LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 10/8 ts. 29-31
  • A ke Ithute Mathaithai a go Itshireletsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ke Ithute Mathaithai a go Itshireletsa?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathaithai a go Lwa ka Mmele
  • Go Dirisa Dibetsa
  • Kafa Modimo o Lebang Dibetsa ka Gone
  • Botlhale—Bo Gaisa Dibetsa
  • Fa o Tlhaselwa
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Ditlhobolo—Tsela Eo E Isang Losong
    Tsogang!—1990
  • Mokeresete A Ka Iphemela go ya Bokgakaleng Jo Bo Kana Kang?
    Tsogang!—1991
  • Nka Dira Jang Gore Ke Nne le Bopelokgale jwa go Farologana le Ba Bangwe?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 10/8 ts. 29-31

Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Ithute Mathaithai a go Itshireletsa?

“Go na le segongwana se se bosula tota kwa sekolong,” Jesse o bolela jalo. “Fa ba go bona o le mo phasitšhing ya sekolo mme ba batla sekipa, baki kana borokgwe jwa gago, ba a di tsaya. Fa o ya go ba bega, ba tlile go go itaya gape.”

BASHA ba le bantsi ba a tlhaselwa ka metlha. Makasine wa USA Today o ne wa bolela jaana: “Mo e ka nnang moithuti a le mongwe mo go ba le batlhano ba sekolo se segolo o tsamaya ka metlha a tshotse tlhobolo, thipa, legare, thobane kana dibetsa tse dingwe. Bontsi jwa bone ba ya sekolong ka tsone.” Mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Jairo o itse seno go ya ka se a se iponetseng. A re: “Sekolo sa rona e ne ya nna sone sa ntlha [mo New York City] go nna le dilo tse di dupelelang dilo tse di dirilweng ka tshipi, lefa go ntse jalo, seo ga se kganele bana go tla ba tshotse dithipa le ditlhobolo. Ga ke itse gore ba kgona jang go tsena ka tsone mme gone, ba tla ka tsone.”

Go a utlwala go bo basha ba le bantsi ba tshwenyegile kaga ditsela tse ba ka itshireletsang ka tsone ka ntlha ya go boifa go tlhaselwa. Lola yo mmotlana o akgela jaana: “Morago ga gore mosetsana mongwe wa sekolo sa rona a bolawe ka go tlhabiwa ka thipa fa ba ne ba mo tseela manyena, ba ne ba simolola go ruta dithuto tsa mathaithai a go itshireletsa kwa sekolong. Mo e ka nnang baithuti botlhe ba ne ba ikwadisa.” Basha ba bangwe ba swetsa ka gore ba tsamaye ba tshotse diseporei tsa dikhemikale le dibetsa tse dingwe. Mme potso ke gore, A tota mathaithai ao a ka go sireletsa?

Mathaithai a go Lwa ka Mmele

Ba a tlhagisa ka metlha mo thelebisheneng—bomankge ba mathaithai a go lwa ka mmele ba tlolela kwa godimo, ba ragaka ba bo ba itaya ka mabole jaaka motho yo o binang. Mo metsotsong e sekae fela botsotsi ba rapaletse fa fatshe ba sa tshikinyege. Go a gakgamatsa ruri! Mathaithai ao a go lwa ka mmele a bonala e le one fela a ka sireletsang motho. Lefa go ntse jalo, tota botshelo ga bo a nna jaaka fa bo supiwa mo dibaesekopong. Monna mongwe yo nang le dingwaga tse dintsi a tshameka karate o ne a re: “Ga o kitla o dira lerumo la tlhobolo sepe. Fa motho a emetse kgakala ka tlhobolo ga o kgone go dira sepe. E bile gape ga o kake wa dira sepe fa a le gaufi thata le wena mo o senang sebaka sa go tlolatlola ka tsela ya teng.”

Gape ela tlhoko gore motho o tshwanelwa ke go senya madi a mantsi le go fetsa dingwaga a ikatisa tota gore a tle a kgone go nna setswerere mo mekgweng eo ya go lwa ka mmele. Mme fa o sa tswelele pele ka go ikatisa jalo, bokgoni joo jwa go tlolaka jalo bo tla nyelela ka bonako. Go ntse fela jalo le ka mekgwa e mengwe ya go itshireletsa e e jaaka mabole. Kwantle ga moo, motho yo go itsegeng gore o itse go lwa a ka ipiletsa mathata go sa tlhokege. Bontwadumela ba ka go lwantsha fela ka gonne ba batla go go gwetlha.

Lefa go ntse jalo, go ithuta mathaithai a go lwa ka mmele go ka go tsenya mo kotsing e kgolo go feta eo. Makasine wa The Economist o ne wa bega jaana bosheng jaana: “Bontsi jwa mathaithai a go lwa ka mmele, fa e se otlhe, a amana thata le madumedi a mararo a magolo a Asia Botlhaba e leng, Bobuda, Bo-Tao le Bo-Confucian.” Buka e nngwe e oketsa jaana: “Sengwe le sengwe se se dirwang mo karateng—go tlola, go kgoma—go ka fitlhelwa go simologile mo melaometheong ya Se-Zen.” Zen ke setlhotswana sa Sebuda se se gatelelang mokgwa wa go tlhatlhanya ka tsela ya sedumedi. Go tlholega jalo ga dilo tseno mo bodumeding ke bothata jo bogolo mo Bakereseteng fa re akanya ka mafoko ano a Baebele a a mo go 2 Bakorinthe 6:17: “Ke gone: ‘Tswang mo gare ga bone [baobamedi ba maaka], lo lomologane,’ go bua Morena, ‘lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.’”

Go Dirisa Dibetsa

Mme go tweng ka go tsamaya o tshotse tlhobolo kana thipa? Seo se ka nna sa dira gore o itshepe thata. Lefa go ntse jalo, go itshepa goo go ka nna kotsi thata fa o simolola go itsenya mo diphatseng go sa tlhokege kana o ipiletsa mathata. Baebele e tlhagisa jaana: “Yo o senkang bosenyi, bo tlaa tla mo go ene.” (Diane 11:27) Mme fa bothata bo itere mo go wena, go somola sebetsa go tla kgotletsa molelo. O ka nna wa bolawa—kana wa bolaya motho yoo. Modimo yo e leng ene Motswedi wa botshelo, o tla leba jang tiro eo ya gago fa e le gore o ka bo o ile wa tila go lwa?—Pesalema 11:5; 36:9.

Ke boammaaruri gore, tota ga se gore batho ba bangwe ba batla go dirisa dilo tse di bolayang. Ba ka nna ba bolela gore ba tsamaya ka sebetsa go tshosa medipa fela ka sone. Lefa go ntse jalo makasine wa Health o bolela jaana: “Bakaedi ba ditlhobolo ba dumela gore: O se ka wa nna le tlhobolo fa e le gore ga wa ikaelela go e dirisa. Fa o ntsha tlhobolo o ka tshosa bontwadumela bangwe, lefa go ntse jalo, go ka galefisa ba bangwe.”

Go tweng ka dibetsa tse di “seng kotsi,” tse di jaaka seporei sa dikhemikale? Kwantle le gore molao wa mafelo mangwe o kgatlhanong le tsone, go dirisa dibetsa tseno go ka felela go sa itumedise. Go na le gore di kgwabofatse motlhasedi yo o tsentshiwang ke diokobatsi, di ka nna tsa mo galefisa thata fela. Gape go ka nna ga direga gore phefo e fokele khemikale ya teng mo matlhong a gago go na le gore e fokele mo motlhaseding—fa e le gore gone o kgonne go somola seporei ka bonako. Fa motlhasedi a bona o ntse o apaapa kgetsana kana sepatšhe a ka nna a akanya gore o batla go somola tlhobolo, mme a bo a swetsa go dira sengwe se se kotsi. Ka ntlha ya seno, lepodise lengwe la leteketifi le ne la akgela jaana: “Ga o kake wa tlhomamisa gore mace [seporei sa dikhemikale] kana sebetsa sepe fela se tla go thusa. Kgotsa gore o tla kgona go se somola ka bonako. Dibetsa ga di ke di rarabolola seemo. Batho ba na le go di tshepa thata.”

Kafa Modimo o Lebang Dibetsa ka Gone

Go boifa go tlhaselwa go ne go le gone bogologolo mo motlheng wa ga Jesu. Sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe se se itsegeng thata se se bidiwang gore ke setshwantsho sa Mosamaria yo o Molemo, se bua ka tiragalo e mo go yone motho mongwe a neng a tlhaselwa ke dinokwane. (Luke 10:30-35) Fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tseye ditšhaka e ne e se gore ba itshireletse ka tsone. Tota e bile, seo se ne sa dira gore a bolele molaometheo ono: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tlaa nyelela ka tšhaka.”—Mathaio 26:51, 52; Luke 22:36-38.

Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tsamaye ba tshotse dibetsa ka maikaelelo a go gobatsa benkabone. (Bapisa Isaia 2:4.) Ba latela kgakololo eno ya Baebele e e mo go Baroma 12:18: “Fa go ka nna jalo, lo nne le kagiso le batho botlhe.” A seno se bolela gore o se ka wa itshireletsa ka tsela epe? Legoka!

Botlhale—Bo Gaisa Dibetsa

Mo motlheng ono o go lebegang go tletse didirisiwa tsa mefutafuta, go ka nna ga go gakgamatsa go itse gore o ka kgona go nna le mokgwa wa go itshireletsa o o molemo go gaisa sedirisiwa sepe fela se se dirilweng ke motho. Re bala jaana mo go Moreri 9:18: “Botlhale bo molemo bogolo go dibolao tsa tlhabano.” Botlhale jono bo feta se batho bangwe ba se bitsang gore ke “botlhajana jwa go iphalotsha mo mathateng.” Ke go dirisa melaometheo ya Baebele, e bile bo ka go thusa go tila ntwa e ise e runye.

Ka sekai, Jairo yo pelenyana a ileng a tlhalosa thubakanyo ya kwa sekolong sa bone, o tila mathata ka go dirisa mafoko ano a Baebele a a mo go 1 Bathesalonika 4:11, (NW): “Leka ka natla go tshela ka tidimalo le go se itsenye mo dikgannyeng tsa batho.” Jairo a re: “Fa o itse gore go tlile go lowa, o se ka wa itsenya mo dikgannyeng tsa batho mme o ikele gae. Batho bangwe ba nnela go itiatia mme ke yone nako eo ba tsenang mo mathateng ka yone.”

“Go dira gore mongwe le mongwe a itse gore ke Mosupi wa ga Jehofa ke tsela e e molemo e ke itshireletsang ka yone,” Lola o bolela jalo. “Batho ga ba ntshwenye ka gonne ba itse gore nka se nne matshosetsi mo go bone.” Eliu ene o oketsa jaana: “Ga go a lekana go bua fela o re o Mosupi. Ba tshwanetse go bona gore o farologane le bone.” Bakeresete ga ba a tshwanela go nna “ba lefatshe.” (Johane 15:19) Lefa go ntse jalo, o nne kelotlhoko gore o se ka wa dira gore ba akanye gore o a ikgogomosa. (Diane 11:2) Mosha mongwe o tlhalosa seno jaana: “O se ka wa tsamaya mo phasitšhing jaaka e kete ke ya gago.” Seo se ka dira gore ba go galefele. Mosha mongwe wa Mokeresete yo leina la gagwe e leng Luchy o bolela jaana: “Ke botsalano mo balekaneng ba me ba sekolo e bile ke tlotla le bone; mme ga ke itshware jaaka bone.”

Tsela e o aparang ka yone le yone e botlhokwa. Mosha mongwe o bolela jaana: “Ke nna kelotlhoko gore ke se apere diaparo tse di tla laletsang matlho a batho. Ke dirile tshwetso ya gore ke se ka ka apara diaparo tsa maina a a jang madi a mantsi.” Fa o latela kgakololo ya Baebele ya gore re apare ka tsela e e bori go ka nna ga go thusa gore o se ka wa ngoka kgatlhego ya batho mme o ka kgona go tila mathata.—1 Timotheo 2:9.

Fa o Tlhaselwa

Mme go tweng fa o ka tlhaselwa le mororo o ile wa leka go tila mathata? Sa ntlha, leka go dirisa molaomotheo ono o o mo go Diane 15:1: “Phetolo e e bonolo e thibosa bogale, mme lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.” Eliu yo mmotlana o ne a dira jalo kwa sekolong. A re: “Ka dinako tse dingwe o ka thusiwa ke fa o sa tseye kgang nngwe le nngwe e e tlhabang tsia. Gantsi bothata bo bakwa ke tsela e o arabang ka yone.” Fa o gana go ‘duela bosula ka bosula,’ o ka nna wa kgona go laola maemo ao.—Baroma 12:17.

Lefa go ntse jalo, fa botlhale joo bo sa atlege, o tshwanetse go tsaya dikgato tsa go itshireletsa. Fa segopa sengwe sa basha se go pateletsa gore o se neye sekipa sa gago kana sengwe fela se se tlhwatlhwakgolo, ba neye! Botshelo jwa gago bo botlhokwa thata go gaisa dilo tse o nang le tsone. (Luke 12:15) Fa o lemoga gore o ka nna wa tlhaselwa, itsamaele—se se botoka go feta, tlhanola direthe! Diane 17:14, (NW) ya re: “Pele ga komang e tsoga, itsamaele.” (Bapisa Luke 4:29, 30; Johane 8:59.) Fa e le gore ga o kgone go tswa foo, selo se le nosi fela se o ka se dirang ke go leka go tila go lwa ka ditsela tsotlhe tse o ka di kgonang. Morago ga moo, bolelela batsadi ba gago se se diragetseng. Gongwe ba ka nna ba kgona go go thusa ka tsela nngwe.

Fela jaaka fa Baebele e ile ya perofesa, re tshela mo metlheng ya thubakanyo. (2 Timotheo 3:1-5) Lefa go ntse jalo, go tsamaya o tshotse tlhobolo kana go ithuta go ragaka ka tsela ya karate ga go kitla go go sireletsa gope. Nna kelotlhoko. Dirisa botlhale jwa bomodimo fa o lebane le mathata. Mme se se botlhokwa go gaisa, dumela mo go Jehofa o bo o mo ikanye. Fela jaaka mopesalema, o ka nna wa rapela jaana o na le tshepo: “O nkgoleletse godimo ga ba ba ntsogologelang.”—Pesalema 18:48.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Mathaithai a go lwa ka mmele ga se yone tharabololo mo Bakereseteng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela