LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 6/8 ts. 3
  • Go Fetola Maikutlo—Go Tsosa Dipotso Tse Disha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fetola Maikutlo—Go Tsosa Dipotso Tse Disha?
  • Tsogang!—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Tlhotlheletsang—Boikutlo Jwa Gago?
    Tsogang!—1997
  • Go Itebaganya le Kgwetlho Eno
    Tsogang!—1997
  • Ba Neele Kaelo E Ba E Tlhokang
    Tsogang!—1992
  • Go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 6/8 ts. 3

Go Fetola Maikutlo—Go Tsosa Dipotso Tse Disha?

“PHETOGO MO GO TSA TLHAKANELODIKOBO,” “go rata tlhakanelodikobo thata,” “phetogo ya boitsholo.” Mafoko ano a phasalatsa mekgwa e e ntseng e fetoga ya boitshwaro jwa tlhakanelodikobo, segolobogolo mo bogareng jwa bo1960 le morago ga moo. Ba le bantsi ba ne ba inaakanya le moano wa “thatano e e gololesegileng,” o e leng mokgwa wa botshelo o mo go one batho ba neng ba gana lenyalo le bokgarebane.

Maiphako a ga mokwadi Ernest Hemingway, a a reng, “Boitsholo jo bo siameng ke se o se itumelelang morago ga gore o se dire, mme boitsholo jo bo sa siamang ke se se sa go itumediseng morago ga go se dira,” a ka tswa a tlhalosa sentle maikutlo a batho ba ba tsieditsweng ke ditsholofetso tsa gore ba tla bona kgololesego ya tsa tlhakanelodikobo le kgotsofalo. Go dumela filosofi eno go buelela botsalano jwa tlhakanelodikobo jwa nako e e khutshwane jo bo dirwang le balekane ba le bantsi joo mo go jone, banna le basadi ba kgotsofatsang keletso ya bone ya tlhakanelodikobo. “Go ikgotsofatsa” ka tlhakanelodikobo go ne go se na melelwane. Dipilisi tsa dithibelapelegi, tse di simolotsweng go dirisiwa mo lesomeng leo la dingwaga, di ile tsa gakatsa maikutlo ao a go lekeletsa tlhakanelodikobo e e feteletseng.

Le fa go ntse jalo, AIDS le malwetse a mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo e nnile matswela a mokgwa ono o o sa siamang wa botshelo. Maikutlo a kokomana eno e e boitsholo bo repileng ka tsa tlhakanelodikobo a ne a fetoga fela thata. Dingwaga di sekae tse di fetileng, makasine wa Time o ne wa ntsha setlhogo se se reng “Tlhakanelodikobo ka bo1980—Phetogo e Fedile.” Pego eno e ne e lebisitse thatathata mo malwetseng a tlhakanelodikobo a a anameng thata a a tshwaeditseng Baamerika ba le bantsi. Go fitlha jaanong, palogotlhe ya batho ba ba tshwerweng ke AIDS mo lefatsheng lotlhe e fitlhile kwa palong e e tshosang ya dimilione di ka nna 30!

Go boifa malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo go dirile gore batho ba le bantsi ba fetole maikutlo a bone malebana le go nna le botsalano jwa nako e khutshwane jwa tlhakanelodikobo. Kgatiso ya 1992 ya US, e leng makasine o o buang ka tsa boitlosobodutu, fa e bega ka patlisiso e e dirilweng ke puso, e boletse jaana: “Basadi ba ba iseng ba nyalwe ba ka nna dimilione di le 6,8 ba dirile diphetogo mo boitshwarong jwa bone ka ntlha ya go boifa AIDS le malwetse a mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.” Go ya ka setlhogo seo, go phepafetse: “Tlhakanelodikobo ke kgang e e masisi. Nna le seabe mo go yone o ntse o itse gore e na le ditlamorago tse di kotsi.”

Masome ano a dingwaga a a bosula a amile jang maikutlo a batho mo go tsa tlhakanelodikobo? A ba ithutile thuto nngwe mo go tlhagafaleleng bofafalele jo bo lemotshegang mo thatanong e e gololesegileng ya masome a dingwaga a bosheng jaana le mo malwetseng a a leng teng a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo a dingwaga tsa bo1980? A go simolola go ruta thuto ka tsa tlhakanelodikobo kwa dikolong tse di laolwang ke puso go thusitse makau le makgarebe go laola keletso ya bone ya tlhakanelodikobo sentle? Ke tsela efe e e botoka ya go lebana le dikgwetlho tsa gompieno tsa maikutlo a a fetogileng malebana le tsa tlhakanelodikobo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela