LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 11/8 ts. 26-28
  • Kafa o ka Lebang Bontle jo Bo re Dikologileng ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Lebang Bontle jo Bo re Dikologileng ka Teng
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse di Dirang Gore Selo se Nne Sentle
  • Go Ela Tlhoko Dilo Tse Dinnye le Tse Dikgolo
  • Batho ba ba Neng ba Ithuta go Bona
  • Motaki yo o Tlhokomologilweng go Gaisa Botlhe mo Motlheng wa Rona
    Tsogang!—1995
  • Mmala o go Ama Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Taka ke Eng?
    Tsogang!—1995
  • Bontle bo ka nna jwa Kafa Ntle Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 11/8 ts. 26-28

Kafa o ka Lebang Bontle jo Bo re Dikologileng ka Teng

“Mo dipuong tsotlhe, mafoko a ntlhantlha a re simololang go itse go a bua ke ‘tla ke bone!’”—William White, Jr.

NGWANANYANA yo o lebileng serurubele se se ntseng se phaphasela, banyalani ba ba tsofetseng ba ba lebileng phirimo e ntle ya letsatsi, mmalelapa yo o kgatlhiwang ke tsela e a rulagantseng dithunya tsa dirosa ka teng—botlhe ba eme go sekae ba tlhomile mogopolo wa bone mo sengweng se sentle.

E re ka bontle jwa popo ya Modimo bo le gongwe le gongwe, ga go tlhokege gore o tsamaye mosepele wa dikilometara di le makgolo go bo bona. Dilo tse di gakgamatsang thata di ka nna tsa bo di le kwa mafelong a a kwa kgakala, mme fa o ka leba sentle, mo motseng wa gaeno go na le dilo tse di kgatlhang—segolobogolo fa o itse kafa o ka di lebang ka teng.

Batho ba rata gore, “bontle jwa selo bo ikaegile ka motho yo o se lebileng.” Lefa go ntse jalo, lefa selo se le sentle ga se batho botlhe ba ka bonang bontle joo jwa sone. Re ka nna ra simolola go bo lemoga fa re bo bona mo setshwantshong se se takilweng kana mo senepeng. Tota e bile, bataki ba le bantsi ba bolela gore katlego ya bone e ikaegile thata ka tsela e ba kgonang go bona selo ka yone e seng e ba se takang ka yone. Buka ya The Painter’s Eye, e e kwadilweng ke Maurice Grosser, e tlhalosa gore “motaki o taka ka matlho e seng ka matsogo a gagwe. Sengwe le sengwe se a se bonang, fa e le gore o se bona sentle, a ka se taka. . . . Go bona selo sentle go botlhokwa tota.”

Go sa kgathalasege gore a re bataki kana ga re bone, re ka ithuta go bona dilo sentle thata, go ela tlhoko bontle jo bo re dikologileng. Ka mafoko a mangwe, re tshwanetse go ipha nako ya go leba dilo ka tsela e sele.

Mo kgannyeng eno, John Barrett yo e leng mokwadi wa hisitori ya dilo tsa tlhago o gatelela botlhokwa jwa go nna le seabe ka namana. A re: “Ga go na selo se se gaisang go iponela, go kgoma, go dupa le go reetsa kafa maatla a tlholego a dirang ka teng mo diphologolong le dimela tse di tshelang. Letla gore bontle jwa tsone bo go kgatlhe thata . . . Gongwe le gongwe kwa di leng teng o di lebe, itumelele go di leba o bo o bowa o di leba gape.”

Mme gone re tshwanetse go leba eng? Re ka simolola ka go ithuta go leba dilo tse nnè tsa konokono tse di dirang gore selo se nne sentle. Dilo tseno o ka di lemoga mo e ka nnang mo go sengwe le sengwe se Jehofa a se bopileng. Fa ka metlha re ema go sekae go di leba, seno se tla dira gore re itumelele dilo tse a di takileng.

Dilo Tse di Dirang Gore Selo se Nne Sentle

Popego le Tebego. Re tshela mo lefatsheng le le nang le dilo tsa dipopego tse dintsintsi. Dingwe di tlhamaletse fela jaaka ditlhare tsa bamboo kana di logagane jaaka bobi jwa segokgo fa tse dingwe tsone di sena popego jaaka leru le le fetogang gangwe le gape. Dilo dingwe di lebega ka tsela e e kgatlhang, e ka ne e le dithunya tse di kgatlhang tsa orchid, dikgapetla tsa mo lewatleng tse di itshopang, kana le e leng dikala tsa setlhare tse di tlhotlhoregileng makakaba.

Fa go na le dilo tse dintsi tsa popego e e ntseng jalo go dira gore dilo tseo di kgatlhe fa o di lebile. Ka sekai, akanya fela o lebile setlhopha sa dikutu tsa ditlhare mo sekgweng. Dipopego tsa tsone—di farologana mme e le tsa mofuta o le mongwe—di dira gore di nne le tebego e e kgatlhang. Mme legale, gore o bone popego le tebego ya tsone, go tshwanetse ga nna le lesedi.

Lesedi. Lesedi le nna le seabe mo go kgabiseng selo se se re kgatlhang. Le senola dilo tse di subegileng, tsela e selo seo se dirilweng ke yone mme go dira gore o ikutlwe ka tsela nngwe. Lesedi le farologana go ya ka nako ya letsatsi, setlha sa ngwaga, maemo a bosa tota le ka lefelo le re leng mo go lone. Fa maru a thibile go le letobonyana seo se dira gore o lemoge mebala ya dithunya tsa naga kana ya matlhare a ditlhare ka nako ya letlhabula, fa mapawa le ditlhoa tsa mokoloko wa dithaba tsone di lemotshega sentle ka tsela e e kgatlhang fa letsatsi le tlhaba kana le phirima. Lesedi la letsatsi le le monate la mariga a kwa Hemisefereng ya Bokone le dira gore naga ya teng ya mafulo e nne ntle tota. Kafa letlhakoreng le lengwe, letsatsi le le bogale la kwa Boboatsatsi le dira gore mafelo a a seng boteng a lewatle a lebege e le mafelo a a kgatlhang a go ka shapelwang mo go one.

Mme go santse go na le selo se sengwe gape se se botlhokwa se re iseng re se umake.

Mmala. O dira gore dilo tse di farologaneng tse re di bonang di kgatlhe thata. Le mororo di farologana go ya ka dipopego tsa tsone, mmala wa tsone o senola tsela e di tlhomologileng ka yone. Mo godimo ga moo, mmala ka boone o dira gore selo se lebege se le sentle thata. E ka nna ya bo e le mmala o o phatsimang thatathata o o jaaka o mohibidu kana wa namune o o ngokang kgatlhego ya rona kana e le o o ritibatsang pelo jaaka o mopududu kana o motala.

Akanya fela o bona sebata sa dithunya tse di serolwana mo patlelong. Lesedi le phatsimisa ditšheshe tse di serolwana tse o tla fitlhelang di phatshima mo pheswaneng ya mo mosong, fa dikala tsa ditlhare tsone di ntlafaditswe ka tsela e e kgatlhang ke letsatsi la mo mosong. Jaanong re na le setshwantsho. Se re se tlhokang fela ke go se tsenya mo “foreiming,” mme ke teng mo tlhamaganyo e tlhokegang teng.

Tlhamaganyo. Tsela e dilo tse tharo tsa motheo—popego, lesedi le mmala—di tswakanang ka yone, ke yone e e tla supang kafa selo se tla tlhamaganang ka teng. Mme mo kgannyeng eno, rona ba ba lebileng, re na le seabe se segolo thata. Ka go sutela go sekae kwa pele, kwa thoko, kwa letlhakoreng le lengwe, kwa godimo kana kwa tlase, re ka fetofetola dilo tseno tse tharo kana ra fetola lesedi le le mo setshwantshong. Ka gone, re ka dira gore setshwantsho se tlhagise fela dilo tse re ratang go di bona.

Gantsi re na le go ipona fela re itiretse setshwantsho mo mogopolong wa rona fa re bona sengwe se se kgatlhang se dikologilwe ke ditlhare tse e keteng ke foreime kana dimela dingwe. Lefa go ntse jalo, go na le ditshwantshonyana tse dingwe tse dintle tse di fitlhegileng.

Go Ela Tlhoko Dilo Tse Dinnye le Tse Dikgolo

Dilo tse Modimo a di dirileng, tse dikgolo le tse dinnye, di dintle mme re ka di itumelela thata fa re ka ithuta go leba dilonyana tse di sa itshupeng thata tse le tsone di kgatlhang. Di dira dilo tsa tlhago di lebege e kete ke ditshwantshonyana tse di fokoditsweng tse di gasagasameng le setshwantsho se segolo sa tlhago. Gore re di itumelele thata, se re tshwanetseng go se dira fela ke go nna fa fatshe mme re di keleke thata.

John Shaw yo e leng motsayaditshwantsho, o tlhalosa ditshwantshonyana tseno tse di mo setshwantshong se segolo jaana mo bukeng ya gagwe ya Closeups in Nature: “Ka metlha ke tlhola ke gakgamadiwa ke gore fa ke lebile dilonyana tse dinnye tsa tlhago di ntira gore ke kgatlhegele go di keleka le eleng go gaisa. . . . Re simolola re bona setshwantsho se segolo, morago e nne sebatanyana sa mmala mo sekhutlhwaneng sa foreime. Fa o se keleka sentle o tla bona dithunya mme mo sethunyeng se sengwe o bone serurubele. Diphuka tsa sone di senola popego e e sa tshwaneng le epe, mme popego eo e dirwa ke mebala e e rulagantsweng sentle ya makokoma a diphuka, mme lekokoma lengwe le lengwe le rulagantswe ka bothakga. Fa re ne re ka tlhaloganya ka botlalo tsela e lekokoma lengwe le lengwe la lephuka la serurubele le dirwang ka bothakga ka teng, re ne re tla simolola go tlhaloganya tsela e tlhago e dirang dilo ka bothakga jo bogolo ka teng ka tsela e e tlhatswang pelo.”

Kwantle ga gore bontlentle jwa dilo tsa tlhago—tse dikgolo le tse dinnye—bo a re kgatlha, gape bo ka re dira gore re tsalane thata le Mmopi wa rona. “Kalelang matlho a lona godimo, lo bone,” Jehofa o ne a rotloetsa jalo. Ka go ema go sekae, re leba le go keleka sentle, e ka ne e le go tlhoma matlho mo legodimong le le tletseng ka dinaledi kana sepe fela sa dilo tse Modimo o di bopileng, se re gopotsa Ene “yo o tlhodileng dilo tse.”—Isaia 40:26.

Batho ba ba Neng ba Ithuta go Bona

Mo motlheng wa Baebele, batlhanka ba Modimo ba ne ba kgatlhegela popo thata. Go ya ka 1 Dikgosi 4:30, 33, “Botlhale jwa ga Solomone bo ne bo gaisa botlhale jwa bana botlhe ba botlhabatsatsi . . . A bolela ka ga ditlhare, go simolola ka mosetara o o mo Lebanone go ya mosiama o o melang mo lorakong; le gone a bolela ka ga diphologolo, le dinonyane, le dilo tse di gagabang, le ditlhapi.”

Gongwe ka tsela nngwe tsela e Solomone a neng a kgatlhegela bontle jwa popo ka yone e ne e le ka ntlha ya sekao sa ga rraagwe. Dafite, yo o neng a fetsa dingwaga tse dintsi tsa bosha jwa gagwe e le modisa, o ne a tlhola a tlhatlhanya ka ditiro tsa Modimo. O ne a kgatlhiwa thata ke bontle jwa magodimo. Mo go Pesalema 19:1, o ne a kwala jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.” (Bapisa Pesalema 139:14.) Go bonala sentle gore, kitso ya gagwe ka popo e ne ya mo dira gore a tsalane thata le Modimo wa gagwe. Go ka nna jalo le ka wena.a

Fela jaaka banna bano ba ba ratang Modimo ba boletse, go lemoga le go itumelela ditiro tsa Modimo go tlhotlheletsa maikutlo a rona e bile go dira gore re itumele mo botshelong. Mo lefatsheng leno la segompieno le le tletseng ka dilo tsa go itlosa bodutu tse gantsi di senyang maitsholo a batho, rona le malapa a rona re ka dira sengwe se se molemo go gaisa ka go keleka popo ya ga Jehofa. Mo bathong ba ba tlhoafaletseng go bona Modimo a lere lefatshe le lesha le a le solofeditseng, go dira jalo ke go itlosa bodutu ka sengwe se se tla diregang mo isagweng.—Isaia 35:1, 2.

Fa re leba dilo tse dintle tse di re dikologileng e bile re lemoga dinonofo tsa Motaki yo Mogolo yo o di dirileng tsotlhe fela, kwantle ga pelaelo re tla tlhotlheletsega go bua mafoko ano a ga Dafite: “Morena, ga go na ope yo o tshwanang nao . . . le gone ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le ditiro tsa gago.”—Pesalema 86:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bakwadi ba bangwe ba Baebele, ba ba jaaka Agure le Jeremia, le bone ba ne ba rata go sekaseka hisitori ya tlhago thata.—Diane 30:24-28; Jeremia 8:7.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Dikai tsa popego le tebego, lesedi, mmala le tlhamaganyo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Godo-Foto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela