Ela Tlhoko! Batsietsi ba Gaketse
AKANYA ka tiragalo eno. Go sa tswa go na pula ya matlakadibe. Diphefo tse di bogale tse di senyang di sa tswa go kgaotsa, le merwalela ga e sa tlhole e le e e boifisang. Bafalodi ba ba tshogileng ba tswa mo ba neng ba itshireleditse teng, fa kwa kgakalanyana kwa bafalodiwa ba ba gamaregileng le ba ba tshogileng ba boa go tla go leba ditlamorago tsa matlakadibe ano. Matlo a rutlologile; ditlhare di kumugile e bile di tletsetletse mo godimo ga dilwana tsa matlo tse di kolobeditsweng ke pula. Megala ya motlakase e wele, e leng se se kgoreletsang batho go founa le go romela melaetsa ya tshoganyetso. Magae a mangwe a pele e neng e le mafelo a malapa a a itumetseng, ga a tlhole a le teng—a senyegile mo a ka se tlholeng a baakanngwa gape. Lefelo le pele e neng e le le le didimetseng le le le senang matshwenyego jaanong ke lefelo la tshenyego le go tlalelwa.
Batho ba ipaakanyetsa go lebana le kgwetlho eno—ba ititeile sehuba go aga sesha. Baagelani ba a thusana; bangwe ba bone e le ba ba ntseng ba sa itsane le ka maina. Banna ba thusana ka didirisiwa le botswerere jwa bone. Basadi ba tlhokomela setlhopha sa babereki ka dijo fa bana ba ba godileng ba tlhokometse ba bannye. Go tswa kwa metseng e sele mekoloko ya dikoloi tsa ditlhopha tsa babereki ba ba ratang go thusa di a goroga—ba ba tsenyang marulelo, ba ba tlosang ditlhare tse di kumugileng, ba ba betlang ka logong le ba ba pentang. Le fa go ntse jalo, mo go bone go na le batsietsi, ba ba leng podimatseba go tsietsa bafalodi.
Ba batla gore ba duelwe madi a mantsi thata pele ga ba simolola go baakanya. Beng ba matlo ba ba mo tlalelong ba ba neela madi mme badiri bano ba bo ba nyelela ka one, ba sa tlhole ba ba bona gape. Badiri ba ba rulelang ba “tlhomamisa” gore ba tla dira tiro ya bone sentle, ba baakanya dithulelo mme e bo e re mo puleng ya ntlha fela di bo di dutla matsorotsoro. Ba ba tlosang ditlhare tse di kumugileng ba newa diketekete tsa diranta pele ga ba dira jalo, ka go dira ditsholofetso tsa maaka tsa gore ba ya go hira didirisiwa tse dikgolo go dira tiro eo letsatsi le le latelang. Mme ba ele ruri.
Mo godimo ga tshenyego le tatlhegelo eo, akaretsa le khutsafalo ya beng ba matlo ba ba duetseng madi a mantsi thata mo dikhampaning tsa inshorense tse di se nang madi kgotsa tsa maaka tse jaanong di ganang go duela ditshenyegelo tse di leng teng kgotsa tse diofise tsa tsone di sa tlholeng di bereka, beng ba tsone ba tshabile. Ba ba leng lesego go bona ditšheke tsa inshorense go duelela ditshenyegelo ba lemoga gore ka bonako fela borakonteraka ba ba tletseng boferefere le ba ba sa tshwanelegeng ba setse ba le teng go dira tiro ka gonne ba le mmalwa ba ba tshwanelegang ga ba kgone go dira tiro yotlhe. Ka ntlha ya moo, ga ba dire tiro sentle, e leng se se hutsafatsang beng ba matlo ba ba setseng ba tlhakanye ditlhogo.
Batho ba ba diragaletsweng ke kotsi ya masetlapelo ba tsiediwa gangwe le gape. Se se simologileng e le motse o o neng o le mo tlalelong o o neng wa ikopanya go thusana, se fetoga tiragalo e e utlwisang ba bangwe botlhoko.
Morago ga kgwanyape mo motseng mongwe, tlhwatlhwa ya di-candy bar e ne ya tlhatlosiwa ka tsela e e tshosang go nna R18, mme moteme o le mongwe wa mashi a bana o ne wa ja bommè R27. Mo lebenkeleng lengwe o ne o ka se rekisediwe beteri fa o sa reke thelebishene kgotsa radio. Barekisi ba dilo tse di agang ba ne ba dira madi a mantsi thata ka go rekisa dilo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo ka tsela e e feteletseng. Mo tiragalong e nngwe beng ba matlo a a gogiwang ba ne ba duela ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ka diperesente di le 600 gore matlo a bone a gogelwe mo lefelong le le kwa godimonyana ka nako ya morwalela. Morago ga thoromo ya lefatshe, mosadi mongwe wa dingwaga di le 84 yo ntlo ya gagwe e neng e senyegile o ne a founelwa ke mongwe yo o neng a itirile jaaka e kete ke modiredi wa puso. Mosadi yono o ne a akanya gore makwalo ao a neng a a saena morago ga moo e ne e le makwalo a go kopa thuso ya puso le ditempe tsa dijo. Totatota seo, e ne e le makwalo a go dumela gore o ntsha R80 000 go duelela dipaakanyo tsa ntlo tse tota di neng di lekanwe ke go ja R22 000 fela.
Boferefere Jwa go Rekisa ka Thelefouno
‘Re a go lebogela, Mmè S——! Gompieno o lesego tota.’ Ano e ka nna mafoko a a simololang a motho yo o go founetseng o ne o sa lebelela. ‘O mofenyi yo mogolo wa rona wa . . .’ Batho ba le bantsi ba founetswe jalo ba bolelelwa gore ba “setse ba fentse,” gore mpho e ba e fentseng e “ba letetse.” “Mpho” e ba e fentseng e ka tswa e le koloi e ntšha, sete ya dilo tsa go itlosabodutu, kgotsa gongwe palamonwana ya taemane.
A o kile wa founelwa jalo o bolelelwa gore o tlile go amogela mpho ya mahala? A o ne wa itumela thata? A o ne o sa dumele seo? Fa e le gore o ne wa tsibogela founo eo, a o ne wa amogela mpho ya gago? Kgotsa a o ne wa nna mongwe wa batho ba ba tsiediwang ke batho ba ba rekisang ka thelefouno ka boferefere? Fa e le gore seno se go diragaletse, ga se wena fela. Go ya ka makasine wa Consumers’ Research, kwa United States fela, batho ba ba rekisang ka thelefouno ka boferefere ba tsietsa batho ba ka nna lesome mo motsotsong mongwe le mongwe. Ngwaga le ngwaga batsietsi ba ba boferefere ba tsietsa badirisi didolara di le dimilione di le dikete tse 10 (diranta di le dimilione di le 44 300) go ya go didolara di le dimilione di le dikete tse 40 (diranta di le dimilione di le 177 200), mo e ka nnang $7500 (R33 250) motsotso mongwe le mongwe.
Reader’s Digest e begile gore “ngwaga le ngwaga mo nageng yotlhe ya Canada, batho ba ba fetang 150-000 ba founelwa ke batho ba ba rekisang ka thelefouno ka boferefere ba ba ba bolelelang gore ba ‘fentse’ kgotsa ‘ba tlhophetswe go newa’ mpho e kgolo. E bile ngwaga le ngwaga batho ba Canada ba le diketekete ba tsiediwa ke difouno tseno, mo mongwe le mongwe wa bone a dirisang palogare ya $2000 [R6400] gore a bone mpho eo ya bone.” Modiredimogolo wa Mapodise wa Kgaolo ya Ontario o boletse gore: “Go tsietsa ka thelefouno ke nngwe ya boferefere jo bogolo thata mo hisitoring ya Canada.” O okeditse ka gore: “Re a itse gore go amoga Canada dimilionemilione tsa didolara ka ngwaga.” Dipalopalo tseno ke fela tsa tse di begiwang kwa mapodiseng. Le fa go ntse jalo, e re ka go fopholediwa gore ke diperesente di le 10 fela tsa batho ba ba begang tatlhegelo ya bone, ga re ka ke ra kgona go tlhomamisa sentle gore bothata jono bo bogolo go le kana kang.
Motsietsi mongwe o ne a dumela jaana: “Re bolelela batho gore ba fentse ka jalo ba tlogela go akanya sentle.” O ne a oketsa ka gore: “Go tswa foo re ba gatelele gore ba romele madi mme le fa ba gana ga re ineele.” Fa motho a sena go tsiediwa, leina la gagwe le ka nna la rekisediwa difeme tse dingwe tsa batho ba ba rekisang ka thelefouno mme la tsenngwa mo lenaaneng la “batho ba ba tsietsegang motlhofo.” Maina a bone a ka nna a rekisediwa ba bangwe, ba le bone ba ka nnang ba ba founela ka makgetlho a le mantsi. Mongwe yo e kileng ya bo e le morekisi ka thelefouno kwa Toronto o boletse gore “fa re dirisa lenaane la batho ba ba tsietsegang motlhofo, re kgona go dira gore diperesente di ka nna 75 tsa batho ba reke fa re ba founela mo lekgetlhong la ntlha fela. Mme e fokotsega go nna diperesente di le 50 fa re ba founela ka lekgetlho la boraro. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe fa ba setse ba simolotse, ba nna ba tswelela fela; ba nna ba lekeletsa fela gore ba fenye.”
Batho bano ba ba wetseng mo seraing sa batho ba ba rekisang ka thelefouno ka boferefere ba tla nna ba leka gore ba fenye tlhwatlhwa e kgolo go ya bokgakaleng bofe? Letseka lengwe le boletse gore: “Re ne ra tshwanelwa ke go rulaganya le dibanka gore di tswale diakhaonto tsa bagodi bangwe gore ba se ke ba latlhegelwa ke madi a bone otlhe.” Mosadi mongwe yo o sa tswang go nna motlholagadi o ne a fitlhelwa a duetse dituelo di le 36 go batho ba ba rekisang ka thelefouno ba le 16 ba ba farologaneng, tse tsotlhe di dirang $85 000 (R272 000). Se a neng a duelwa ka sone fela e ne e le “mokoa o mogolo wa dilwana tsa mekgabisa tse di senang thuso ya sepe.”
Boferefere Jo bo Rulaganyeditsweng ba ba Tlhalefileng
Le fa go ntse jalo, batho ba ba dirisang boferefere jono ga ba tlhaole. Ba tlhasela batho ba maemo otlhe mo setšhabeng. Le e leng batho ba go ka tweng ke barutegi ba ba tlhalefileng le bone ba tsieditswe. Tsietso eo e ka rulaganngwa ka maatlametlo mo e leng gore le modirisi yo o kelotlhoko a ka nna a tsiediwa. Dilo tsa boferefere tsa madi a a kwa godimo tse di diretsweng bareki ba ba rutegileng di ka nna tsa phasaladiwa mo thelebisheneng kgotsa mo boroutšhareng jwa mebalabala jo bo romelwang ka poso. Di ka nna tsa akaretsa dipeeletso tse di solofetsang motho morokotso wa madi a a kwa godimo—dipeeletso mo ditidiong tsa dibaesekopo, tsa gauta le tsa meepo ya gauta le ya oli. Lenaane leno e kete ga le fele. Le fa go ntse jalo, matswela a a tshwana—go latlhegelwa gotlhelele.
Mosadi mongwe yo o rutegileng yo o neng a tsiediwa o ne a bolela jaana: “Mokgwa o ba tsietsang ka one ga o lemotshege. Ka ke le morutisi, ke ne ke akanya gore ke motho yo o botlhale. . . . Ba ne ba ntsholofetsa dilo di gana go fela.” O ne a tseelwa R88 000 ka boferefere ke khampani nngwe ya dibaesekopo.
Boferefere jwa go rekisa ka thelefouno ke bothata jo bo fitlhelwang mo dinageng tsotlhe. Babatlisisi ba bolelela pele gore bo “tla nna maswe le go feta mo lesomeng leno la dingwaga.” Le fa go ntse jalo, nna kelotlhoko! Go na le mefuta e mengwe gape ya tsietso e bile maferefere mangwe a na le batho ba a ratang go ba tlhasela—bagodi.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ela tlhoko batsietsi ba ba tlang morago ga matlakadibe!
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
“O fentse mpho ya mahala!” —a kgotsa go ntse jalo?