LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 9/8 ts. 6-7
  • 1945-1995—A ke Dingwaga Tse 50 Tsa Kgatelopele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1945-1995—A ke Dingwaga Tse 50 Tsa Kgatelopele?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna le Dithoto Tse di Botoka
  • Basadi—Bogologolo le Jaanong
  • Go Fuduga ka Bontsi go Baka Mathata
  • Maemo a Jaanong Le a Mo Isagweng a Dinaga Dingwe Tsa Afrika
  • Lefatshe Le ne Le Ntse Jang Dingwaga Tse 50 Tse di Fetileng?
    Tsogang!—1995
  • Ditakana—Dinako Tse Di Boima mo Maanyaanyeng Ano A mo Metsesetoropong
    Tsogang!—1992
  • Ke Eng Fa Afrika E Boga Thata Jaana?
    Tsogang!—1992
  • Bagolegwa ba Khumanego
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 9/8 ts. 6-7

1945-1995—A ke Dingwaga Tse 50 Tsa Kgatelopele?

ABOTSHELO jwa gago bo ile jwa tokafala ka tsela nngwe mo dingwageng tse 50 tse di fetileng?a Akanya ka tsa kalafi. Kwa dinageng dingwe tse di jaaka Boritane, Canada, Cuba le Sweden, go ile ga simololwa thulaganyo ya puso ya tsa boitekanelo e ka yone balwetse botlhe ba ka kgonang go bona melemo kwa dingakeng le kwa dikokelong go sa kgathalesege gore molwetse o na le madi a a kana kang.

Tota le dinaga tse di santseng di tlhabologa di ile tsa kgona go tokafatsa maemo a boitekanelo a baagi ba tsone. JAMA (The Journal of the American Medical Association) e ile ya lemoga gore “maphata a boitekanelo a dinaga dingwe tse di humanegileng a ile a atlega go dira gore batho botlhe ba kgone go bona tlhokomelo ya boitekanelo go dirisiwa madi a dinaga tsa bone di ka a kgonang. . . . Go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo thata mo go fokotseng palo ya masea le bana ba ba swang kwa China, Costa Rica, Sri Lanka le kwa nageng ya India ya Kerala.”

Go Nna le Dithoto Tse di Botoka

Itsholelo ya batho ba le bantsi ka 1995 e tokafetse thata go gaisa ka 1945. Bontsi jwa batho bao mo dingwageng tse 50 tse di fetileng ba neng ba sa kgone go nna le dilo tse di manobonobo gone jaanong ba na le dikoloi, dithelebishene, metšhini ya dibidio, ditshameki tsa CD, diforiji, difouno tsa selula le dilo tse dingwe tsa segompieno. Gongwe o mongwe wa dimilionemilione tseo.

Go ya kafa bakwadi ba metseletsele ya dibuka tsa A History of Private Life ba tlhalosang ka teng, “dingwaga di le masomeamararo morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ikonomi ya Fora [le dinaga tse dingwe tsa bophirima tsa Yuropa] e ile ya gola ka lobelo lo lo tlhomameng mo e leng gore, le mororo e ile ya se ka ya fedisa go kgaoganngwa ga batho ka maemo, gone e ile ya dira gore matshelo a batho ba maemo a a farologaneng mo setšhabeng a tokafale fela thata. Ka matlo a ‘mantle,’ koloi e ‘ntle’ le sete ya thelebishene le melemo e mengwe e e ntshiwang ke puso le dilo tsa segompieno tsa kalafi, mongwe le mongwe a ka kgona go tshela botshelo jo bo siameng fela, fa e le gore ga a kgone go tshela jwa magasigasi.”

Lefa go ntse jalo, potso ke go re, A go nna le dithoto tse dintsi go dira gore batho ba tshele botshelo jo bo botoka ka ditsela tsotlhe? A go nna le dithoto tse dintsintsi go dira gore botshelo ka bojone bo nne botoka kana bo babalesege? Lefa batho bangwe ba nna le dithoto tse dintsi, go santse go na le bontsi jwa batho ba ba iphotlhereng. Seo se dira gore go nne le bogodu jo bontsi, bokebekwa, go tsietsa le ditiro tse dingwe tsa bonokwane. Batho bangwe ba ba humanegileng ba leka mekgwa yotlhe gore ba hume—e le e e kafa molaong kana e e seng kafa molaong. Ka sekai, kwa New York City, dikoloi di feta 100 000 di a utswiwa ngwaga le ngwaga. Go nna le dithoto di le dintsi ga se gone go dirang gore motho a tshele a sireletsegile.

Dilo dingwe di ile tsa tokafala thata lefa gone e se ka selekanyo se bontsi bo neng bo rata di nna ka sone.

Basadi—Bogologolo le Jaanong

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya fetola seabe sa basadi bangwe. Bontsi jwa bone ba ne ba tlwaetse go sala le bana le go tlhokomela legae fa banna bone ba ne ba bereka ba le nosi. Ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne ya fetola dilo tseo tsotlhe. Banna ba ne ba tseelwa ntweng mme basadi ba bone ba ne ba iphitlhela ba bereka mo madirelong a marumo a ditlhobolo kana ba bereka ditiro dingwe tse banna ba di tlogetseng. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, bangwe ba ile ba tsena mo bosoleng ba bo ba ithuta go bolaya. Dimilionemilione tsa basadi di ne tsa simolola go bereka mme seo sa dira gore ba tshele mofuta o mongwe wa botshelo o o neng wa dira gore ba se ka ba tlhola ba ikaega ka ope ka tsa madi. Seo e ne e le masimologo a tsela ya “kgololesego ya basadi” ya segompieno. Mo ntweng eo ya bone ya go batla go lekalekana le banna, basadi bangwe ba bolela gore dinaga di le dintsi di santse di ise di tokafatse seemo. Ba bolela gore mo meberekong e le mentsi, go santse go na le “siling ya galase” e e ba kganelang go tlhatlosediwa kwa maemong a a kwa godimo.

Go Fuduga ka Bontsi go Baka Mathata

Phetogo e nngwe e kgolo e e ileng ya direga mo dingwageng tse 50 tse di fetileng ke ya go tlogela botshelo jwa kwa magaeng le temothuo ka maikaelelo a go ya go tshela botshelo jo bo botoka kwa ditoropong tse dikgolo. Bangwe ba ile ba atlega mo go seo. Lefa go ntse jalo, ba bangwe bone ba ne ba bona eng?

Ngwaga le ngwaga dimilionemilione di fudugela kwa ditoropong tse dikgolo tse di setseng di pitlagane ka batho koo go senang matlo a a lekaneng mme matlo a teng a ja madi a mantsi. Seno se felela ka eng? Ka metse ya ditakana eo e tletseng malwetse, bokebekwa le dikhuduego tsa sepolotiki. Matlo ano a a itiretsweng ka diboto tse di makgasa, dikgong le disenke, ke megwafatshe, barracas kana chabolas (Sepanishe), a a nnang batho ba ba humanegileng tota mo lefatsheng. Metse eno ya ditakana—favela ka Sepotokisi le gecekondu ka Se-Turkey (mo go kayang, “e agilwe mo bosigong bo le bongwe”)—ke selo sa mmatota se re ka se keng ra se itlhokomolosa, e ka tswa e le mo Afrika, kwa India, Amerika Borwa, kgotsa kae fela.

Maemo a Jaanong Le a Mo Isagweng a Dinaga Dingwe Tsa Afrika

Go ka tweng ka Afrika? Fa dingaka dingwe tse pedi di ne di kwala mo JAMA, di ne tsa naya kgang ya tsone setlhogo seno: “Afrika e mo Mokgokoloseng—Isagwe e e Letobo Mme Legale Go na Le Tsholofelonyana.” Ba ne ba bolela gore maemo a dipolotiki le a loago a dinaga tse dintsi tsa Afrika a baka mathata a mantsi. Ba ne ba kwala jaana: “Mo dinageng tsa Afrika tse di kwa borwa jwa Sahara [kgaolo e e nang le dinaga tse 45], dingwaga tse 20 tse di fetileng e nnile tsa masetlapelo. Kgaolo eno e ile ya ganyaolwa ke leuba, komelelo, dintwa tsa semorafe, tlhakatlhakano ya sepolotiki, AIDS, koketsego e kgolo ya baagi, go ngotlega ga dijo, go senyega ga tikologo . . . Baitse ba bonela pele gore, bobotlana go tla feta nakonyana maemo a ikonomi, khumanego le pogisego di sa tokafale le eseng.” Sone setlhogo seno se bega gore mo dinageng tse 40 tse di humanegileng go gaisa tsotlhe, di le 32 tsa tsone di mo kgaolong ya Afrika e e kwa borwa jwa Sahara.

Jaanong go tweng ka maemo a gompieno a boitsholo mo lefatsheng? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka bokhutshwane ka “kgatelopele” e lefatshe le e dirileng mo ntlheng eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ga re ne re kgona go akaretsa dilo tsotlhe tse go ileng ga gatelwa pele mo go tsone kana diphetogo tsotlhe tse di nnileng gone mo sephatlong sa lekgolo leno la dingwaga.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

USAF photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]

NASA photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela