LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 8/8 ts. 20-22
  • Fa E Kete Matlho Otlhe A Go Lebile

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa E Kete Matlho Otlhe A Go Lebile
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse di Boifiwang ka Ntlha ya go Boifa Batho
  • Ba Leka go Lepalepana le Seno Jang?
  • Go Laola Go Boifa Batho
    Tsogang!—1998
  • Go Bogisiwa ke go Boifa Dilo
    Tsogang!—1998
  • Ditsela Tsa go Thusa Batho ba ba Nang le Malwetse a go Tlhobaela
    Tsogang!—2012
  • Ke Dire Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Dirisa Social Media?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 8/8 ts. 20-22

Fa E Kete Matlho Otlhe A Go Lebile

Jerry o tlhalosa seo ka lefoko “teketo.” O bolela jaana: “Nako nngwe le nngwe fa ke ne ke tsena mo phaposing ya borutelo, ke ne ke simolola go fufulelwa thata, ke utlwe e kete molomo wa me o tletse boboa e bile ke ne ke akanya gore ga ke ne ke kgona go bua—le e leng le fa botshelo jwa me bo ne bo ikaegile ka gone. Mme ke utlwe matsogo a me le maoto le sefatlhego di gotela thata mme ke hibile tota—e kete mmele otlhe wa me o ne o thunya.”

JERRY o tshwenngwa ke go boifa batho, e leng go boifa go sekasekwa le go tlhabisiwa ditlhong ke ba bangwe phatlalatsa. Bukana e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Malwetse a go Tshwenyega Maikutlo wa kwa Amerika e bolela jaana: “Motho yo o boifang batho o dumela gore matlho otlhe a mo lebile. Go tlhobaela gono go ka felela ka go tlalelwa mo go akaretsang matshwao a a jaaka go itaya thata ga pelo, go idibala, mathata a go hema le go fufulelwa thata.”

Bangwe ba ka nna ba kgaphela thoko dilo tse batho ba ba boifang batho ba di boifang, ba bolela fela gore ba itlhokomolose go tlhabiwa ke ditlhong ga bone mme “ba tswe ba kopane le batho.” Ke boammaaruri gore tsela e nngwe ya go lwantsha go boifa batho ga gago e akaretsa go lebana le dilo tse o di boifang. Le fa go ntse jalo, go na le pharologanyo e kgolo gareng ga go tlhabiwa ke ditlhong le go boifa batho. Jerilyn Ross o bolela jaana: “Go farologana le go nna ditlhong fela mo go tlwaelegileng, go boifa batho go bogale mo e leng gore go kgoreletsa ditiro tsa letsatsi le letsatsi, kwa mmerekong, kwa sekolong le mo e ka nnang mo ditirisanong tsotlhe tsa gago le batho ba bangwe.”

Dipatlisiso di bontsha gore matshelo a dimilione tsa batho a sulafaditswe ke go boifa batho.a Akanya fela ka dingwe tsa dilo tse di boifiwang tse di amanngwang le boemo jono jo bo koafatsang.

Dilo Tse di Boifiwang ka Ntlha ya go Boifa Batho

Go bua phatlalatsa. Doug o gakologelwa fa a ne a itewa ke letshogo ka nako ya fa a ne a neela puo e khutswane fa pele ga setlhopha sa baagi ba mo lefelong la gaabo. O bolela jaana: “Ka tshoganetso fela ke fa ke elela mofufutso o o tsididi. Pelo ya me e ne e itaya ka bonako. Ke ne ke tetesela, ke roroma. Mometso wa me e ne e kete o a tswalega, o dira gore ke bue ka thata.” Ke boammaaruri gore mongwe le mongwe o itewa ke tsebetsebe fa a eme fa pele ga bareetsi. Le fa go ntse jalo, motho yo o boifang batho o nna le letshogo le le maatla le le bogale e bile le sa fele, mme ga le alafiwe ke go boaboelela. Eleruri, Doug o ne a leba le e leng tshono e e sa reng sepe ya go bua e kete e ne e le kotsi mo botshelong jwa gagwe.

Go jela mo bathong. E re ka batho ba ba boifang batho ba dumela gore ba nna ba etswe tlhoko, le e leng go ja fela e ka nna matshwenyego a a boifisang. Ba tshwenngwa ke gore matsogo a bone a tla roroma, gore ba tla tsholola dijo kana ba fose melomo ya bone kgotsa le e leng gore ba tla lwala. Dilo tseno di ka felela di ba diragaletse. Buka ya Dying of Embarrassment e umaka jaana: “Fa o ntse o tshwenyega ka gore o tla dira sengwe se se tla go tlhabisang ditlhong, ke gone fa o tlhobaela le go feta. Fa o ntse o tlhobaela, ke gone fa o tla simololang o tetesela kana o dire dilo ka go phadimoga, ka boramatla. Bothata jono bo ka gola go fitlha o sa tlhole o kgona go isa dijo dipe kgotsa seno sepe kwa molomong o sa se diga kana o sa se tsholola.”

Go kwala mo bathong. E re ka batho ba ba boifang batho ba tshaba gore matsogo a bone a tla roroma kgotsa gore ba tla bo ba lebilwe fa ba kwala maswe, bontsi jwa bone bo tshoga thata fa bo tshwanetse go saena tšheke kana go kwala sengwe fela fa pele ga motho yo mongwe. Ka sekai, Sam o ne a tshosiwa ke fa mong wa gagwe a ne a dira gore a saene log book fa pele ga motlhokomedi mo mosong mongwe le mongwe. Sam o bolela jaana: “Ke ne ke sa kgone. Letsogo la me le ne le roroma thata mo e leng gore ke ne ke tshwanelwa ke go le laola ka le lengwe e le gore ke kgone go kwala sentle mo moleng mme o ne o ka se kgone go bala se ke se kwadileng.”

Go dirisa thelefouno. Dr. John R. Marshall a re bontsi jwa balwetse ba gagwe bo ipobotse gore fa go kgonega ba ne ba tila go dirisa founo. A re: “Ba ne ba tshwenngwa ke gore ba tla palelwa ke go araba sentle. Ba bangwe ba ne ba boifa gore ka ntlha ya go bo ba ne ba sa itse gore ba reng, go tla nna le tidimalo e e tlhabisang ditlhong mme fa ba ka kwakwaetsa, ba tla ngomoga pelo mme seno se tla dira gore mantswe a bone a fetoge, a rorome kgotsa a tswirinye. Ba ne ba tshosiwa ke gore ba ka nna ba kokoetsa kgotsa ba bontsha gore ba tshogile ka ditsela dingwe tse di tlhabisang ditlhong.”

Go tlhakana le batho. Batho bangwe ba ba boifang batho ba tshaba boemo bope fela jo bo akaretsang go tlhakana le batho ba bangwe. Gantsi ba tshosiwa thata ke go leba ba bangwe mo matlhong. The Harvard Mental Health Letter ya re: “Batho ba ba boifang batho gantsi ba tshwenngwa thata ke gore ba tla leba kae le gore ba tla tsiboga jang fa ba bangwe ba ba lebile. Ba tila go leba batho mo matlhong ka gonne ba ikutlwa e kete ga ba itse gore ke leng ba tshwanetseng ba leba motho le gore ke leng ba sa tshwanelang. Ba akanya fela gore ba bangwe ba tla tsaya go ba leba ga bone ka tsela e e seng yone.”

Go na le dilo tse dingwe tse di boifiwang tse di amanngwang le go boifa batho. Ka sekai, batho ba le bantsi ba tshaba go dirisa matlwana a boithomelo a batho botlhe. Ba bangwe ba boifa go reka fa morekisi a ba lebile. Mosadi mongwe o bolela jaana: “Ke akanya thata kaga me mo e leng gore gantsi ga ke bone le se ke se lebileng. Ka metlha ke solofela kgotsa ke akanya gore morekisi o batla gore ke dire ka bonako mme ke tlogele go mo senyetsa nako.”

Ba Leka go Lepalepana le Seno Jang?

Batho ba ba sa tshwarwang ke bolwetse jono ba fitlhela go le thata go tlhaloganya botlhoko jwa go boifa batho. Mongwe yo o nang le jone o tlhalosa se se mo diragalelang e le “mofuta o o boitshegang wa go tlhabiwa ke ditlhong o motho a ka o akanyang!” Mongwe ene o bolela jaana: “Ke akanya go ipolaya ka dinako tsotlhe.”

Ka maswabi, batho ba le bantsi ba ba boifang batho ba dirisa tagi e le go fokotsa go tlhobaela ga bone.b Le fa gone go ka fodisa boemo joo ka nakwana, fa nako e ntse e ya, go dirisa tagi ka tsela e e sa tshwanelang go oketsa mathata a motho yono. Dr. John R. Marshall o akgetse jaana: “Bontsi jwa balwetse ba me ba ba sa nweng bojalwa mo bathong ba ne ba bo nwa go fitlha ba tagilwe—e le fa ba leka go ritibala pele ga ba tla mo bathong kgotsa fa ba setse ba le koo, e leng sone selo se se ba bakelang go tlhabiwa ke ditlhong mo matlhong a ba bangwe e le sone se ba neng ba se boifa thata.”

Gongwe leano le le tlwaelegileng thata la batho ba ba boifang batho ke go ikgapha mo bathong. Ee, bontsi bo tila maemo a ba a boifang. Lorraine yo le ene a boifang batho o bolela jaana: “Ke ne ke tila maemo a mantsi kafa ke neng ke kgona ka teng le e leng go bua mo founong.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ba le bantsi ba batho bano ba lemoga gore go tila batho go a ba golega go na le go ba sireletsa. Lorraine a re: “Morago ga nako, ke ne ke jewa ke bodutu thata mme ke lapa pelo.”

Jerilyn Ross o tlhagisa gore go tila batho ba bangwe e ka nna “go ithaisa mo go ntseng go oketsega.” O oketsa jaana: “Mme kgato nngwe le nngwe ya go tila batho e dira gore go nne motlhofo go wela mo seraing seno mo nakong e e tlang—go fitlha go tila batho e nna selo se se itlelang fela.” Balwetse ba bangwe ba tlwaela go gana ditaletso tsa dijo tsa motshegare kana ba gana ditiro tse di tla dirang gore ba kopane le batho ba bangwe. Ka ntlha ya seo, ga ba ithute go lebana le dilo tse ba di boifang le go di fenya. Fela jaaka Dr. Richard Heimberg a tlhalosa, “matshelo a bone a tletse ka go ganwa mo go iseng go diragale le go nna ba akanya ka go sa bone ditiro tse ba iseng ba di senke ka gonne ba ne ba di tila.”

Le fa go ntse jalo, go na le dikgang tse di molemo kaga go boifa batho: Go a alafega. Gone mme, ga go kgonege—e bile ga go eletsege—go fokotsa mofuta mongwe le mongwe wa go tlhobaela gotlhelele. Le fa go ntse jalo, ba ba bogisiwang ke go boifa batho ba ka ithuta go laola go boifa ga bone e bile Baebele e na le kgakololo e e dirang e e ka ba thusang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go tshwanetse ga lemogiwa gore mo e ka nnang mongwe le mongwe o na le go boifa batho mo go rileng. Ka sekai, bontsi jwa batho bo tlhobaediwa ke go bua fa pele ga bareetsi. Le fa go ntse jalo, go tlhatlhobelwa go boifa batho gantsi go dirwa fela mo bathong ba dilo tse ba di boifang di feteletseng thata mo e leng gore di ba kgoreletsa gotlhelele go dira dilo tse di tlwaelegileng.

b Dipatlisiso di bontsha gore go na le palo e e kwa godimo ya batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa mo gare ga batho ba ba boifang batho le gore go na le palo e e kwa godimo ya batho ba ba boifang batho mo gare ga batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa. Ke eng se se tlang pele? Go bolelwa fa nngwetharong ya batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa ba ne ba na le hisitori ya go tshwarwa ke bolwetse jwa go tshwenyega maikutlo kgotsa mofuta mongwe o o rileng wa go boifa batho pele ga ba simolola go nwa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Mo mothong yo o boifang batho ba bangwe, go kopana le batho mo go tlwaelegileng e ka nna selo se se boifisang fela thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela