ka nako ya modikologo? Kgotsa a kgopolo ya gore go na le dihoromone tse di dirang gore motho a ngomoge pelo le ya gore mmele wa mosadi ga o kgone go laolwa ke tlhamane fela? Batho ba na le megopolo e e farologanang kaga tsela e go fetofetoga ga dihoromone go amang boitshwaro jwa mosadi ka yone, fa e le gore gone e teng. Badiradipatlisiso ba le bantsi le dingaka ba a dumalana gore selo se se ka re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo basadi bangwe ba na le PMS ke go tlhaloganya tsela e boboko le dihoromone tsa dikgeleswa tsa mae a sesadi di dirisanang ka yone ka nako ya modikologo wa go bona kgwedi.
Modikologo wa go Bona Kgwedi
Mo e ka nnang gangwe mo dibekeng dingwe le dingwe tse nnè, mmele wa mosadi o tsena mo modikologong o o raraaneng wa go oketsega le go fokotsega ga dihoromone tsa mmele. Lefoko “menstruation [go bona kgwedi]” le ba le bantsi ba reng ke go “hutsega” le tswa mo lefokong la Selatine e bong mensis, le le kayang “kgwedi.”
Fa modikologo o simolola, karolo ya boboko e e bidiwang hypothalamus e romela molaetsa kwa kgelesweng ya pituitary. Fa e sena go amogela molaetsa ono, pituitary e tla bo e tsimola horomone e e bidiwang FSH (follicle-stimulating hormone). FSH e tla bo e tsamaya le madi go ya kwa dikgelesweng tsa mae e bo e dira gore go nne le estrogen. Fa estrogen e oketsega, pituitary le yone e tsibogela seo ka go romela horomone e e bidiwang LH (luteinizing hormone). LH e fokotsa selekanyo se FSH e tswang ka sone. Sele e le nngwe ya lee e tla bo e gola e bo e kgokologela kwa popelong. Fa sele eno ya lee e sena go tswa, go tla bo go tsimolwa horomone e e bidiwang progesterone. Fa lee le sa kopane le peo epe, selekanyo sa progesterone le estrogen se tla bo se fokotsega fela thata.
Boalo jwa popelo bo a senyega ka jaana go sena dihoromone tse di bo emang nokeng, mme madi, diedi le dithišhu tse dingwe di bo di elela di tswela kwantle ka mosele wa sesadi. Go tsaya malatsi a ka nna mararo go ya go a le supa gore popelo ya mosadi e tlhatswe boalo jono gotlhelele, mo e leng gone go khutlisang modikologo o le mongwe wa go bona kgwedi. Fa modikologo o le mongwe o khutla, gape boboko bo tla bo bo ntsha dihoromone tse dingwe, bo itsise gore modikologo o mosha o a simologa.
A ke Ntwa ya Dihoromone?
Batho bangwe ba bolela gore go sa lekalekaneng ga estrogen le progesterone ke gone go dirang gore mosadi a nne le matshwao a pele ga go bona kgwedi. Ba tlhalosa gore ka tlwaelo dihoromone di dirisana mmogo gore di tle di tswe ka tsela e e lekalekanang sentle. Fa e nngwe e tswa ka selakanyo se se fetang sa e nngwe, go nna le ntwa, mme mmele wa mosadi e bo e nna one o utlwang matswela a teng.
Selekanyo se se ntsi thata sa estrogen se ka dira gore basadi bangwe ba serege. Mo go ba bangwe bone progesterone e nna ntsi, ba bo ba ikutlwa ba tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ba tsenwe ke letsapa.
Badiradipatlisiso ba bangwe ba ganetsa kgang ya gore go sa lekalekaneng ga dihoromone ke gone go bakang PMS. Ba bolela gore dilo tse di amanang le tlhaloganyo le dilo tsa loago ke tsone dilo tse dikgolo tse di dirang gore basadi bangwe ba nne le matshwao a pele ga go bona kgwedi. Fa Patient Care e bega ka dilo tse di bakang PMS, e bolela gore “ga go na dipharologano dipe tse dikgolo tse di ileng tsa lemotshega mo mokgweng, mo selekanyong kana mo nakong e dirwe tsa sesadi di ntshang dihoromone ka yone mo basading ba ba senang PMS e e masisi thata kana ba ba nang le yone.”
Ka sekai, go ngomoga pelo go ka diegisa matshwao a PMS thata kana ga a gakatsa. Buka ya PMS—Premenstrual Syndrome and You: Next Month Can Be Different e bolela jaana: “Go ngomoga pelo go kgoreletsa dihoromone go tswa mme selekanyo se sennye sa dihoromone se ka dira gore go nne le go sa lekalekaneng ga dihoromone mo go gakatsang matshwao a PMS.” Mathata a kalafi, a madi, kana a lelapa a ka lebega a le magolo thata e bile e kete motho a ka se kgone go a laola sentle pele ga a bona kgwedi.
Go Boifa go Tewa Mainaina
Badiradipatlisiso bangwe ba bolela gore mosadi a ka tsewa e se mmereki yo o tshwanetseng sentle kana motho yo o sa tshwanelang go dira ditshwetso fa e le gore o na le go supa matshwao a a amanang le go bona kgwedi ga gagwe. Barbara Sommer, yo e leng moithutatlhaloganyo, o baya mabaka jaana: “Ke tsela e setšhaba se gatelelang basadi ka yone. Fa o nna le bokoa bongwe gangwe fela mo kgweding, go tsewa gore ga o tlhole o tshwanelwa ke go dira ditiro tse di masisi, tsa go laola le go rotloetsa batho ba bangwe.”
Badiradipatlisiso ba bangwe ba tlhalosa gore basadi ba dumela gore ba na le PMS gore ba tle ba e dirise jaaka seipato sa boitsholo jwa bone. Mo potsolotsong e e neng ya tlhaga mo makasineng wa Redbook, Dr. Carol Tavris, yo e leng mokwadi wa The Mismeasure of Woman, o bolela gore PMS e “letla mosadi go bua a re, ‘Ke lwala fa kae?’ e seng go re, ‘Ke eng se se phoso mo botshelong jwa me se se dirang gore ke ikutlwe jaana?’”
Ka 1985, basadi ba e leng dingaka tsa tlhaloganyo ba Komiti ya Basadi ya APA (American Psychiatric Association) ba ne ba lwela gore go se ka ga akarediwa PMS mo Diagnostic and Statistical Manual ya APA. Le mororo e umakiwa mo ketapeleng ya buka ya teng ya bosheng (ya 1987) e le “late luteal phase dysphoric disorder,” setlhopha sa batho ba APA se akantshitse gore go tsenngwe “premenstrual dysphoric disorder” (PMDD [bolwetse jwa pele ga go bona kgwedi]) mo lenaaneng le ditlhogo tse dikgolo tsa kgatiso ya teng e e latelang. Go akarediwa ga jone mo bukeng ya teng go tla dira gore bo tsewe semolao e le bokoa jo bo amanang le tlhaloganyo.
Dr. Paula Kaplan, yo e kileng ya bo e le mogakolodi wa setlhopha seno o akgela jaana: “Ga bo a tshwanela go tsenngwa mo bukeng gotlhelele ka gonne ga se bokoa jo bo amanang le tlhaloganyo.” O ne a re: “E tla re nako e tlang fa mosadi a tshwanelwa ke go tlhophelwa go nna moatlhodimogolo, o tla bo a bodiwa go re: ‘A o kile wa nna le PMDD?’”
Go Senka Thuso
Batsakalafi ba santse ba ganetsana ka kgang ya PMS. Go buiwa dilo di le dintsi malebana le se tota se bakang PMS le kalafi ya yone. Dingaka dingwe di akanya gore go ka nna ga bo go na le mefuta e le 18 e e farologaneng ya PMS, nngwe le nngwe e na le matshwao a a farologaneng. Patlisiso nngwe e ne ya bega gore zinc e na le seabe se segolo mo go gakatseng matshwao a PMS. Patlisiso e nngwe yone e akantsha gore go tlhaela dibitamine tsa B6 e ka nna ya bo e le gone go go bakang bothata jono, go dira gore batho ba bangwe ba tshwenyege thata mo maikutlong.
Basadi ba ba lekang go alafa matshwao a a ba tshwenyang gangwe le gape a PMS ba leka go dirisa dilo tse di jaaka kalafi e e motlhoswana, dilo tse di ba thusang go thulamela, dilo tse di dirang gore ba lapologelwe, diokobatsi tse di lwantshang go tshwenyega thata mo maikutlong le dilo tse di oketsang progesterone. Mme lefa go ntse jalo, ga go ise go bonwe kalafi e e tlhomameng e e thusang.
Basadi ba ba nnang le matshwao a a masisi thata pele ga nako ya go bona kgwedi ba tshwanetse go bona ngaka. PMS ga e tshwane mo bathong botlhe, mme mosadi mongwe le mongwe o tshwanelwa ke kgakololo e e molemo le tlhokomelo e e mo tshwanelang thata ya kalafi. Go botlhokwa gore motho a nne a tlhatlhobiwa mmele sentle ka gonne PMS e ka baka mathata a mangwe a a masisi thata a a jaaka bolwetse jwa thyroid, endometriosis le go tshwenyega thata mo maikutlong.
Go akantshiwa gore pele ga mosadi a ya go bona ngaka, a bo a na le buka kana khalentara e a kwadileng dintlha sentle mo go yone kaga matshwao a mmele le a maikutlo a a nnang le one pele ga a bona kgwedi. Fa a itse malatsi a o tlholang a fetofetoga maikutlo, a serega kana a tshwenyega thata mo maikutlong ka one, go tla mo thusa gore a kgone go rulaganya ditiro tsa gagwe ka tsela e e tshwanetseng. Gape go tla mo thusa gore a itse gore a tota o tshwerwe ke PMS.
Dingaka di ka nna tsa akantsha gore a fokotse dilo tse di mmakelang go ngomoga pelo. Go ja dijo tse di otlang sentle le go itshidila mmele ka metlha le gone go ka fenya PMS. Patlisiso nngwe ya yunibesithi e ne ya bolela gore dijo tse di nang le dikhabohaeterite tse dintsi mme di sena diporoteine tse dintsi di ile tsa tokafatsa go fetofetoga maikutlo ga basadi bangwe ba ba neng ba tlhola ba tshwenyega thata mo maikutlong pele ga ba bona kgwedi. Go aga o itshidilatshidila kana go gwanta le gone go ka go thusa go fenya go tsenwa ke letsapa le go sulafalelwa.
Ke boammaaruri gore ba lelapa le bone ba ka thusa, segolobogolo monna. Ba tshwanetse go leka ka natla gore ba nne pelonomi, ba akanyetse le go tlhaloganya seemo fa e le gore modikologo wa mosadi wa go bona kgwedi o mo bakela mathata.
Go Santse go Ganetsanwa
Batho bangwe ba bolela gore ga go a siama go bitsa diphetogo tsa maikutlo le tsa mo mmeleng tse di diragalelang mosadi ka nako ya modikologo wa go bona kgwedi gore ke “bolwetse.” Bangwe ba re leina PMS ga le a siama ka gonne le dira gore basadi ba tewe mainaina.
Lefa go ntse jalo, mo basading bangwe, PMS ke selo sa mmatota. Kgwedi le kgwedi ba nna le matshwao a a dirang gore go nne bokete go itshokela mathata a mo lapeng le a kwa tirong. Go ba bolaisa pelo tota gore e re fa ba ntse ba senka thuso le go tlhaloganngwa dingaka tse dintsi le boesengmang bone ba bo ba nnetse go ganetsana kaga gore a tota go na le PMS.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ba lelapa ba ka thusa ka go nna pelonomi le go akanyetsa