Fa go Lowa ka Mafoko
“Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela.”—DIANE 12:18.
“GO NE ga simologa dibeke di le mmalwa fela morago ga lenyalo,” go bolela jalo Elaine.a “Mafoko a a tlhabang, dikakgelo tse di ntshotlang le go leka go nnyenyefatsa. Monna wa me o ne a mphekeetsa. O ne a akanyetsa ka bonako le go buela ka bonako mo a neng a kgona go sokamisa sengwe le sengwe se ke neng ke ka se bua.”
Mo lenyalong la gagwe, Elaine o ne a tlhaselwa ka tsela e e neng e sa lemogiwe ke ope e e sa tlogeleng mabadi a a bonalang e bile go sena ope yo o ka mo utlwelang botlhoko. Se se botlhoko ke gore boemo jwa gagwe ga bo a ka jwa tokafala fa dingwaga di ntse di feta. “Re na le dingwaga tse di fetang 12 jaanong re ntse re nyalane,” o bolela jalo. “Ga go na letsatsi lepe le le fetang a sa ntshwaya phoso kana a sa ntshotle ka dipuo tse di tlhabang, tsa matlhapa.”
Baebele ga e feteletse dilo fa e re loleme ‘lo bosula jo bo tlhabatlhabang, lo tletse more o o bolayang.’ (Jakobe 3:8; bapisa Pesalema 140:3.) Seno se boammaaruri segolobogolo mo lenyalong. “Ope fela yo o rileng, ‘dithobane le maje di ka roba marapo a me mme mafoko ga a ka ke a nkutlwisa botlhoko’ o ne a le phoso tota,” go bolela jalo mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o bidiwang Lisa.—Diane 15:4.
Banna le bone ba ka nna ba tlhaselwa ka bogale ka mafoko. “A o itse gore go ntse jang go nna le mosadi yo o tlholang a go bitsa moaki, seeleele kana sengwe se se maswe go feta seo?” go botsa jalo Mike, yoo ene le Tracy ba setseng ba tla tlhalana morago ga dingwaga di le nnè fela ba nyalane. “Tota ga ke kgone go bolelela batho dilo tse a di nthayang. Ke sone se ke sa kgoneng go bua nae le lebaka la go bo ke nna kwa tirong go fitlha bosigo thata. Go botoka thata go na le go ya gae.”—Diane 27:15.
E ne e le ka lebaka le le molemo go bo moaposetoloi Paulo a ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “A go latlhwe . . . komang, [le] go kgala.” (Baefeso 4:31) Mme “go kgala” ke eng? Paulo o go farologanya le “komang” (ka Segerika, krau·geʹ), seo se kayang go tsholetsa lentswe. “Go kgala” (ka Segerika, bla·sphe·miʹa) go raya thata molaetsa ka boone. Fa e le o o supang go gatelela, o senya leina, o nyenyefatsa kana o rogana, he o a kgala—o ka tswa o omana kana o buela kwa tlase.
Dintho Tse di Bakwang ke Mafoko
Dipuo tse di tlhabang di ka koafatsa lenyalo fela jaaka makhubu a lewatle a fofora lentswe le le thata. Dr. Daniel Goleman o kwadile jaana: “Fa di ntse di nna bogale e bile di buiwa ka nako e telele, di nna kotsi le go feta. . . . Go itlwaetsa go kgala le go sotla kana go tenega go kotsi gonne go supa gore monna kana mosadi o setse a atlhotse yo a nyalaneng nae yono gore o maswe a ntse a didimetse.” Fa jaanong monna le mosadi ba sa tlhole ba bontshana lorato lo lo tswang pelong, “ba nyalane ka molao mme ka maikutlo ba kgaogane,” jaaka buka nngwe e bolela. Fa nako e ntse e ya, ba a kgaogana gotlhelele.
Lefa go ntse jalo, puo e e sotlang ga e ame lenyalo fela ka bolone. Seane sa Baebele sa re: “Mowa o phatlolw[a] ke bohutsana jwa pelo.” (Diane 15:13) Go ngomoga pelo go o go utlwang fa o tlhola o buisiwa mafoko a a utlwisang botlhoko go ka ama boitekanelo jwa gago tota. Ka sekai, patlisiso e e dirilweng ke Yunibesithi ya Washington (U.S.A.) e supa gore mosadi yo o tlholang a gobololwa a ka tsenwa ke mofikela, a nna le mathata a setlha, go tshwaediwa ke yeast le mathata a mala motlhofo fela.
Basadi ba bantsi ba ba ileng ba itshokela go tlhaselwa ka mafoko le go itewa ba ile ba bolela gore mafoko a ka utlwisa botlhoko go feta mabole. “Matsadi a a salang fa a sena go go itaya kgabagare a a fola a bo a nyelela,” go bolela jalo Beverly, “mme ga nkitla ke lebala dilo tse di maswe tse a di buileng ka tebego ya me, tsela e ke apayang ka yone le kafa ke tlhokomelang bana ka teng.” Julia o ikutlwa fela ka tsela e e tshwanang. A re: “Ke a itse gore go utlwala e kete ke a tsenwa, mme bogolo a ka ntitaya ke bo ke fola go na le gore mogopolo wa me o bogisege ka lobaka lo loleele jaana.”
Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba tlhasela le go sotla motho yo ba bolelang gore ba a mo rata? Setlhogo se se latelang se tlile go araba potso eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mangwe a maina a a mo motseletseleng wa ditlhogo tseno a fetotswe.
[Mafoko a a mo go tsebe 20]
“Bogolo a ka ntitaya ke bo ke fola go na le gore mogopolo wa me o bogisege ka lobaka lo loleele jaana”
[Mafoko a a mo go tsebe 20]
“A o itse gore go ntse jang go nna le mosadi yo o tlholang a go bitsa moaki, seeleele kana sengwe se se maswe go feta seo?”