LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g04 8/8 ts. 5-10
  • Kafa o ka Itshireletsang ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Itshireletsang ka Teng
  • Tsogang!—2004
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sireletsa Tshedimosetso ka ga Gago
  • Nna Kelotlhoko
  • Dira Ditumalano Tsa Kgwebo Fela le Batho ba go Itsegeng ba Ikanyega
  • Kwala Dintlha ka Botlalo
  • Go Tlhasela Bagodi
    Tsogang!—1997
  • Ela Tlhoko! Batsietsi ba Gaketse
    Tsogang!—1997
  • Itshireletse mo Bokebekweng!
    Tsogang!—2013
  • Go Tsiediwa mo Internet—A go Ka go Diragalela?
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2004
g04 8/8 ts. 5-10

Kafa o ka Itshireletsang ka Teng

O KA TSWA o kile wa utlwa polelwana e e reng, “O ka se tsietse motho yo o ikanyegang.” Polelwana eno ga e boammaaruri, fela jaaka tse dingwe tse dintsi. Batho ba ba ikanyegang ba tsiediwa letsatsi le letsatsi; go ikanyega ka bogone fela ga go ba sireletse. Batho bangwe ba ba botlhale go gaisa mo lefatsheng ba loga maano le go a dirisa go tsietsa ba bangwe. Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, mokwadi mongwe o ne a re: “Go na le batho ba ba tsietsang, ba ba logang maano a bone ka botswerere thata mo e leng gore o tla bo o le seeleele tota fa ba ka se go tsietse.”

Tsietso e na le lobaka lo loleele e le gone, e ne ya simologa kwa tshimong ya Edene. (Genesise 3:1-5) Maano a bogologolo a go tsietsa a mefutafuta, mme a mangwe a masha a nna a logiwa nako le nako. Ka gone o ka itshireletsa jang? Ga go tlhokege gore o leke go ithuta ditsela tsotlhe tse dikebekwa di tsietsang ka tsone. Dintlha di le mmalwa fela tsa botlhokwa tsa gore o ikele tlhoko di ka go thusa go itshireletsa gore o se ka wa tsiediwa.

Sireletsa Tshedimosetso ka ga Gago

Fa motho a utswa buka ya gago ya ditšheke kgotsa dikarata tse o rekang dilwana ka tsone, a ka kgona go reka dilo ka tsone. Fa a ka utswa tshedimosetso ya akhaonto ya gago ya banka, a ka nna a kgona go kopa buka ya ditšheke a bo a kwala ditšheke ka leina la gago. Fa a ka nna le tshedimosetso e e lekaneng ka wena, a ka nna a itira wena. Fa sekebekwa se setse se kgonne go dira jalo, se ka nna sa goga madi mo akhaontong ya gago ya banka, sa reka dilwana ka karata ya gago ya diakhaonto le go adima madi a dirisa leina la gago.a O ka nna wa bo wa tshwarelwa molato o o sa o dirang!

Gore o itshireletse mo mofuteng ono wa tsietso, nna kelotlhoko ka makwalo otlhe a gago, go akaretsa diresiti tsa gago tsa banka le tsa buka ya ditšheke, laesense ya go kgweetsa kgotsa lokwaloitshupo. O se ka wa neela ope tshedimosetso ka ga gago kgotsa e e amanang le tsa madi ntle le fa go na le lebaka le le utlwalang la go bo o tshwanetse go dira jalo. O se ka wa dira jalo segolobogolo ka dinomoro tsa karata e o rekang dilwana ka yone le tshedimosetso ya akhaonto ya banka. Nako fela e o tshwanetseng go neela motho ope fela nomore ya karata ya gago e o rekang dilwana ka yone ke fa o batla go reka sengwe ka yone.

Bangwe ba batho ba ba tsietsang ba bangwe ba fenyenkolola matlakala ba batlana le tshedimosetso e e ntseng jalo. Go na le gore o latlhe dipampiri tse di nang le tshedimosetso ka ga gago botlhaswa fela, go molemo gore o di fise kgotsa o di gagole gore di sale di le manathwana. Seno se akaretsa ditšheke tse di dirisitsweng le diteitemente tsa banka le dikarata tse go rekwang dilwana ka tsone tse di feletsweng ke nako, laesense ya go kgweetsa le makwalo a mosepele. Gape go molemo gore o gagole makwalokopo a dikarata tsa go reka a o a romelelwang o sa a kopa, e re ka a na le tshedimosetso ka ga gago e motho o sele a ka nnang a e dirisa ka tsela e e sa siamang.

Nna Kelotlhoko

Tsela e kgolo e batho ba bantsi ba tsiediwang ka yone ke ya go solofediwa merokotso e e kwa godimo ke ditheo tsa go beeletsa madi. Mokgwa o o tlwaelegileng thata wa go huma ka bonako ke wa pyramid scheme. Le fa gone mokgwa ono o le mefuta e le mentsi, gantsi o diretswe gore babeeletsi ba madi ba ngoke babeeletsi ba bangwe, mme seo se dira gore babeeletsi ba ba ngokileng batho ba itirele madi ka bone.b Go ntse fela jalo le ka makwalo a a romelelwang batho ba le bantsi a mo go one ba kopiwang gore ba romele madi kwa bathong ba ba tlhagelelang kwa godimo mo lenaaneng. O solofediwa gore o tla amogela diketekete tsa diranta fa le wena leina la gago le fitlha kwa godimo ga lenaane.

Di-pyramid scheme di phutlhametse ruri ka gonne ga go kgonege go nna o ntse o ngoka batho ba bangwe ba ba ka ikwadisang. Akanya ka tsela e seno se dirwang ka yone. Fa batho ba le batlhano ba simolola pyramid mme mongwe le mongwe wa bone a ngoka batho ba bangwe ba le batlhano, palo ya batho ba basha ba ba ikwadisang e oketsega go nna 25. Fa mongwe le mongwe wa bone a ngoka batho ba bangwe gape ba le 5, palo eno e oketsega go nna batho ba le 125. Fa go ngoka batho jalo go fitlha mo kgatong ya borobongwe, go tla bo go na le batho ba ka nna dimilione di le pedi ba ba tla tshwanelwang ke go ngoka ba bangwe gape ba le dimilione di le robongwe! Batho ba ba rulaganyang di-pyramid scheme ba itse sentle gore go tla fitlha nako e mo go yone go ka se tlholeng go kgonega go oketsa palo eno. Fa ba setse ba bona gore nako eo e atametse, ba tsaya madi a ba a kgobokantseng ba bo ba inaya naga. Gongwe o tla latlhegelwa ke madi a gago, mme batho ba o ileng wa ba ngoka gore ba ikwadise jaanong ba tla bo ba batla madi a bone mo go wena. Gakologelwa, gore o tle o bone madi mo pyramid scheme, motho yo mongwe o tshwanetse go latlhegelwa ke a gagwe.

A go na le mongwe yo o go solofetsang gore o ka bona madi motlhofo fela kgotsa morokotso o o kwa godimo fa o ka beeletsa madi? Tlhagiso e o tshwanetseng go e tsaya tsia ke eno: Fa se o se solofediwang se utlwala se belaetsa, gantsi go a bo go ntse jalo. O se ka wa nna bonako go dumela se se buiwang mo dipapatsong o akanya gore, “Go bonala seno se farologane.” Se lebale gore batho ba kgwebo ga ba dire kgwebo ka go abela batho madi kgotsa go ba bolelela se ba ka se dirang gore ba hume. Fa mongwe a bolela gore o na le kitso e e rileng e e tla go thusang gore o nne le madi a mantsi, ipotse jaana: ‘Ke eng fa ene a sa e dirise go ikhumisa? Ke eng fa a senya nako ya gagwe a leka go nthekisetsa yone?’

O tshwanetse wa dira eng fa o bolelelwa gore o mofenyi wa kgaisano nngwe? O se ka wa tseega maikutlo—e ka nna ya bo e le leano la go go tsietsa, le batho ba le bantsi ba tsieditsweng ka lone. Ka sekai, mosadi mongwe kwa Engelane o ne a amogela lekwalo go tswa kwa Canada le le neng le mo itsise gore ke mofenyi wa kgaisano mme o ne a tshwanetse go romela diranta di le 165 gore a newe tuelo eo. Fa a sena go romela madi ao, o ne a amogela mogala go tswa kwa Canada a bolelelwa gore o gapile tuelo ya boraro mo kgaisanong ya diranta di ka nna dimilione di le 1,6 mme o tla tshwanelwa ke go duela diperesente tse di rileng tsa madi ano gore a a newe. O ne a romela diranta di le 16 000 mme a se ka amogela madi ape morago ga moo. Fa o tshwanelwa ke go duelela “mpho ya mahala” kgotsa tuelo e o e gapileng, itse fela gore seo ke leano la go go tsietsa. Ipotse gore, ‘Go tla jang gore ke gape sekgele mo kgaisanong e ke neng ke sa e tsenela?’

Dira Ditumalano Tsa Kgwebo Fela le Batho ba go Itsegeng ba Ikanyega

A o dumela gore o ka kgona go bona fa motho a sa ikanyege? Ikele tlhoko! Batho ba ba tsietsang ba itse se ba ka se dirang gore batho ba feleletse ba ba tshepa. Ba ditswerere tota mo go direng gore batho ba ba ba tsietsang ba ba tshepe. Barekisi, ba ba ikanyegang le ba ba sa ikanyegeng, ba a itse gore pele ga o ka rekisetsa motho sengwe, selo sa ntlha ke go dira gore a go tshepe. Ke boammaaruri gore seno ga se reye gore o belaele mongwe le mongwe, mme gone go nna le dipelaelo ka selekanyo se se tshwanetseng go botlhokwa gore o itshireletse mo tsietsong. Go na le go leka go lemoga gore motho o ikanyega go le kana kang ka go tshepa tsela e wena o ikutlwang ka yone ka ene, ela tlhoko dilo tse pedi tse di fitlhelwang mo bathong ba le bantsi ba ba tsietsang: Sa ntlha, a se a se go solofetsang se a belaetsa, mme sa bobedi, a motho yono yo o go rekisetsang sengwe o go gakalela gore o dire tshwetso?

Ditsholofetso tse di belaetsang di tletsetletse mo Internet. Le fa gone Internet e le sediriswa sa botlhokwa, gape e kgona go thusa dikebekwa gore di tsietse batho ka bonako e bile di sa itsiwe. A o na le aterese ya E-mail? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa iphitlhela o amogela melaetsa e e romelelwang batho ka bontsi—melaetsa ya E-mail e e bapatsang e o neng o sa e solofela. Le fa gone melaetsa eno ya E-mail e e romelelwang batho ba le bantsi e solofetsa dithoto le ditirelo di le dintsi, bontsi jwa dilo tseno ke boferefere fela. Fa o araba E-mail e o sa e solofelang ka go romela madi a selo se se rekisiwang kgotsa sengwe se go tweng o tla se direlwa, go ka direga gore o se ka wa amogela sepe. Fa go direga gore o amogele sengwe, gantsi o tla fitlhela e le gore boleng jwa sone ga bo lekane le madi a o a duetseng. Kgakololo e e molemo ke gore, O se ka wa reka sepe mo mothong yo o go romelelang E-mail e o neng o sa e solofela.

Kgakololo eno e dira gape le mo bathong ba ba go leletsang mogala go go rekisetsa sengwe. Le fa gone bontsi jwa megala e o e lelediwang gore o rekisediwe sengwe e lediwa ke dikgwebo tse di ikanyegang, batho ba ba rekisang dilo ka mogala ba tsietsa batho dimilionemilione tsa diranta ngwaga le ngwaga. O ka se kgone go itse gore tsela e selo se se rekisiwang se buelelwang ka yone e boammaaruri ka go bua fela le motho yo o go leleditseng mogala. Motho yo o go tsietsang a ka nna a bo a dira jaaka e kete o bereka mo bankeng kgotsa mo setheong se se sireletsang dikarata tse go rekwang dilwana ka tsone. O na le lebaka le le utlwalang la gore o belaele fa motho mongwe yo o bolelang gore o tswa kwa bankeng kgotsa kwa khampaning e o nang le akhaonto mo go yone a bo a go kopa tshedimosetso e ba tshwanetseng ba bo ba setse ba na le yone. Fa seno se direga, o ka kopa nomore ya motho yono ya mogala. Fa o sena go tlhomamisa gore ruri nomore eo ke ya banka eo kgotsa setheo seo, ke gone o ka mo founelang gape.

Selo se se molemo se o ka se dirang ke gore o se ka wa naya motho yo o sa mo itseng yo o go founelang nomore ya karata ya gago e o rekang dilwana ka yone kgotsa tshedimosetso epe fela ka ga gago. Fa mongwe a go leletsa mogala go go rekisetsa sengwe se o sa se batleng, o ka nna wa mo tlhalosetsa sentle fela o re, “Intshwarele, ga ke dire ditumalano tsa kgwebo mo mogaleng le batho ba ke sa ba itseng.” Morago ga moo, baya mogala fa fatshe. Ga go tlhokege gore o nnele go bua le motho yo o sa mo itseng yo a ka tswang a batla go go tsietsa.

Dira ditumalano tsa kgwebo le ditheo le batho ba go itsegeng ba ikanyega. Go na le dikhampani di le dintsi tse di ikanyegang tse o ka dirisanang sentle le tsone mo go tsa kgwebo ka mogala kgotsa Internet. Fa go kgonega, batla tshedimosetso ka ga motho yo o rekisang, khampani le setheo sa dipeeletso o dirisa mokgatlho o o sa amaneng le bone. Kopa tshedimosetso kaga dipeeletso tsa bone o bo o e bale ka kelotlhoko go tlhomamisa gore e a ikanyega. O se ka wa itlhaganelela kgotsa wa patelediwa go dira tshwetso ka bonako fela.

Kwala Dintlha ka Botlalo

Ga se mefuta yotlhe ya go tsietsa e e simololang ka boikaelelo joo jwa go tsietsa. Kgwebo e e ikanyegang e ka nna ya se ka ya atlega. Fa seno se direga, batho ba ba e okametseng ba ka nna ba tshoga mme ba bona go le botoka gore ba dirise ditsela tsa tsietso gore ba boelwe ke madi a bone. Ga go pelaelo gore o ile wa utlwela ka batsamaisi ba dikgwebo ba ba ileng ba bua maaka ka madi a kgwebo e a dirang le merokotso ya yone mme morago ga moo fa kgwebo e phutlhama ba bo ba inaya naga ka madi a a setseng.

Gore o itshireletse gore o se ka wa tsiediwa le go tila go se tlhaloganyane, o tshwanetse wa nna le dintlha tsotlhe ka botlalo di kwadilwe fa fatshe pele ga o ka dira peeletso epe e kgolo ya madi. Tumalano epe fela e o e saenang e tshwanetse ya bo e na le dilo tsotlhe tse di amanang le peeletso eo le ditsholofetso tsa yone. Gape se lebale gore le fa peeletso e ka utlwala e babalesegile go le kana kang, ga go na ope yo o ka tlhomamisang gore dilo di tla tsamaya sentle jaaka fa go ne go rulagantswe. (Moreri 9:11) Tota e bile, ga go na setheo sepe sa go beeletsa madi se go ka tweng ga se na go nna le mathata. Ka gone, tumalano eno e tshwanetse ya bontsha sentle ka go kwala fa fatshe gore ditiro le maikarabelo a mongwe le mongwe yo o amegang mo go yone e tla nna eng fa go ka direga gore kgwebo e phutlhame.

Fa o ela tlhoko le go dirisa melaometheo eno e re e sekasekileng ka bokhutshwane, ga o kitla o nna mo kotsing go le kalo ya gore o tsiediwe. Seane sa bogologolo sa Baebele se naya kgakololo e e botlhokwa. Sa re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Motho yo o tsietsang ba bangwe o tlhopha batho ba ba se nang maitemogelo, ba ba sekametseng thata mo go dumeleng sengwe le sengwe. Ka maswabi, go na le batho ba le bantsi ba ba sa tseyeng matsapa ape a go itshireletsa gore ba se ka ba tsiediwa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona Tsogang! ya March 22, 2001, tsebe 19-21 (ka Seesemane).

b Pyramid scheme e tlhalosiwa e le “thulaganyo ya tsa kgwebo ya maemo a a farologaneng e mo go yone batho ba duelang madi a go ikwadisa gore le bone ba nne le tshono ya go ngoka batho ba bangwe ba ba tla ikwadisang.” Gantsi mo dithulaganyo tse di ntseng jalo go a bo go sa rekisiwe dilo dipe.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Fa se o se solofediwang se utlwala se belaetsa, gantsi go a bo go ntse jalo

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kgakololo Go ba Ba Tsieditsweng

Batho ba ba tsieditsweng gantsi ba ikutlwa ba sala ba swabile, ba ikutlwa ba le molato, ba tlhabiwa ke ditlhong e bile ba ikgalefela. O se ka wa ipega molato. Molato ga se wa gago; molato ke wa motho yo o go tsieditseng. Fa e le gore go na le fa o dirileng phoso gone, amogela phoso eo mme morago ga moo o bo o tswelela ka botshelo jwa gago. O se wa tsaya gore o seeleele. Se lebale gore batho ba ba tsietsang ba tsietsa le batho ba ba botlhale go gaisa—baeteledipele ba puso, baokamedi ba dibanka, batsamaisi, baokamedi ba tsa madi, baatlhodi le ba bangwe.

Batho ba ba tsieditsweng ga ba tseelwe fela madi kgotsa dithoto tsa bone mme gape ba sala ba sa itshepe e bile ba inyatsa. Fa o tsieditswe ke motho yo o neng o tsaya gore ke “tsala,” seo se ka dira gore o se ka wa tlhola o tshepa ope. Go utlwisa botlhoko tota go tsiediwa. Iphe nako ya go hutsafalela seo. Gantsi go a thusa go bua ka kgang eo le mongwe yo o ka kgonang go mmulela mafatlha. Go rapela le gone go ka go gomotsa thata. (Bafilipi 4:6-8) Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go lemoga gore go na le nako e ka yone o tla tshwanelwang ke go lebala gotlhelele ka seno. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go nnela go hutsafalela ruri? Ipeele mekgele e e siameng, mme o leke ka natla go e fitlhelela.

Ikele tlhoko mo bathong ba ba tsietsang ba ba go solofetsang gore ba ka go thusa gore o boelwe ke madi a gago. Batho ba ba tsietsang gantsi ba leletsa motho yo o tsieditsweng mogala ba mmolelela gore ba ka mo thusa gore a boelwe ke madi a gagwe. Maikaelelo a bone ke go tsietsa motho yono gape.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Ditsela Di Le Thataro Tsa Go Tsiediwa Ka E-Mail

1. Di-pyramid scheme: Gantsi di lebega e le ditshono tsa go dira madi a le mantsi mme o sa a berekela go le kalo e bile o beeletsa ka madi a mannye. Sengwe sa tsone se go solofetsa khomputara kgotsa sediriswa sengwe sa eleketeroniki fa o duela madi a go ikwadisa mme morago ga moo o bo o ngoka batho ba bangwe gape gore ba ikwadise. Mofuta o mongwe ke wa makwalo a a romelelwang batho ba le bantsi. Gantsi makwalo a a ntseng jalo ga a letlelelwa semolao. Bontsi jwa batho ba ba beeletsang mo go one ba latlhegelwa ke madi a bone.

2. Ditheo tsa go bereka o le mo gae: Mo go mongwe wa mefuta eno ya tsietso, o kopiwa go dira dilo di tshwana le dibenyane, ditshamekisi tsa bana kgotsa dikarolwana tsa dilo tse di kopanngwang go dira sengwe. O dirisa madi a gago le nako ya gago go dira selo se se batlegang, mme morago ga moo bone batho bano ba ba rileng o se dire ba gana go se reka ka gonne e se sa boleng jo ba bo batlang.

3. Dipapatso tse di kaga botsogo jo bo siameng le tsa go fokotsa mmele: Internet e na le dilo di le dintsi tse di rekisiwang tse di jaaka dipilisi tse di thusang go fokotsa mmele kwantle ga gore motho a ikatise kgotsa a je dijo tse di rileng, dipilisi tse di alafang mathata a tsa tlhakanelodikobo le ditlolo tse di thibelang go wa moriri. Ka dinako tse dingwe dilo tseno tse di rekisiwang di tla di na le dipego tse di di buelelang tsa bareki ba ba ileng ba kgotsofadiwa ke tsela e di berekang ka yone. Mafoko a a tlwaelegileng a a tlhagelelang mo dipapatsong tseno a akaretsa a a jaaka, “kgatelopele ya tsa saense,” “phodiso ya kgakgamatso,” “motswako wa sephiri” le “metswako ya bogologolo.” Boammaaruri ke gore, bontsi jwa didiriswa tseno ga di bereke.

4. Ditshono tsa go beeletsa madi: Ditheo tseno gantsi di solofetsa merokotso e e kwa godimo kwantle ga mathata ape fela. Mofuta o o tlwaelegileng wa seno ke wa go beeletsa madi mo bankeng ya naga e sele. Babeeletsi ba tsiediwa ka ditsholofetso tsa gore ba ba okametseng madi a bone ba na le dikgolagano tsa maemo a a kwa godimo tsa madi le gore ba na le tshedimosetso e e itsiweng fela ke bone.

5. Go baakanya maemo a gago a dikoloto: Mefuta eno ya tsietso e go solofetsa go baakanya maemo a gago a dikoloto gore o tshwanelege gape go nna le karata ya go reka dilwana, o kgone go adima madi a go reka koloi kgotsa o kgone go bona tiro. Le fa gone go solofediwa dilo tseno, batho ba ba di solofetsang ga ba kgone go di diragatsa.

6. Ditsholofetso tsa go gapa tshono ya go ya malatsing a boikhutso: O amogela molaetsa wa E-mail o o go akgolelang gore o gapile tshono ya go ya malatsing a boikhutso ka tlhwatlhwa e e kwa tlase fela thata. Mengwe ya melaetsa eno e bolela gore go tlhophilwe wena fela. Gakologelwa gore one molaetsa ono o ka tswa o romeletswe batho ba bangwe ba le dimilione le gore lefelo le o yang go robala kwa go lone e tla bo e le la maemo a a kwa tlase thata fa o le bapisa le le o boleletsweng ka lone.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: Federal Trade Commission ya United States

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ka metlha di-“pyramid scheme” di a phutlhama

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tumalano epe fela e o e saenang e tshwanetse ya bo e na le dintlha tsotlhe ka peeletso eo le ditsholofetso tsa yone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela