LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 10/8 ts. 23-24
  • Go Tsietsa ka bodumedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsietsa ka bodumedi
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mekgwa e Mentsi e Bodumedi bo Tsietsang ka Yone
  • Go Tlhasela Bagodi
    Tsogang!—1997
  • Kafa o ka Itshireletsang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Ela Tlhoko! Batsietsi ba Gaketse
    Tsogang!—1997
  • Makoko A A Belaetsang—Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 10/8 ts. 23-24

Go Tsietsa ka bodumedi

FA E le gore o gakgamadiwa le go hutsafadiwa ke tsietso e e umakilweng go tla go fitlha jaanong, ga se wena fela. Mme go na le tsietso e e tlhabisang ditlhong go feta—ka bodumedi. Nngwe e e tlwaelegileng thata e amana le tumelo ya gore moya o a tshela morago ga loso le gore ba ba tshelang ba ka kgona go direla ba ba suleng molemo mongwe. Dimilione di le dintsi tsa batho ba ba ikanyegang mo lefatsheng lotlhe ba ne ba dirwa gore ba dumele gore ka go duela madi a mantsi, ba ka kgona go thusa kgotsa go itumedisa baratiwa ba bone ba ba suleng.

Gompieno, mo dinageng dingwe, go na le mokgwa o mosha wa go tsietsa o o farologaneng le ono wa bogologolo. Ka sekai, bosheng jaana kwa Japane, baperesiti ba banna le ba basadi ba Babuda ba ba neng ba bolela fa ba na le dithata tsa semoya ba ne ba tshwarwa go belaelelwa gore ba tsieditse maloko a phuthego ya bone di-yen di le dimilione di le makgolokgolo. Ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba phasaladitse fa ba fodisa le dilo tse go ka tliwang mo go bone ka tsone. Batho ba ba neng ba tsibogela seo ba ne ba akaretsa bommalapa ba banè ba ba neng ba bolelelwa gore ba ntse ba etelwa ke meya ya bana ba bone ba ba suleng. Mainichi Daily News e ne ya bega gore, “basadi bano ba ne ba lopiwa go duela palogotlhe ya di-yen di le dimilione di le 10 [R354 400] ya ditirelo tsa segopotso.” Mosadi mongwe wa dingwaga di le 64 o ne a tlisa di-yen tse di fetang dimilione di le 6,65 (mo e ka nnang R234 800). Mosadi yono o ne a tlile mo baperesiting go tla go lekola botsogo jwa ngwana wa gagwe. The Daily Yomiuri e boletse jaana: “Go bolelwa gore ba ile ba bolelela mosadi yono gore o tla nna madimabe fa a sa dire tirelo e e kgethegileng go gopola meya ya bagologolwane ba gagwe le go koba dipoko.”

Kitso e e tlhomameng ya Baebele e ka bo e sireleditse batho bano ba ba sa lemogeng gore ba se ka ba tsiediwa. E bontsha ka phepafalo gore moya o a swa. (Esekiele 18:4) Moreri 9:5 e bolela gore baswi “ga ba itse sepe.” Ka gone baswi ba ka se gobatse batho ba ba tshelang. E bile batho ba ba tshelang ba ka se thuse baswi ka sepe.

Mekgwa e Mentsi e Bodumedi bo Tsietsang ka Yone

Bangwe ba wela mo diraing tsa go tsiediwa mo bodumeding ka ntlha ya bopelotshetlha jwa bone. Kwa Australia banyalani bangwe ba ba neng ba bolela fa ba na le nonofo e e fetang ya tlholego mo ba ka kgonang go segofatsa madi le go dira gore a oketsege, ba ne ba neelwa $100 000 (R345 000) ke monna mongwe yo o neng a batla gore madi a gagwe a oketsege. O ne a bolelelwa gore a tsenye madi ao mo lebokoseng le go a tlisa mo go bone gore ba a “itshepise.” Banyalani bano ba ne ba isa lebokose leo mo kamoreng e e bapileng le eo go e segofatsa fa ene a ntse a letile. Fa ba boa, ba ne ba mo busetsa lebokose, le go mo tlhagisa gore a se ka a bo a bula lebokose leno le fa go ka nna jang go fitlha ka ngwaga wa 2000. Mme fa a ka le bula? O ne a bolelelwa gore “boselamose joo bo tla senyega, le gore o tla foufala, moriri wa gagwe o tla wa, o tla nna le kankere mme a bolawe ke seterouku.” Le fa go ntse jalo, morago ga dibeke di le pedi, monna yono o ne a nna le dipelaelo mme a bula lebokose. Kgakgamatso! Le ne le tletse ka dipampiri tse di kgabetletsweng. O ne a ikwatlhaya, e bile lekwalodikgang le le neng le bega tiragalo eno le boletse gore selo se se gakgamatsang ke gore, “o ne a setse a simolotse go wa moriri.”

Kwa Italy tsietso ya bodumedi e fetotswe mo go gakgamatsang: Baruti bangwe ba ile ba tsiediwa ke batsietsi ba ba neng ba itirile e kete ke Bakatoliki ba ba ineetseng. Batsietsi bano ba ne ba dirisa ngwao ya Katoliki ya go duelela batho ba ba suleng Dimmisa ka tsela e e sa siamang. Ba ne ba dira seno jang? Makasine wa Katoliki e bong Famiglia Cristiana o tlhalosa gore batsietsi ba ithebola go duelela batho ba le mmalwa ba ba suleng Dimmisa go sa le gale ba dirisa tšheke ya tsietso e e kwadilweng tlhwatlhwa e e kwa godimo thata go feta e e batlegang. Ba tsietsa baruti ba ba tsietsegang motlhofo ka go ba kopa gore ba ba busetse madi otlhe a a setseng. Batsietsi ba newa madi a dipampiri fa moruti ene a newa tšheke e e sa siamang!

Kwa United States, gantsi bagodi ba ngokiwa ka ditsela tsotlhe ke makoko a a belaetsang a bodumedi a a ngokelang maloko a masha gore a tle go tlatsa matlole a one a meneelo ka madi. Makasine wa Modern Maturity o kwadile jaana: “Mo nageng eno yotlhe, makoko a a belaetsang a latela molao wa konokono o o laolang mefuta yotlhe ya tsietso: Ya kwa madi a leng teng. A dira jalo ka go solofetsa batho sengwe le sengwe, go tloga ka botsogo jo bo molemo go ya go phetogo mo dipolotiking go bogosi jwa legodimo.” Motho mongwe yo o thusang batho ba e kileng ya nna maloko a makoko a a belaetsang o ne a nopolwa a bolela gore: “Makoko a a belaetsang a rata thata go ja ka batho ba ba godileng.”

Madi a a akarediwang mo kgannyeng eno e ka nna a a boitshegang. Moitsemolao mongwe wa kwa New York yo o kileng a sekaseka dikgetsi di le dintsi tsa makoko a a belaetsang o ne a bolela gore: “Ke itse dikgetsi tse dintsi tse mo go tsone batho ba neng ba ikhumanegisa. Go tloga ka ba ba neng ba kopiwa go ntsha meneelo ya madi a palo ya dinomoro di le thataro go ya go ba ba neng ba se na sepe fa e se fela go ntsha moneelo wa tšheke wa madi a Dikamogelo a ba a newang ke puso.” O ne a oketsa ka gore: “Go utlwisa botlhoko thata—go bagodi le go ba malapa a bone.”

Ka jalo, nna kelotlhoko! Batsietsi ba gaketse. Boferefere jo bo dirwang ke batho ba ba baakanyang matlo, boferefere jwa batho ba ba rekisang ka thelefouno le tsietso mo bodumeding ke fela dikai di sekae tsa kafa ba dirang dilo ka teng. Ga re ka ke ra kgona go nankola mathaithai otlhe a bone ka gonne ka metlha ba dirisa ditsela tse disha tsa go tsietsa. Le fa go ntse jalo, se se bontshitsweng fano ga go na pelaelo gore se tla go bula matlho gore o nne kelotlhoko, e bile gongwe eo ke yone fela tsela e o ka itshireletsang ka yone. (Bona lebokose le le mo tsebeng ya 22 la “Kafa o ka Tilang go Tsiediwa ka Teng.”) Tlhagiso ya seane sa bogologolo sa Baebele e a tshwanela: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.”—Diane 14:15.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Dimilione di le dintsi tsa batho di dumela gore ka go duela madi di ka thusa baratiwa ba tsone ba ba suleng kgotsa go ba itumedisa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela