Ke Eng se se Tlhotlheletsang—Boikutlo Jwa Gago?
DINGWAGA di ka nna 2700 tse di fetileng, mokwadi yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala seane seno se se dirang gore motho a akanye: “Go ntse jaaka tshameko fela mo mothong wa seeleele go dira boikepo.” (Diane 10:23) Boammaaruri jwa seno bo bonala sentle fa e sa le go tloga ka phetogo mo go tsa tlhakanelodikobo. Pele ga AIDS e tshosetsa, boikutlo jo bo neng bo tletse e ne e le gore tlhakanelodikobo e ne e le ‘karolo ya motshameko’ le gore keletso ya tlhakanelodikobo e tshwanetse go kgotsofadiwa ‘go sa kgathalesege matswela a teng.’ A boikutlo jono bo fetogile? Nnyaa.
Gompieno go rata tlhakanelodikobo thata go sa ntse go dira batho ba bangwe go nna “batho ba ba matlho mantsi,” ‘ba ba nyalang lefufa ba sa fetse,’ le “digonkga tsa tlhakanelodikobo,” ba ba bolelang gore maitsholo ke kgang ya motho ka namana le gore thatano e e gololesegileng e mo go yone motho a nnang le baratiwa ba bantsi ga e molato. (Bona lebokose la “Mekgwa ya Botshelo ya Tlhakanelodikobo,” mo tsebeng ya 6.) Ba bolela gore ‘ga go na ope yo o gobalang’ fa motho a tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe, fa fela e le gareng ga bagolo ba ba dumalaneng. Ka 1964, moithutaloago kwa Yunibesithing ya Puso ya kwa Iowa e bong Ira Reiss o ne a tlhalosa gore seno ke “lorato lo lo letlelelang sengwe le sengwe.”
Bishopo wa Anglican wa Edinburgh kwa Scotland go bonala le ene a ikutlwa jalo ka gonne o ne a bolela gore batho ba dirilwe ba na le maikutlo a go ratana le batho ba bantsi. Mo puong ya gagwe ka tlhakanelodikobo le Bokeresete, o ne a bolela jaana: “Modimo o ne a itse fa a ne a re dira gore o re neetse keletso ya tlhakanelodikobo mo teng ga rona gore re tswe re ye go jala peo ya rona. O re dirile re na le dijini tse di re tlhotlheletsang go tlhakanela dikobo le batho ba le bantsi. Ke akanya gore e tla bo e le phoso fa kereke e ka nyatsa batho ba ba dirang dilo go ya ka keletso ya bone ya tlholego.”
A seo ke pono e e siameng? Molato ke eng ka thatano e e gololesegileng? A go nna le botsalano jwa nakwana jwa tlhakanelodikobo le batho ba le bantsi go lere kgotsofalo le boitumelo?
Leroborobo la lefatshe ka bophara la malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo le dimilione tsa batho ba ba imang ba ise ba nyalwe, segolobogolo gareng ga basha, go supa sentle go retelelwa ga filosofi eo. Go ya ka makasine wa Newsweek, kwa United States fela, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo a tshwara basha ba ba ka nnang dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga. Mo godimo ga moo, bontsi jwa “bagolo ba ba dumalaneng” bano gantsi bo bonala bo se na “katamalano e e bothitho ya tlholego” kana maikutlo a boikarabelo ka ngwana yo o iseng a tsalwe, mme ba itlhaganelela go senya mpa. (2 Timotheo 3:3) Seno se tseela ngwana yo o iseng a tsholwe botshelo jwa gagwe jaaka fa bo tlosiwa ka setlhogo mo go mmaagwe. Mme ditlamorago mo go mmè yo mosha yono e ka nna go tshwenyega thata mo maikutlong le go tshwenngwa ke segakolodi botshelo jotlhe jwa gagwe.
Dr. Patrick Dixon o bontshitse gore mo bogareng jwa bo1990 kwa Boritane fela, ditshenyegelo tsa matswela a phetogo mo go tsa tlhakanelodikobo e nnile madi a a boitshegang a diranta di le dimilione di le 93 400 ka ngwaga. Mo bukeng ya gagwe ya The Rising Price of Love, Dr. Dixon o ne a fitlhelela palo eno ka go tlhotlhomisa ditshenyegelo tsa go alafa malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, go akaretsa le AIDS; ditshenyegelo tsa tlhalo; ditshenyegelo tsa batsadi ba ba nosi; le ditshenyegelo tsa kalafi ya lelapa le ya ngwana. Jaaka go begilwe mo go The Globe and Mail, lekwalodikgang la letsatsi le letsatsi la Canada, Dr. Dixon o ne a konela ka gore: “Phetogo mo go tsa tlhakanelodikobo e e re solofeditseng kgololesego, e tlogetse ba le bantsi e le magolegwa mo lefatsheng leno le le sentsweng ke tlhakatlhakano ya tlhakanelodikobo, bomadimabe, bodutu, botlhoko jwa maikutlo, thubakanyo le go sotlwa.”
Mme ke ka ntlha yang fa batho ba tswelela ka go rata tlhakanelodikobo thata, ba tlhopha go nna le botsalano jwa nakwana le go gatelela thatano e e gololesegileng e e se nang maikarabelo? Ka matswela ano a a bosula a a ileng a bonala sentle mo masomeng a mararo a a fetileng a dingwaga, ke eng se se tlhotlheletsang go rata go dira dilo ka tsela eno e e feteletseng e e senyang?
Ditshwantsho Tse di Hepisang di Sokamisa Tlhakanelodikobo
Go bolelwa gore ditshwantsho tse di hepisang ke sengwe sa dilo tse di dirang gore batho ba rate tlhakanelodikobo thata. Mongwe yo o neng a lemaletse tlhakanelodikobo o ne a kwala jaana mo lekwalodikgannyeng la The Toronto Star a ipobola: “Ke tlogetse go goga dingwaga di le tlhano tse di fetileng, ka tlogela dino tse di tagang dingwaga tse pedi tse di fetileng, le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se kileng sa nna bokete jaana mo botshelong jwa me go se tlogela go gaisa go lemalela tlhakanelodikobo le ditshwantsho tse di hepisang.”
Gape o dumela gore basha ba ba agang ba leba ditshwantsho tse di hepisang ka metlha ba nna le pono e e sokameng ka boitshwaro jwa tlhakanelodikobo. Ba dira dilo tsa tlhakanelodikobo tse ba agang ba ijesa dijo tsa ditoro ka tsone ba bo ba senka dikamano tsa thatano tse di raraaneng le tse di thata. Seno se dira gore ba ikgogone mo bathong ba bangwe mme bothata bongwe jo bogolo jo ba nnang le jone ke go sa kgone go nna le dikamano tsa lorato tse di nnelang ruri.
Dilo Tsa Boitlosobodutu di Senya Tlhakanelodikobo
Boitsholo jo bo sa siamang jo bo akaretsang go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi, ba le mo lenyalong kana nnyaa, bo ile jwa anama thata mme bo bontshiwa phatlalatsa mo dilong tsa boitlosobodutu. Go bontsha botsalano jo bogolo jwa tlhakanelodikobo jwa go tlhoka lorato le jo bo se nang boitsholo mo sekirining go tlhotlheleditse batho go rata tlhakanelodikobo thata, e leng mo go dirang gore kokomana ya gompieno e nne le pono e e sokameng ka tlhakanelodikobo. Metswedi ya boitlosobodutu gantsi ka phoso e amanya tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang le go ratana thata ga batho. Batho ba ba ratang batshameki ba boitlosobodutu go bonala ba sa kgone go bona pharologano gareng ga kgotelo le lorato, thatano ya nakwana ya tlhakanelodikobo le kgolagano ya nako e e telele kana gareng ga go ijesa dijo tsa ditoro le selo sa mmatota.
Ka mo go tshwanang, gantsi metswedi ya phasalatso e dirisa tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang go buelela dilo tsa kgwebo. Ngaka nngwe ya tsa tlhakanelodikobo o rile e setse e le “selo se se dirisiwang kwantle ga maikutlo se maikaelelo a teng e leng go oka kgatlhego mo go se se phasaladiwang.” Baphasalatsi ba dirisitse tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang ka go amanya mafoko a tsa tlhakanelodikobo le botshelo jo bo eletsegang, mo godimo ga moo eno ke tsela e nngwe gape e ka yone ba “sokamisitseng pono e e siameng ya tlhakanelodikobo” mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, fela jaaka lekwalopaka la Family Relations le boletse.
Go Fetola Dilo go Sokamisa Maikutlo
Go fetoga ga dilo mo setšhabeng le go simolola go rekisa dipilisi tsa dithibelapelegi ka 1960 go ne ga fetola boitshwaro jwa tlhakanelodikobo mo dimilioneng tsa basadi. Dipilisi tseo di ne di dira gore basadi ba akanye gore ba lekana le banna mo go tsa tlhakanelodikobo, ba na le kgololesego kana go ikemela ka nosi mo go tsa tlhakanelodikobo go ba iseng ba ko ba nne le gone pele. Jaaka banna, jaanong le bone ba ne ba ka kgona go nna le botsalano jwa nakwana, ba sa kgorelediwe ke go boifa go ima mo go sa batlegeng. Ka ntlha ya go itumelela kgololesego ya bone ya go tlhakanela dikobo, banna le basadi ka go tshwana ba ne ba simolola go tlhokomologa gotlhelele thulaganyo e e tlwaelegileng ya lelapa le seabe sa banna le basadi.
Mokwadi wa Baebele wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a bua jaana ka batho ba ba ntseng jalo: “Ba na le matlho a a tletseng boaka a a bileng a sa kgone go bakela boleo . . . Ba na le pelo e e thapisitsweng mo keletsong ya bopelotshetlha. . . . Ka go tlogela tselana e e tlhamaletseng, ba timeditswe.”—2 Petere 2:14, 15.
Thuto ka Tsa Tlhakanelodikobo mo Dikolong
Patlisiso nngwe ya kwa United States e e dirilweng mo makgarebeng a ka nna 10 000 a a iseng a nyalwe a a leng mo dingwageng tsa sekolo se segolo e bontsha gore “kitso, jaaka go bontshiwa ke dikhoso tsa thuto ya tsa tlhakanelodikobo le go ipolela ga bone gore ba na le kitso ka tsa go laola pelegi,” ga ya fokotsa selekanyo sa go ima ga basha ba ba iseng ba nyalwe. Le fa go ntse jalo, dikolo tse dingwe tsa batho botlhe di tsibogela bothata jono jo bogolo ka go abela baithuti dikhontomo mahala, le fa tota go sa ntse go ganetsanwa thata ka seno.
Moithuti mongwe wa dingwaga di le 17 wa sekolo se segolo, fa a ne a botsolotswa ke lekwalodikgang la Calgary Herald o boletse seno: “Ke boammaaruri gore bontsi jwa basha ba ba tsenang mo sekolong se segolo ba tlhakanela dikobo . . . , le ba ba nang le dingwaga tse 12 tota.”
Lorato le Boineelo ke Eng?
Lorato, go ikanyana le go utlwana thata ga se dilo tse di itlelang fela ka ntlha ya go kgatlhegela motho ka tsa tlhakanelodikobo kana go kgotsofatsa dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Go tlhakanela dikobo ka bogone go ka se bope lorato lwa boammaaruri. Lorato le botsalano jo bogolo di tswa mo dipelong tsa batho ba babedi ba ba ikemiseditseng go aga kamano ya leruri.
Botsalano jwa nakwana kgabagare bo tlogela motho a sa sireletsega, a le nosi mme gongwe a tshwerwe ke bolwetse jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo jo bo jaaka AIDS. Batho ba ba buelelang thatano e e gololesegileng ba ka tlhalosiwa sentle ke mafoko a a bonwang mo go 2 Petere 2:19: “Fa ba ntse ba ba solofetsa kgololesego, bone ka bobone ba tshela jaaka batlhanka ba go bola. Gonne lefa e le mang yo o fenngwang ke yo mongwe o dirwa motlhanka ke yono.”
Ka June 1995 lekgotla la Kereke ya Engelane le le rweleng maikarabelo a dilo tsa loago le ne la golola pego ya setlhogo se se reng “Sengwe Se o Ka se Itumelelang.” Go farologana gotlhelele le kgakololo ya Baebele, go ya ka The Toronto Star lekgotla le ne la rotloetsa kereke go “tlogela mafoko a a reng ‘go tshelela mo boleong’ le go tlogela go nyatsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.” Pego e ne ya buelela gore “diphuthego di tshwanetse go amogela ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, di ba reetse, di ithute mo go bone, . . . e le gore botlhe ba ke ba lemoge gore Modimo o na le bone mo matshelong a bone.”
Jesu o ne a tla bitsa balatedi ba ba ntseng jalo ba bodumedi gore ke eng? Kwantle ga pelaelo o ne a tla re ke “bagogi ba ba foufetseng.” Mme go tweng ka batho ba ba latelang bagogi ba ba ntseng jalo? O ne a re: “Fa, he, motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo kgatamping mmogo.” Eleruri Jesu o bontshitse ka phepafalo gore “boaka” le “kgokafalo” ke dingwe tsa “dilo tse di leswafatsang motho.”—Mathaio 15:14, 18-20.
Ka mabaka ano a a farologaneng a a sokamisang tlhakanelodikobo le go dira gore e lejwe ka tsela e e sa siamang, motho a ka dira jang gore a se ka a rata tlhakanelodikobo thata, segolobogolo basha? Sephiri sa botsalano jwa nako e e telele jo bo itumedisang ke eng? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka se batsadi ba tshwanetseng go se dira go thusa basha go ipaakanyetsa isagwe.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Kwa United States Fela, Malwetse A A Tshelanwang Ka Tlhakanelodikobo A Tshwara Basha Ba Ba Ka Nnang Dimilione Di Le Tharo Ngwaga Le Ngwaga
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Mekgwa Ya Botshelo Ya Tlhakanelodikobo
Batho ba ba matlho mantsi: Ba jesiwa monate ke go ratana, ka jalo ba itumelela go ratana le motho yole le yole go fitlha ba sa tlhole ba mo kgatlhegela. Lereo leno le ne la itlhamelwa ke Dr. Michael Liebowitz wa New York State Psychiatric Institute.
Ba ba nyalang lefufa ba sa fetse: Batho ba ba ratanang le batho ba bantsi mo go akaretsang go nyalana le bone semolao, go tlhalana le go nyala gape baithutaloago ba ba bitsa jalo.
Digonkga tsa tlhakanelodikobo: Ba senka go supa bonatla jwa bone mo go tsa tlhakanelodikobo ka go nna le balekane ba bantsi, go rialo Luther Baker yo e leng porofesa wa dithuto tse di malebana le lelapa e bile e le ngaka e e tlhomamisitsweng ya tsa tlhakanelodikobo. Lereo leo jaanong le dirisediwa le mo bathong ba ba tlhorontshang bana ka tsa tlhakanelodikobo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ditshwantsho tse di hepisang di a tshwakgola e bile di dira gore motho a nne le pono e e sokameng ka boitshwaro jwa tlhakanelodikobo