LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 10/8 ts. 14-17
  • Go Seta Logong—BotswerereJwa bogologolo Jwa Seafrika

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Seta Logong—BotswerereJwa bogologolo Jwa Seafrika
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Seta Logong Gompieno
  • Go Ithuta Botswerere Jwa go Seta
  • Dithapelo Tsa Rona di Botlhokwa mo go Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara
    Tsogang!—2017
  • Thamo ya Tshoswane
    Tsogang!—2016
  • Ke ne Ka Segofadiwa ka Ntlha ya go Baya Modimo Kwa Pele
    Tsogang!—2009
Tsogang!—1997
g97 10/8 ts. 14-17

Go Seta Logong—BotswerereJwa bogologolo Jwa Seafrika

Ka Mmegadikgang Wa Tsogang! Kwa Nigeria

BASETI ba logong ga ba bolo go nna gone kwa Benin City, e gone jaanong e leng kwa kgaolong e jaanong e leng borwa jwa Nigeria. Dingwaga tse di makgolo a manè tse di fetileng, Benin City e ne e le motsemogolo wa bogosi jo bo maatla le jo bo rulagantsweng sentle jo bo mo sekgweng. Baeng ba ba tswang kwa Yuropa ba ne ba gakgamadiwa ke mebila e megolo le e e tlhamaletseng sentle ya matlo a one a a rulagantsweng sentle le batho ba teng ba ba nang le seriti le ba ba ikobelang molao. Ka makgolokgolo a dingwaga Benin City e ne ya atlega go nna lengwe la mafelo a magolo thata a kgwebo le a setso mo bophirima jwa Afrika.

Bogosi jwa Benin bo ne bo laolwa ke dikgosi tse di neng di latelana tse di bidiwang booba. Booba ba ne ba rotloetsa batho thata gore ba nne le botswerere bongwe. Ba ne ba kgabisitse ntlo ya bone e ntle ya segosi mo Benin City ka ditlhogo tse di setilweng, mekgabisa e mentle ya mo loboteng e e dirilweng ka boronse le dilo tse di setilweng ka botswerere ka dinaka tsa tlou. Le fa dilo tseo tsa bogologolo tse di setilweng ka logong di ile tsa onala le go senngwa ke motlhwa, go phepafetse gore baseti ba logong ba ne ba tshwere ka natla mo bogosing jono. Martins Akanbiemu yo e kileng ya bo e le motlhokomedi wa Musiamo wa Setšhaba kwa Lagos o kwadile seno: “Setlhopha sa baseti ba logong . . . go bonala e le sone sa bogologolo go gaisa tsotlhe tse di neng di berekela Oba.”

Ka 1897 masole a Borithane a ne a thopa Benin City mme a boela Yuropa a tshotse matlotlo a teng a gone jaanong a leng tlhwatlhwa kgolo mo botaking—dikarolwana tse di fetang 2000. Gompieno, dilo tse dintsi tsa botaki tse di tserweng kwa Benin wa bogologolo di kgabisitse kwa Lontone le kwa Berlin e seng kwa Nigeria.

Go Seta Logong Gompieno

Gompieno Benin City ke toropo e e tlhanaselang fela jaaka tse dingwe tse dintsi mo Nigeria. Le fa go ntse jalo, o sa ntse o ka fitlhela masalela a bogologolo a dilo tse di neng tsa dira gore e tlotlege. Ntlo ya teng ya segosi e agilwe sesha mme oba wa gone jaanong o nna mo go yone. O ka kgona go bona bosupi jwa mosele wa teng o o boteng o o kileng wa bo o dikologile motsemogolo oo wa bogologolo; mme fa o ka reetsa sentle, o ka nna wa utlwa modumo o o utlwalang kwa tlase wa petlwana e itaya logong.

Monna mongwe yo o bidiwang Johnson o na le dingwaga di le 20 a seta logong mo Benin City. Mo makgolong a a fetileng a dingwaga, ditlhogo tse di dirilweng ka logong le ka kgotlho di ne di dirwa segopotso sa batho ba ba suleng; di ne di kgabisa dialetara tsa batho ba ba obamelang bagologolwane. Le fa go ntse jalo, ditlhogo tse Johnson a di setang ga di tshwane le tse pele di neng di dirisediwa bodumedi. Tsa gagwe ke tsa go kgabisa fela.

Johnson o dirisa logong lwa eboni, lo lo thata, lo lo setegang motlhofo. O dirisa thata pelo ya logong kgotsa logong lo lo mo gare lwa setlhare. Karolo e e ka fa gare ya logong lwa eboni lwa Nigeria gantsi e bontsho jo bo tseneletseng, le fa gone ditlhare tse dingwe di na le karolo e e fa gare ya logong e e nang le methalo kgotsa e le mmala o o bokwebu jo bontsho. O dirisa gape le karolo e e kwantle ya logong fa a seta; seno se dira gore go nne le mmala o montle o mohibidu o o tsamaelanang le o montsho. Ka bobedi logong lo lohibidu lo lontsho fa a phatshimisiwa a nna mantle tota.

Logong lwa eboni lo lontsi mo Nigeria. Fa setlhare sa logong lwa eboni se rengwa, gantsi se tlogelwa mo sekgweng dikgwedi di le mmalwa gore se ome. Le e leng morago ga gore kota ya logong lwa eboni e fitlhe mo lefelong le Johnson a direlang mo go lone, o lesa logong go oma dikgwedi di sekae gape pele ga a le dirisa. Seno se botlhokwa thata ka gonne fa logong lo sa oma lo ka fetoga sebopego lwa bo lo phanyega.

Fa Johnson a setse a siametse go seta, o dirisa saga e e dirisiwang ka letsogo go sega sesana sa boleele jwa disentimetara di le 38. Morago ga go ema beke e nngwe gape go tlhomamisa gore kota eno ga e phanyege, Johnson o tshwaya logong lono ka tšhoko go thala tlhogo e a batlang go e seta a bo a simolola ka tiro ya go seta.

Sa ntlha o dirisa petlwana e e sepapetla, mme a dirise petlwana e e kgogoropo mme a dirise e e bogale. Morago ga moo o rethefatsa ka magwasipa. Jaanong go dirisiwa thipa ya mmetli go seta sentlentle. Fa Johnson a ntse a bereka o tlhomile mogopolo wa gagwe thata mo logonyeng. Go nna boatla go ka dira gore setshwantsho seno se nne le monyenyo o o sa tlwaelegang kgotsa leitlho le lengwe le lebe go sele.

Morago ga gore a sete, barutwatiro ba ga Johnson ba gotlha kota eno ka dipampiri tse di magwasipa ka go latelana. Kwa bokhutlong, ba tshasa pholetšhe ya difanitšhara kgotsa pholetšhe ya ditlhako mme ba ntshe pholetshe eo ka boratšhe jwa ditlhako go dira gore go phatsime. Go tsaya malatsi a le mabedi go seta tlhogo ya logong gore e tshwane le e e leng mo ditshwantshong. Go tsaya malatsi a mangwe a le mararo go e gotlha le go e pholetšha.

Fa Johnson a feditse go seta, o e baya kwa thoko dikgwedi di le mmalwa go tlhomamisa gore ga go bonale go phanyega gope. Fa e le gore logong lo ne lo omile sentle pele ga a simolola go seta, ga le kitla le phanyega. Gantsi go nna jalo. Fa e le gore go na le go phanyega gongwe, selo se se setilweng se boela gape kwa lefelong la go direla gore se rethefadiwe sentle, se gotlhiwe le go pholetšhiwa gape.

Go Ithuta Botswerere Jwa go Seta

Johnson o na le batho ba le barataro ba ba ithutang go seta, ba dingwaga tse di tlogang go 10 go ya 18. Ba ithuta botswerere jwa go seta go tloga kwa morago, go tloga ka tiro ya bofelo go fitlha ka e e simololang. Ka thulaganyo eno selo sa ntlha se motho yo o ithutang go seta a se ithutang ke go pholetšha. A bo a ithuta go gotlha. Moragonyana o rutiwa go rethefatsa. Kgabagare go tla letsatsi le a tsayang petlwana e e sepapetla go simolola go seta sesana se se iseng se dirwe sepe.

Johnson a re: “Ga se mongwe le mongwe yo a ka nnang moseti. Sa ntlha o tlhoka go nna le bokgoni le go kgona go tlhoma mogopolo mo go se o se dirang. Gape o tshwanetse go ithuta go nna pelotelele le tsela e o gatelang pele ka yone le go kgona go itse go lepalepana le fa o paletsweng teng. Gape o tlhoka boitshoko, ka gonne bobotlana go tsaya dingwaga di le tharo go nna moseti yo o setswerere. Mme ga go felele foo—ga o fetse go ithuta. Fa o ntse o tlwaela, o nna o ntse o tokafatsa ka dinako tsotlhe.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 17]

Motlhwa le Moseti wa Logong

Bangwe ba re botaki jwa Afrika bo kolota masetlaoka kgotsa motlhwa. Moseti wa logong o betla sengwe mme lesetlaoka (le thusiwa ke tlelaemete ya boboatsatsi) le a se senya, ka dinako dingwe mo malatsing a le mmalwa fela! Go fetile makgolo a dingwaga lesetlaoka le ntse le tshwenya moseti wa logong. Ga e bolo go nna modikologo o o sa feleng le fa go ntse jalo e le o o thusang: Lesetlaoka le a senya mme moseti a simolole sesha ka ditshono tsa go tokafatsa botswerere jwa gagwe le go nna le mekgwa e mesha e a itlhamelang dilo ka yone.

Buka ya African Kingdoms e bolela gore: “Moutu le masetlaoka a a tlhaga a dira gore baseti ba basha ba se ka ba kgona go latela malebela a ba bogologolo. Ka ntlha ya moo, mo godimo ga go tshwanelwa ke go seta dilo tse disha, gape ba ne ba nna le tshono e nngwe gape e kgolwane ya go dira dilo tsa dipopego tse di farologaneng; ba ne ba sa kopise thata mo go tsa pele e bile mongwe le mongwe o ne a ikaegile ka botswerere jwa gagwe le go kgona go itlhamela dilo.”

Bangwe ba re kamano e e leng teng gareng ga lesetlaoka le moseti wa logong ke yone e dirang gore botaki jono jwa Afrika jo bo itsegeng thata bo nne maatlametlo. Mokanoki e bong William Fagg o akgetse seno mo bukeng ya gagwe ya Nigerian Images: “A re . . . lebogeng lesetlaoka, le mororo motho a sa rate tiro epe fela ya lone, le ntseng le thusa mmetli wa logong wa boboatsatsi ka makgolokgolo a dingwaga le ka diketekete tsa dingwaga.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Dr. Richard Bagine

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go seta:

1. go tlhopha logong lo lo siameng,

2. go thala tlhogo e e tlilweng go setwa,

3. go dirisa petlwana,

4. go rethefatsa, 5. go tshasa pholetšhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela