LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 10/8 ts. 20-22
  • Go Tlhasela Bagodi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhasela Bagodi
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Akanya ka Batsietsi ba Kwa Japane
  • Go Tsietsa Bagodi Kwa Italy
  • Go Tsietsa ka bodumedi
    Tsogang!—1997
  • Ela Tlhoko! Batsietsi ba Gaketse
    Tsogang!—1997
  • Kafa o ka Itshireletsang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 10/8 ts. 20-22

Go Tlhasela Bagodi

O SE ke wa tsietsega. Batsietsi ba itse tiro ya bone sentle. Ba itse mabaka a a dirang gore bagodi ba nne motlhofo go tsietsega. Ka sekai, kwa United States, batho ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 65 ba dira fela diperesente di le 12 tsa baagi. Le fa go ntse jalo, madi otlhe a ba a amogelang fa a tlhakantswe otlhe ke didolara di le dimilione di le dikete tse 800 (diranta di le dibilione tse 3,55), mo e batlang e le diperesente di le 70 tsa dikhumo tsotlhe tsa malapa a United States. Ga go gakgamatse go bo mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa batho botlhe ba ba tsiediwang e le bagodi.

Ke eng se se dirang gore bagodi ba tsiediwe motlhofo jaana? Makasine wa Consumers’ Research o tlhalosa gore: “Ba rata go tshepa batho ba bangwe thata e bile ga ba na kitso ka ga mekgwa ya bosheng ya go beeletsa madi.” Modiredimogolo mongwe wa mapodise o ne a bolela ka khutsafalo gore batho ba ba rekisang ka thelefouno ka boferefere “ba tsietsa segolobogolo batho ba ba jewang ke bodutu le ba ba tsietsegang motlhofo—batsofe—ba e leng bone ba ba tsiediwang ka bontsi. Bano ke batho ba ba goletseng mo motlheng wa fa batho ba ne ba tlhomamisa ditumalano tsa bone ka go naana matsogo.” Moemedi wa American Association of Retired Persons o ne a nopolwa a bolela gore: “Gantsi go tle go twe bopelotshetlha bo go tsenya mo mathateng. Mo bathong ba ba godileng, ga se bopelotshetlha. Ba boifa go felelwa ke madi ba sa ntse ba tshela. Ga ba batle go nna mokgweleo mo baneng ba bone. Go tswa foo ba boifa go bega [gore ba tsieditswe] ka gonne ba boifa gore bana ba bone ba tla akanya gore ga ba kgone go itlhokomela.”

Bagodi ba ba tsiediwang ga se ka metlha ba tsietsegang motlhofo kgotsa go foriwa. Ka dinako tse dingwe ba jewa ke bodutu gongwe ba tlhoka go “reka” botsala. Mmegadikgang mongwe o ne a kwala gore mo motseng mongwe batlholagadi bangwe ba ba jewang ke bodutu ba ne ba tsiediwa gore ba duele R88 000 go sa le gale, ba duelela “go rutwa go tantsha botshelo jotlhe jwa bone. Ba bangwe ba ne ba sa kgone le go tsamaya. E ne e se gore ga ba tseye sentle, ke fela gore ba ne ba itlhobogile.” Tlelapa ya tantshe e ne e thusa baikwadisi ba basha go nna le lefelo le ba ka yang kwa go lone go ya go itisa le ditsala tse disha, tse gantsi e leng balekane ba bone. Go thata go se dumalane le morekisi yo o leleme le borethe, yo o buang ka tsela e e kgatlhang, yo gape a ka nnang a itira e kete ke morutisi wa bone wa tantshe.

Akanya ka Batsietsi ba Kwa Japane

Batsietsi ba bangwe ba tsietsa batho ba ba godileng ba ba jewang ke bodutu ka ditsela tse dingwe. Kwa Japane dinokwane tse di boferefere di ne tsa itira e kete ke batho ba ba amegang ka ba bangwe, di fetsa nako di tlotla le batho ba ba godileng, di ba sekegela tsebe. Ka bonya ka bonya ba oketsa dinako tse ba ba etelang ka tsone mme morago ga go dira gore ba ba tshepe, ba simolola go ba rekisetsa sengwe ka boferefere. Sekai se se tlhomologileng sa dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa boferefere e ne e le go tsietsa ka gauta e e seng ya mmatota e ka yone batho ba ka nna 30 000, go akaretsa le bontsi jwa ba ba amogelang phenshene, go begwang ba tsieditswe mo e ka nnang di-yen di le dimilione di le dikete tse 200 (diranta di le dimilione di 6650). Asahi Evening News ya kwa Japane e ne e na le setlhogo se se reng, “Ga go Na Tshono ya go Dira Gore Batsiediwa ba Boelwe ke Madi a Bone.”

Asahi Shimbun ya kwa Tokyo e begile kgang eno: Mosadi mongwe wa dingwaga tsa bogareng wa morekisi o ne a etela monna mongwe yo o godileng, a bolela gore: “Ke amegile thata ka wena Rre K. go feta tiro ya me, ka go bo o nna o le nosi.” Mosadi yono o ne a reetsa dikgang tse dintsi tsa gagwe mme monna yono yo o godileng a tsiediwa ke go kgatlhega ga gagwe. Ka nako ya fa a tsamaya, mosadi yono o ne a kopa go boa letsatsi le le latelang. Monna yono yo o godileng o ne a araba ka gore, “O gololesegile.”

O ne a tlhola a mo etela ka metlha; ba ne ba tle ba je dilalelo mmogo e bile mosadi yono o ne a tlisetsa Rre K. dijo. Mosadi yono o ne a solofetsa gore, “Ke tla go tlhokomela go fitlha o swa.” Jaanong ga simolola boferefere: “Ke tla go tlhokomelela thoto ya gago. Khampani e ke e direlang, bosheng jaana e sa tswa go tlhama tsela e e molemo thata ya go thusa batho go dirisa thoto ya bone sentle.” Setlamo seno se ne sa mo tlhoka gore a beleetse ntlo le setsha sa gagwe, a reke setena sa gauta le go se boloka mo khampaning ya mosadi yono. O ne a setse a beetswe serai. Rre K. o ne a nna mongwe wa batho ba bantsi ba ba tsiediwang. Morago ga gore ditumelano di saeniwe, mosadi yono ga a ka a tlhola a boa.

Rre K. o boletse gore: “Fa ke ne ke le lesole, ke ne ke ka nna ka swa nako nngwe le nngwe. Mme go botlhoko tota go tseelwa thoto ka tsietso ke mongwe yo o sekametseng mo go tsietseng rona batsofe ba re nnang re le nosi re sena balosika ba re ka ikaegang ka bone. Go bonala lefatshe le fitlhile mo motlheng o mo go one batho ba batlang madi le e leng ka ditsela tsa boferefere.”

Go Tsietsa Bagodi Kwa Italy

Buka ya L’Italia che truffa (Italy e e Tsietsang) e begile ka leano le le rulagantsweng sentle le le logilweng ke batsietsi kwa Italy go thukutha bagodi madinyana a bone a ba a bolokileng. Ka 1993 go ne ga tlhongwa puso e e neng e eteletswe pele ke yo e kileng ya bo e le tona ya Banka ya Italy. Mosaeno wa gagwe o ne o tlhagelela mo mading a pampiri (a ka phepafalo a neng a sa ntse a dirisiwa) a a neng a dirwa ka nako ya fa e ne e le tautona. Morago ga gore batsietsi ba sekae ba ye kwa matlong a bagodi, ba ne ba ipolela fa e le badiredi ba Banka ya Italy ba ba neng ba na le Makwaloitshupo a maitirelo go supela seo, ba ne ba bolela seno go mongwe le mongwe wa batho ba ba ba tsieditseng: “Wa itse gore tona ya Banka ya Italy e setse e le poresidente ya Kabinete ya Ditona; ka jalo, mosaeno wa gagwe o o tlhagelelang mo mading a dipampiri ga o sa tlhole o bereka. Re neilwe boikarabelo jwa go phutha madi otlhe a dipampiri go tswa mo malapeng a a farologaneng le go a naya a mangwe a masha a a saenilweng ke motlhatlhami wa gagwe . . . Tsaya rasiti ke eno. Tsamaya o ye kwa bankeng ka lekwalo leno letsatsi morago ga kamoso, mme o tla amogela madi otlhe a a lekanang le a o a re neileng gone jaanong.” Ka leano leno, batsietsi ba ne ba kgobokanya di-lire di le dimilione di le 15 (mo e ka nnang R40 000) mo letsatsing le le lengwe!

Batsietsi ba bangwe mo Italy ba ikgolaganya le batho ba ba seng kelotlhoko, go akaretsa le bagodi mo mebileng. Ba kopa batho ba ba tsietsegang motlhofo gore ba nne le seabe mo patlisisong nngwe le go ba neela dipampiri gore ba saene, ba bolela gore mosaeno wa bone ke fela go tlhomamisa gore ba nnile le seabe mo patlisisong eo. Boammaaruri ke gore ba saena tumalano e e ba pateletsang go dira sengwe kgotsa go reka sengwe.

Mme moragonyana, motho yo o tsieditsweng o amogela sephuthelwana mo posong se se nang le dilo tse di rileng, gongwe se na le tlhagiso e e bonalang sentle mo sephuthelong gore fa dilo tseno di ka ganwa, o tla otlhaiwa ka tsela nngwe. Bangwe, segolobogolo bagodi, ba a tshoga, ba akanya gore go botoka go duela madinyana a a rileng le go itseela dilo tseno tsa boleng jo bo kwa tlase go na le go isiwa kwa kgotlatshekelo.

Go tsietsa go aname go le kana kang kwa Italy? Go ya ka L’Italia che truffa, palo ya ditiro tsa tsietso tse di begiwang e fitlha mo e ka nnang go 500-000 ka ngwaga. Mo e ka nnang ditiro tsa tsietso tse palo ya tsone e imenneng gararo ga di begiwe. Mokwadi mongwe wa dikgang tsa thelebishene o akgetse jaana: “Palogotlhe ya teng ke dirai di ka nna dimilione di le pedi tsa mefuta yotlhe ngwaga le ngwaga kgotsa sengwe se se lekanang le dikete di le tlhano go ya go di le thataro ka letsatsi.”

Ka maswabi ke selo se se tswelelang pele. Batsietsi ga ba tlhokomologe batho ba dingwaga dipe (kgotsa setso, setšhaba kgotsa morafe) fa ba tsietsa batho madi a bone—e bile gantsi e le madi a ba a bolokileng botshelo jotlhe jwa bone. Ela tlhoko! Go ka go diragalela.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Kafa O Ka Tilang Go Tsiediwa Ka Teng

GA SE mekgatlho yotlhe ya batho ba ba rekisang ka thelefouno e e sa ikanyegeng. Ka sekai, go ya ka American Association of Retired Persons (AARP), kwa United States go ne go na le difeme di le 140-000 tse di neng di tsenetse kgwebo ya go rekisa ka thelefouno ka 1994. Go fopholediwa gore diperesente di le 10 kgotsa di le 14 000 tsa tsone e ne e le tsa tsietso. Ka jalo, go a tlhokega go ntsha matlho dinameng fa o solofediwa sengwe se se belaetsang. Go na le dintlhanyana di le mmalwa go go thusa go tila go tsiediwa ke batho ba ba rekisang ka thelefouno.

◆ Fa mongwe a founa go go bolelela gore o fentse mpho ya mahala gongwe selo se se botlhale se o ka se dirang ke go baya founo fa fatshe.

◆ Fa motho yo o rekisang ka thelefouno a go pateletsa gore o reke gompieno e seng jalo go tla bo go le thari, seno ke sesupo sa gore o batla go go tsietsa.

◆ Tlhokomela dinomoro tsa karata ya gago ya sekoloto. O se ke wa di bolelela batho ba o sa ba itseng ba ba founang ba kopa meneelo.

◆ O se ke wa reka sepe ka thelefouno kwantle fela ga fa e le wena yo o founileng e bile o reka mo femeng ya go otara ka poso e o itseng gore e a ikanyega.

Beng ba matlo ba tshwanetse go ela tlhoko ditiro tsa boferefere tsa batho ba ba baakanyang matlo. Ditlhagiso di sekae tse di ntshitsweng ke AARP Consumer Affairs ke tse:

◆ O se ke wa thapa motho yo o sa mo itseng go fitlha o bone makwaloitshupo a gagwe; kopa maina le dinomoro tsa founo tsa batho ba a kileng a ba baakanyetsa.

◆ O se ke wa saena sepe o sa se leba pele ka kelotlhoko le gone o tlhomamisege gore o tlhaloganya le go dumalana le dikgato tsotlhe mo kgolaganong kgotsa mo tumalanong epe fela.

◆ O se ke wa ikanya ope gore a go tlhalosetse tumalano kwantle ga fa e le mongwe yo o mo itseng e bile o mo ikanya. Ipalele mokwalo o o sa bonaleng sentle ka bowena.

◆ O se ke wa duelela sepe pele ga se baakangwa. Tlhomamisega gore tiro e weditswe ka tsela e e go kgotsofatsang pele ga o duela madi a a setseng.

Nna podimatseba. Dirisa tlhaloganyo. O se ka wa tshaba go gana sengwe fa o sa batle go se reka. Mme gakologelwa: Fa mongwe a go solofetsa sengwe se o se belaelang, a ka nna a bo a batla go go tsietsa.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Batsietsi ba ka nna ba itira e kete ke batho ba ba amegang ka ba bangwe, e le gore ba tsietse bagodi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela