LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 5/8 ts. 12-15
  • Aids mo Afrika Labokeresete O na Le Seabe se se Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aids mo Afrika Labokeresete O na Le Seabe se se Kana Kang?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bodumedi bo Ile Jwa Nna le Seabe?
  • Kafa Afrika e Neng ya Nna ya “Bokeresete” ka Teng
  • Tlhaselo ya Boitlosobodutu Jwa Bophirima
  • Tharabololo ya Bothata
  • Ke Eng Fa Afrika E Boga Thata Jaana?
    Tsogang!—1992
  • Maemo A AIDS A Maswe Go Le Kana Kang Mo Afrika?
    Tsogang!—1992
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
  • AIDS—Bothata Jo Bogolo jwa Basha
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 5/8 ts. 12-15

Aids mo Afrika Labokeresete O na Le Seabe se se Kana Kang?

Ka mmegadikgang wa Tsogang! mo Afrika

Mo setlhogong seno lefoko “Labokeresete” le kaya ba ba ipolelang gore ke Bakeresete, fa ba bapisiwa le Bokeresete jwa Baebele.

Labokeresete

“Dikarolo tsa lefatshe tse bontsi jwa baagi ba tsone ba ipolelang gore ke ba tumelo ya Bokeresete.”—Webster’s New World Dictionary.

AIDS

“Boemo jwa fa mmele o sa kgone go lwa le malwetse mme disele tsa thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse di tshwaeditswe ke baerase e e fapaanyang tsela e mmele o dirang ka yone.”—Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary.

AIDS ke kgogodi e e tlhasetseng lefatshe lotlhe. Go fopholediwa gore go na le batho ba le dimilione di le 17 ba ba setseng ba tshwaeditswe ke HIV, baerase e e bakang AIDS. E bile e anama ka bonako.

Lefa gone go sekametswe thata mo dikgannyeng tse di amang kalafi, dipolotiki le maikutlo, tse di bakiwang ke kgogodi eno, ga go buiwe thata ka dikgang tsa bodumedi tse di amegang. Gone jaanong, babadi bangwe ba ka tswa ba akanya gore bodumedi ga bo amege mo go anameng ga AIDS. Mme tota seno se a utlwala fa o akanya ka boemo jwa kontinente ya Afrika.

AIDS e tlhasetse Afrika botlhoko thata.a Bangwe ba bolela gore diperesente tse 67 tsa batho ba ba tsenweng ke AIDS mo lefatsheng di mo kontinenteng eno. Palo ya batho ba go begilweng ba na le yone kwa Chad e ne ya oketsega ga 100 mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, go fopholediwa gore go begilwe fela nngwetharong ya batho botlhe ba e ba tseneng. Go ya ka pego ya World Bank, AIDS ke yone e bolayang thata batho ba bagolo mo mafelong a ditoropo mo Afrika.

A Bodumedi bo Ile Jwa Nna le Seabe?

Eleruri, Bokeresete—bodumedi jo Jesu Keresete a neng a bo ruta—bo ka se bonwe molato wa gore bo na le seabe mo masetlapelong ano. Lefa go ntse jalo, jaaka go supilwe fa tlase, lefoko “Labokeresete” le akaretsa dinaga tse batho ba tsone ba ipolelang gore ke Bakeresete. Mme seo se raya Labokeresete ka phepafalo. Seno ga se reye gore dikereke ke tsone di tlhodileng kana di anamisitseng baerase ya AIDS ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, AIDS e ile ya anama mo Afrika thata ka ntlha ya go tlhakanela dikobo ga motho le batho ba bantsi.b Ka gone, AIDS e ka bidiwa bothata jwa boitsholo, mme ka jalo, seno se tsosa dipotso dingwe tse di tshwenyang mogopolo kaga bodumedi. Lefa go ntse jalo, “Bokeresete” jwa mo Afrika ke letlhogela le le tswang kwa dinageng tsa Bophirima. Baeteledipele ba dikereke ke bone ba neng ba sokololela Baafrika mo mofuteng wa bodumedi jwa bone, ba bolela gore bo tla ba ruta ditsela tse di botoka tsa go tshela tse di gaisang dingwao tsa mo Afrika. A tlhotlheletso ya Labokeresete tota e ne ya tokafatsa boitsholo jwa balatedi bano ba basha? Boemo jo bo maswe jwa AIDS bo supa sentle gore go ne ga diragala se se farologaneng le seo.

Ka sekai, akanya ka setšhaba sa kwa Chad. Mo ditoropong tsa yone tse nnè tse dikgolo, tse tharo tsa tsone di na le “Bakeresete” ba bantsi. E nngwe yone e tletse Bamoseleme. Lefa go ntse jalo, baerase eno e maswe thata mo ditoropong tse tharo tse dikgolo tsa “Bokeresete”! Go ntse fela jalo le mo kontinenteng yotlhe. Afrika bogare le borwa, tseo di tletseng Bokeresete, di na le selekanyo se se kwa godimo sa batho ba ba tshwaeditsweng go na le Afrika Bokone e e tletseng Bamoseleme.

Kafa Afrika e Neng ya Nna ya “Bokeresete” ka Teng

Ke eng fa baerase eno e ile ya anama ka bonako thata jaana mo bathong ba ba ipolelang gore ba latela Keresete? Totatota, le mororo Baafrika ba bantsi ba ipitsa Bakeresete, ke ba le mmalwa fela ba ba ikobelang melao ya boitsholo ya Bokeresete e e kwadilweng mo Baebeleng. Seno se lebega se bakilwe ke tsela e barongwa ba Labokeresete ba neng ba “sokolola” setšhaba sa Baafrika ka teng.

Mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga, dithuto tsa motheo tsa Labokeresete di ne tsa tlhaselwa. Bakanoki ba ne ba oketsega, ba dira gore batho ba bantsi ba lebe Baebele jaaka buka fela ya bogologolo. Thutotlhagelelo e ne ya simolola go dumelwa le ke baruti tota. Pelaelo e ne ya simolola. Batho ba ne ba sa tlhole ba dumela Dikwalo Tse di Boitshepo. Fa maemo a ntse jaana, go ne go sa gakgamatse go bo tiro ya Labokeresete ya go “sokolola” Baafrika e ne ya itebaganya thata le dikgang tse e seng tsa bomodimo. Barongwa ba kereke ba ne ba rera efangele e e neng e bua ka go rarabolola mathata a loago fela, ba gatelela ditiro tsa namolo go na le go thusa basokologi bano go tshela ka melao ya Baebele ya boitsholo. Gongwe e bile barongwa ba ne ba sa lemoge gore ba ne ba thusa mo go timetseng mekgwa e e neng e le teng ya boitsholo.

Ka sekai, go nyala lefufa go ne go sa bolo go nna teng mo Afrika. Lefa go ntse jalo, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo ne bo sa tlalatlala, ka go bo merafe e mentsi e ne e na le melao e e gagametseng e e kgatlhanong le boaka. Joseph Darnas, morutisi yo o tlogetseng tiro, yo o itsegeng thata kwa Chad, o ne a bolelela Tsogang! gore pele barongwa ba kereke ba tla, “go ne go akanngwa gore boaka bo lere go tlhoka lesego.” Seo se ne se felela ka gore “ba ba molato ba atlholwe botlhoko ka go bo ba ne ba baya setšhaba mo kotsing—gantsi ba ne ba atlholelwa loso.” A seo e ne e le tumelabotlhodi? Ee, lefa go ntse jalo tumelo eo e ne e thibela go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi.

Go ne ga tla barongwa ba Labokeresete. Ba ne ba rera kgatlhanong le go nyala lefufa mme ba se ka ba dira sepe se se kalo go gatelela melao ya Baebele ya boitsholo. Lefa gone Baebele e bolela gore batho ba ba gokafalang le ba ba akafalang ba tshwanetse go lelekwa mo phuthegong ya Bokeresete fa ba sa ikwatlhae, ke ka sewelo dikereke tsa Labokeresete di tseelang baleofi kgato. (1 Bakorinthe 5:11-13) Go fitlha gompieno, bontsi jwa boradipolotiki ba maemo a a kwa godimo ba Baafrika ba itsege ka boitsholo jo bo sa siamang, mme lefa go ntse jalo ba ntse ba lejwa e le maloko a a siameng fela a kereke. Go ikanyega mo lenyalong ke selo se se seyong tota mo dikerekeng tsa batho ba ba ipitsang Bakeresete mo Afrika.

Mo godimo ga moo, baruti ka bobone ba ile ba tlhoma sekao se se sa siamang. Mo bathong bano bao ka tlwaelo ba ratang malapa, go tlwaelegile gore motho a nyale mme a nne le bana ba bantsi. Gongwe leno ke lebaka la go bo bontsi jwa baruti ba Katoliki ba ikutlwa ba se phoso gore ba ka tlhokomologa ikano ya bone ya go nna ba itshekile ba sa nyala. The New York Times ya May 3, 1980 e ne ya bega jaana: “Mo dikarolong tse dintsi tse di kwa tengteng, . . . baruti le bobishopo ba nyetse lefufa.”

Tota e bile, manyalo ao ga a dirwa kafa tshwanelong, e bile “basadi” bao totatota e a bo e le dinyatsi fela. Boitsholo jo bo ntseng jalo jo bo sa siamang bo ka se itlhokomolosiwe fela jaaka e kete ga bo re sepe. Go ya ka Times, “moruti mongwe wa maemo a a kwa godimo wa Mokatoliki” o a dumela gore “moruti wa Moafrika ke ene molaodi, o ntsha ditaolo go na le gore e nne motlhanka wa ga Jesu Keresete.” Go lebega se “balaodi bano” ba se bolelang e le, “Dira kafa ke buang ka teng e seng kafa ke dirang ka teng.”

Tlhaselo ya Boitlosobodutu Jwa Bophirima

Selo se sengwe gape se se sa tshwanelang go itlhokomolosiwa ke boitlosobodutu jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jo bo anametseng mo Afrika mo dingwageng tsa bosheng. Kwa Chad, mafelo a botlhe a a tshamekang dibidio a a sa tsenngwang leitlho ke ope a boitlosobodutu jo bo ntseng jalo a tletsetletse—mo magaeng a batho, mo dikaratšheng mme gantsi mo digotlong fa go le bosigo. Dibaesekopo tseno ga di duelelwe madi a mantsi, gantsi go duelwa fela di-franc di le 25 (disente di le 18, S.A.). Go tla le bana ba bannye. Dilo tseno di tswa kae? Bontsi jwa tsone bo tswa kwa United States—naga e e ipolelang gore e tletse Bakeresete!

Mme gone, a ngwao eno ya Bophirima e ile ya ama bao ba lebang dilo tseno? Morongwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, yo o nang le dingwaga tse 14 a le kwa Afrika Bogare a re: “Batho ba lefelo leno gantsi ga ba kopane gope le ba dinaga tsa Bophirima fa e se ka go leba dikhasete tsa bidio. Ba batla go tshwana le batho ba Bophirima bao ba ba bonang mo dibaesekopong. Ga ke ise ke bone patlisiso epe e e kwadilweng go tlhomamisa seno, mme go bonala ka phepafalo fela gore boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo tlhotlheletsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”

A bo e le dilo tse di thulanang jang ne go bo badiredibagolo ba tsa boitekanelo ba leka go thibela malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo gore a se ka a anama, fa ditšhaba tse di ipitsang tsa Bokeresete tsone di lere dikgang tse di rotloetsang boitsholo jo bo sa siamang jo bo kotsi! Le mororo dikereke di sa dira sepe se se kalo go thibela seno mo gae kana kwa moseja, dipuso dingwe tsa Afrika, jaaka ya kwa Chad le Cameroon, di lekile go thibela kana go fokotsa dilo tse di hepisetsang tlhakanelodikobo tse di tsenang mo dinageng tsa tsone. Mme ga di a atlega mo go seo.

Seno se ile sa felela ka go wela tlase ga boitsholo gongwe le gongwe mo “Bakereseteng” ba Baafrika. Maemo a a kwa tlase a ikonomi le one a ne a senya dilo. Ka lebaka la gore ga go na ditiro, banna ba tshwanela go tlogela malapa a bone ka dikgwedi tse dintsi go ya go senka tiro. Banna ba ba ntseng jalo ba itseelwa ke diaka tsa mafelo ao. Lefa go ntse jalo, diaka tseno gantsi di humanegile ka botsone. Magadi a a kwa godimo a a batliwang ke batsadi le one a ama seno. Banna ba bantsi ga ba nyale ka ntlha ya gore ga ba na madi a a tlhokegang a go duela bogadi. Ka gone seno se felela ka gore bangwe ba ratane le mongwe le mongwe fela. Fa boitsholo le maemo a ikonomi a ntse jaana, AIDS e anama ka bonako.

Tharabololo ya Bothata

Go phepafetse gore Labokeresete ke ene a nang le molato mo bothateng jwa AIDS mo Afrika. Mme go bonala ka phepafalo fela ka tsela e e botlhoko gore e o rwele. Seno se ama thata batho ba Jesu a neng a ba bitsa “baobamedi ba ammaaruri.”—Johane 4:23.

Lefa gone go le boammaaruri gore molato ke wa ga mang, ke eng se se ka dirwang go thibela kgogodi ya AIDS? Dipuso tsa Afrika di ile tsa tsena mo matsholong a go thibela AIDS, di bolela gore go dirisiwe dikhontomo. Lefa go ntse jalo, Dr. Samuel Brew-Graves, moemedi wa Nigeria wa World Health Organization o ne a dumela jaana ka tlhamalalo: “Motho ke ene a tshwanetseng go tshela ka tsela e e siametseng boitekanelo . . . , fa lelapa lone le tshwanetse . . . go tila go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi.”

Baebele e ne ya kgala go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe e bile e buelela go itsheka, boikgapo le go ikanyega mo lenyalong, bogologolo pele batho ba utlwa ka AIDS. (Diane 5:18-20; 1 Bakorinthe 6:18) Diketekete tse di makgolokgolo tsa Basupi ba ga Jehofa mo Afrika di ka go naya bosupi ka matshelo a tsone gore melaometheo eno, fa o e latela e sireletsa thata mo go tsenweng ke AIDS le malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Go kgomarela ga bone melao ya Baebele go supa gore Labokeresete o na le molato. Bakeresete bano ba boammaaruri gape ba solofetse lefatshe le le tlang le lesha le ‘go tla agang tshiamo mo go lone.’ (2 Petere 3:13) Mo bathong ba tumelo, seno ke sone se se tla fedisang kgogodi ya AIDS.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona motseletsele wa ditlhogo tse di reng “AIDS mo Afrika—E Tla Fela Jang?” mo makasineng wa rona wa August 8, 1992.

b Bolwetse jono bo ka anamisiwa gape ka go tshelwa madi mmogo le ka dinnalete tse di dirisitsweng ke ba bangwe tsa go itlhaba ka diokobatsi mo ditshikeng. Bakeresete bangwe ba ba senang molato ba ne ba tsenngwa bolwetse jono ke bao ba nyalaneng nabo ba ba neng ba dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo kana ba dirisa diokobatsi.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Mo dikarolong tse dintsi tse di kwa tengteng, . . . baruti le bobishopo ba nyetse lefufa.”—The New York Times

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Sekao se se sa siamang sa baruti ba Labokeresete se ile sa gakatsa boitsholo jo bo sa siamang jwa go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi mo Afrika

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Basha ba leba boitlosobodutu jwa boitsholo jo bo sa siamang jo bo romelwang ke ditšhaba tsa “Bokeresete”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela