Go Bogisiwa ke go Boifa Dilo
“Gantsi batho ba na le go sotla ka bothata jwa go boifa dilo. Le fa go ntse jalo, ga se selo se se ‘tshegisang.’”—Jerilyn Ross, motsamaisi wa lefelo le le alafang malwetse a go tshwenyega thata mo maikutlong
MAFOKO “go boifa dilo” a bolela go boifa sengwe, tiragalo nngwe kgotsa maikutlo mangwe thata, mo go feteletseng. Le fa go ntse jalo, tlhaloso ka boyone ga e kgone go bontsha letshogo le bodutu tse di bakwang ke boemo jono. Raeann Dumont yo o alafileng bothata jwa go boifa dilo ka dingwaga tse di fetang masome a mabedi, o akgetse jaana: “Batho ba ba boifang dilo ba ka tila maemo a mantsi mo ba feletsang ba itswaletse mo ntlong kana ba tlhobaela thata ka tsela e e feteletseng kana ba ka nna ba fedisa go tlhobaela ga bone ka go nwa bojalwa e leng selo se se ka nnang sa ba bakela mathata a mangwe gape.”
Go boifa dilo go tsentswe gareng ga setlhopha sa makoa a a bidiwang malwetse a go tshwenyega thata mo maikutlong.a Go lekanyediwa gore diperesente di le 12 tsa baagi ba ba godileng kwa United States ba tla boifa dilo mo nakong nngwe ya botshelo jwa bone. Bontsi jwa bone ba tla swa senku ka dingwaga di le dintsi. Mokgatlho wa Malwetse a go Tshwenyega Thata mo Maikutlong wa kwa Amerika o bega jaana: “Ka maswabi, mo e ka nnang dikwatara di le tharo tsa batho ba ba boifang dilo ga ba kitla ba bona thuso. Bontsi jwa batho ba ba boifang dilo bo okaoka go senka thuso ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong. Ba bangwe ga ba tlhaloganye gore ba na le eng kgotsa ba ka bona thuso kae mme bangwe ba boifa kalafi ka boyone.”
Go na le makgolokgolo a dilo tse batho ba di boifang tse go itsiweng ka tsone, le fa go ntse jalo, gantsi bomankge ba di rulaganya ka dikarolo di le tharo. Dilo tse dinnye tse batho ba di boifang di akaretsa dilo kana boemo bongwe jaaka ditshenekegi, diphologolo, go pagama sefofane le go nna mo go tswetsweng teng. Go boifa mafelo a batho botlhe mo go feteletseng gantsi go diragala ka ntlha ya go tlalelwa. Motho yo o nang le poifo eno o boifa go tlalelwa mo a bileng a tilang go nna mo mafelong kana mo maemong a a kileng a tlalelwa jalo mo go one. Go boifa batho go bonala ka go boifa go tlhabisiwa ditlhong mo mafelong a batho botlhe, jaaka go bua fa pele ga bareetsi.
Ela tlhoko nngwe fela ya dilo tse tharo tseno—e leng go boifa batho. The Washingtonian e bolela gore: “Le e leng le fa o kopanya dipoifo tsotlhe tsa dilo tse dinnye tse di jaaka go boifa dinoga kana go pagama sefofane, ga di kitla di fitlha mo go boifeng batho jaaka e le gone mo go bakelang batho mahutsana jaana.” A tota seno ke boammaaruri? Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang? A re boneng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Malwetse a mangwe a go tshwenyega thata mo maikutlong a akaretsa go dira dilo ka tsela e e sa laolegeng, go tshwenyega maikutlo mo go feteletseng, go gatelega thata mo maikutlong le malwetse a go tshwenyega mo maikutlong ka kakaretso. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona Tsogang! ya February 8, 1996 (ka Seesemane), “Go Dira Dilo ka Tsela E e Sa Laolegeng—A go Laola Botshelo Jwa Gago?” le ya June 8, 1996 (ka Seesemane), “Go Lepalepana le go Tshogatshoga Fela.”