LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 10/8 ts. 25
  • Go Sireletsa Boitekanelo Jwa Bana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sireletsa Boitekanelo Jwa Bana
  • Tsogang!—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo
    Tsogang!—2000
  • Maiteko a go Namola Bana
    Tsogang!—1994
  • Bana Ba mo Dipharagobeng
    Tsogang!—1992
  • Se o Ka se Dirang Gore o Itekanele
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 10/8 ts. 25

Go Sireletsa Boitekanelo Jwa Bana

PEGO ya bosheng jaana e e dirilweng ke United Nations Children’s Fund (UNICEF), e bong The Progress of Nations, e bontsha fa boitekanelo jwa bana ba dinaga tse dintsi bo tokafetse thata. Ka maiteko a a kopanetsweng ke dipuso le mekgatlho ya boditšhabatšhaba, selekanyo sa dintsho tsa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano se fokotsegile thata mo dinageng di le dintsi. Le fa go ntse jalo, The Progress of Nations e bontsha gape gore ngwaga le ngwaga go ne go ka sirelediwa matshelo a le dimilione a bana ka mekgwa e e motlhofo fela le e e tlhwatlhwatlase, segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologang. Batsadi mo dinageng tseno le kwa mafelong a mangwe ba ka fitlhela dikakantsho tse di mo pegong eno di ka ba thusa.

Go Anyisa. Pego eo e gakolotse gore, “go anyisa ke motheo o o molemo thata wa boitekanelo jo bo molemo le go ja dijo tse di siameng.” Go ya ka World Health Organization (WHO), “go ka sirelediwa matshelo a masea a a fetang milione o le 1 ka ngwaga fa e ne e le gore masea otlhe a anyisiwa ka tshwanelo mo dikgweding di ka nna thataro tsa ntlha.” E re ka maokelo le mafelo a go baya botsetsi a tlhoma sekao se se nonofileng, UNICEF le WHO di rotloetsa “maokelo go tsaya matsapa a go kgatlhegela bana.” Maitlhomo a tsone ke go rotloetsa maokelo go thusa bommè ba masea a a sa tswang go tsholwa le go ba neela kgakololo e e siameng kaga go anyisa.

Boitekanelo le metsi a a phepa. Pego eno e bolela gore, “malwetse a le mantsi a ne a ka fokotsega thata fa go nowa metsi a a phepa, fa go na le matlwana a boithomelo, fa go tlhapiwa diatla pele ga motho a tshwara dijo le go di apaya le go di boloka sentle.” Le fa gone mo metseng e le mentsi go tlhoka matsapa a magolo go bona metsi a a lekaneng, metsi a a phepa a botlhokwa thata mo baneng le mo boitekanelong jwa lelapa.

Dijo tse di nang le dikotla. Pego eo e bontsha gore dijo tse di nang le bitamine ya A di ne di ka thibela gore bana ba le bantsi ba ba ka nnang dimilione di le tharo ba se ka ba swa ngwaga le ngwaga. E bolela gore tharabololo ya bothata jono e teng e bile ga e je madi a mantsi, le gone e ka bonwa ka go tokafatsa dijo tse re di jang, ka go nonotsha dijo kgotsa go abela batho dipilisi tsa bitamine ya A. Go abela batho dipilisi tsa bitamine ya A tse di jang disente di le robongwe mo dikgweding dingwe le dingwe di le thataro mo baneng ba ba botlana go setse go itshupile go thusa mo dinageng tse mo go tsone bana ba tlhaelang bitamine ya A. Gape go buelelwa dijo tse di jaaka di-papaya, dimenku, digwete, merogo ya matlhare a matala le mae.

Kalafi ya go Busetsa Metsi mo Mmeleng. UNICEF e bolela gore sephatlo sa dintsho tsa bana ba ba swang ka ngwaga se se bakwang ke letshololo se ka kganelwa ka thuso e e tlhwatlhwa tlase le metswako e go leng motlhofo go e dira ya metsi a a phepa, letswai le sukiri kgotsa bupi jwa reise.a Gape batsadi ba tshwanetse go tswelela ba naya bana dijo. Go fopholediwa gore go setse go namolwa matshelo a bana ba ka nna milione o le mongwe ka ngwaga ka thuso ya mekgwa eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga go sireletsa boitekanelo jwa bana ba gago, tsweetswee bona Tsogang! ya April 8, 1995, ditsebe 3-14.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

WHO

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela