Go Bua ka Kgololesego mo Gae—A ke Tlhagala e e Tlogang e Thubega?
FA MONGWE a goa ka go aka a re “Go a sha!” mo holong e kgolo e e tletseng batho mme bangwe ba bo ba bolawa ka go gatakiwa mo tlhakatlhakanong ya fa bontsi bo leka go iphalotsa, a motho yo o goileng ga se ene a tshwanetseng go pegwa molato wa dintsho le dikotsi tse di tlhagileng? Fa mongwe a re, “Ga ke dumele se o se buang, lefa go ntse jalo ke tla sireletsa tshwanelo ya gago ya go bua jalo,” a o newa thata ya gore o dire dilo kafa go batlang wena ka gone, kgololesego e e sa lekanyediwang, go bua phatlalatsa sengwe le sengwe se o batlang go se bua, go sa kgathalasege diphelelo tsa gone? Go na le ba ba akanyang jalo.
Ka sekai, kwa Fora, fa baopedi ba mmino wa repe ba ne ba buelela go bolawa ga mapodise, mme mapodise a ne a bolawa ke bangwe ba ba neng ba utlwa mmino ono, a baopedi bano ba mmino wa repe ba ne ba sa tshwanela go pegwa molato wa go tlhotlheletsa batho gore ba dire bothubaki? Kgotsa a ba tshwanetse go sirelediwa go ya ka molawana wa ditshwanelo? Fa bagasi ba radio le thelebishene le mafaratlhatlha a dikhomputara ba dira gore bana ba bone ditshwantsho tse di bonalang sentle tsa bothubaki le tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, mo ba bangwe ba bone ba felelang ba dira dilo tseno ba ikgobatsa ba bo ba gobatsa le ba bangwe, a batho ba ba gasamisang dilo tse di ntseng jalo le bone ba tshwanetse go pegwa molato wa seno?
Makasine wa U.S.News & World Report o ne wa bega gore patlisiso nngwe e e dirilweng ke ba American Psychological Association “e fopholetsa gore ngwana yo o tlwaelegileng, yo o fetsang diura di le 27 mo bekeng a lebeletse thelebishene, o tla bona dipolaano di le 8000 le ditiro tsa bothubaki di le 100 000 go tloga a le dingwaga tse 3 go fitlha a le tse 12.” A batsadi ba ka itlhokomolosa seno jaaka e kete ga se na tlhotlheletso e e kalo mo baneng ba bone? Kgotsa a se ka nna le “kotsi e e bonalang sentle e e leng teng gone jaanong”? A seno se tshwanetse go lejwa ka leitlho le le farologaneng kgotsa a go bua ka kgololesego go tshwanetse ga lekanyediwa?
Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ke baithutatlhaloganyo ba yunibesithi e ne ya bontsha gore fa setlhopha sa bana ba ba nang le dingwaga di le nnè ka metlha se bontshiwa dipopae tsa “bontwadumela” mme se sengwe sone se bontshiwa dipopae “tse di tsigameng fela,” setlhopha sa ba ba boneng tse di lwang sone se a thubakanya se bo se latlhakanya dilo fa se sena go di lebelela. E bile, tsela e bothubaki jwa mo thelebisheneng bo ba amang ka yone ga e fele lefa ba setse ba godile. Patlisiso e nngwe ya yunibesithi, morago ga go ela tlhoko bana ba le 650 go tloga ka 1960 go fitlha ka 1995 le go leba tsela e ba lebang thelebishene ka yone le tsela e ba itshwarang ka yone, e ne ya bontsha gore ba ba neng ba leba ditshwantsho tsa thelebishene tse di tletseng thubakanyo thata fa ba ne ba le bannye ba ne ba gola go nna bagolo ba ba bogale thata, go akaretsa le go sotla batho bao ba nyalaneng nabo le go kgweetsa ba nole.
Lefa bana bangwe ba ka nna ba se ka ba dumela tsela e thelebishene le difilimi di ba amileng ka yone, bangwe bone ba tla dumela. Ka 1995, setlhopha sengwe se se thusang batho sa California, se se bidiwang Children Now, se ne sa botsolotsa bana ba le 750, ba dingwaga tsa go tloga ka 10 go ya go 16. Patlisiso eno e ne ya bontsha gore, ba le barataro mo go bangwe le bangwe ba le lesome, ba ne ba re tlhakanelodikobo e e bontshiwang mo thelebisheneng e tlhotlheletsa bana gore ba tlhakanele dikobo ba santse ba le bannye thata.
Bangwe ba ka nna ba re bana ba ka se tseye bothubaki jwa mo thelebisheneng le mo difiliming e le jwa mmatota le gore difilimi tsotlhe tse di tshosang ga di na tsela epe e di ba amang ka yone. Lekwalodikgang lengwe la kwa Boritane le ne la re: “Mo kgannyeng eo, ke ka ntlha yang fa molaodi mongwe wa sekolo kwa bogare bophirima jwa Amerika a ne a tshwanelwa ke gore a bolelele bana ba le diketekete gore go ne go se na Teenage Mutant Ninja Turtles mo teng ga mesele ya metsi a a leswe ya lefelo la bone? Ke ka gonne balatedi bano ba ba botlana ba di-Turtle tseno, ba ntse ba gagabela mo teng ga mesele eno ya metsi a a leswe go di leba.”
Gompieno jaana go kgakgauthanwa ka mafoko malebana le se bangwe ba se kayang e le pharologano e e seng kalo fa gare ga go bua ka kgololesego le bothubaki jo bo bakwang ke batho ba ba kgatlhanong le go ntsha mpa mo mafelong a le mantsi a kwa United States. Batho ba ba leng kgatlhanong le go ntsha mpa ba ngongorega phatlalatsa gore dingaka le badiri ba mo ditlileniking ba ba thusang batho go ntsha dimpa ke babolai le gore bone ka bobone ga ba na tshwanelo ya go tshela. Ba le bantsinyana ba ba galefisitsweng ke seno ba batla gore dingaka tseno le ba ba thusanang le tsone ba bolawe. Ba romela ditlhodi ka sephiri gore di batle dinomore tsa dikoloi tsa batho bao, le go senka maina le diaterese tsa bone. Ka gone, dingaka le badiri ba mo ditlileniking ba ntse ba bolawa ka go thuntsiwa.
Poresidente ya Planned Parenthood Federation of America e ne ya bua jaana ka khutsafalo: “Eno ga se kgang ya go bua ka kgololesego. Seno se tshwana fela le fa motho a goa a re, ‘Go a sha!’ a le mo holong e kgolo e e tletseng batho. Go ntse fela jaaka e kete re mo holong e kgolo e e tletseng batho; a o ko o bone fela dipolao tse di kanakana tse di diragetseng kwa ditlileniking mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng.” Batho ba ba buelelang bothubaki jono ba ntsha mabaka a gore se ba se dirang fela ke go diragatsa tshwanelo ya bone jaaka fa e dumeletswe mo molawaneng wa First Amendment wa Amerika—go bua ka kgololesego. Mme ba tswelela pele fela ba dira jalo. Go tla nna go ntse go sekisanwa ka tshwanelo eno mo makwalodikgannyeng, mme dikgotlatshekelo di tla tshwanelwa ke gore di rarabolole kgang eno, ka maswabi, ga di ne di kgotsofatsa botlhe.
Se Batsadi Ba Ka Se Dirang
Legae e tshwanetse go nna lefelo le bana ba sireletsegileng mo go lone, e seng lefelo le batho ba ba ba timetsang le go ba senya ba ka ba tlhaselang motlhofo mo go lone kgotsa koo ba ka fetolwang maikutlo a a ritibetseng gore ba nne bogale thata. Porofesa wa yunibesithi ya United States fa a ne a buisana le batsadi o ne a re: “O ka nna wa dumela thata gore ngwana wa gago ga a ka ke a nna bogale go sa kgathalasege go nna a lebelela go sekae mananeo a thelebishene a a tletseng thubakanyo. Mme ga o ka ke wa tlhomamisega gore ngwana wa gago ga a kitla a bolawa kgotsa a golofadiwa ke ngwana wa mongwe o sele, yo le ene a godisitsweng a lebelela mananeo a thelebishene a a tletseng thubakanyo.” Go tswa foo o ne a kgothatsa jaana: “Go thibela bana go lebelela mananeo a thelebishene a a tletseng thubakanyo, e tshwanetse go nna selo se se botlhokwa mo go tsa pabalelo ya boitekanelo fela jaaka ditulo tsa bana tsa mo koloing, dihelemete tsa dibaesekele, go entiwa le dijo tse di nang le dikotla.”
Fa e le gore ga o kitla o letla motho yo o sa mo itseng gore a tle mo ntlong ya gago mme a fitlhe a dirise puo e e gobololang le go bua puo ya matlhapa le ngwana wa gago kaga tlhakanelodikobo le thubakanyo, he o se ka wa letla radio le thelebishene gore e nne motho yoo. Itse gore ke leng o tshwanetseng go e tima kgotsa go fetola seteishene sa yone. Itse gore ke eng se ngwana wa gago a se lebeletseng, mo thelebisheneng le mo khomputareng, tota le fa a le nosi mo kamoreng ya gagwe. Fa a itse go dirisa khomputara ya gagwe le mafaratlhatlha a yone, o ka garoga pelo tota go itse gore ke eng se a se lebelelang maitsiboa mangwe le mangwe. Fa e le gore ga o rate se ngwana wa gago a se lebelelang, se mo letle o bo o mo tlhalosetse lebaka. Ga a kitla a swa fa o mo thibela.
La bofelo, ruta bana ba gago go tshela ka melaometheo ya bomodimo mme e seng ka mekgwa ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo—ka puo ya yone ya matlhapa le e e gobololang le ditiro tsa yone. (Diane 22:6; Baefeso 6:4) Moaposetoloi Paulo o ne a naya Bakeresete kgakololo e e mo nakong e rotlhe re tshwanetseng go tshela ka yone. “Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi; le fa e le matlhapa, le fa e le puo ya dinyana, le fa e le dinyao, tse e leng dilo tse di sa tshwanelang; mme bogolo go ntshiwe malebogo.”—Baefeso 5:3, 4.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Mananeo mangwe a thelebishene a ka gogela kwa go direng bokebekwa le boitsholo jo bo maswe