LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 8/8 ts. 23-27
  • Go Laola Go Boifa Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Laola Go Boifa Batho
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Laola Matshwao a Gago
  • Go Gwetlha Dilo Tse o di Dumelang ka Maemo A o A Boifang
  • Go Lebana le Dilo Tse o di Boifang
  • Banna ba ba “Nang le Maikutlo a a Tshwanang le a Rona”
  • Fa E Kete Matlho Otlhe A Go Lebile
    Tsogang!—1998
  • Go Bogisiwa ke go Boifa Dilo
    Tsogang!—1998
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ditsela Tsa go Thusa Batho ba ba Nang le Malwetse a go Tlhobaela
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 8/8 ts. 23-27

Go Laola Go Boifa Batho

“Selo sa botlhokwa se batho ba ba boifang dilo ba tshwanetseng go se gakologelwa ke gore go boifa dilo go a alafega. Ga se selo se ba tshwanetseng ba tswelela ba bogisiwa ke sone.”—Dr. Chris Sletten.

KA BOITUMELO, batho ba le bantsi ba ba boifang batho ba thusitswe go fokotsa tlhobaelo ya bone le e leng go nna mo gare ga batho mo ba neng ba go boifa ka dingwaga di le dintsi. Fa e le gore o bogisiwa ke go boifa batho, tlhomamisega gore le wena o ka ithuta ditsela tse di molemo tsa go dirisana le bolwetse jono. Go dira jalo, o tla tlhoka go tlhoma mogopolo mo (1) matshwaong a gago a mmele, (2) dilo tse o di dumelang ka maemo a o a boifang le (3) kafa o itshwarang ka teng fa o boifa.

Melaometheo ya Baebele e ka thusa. Ke boammaaruri gore Lefoko la Modimo ga se bukathuto ya kalafi, le fa e le gone gore e umaka mafoko “go boifa batho.” Le fa go ntse jalo, Baebele e ka go thusa gore “o tshware botlhale jo bo itekanetseng le pharologanyo” fa o dirisana le go boifa ga gago.—Diane 3:21; Isaia 48:17.

Go Laola Matshwao a Gago

Matshwao a mmele a batho ba ba boifang batho a farologana go ya ka batho. Mmele wa gago o tsiboga jang fa o atamela boemo jo o bo boifang? A diatla tsa gago di a roroma? A pelo ya gago e itaya ka bonako? A o a tlhakatlhakana mo maleng? A o a fufulelwa kana o hibile kgotsa molomo wa gago o omelele?

Gone ke boammaaruri gore ga go monate go akanya kaga go fufula, go kwakwaetsa kana go tetesela fa o le mo bathong. Le fa go ntse jalo, go tlhobaela ka se se ka nnang sa direga ga go ne go go thusa ka sepe. Jesu o ne a botsa jaana ka botswerere: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?” (Mathaio 6:27; bapisa Diane 12:25.) Eleruri, go nna o akantse ka matshwao a o nang le one le ka se batho ba bangwe ba ka nnang ba se akanya ka one go ka dira fela gore dilo di nne maswe le go feta. The Harvard Mental Health Letter e lemosa jaana: “Batho ba ba boifang batho ba tlhobaela le go feta fa ba akanya gore batho ba bangwe ba a lemoga gore ba tshogile. Ba solofela gore ditlamorago e tla nna tse di botlhogole le gore ga go na sepe se ba ka se dirang se se se nang phoso epe—e le tebelelo e e ba tshosang le go feta fa ba atamela maemo a ba a boifang.”

O ka nna wa kgona go fokotsa go gakala ga matshwao a gago ka go itlwaetsa go hema ka bonya go tswa mo letswalong. (Bona lebokose la “Ela Tlhoko go Hema ga Gago!”) Gape go ikatisa mmele ka metlha le go phutholola mesifa go ka thusa. (1 Timotheo 4:8) O ka nna wa tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe mo mokgweng o o tshelang ka one. Ka sekai, Baebele e gakolola jaana: “Go molemo se se lekanyeng legofe fa se na le boiketlo, bogolo go se se lekanyeng diatla di le pedi fa se na le letsapa le go belebetlela phefo fela.” (Moreri 4:6) Ka jalo, tlhomamisa gore o ikhutsa ka tsela e e lekaneng. Mo godimo ga moo, ela tlhoko dijo tse o di jang. O se ke wa tlodisa dinako tsa go ja kana wa ja ka dinako tse e seng tsa ka metlha. Go ka nna ga tlhokega le gore o fokotse go nwa dilo tse di nang le kafeine, e leng sone selo se e ka tswang e le sa konokono se se bakang go tlhobaela.

Sa botlhokwa go gaisa tsotlhe, nna pelotelele. (Moreri 7:8) Setlhopha sengwe sa dingaka se begile jaana: “Fa nako e ntse e ya, o tla lemoga gore, le fa gone o santse o tlhobaela fa o na le batho, selekanyo sa matshwao a mmele wa gago se tla fokotsega fela thata. Sa botlhokwa le go feta, fa o itlwaetsa, o tla oketsa go itshepa e bile o tla ipaakanyetsa botoka go tsena mo maemong a batho a o a boifang.”

Go Gwetlha Dilo Tse o di Dumelang ka Maemo A o A Boifang

Go tlhola go bolelwa gore o ka se nne le boikutlo jo bo rileng o ise o akanye pele ka jone. Seno se lebega e le boammaaruri ka go boifa batho. Ka jalo go fokotsa matshwao a mmele, o ka nna wa tlhoka go tlhatlhoba ‘bontsi jwa megopolo’ e e a tlhotlheletsang.—Pesalema 94:19.

Baitseanape bangwe ba bolela gore go boifa batho totatota ke go boifa go sa ratiwe. Ka sekai, motho yo o boifang batho fa a le kwa kokoanong ya batho botlhe a ka nna a ipolelela gore, ‘E kete ke seeleele. Batho ba tshwanetse ba bo ba lemoga gore ga ke tshwanele ke go nna fano. Ke a itse gore mongwe le mongwe o sotla ka nna.’ Mongwe yo o boifang batho yo o bidiwang Tracy le ene o ne a na le maikutlo a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, o ne a sekaseka dilo tse a di dumelang. O ne a lemoga gore batho ba na le dilo tse di botoka tse ba ka di dirang ka nako ya bone go na le go nnela go mo lebelela le go mo sekaseka. Tracy o ne a konela ka gore: “Le e leng le fa ke bua sengwe se se lapisang, a go a utlwala gore mongwe a se ka a nkamogela ka ntlha ya seno?”

Le wena fela jaaka Tracy, o ka nna wa tlhoka go gwetlha mogopolo o o sa siamang malebana le gore a go ka kgonega gore ba bangwe ba se ka ba go amogela fa o na le bone—le gore e ka nna ka selekanyo se se kana kang. A go na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore batho ba tla go galefela fa dilo tse o di boifang thata di ka diragala? Le e leng le fa bangwe ba ka go dira, a go na le lebaka la go konela ka gore ga o kitla o falola matshwenyego ano? A maikutlo a motho yo mongwe totatota a fetola botlhokwa jwa gago jaaka motho? Baebele e gakolola jaana ka botlhale: “O se ka wa tlhokomela mafoko otlhe a a buiwang.”—Moreri 7:21.

Setlhopha sengwe sa dingaka se se neng se kwala ka go boifa batho se boletse jaana: “Go tsoga mathata fa batho ba tsaya go sa amogelwe mo go ka se kang ga tilwa mo botshelong go na le bokao jo bontsi e bile go le botlhokwa thata. Go sa amogelwe go ka tlhabisa ditlhong thata. Go ka hutsafatsa tota. Le fa go ntse jalo, ga go tlhoke gore go go swafatse. Tota ga se petso kwantle ga fa o go dira yone.”

Baebele e re thusa gore re itebe ka tsela ya mmatota. E lemosa jaana: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Ee, ga go na ope yo o sa tshwenngweng ke go sa itekanela le ke matshwao a gone a a tlhabisang ditlhong ka dinako tse dingwe. Go lemoga seno go re thusa gore re akanyetse makoa a ba bangwe e bile go kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba tlhaloganye a rona fela jalo. Mo boemong bope fela, Bakeresete ba a itse gore mongwe yo kamogelo ya gagwe e leng ya botlhokwa thata ke Jehofa Modimo—e bile ga a tlhome mogopolo mo diphosong tsa rona.—Pesalema 103:13, 14; 130:3.

Go Lebana le Dilo Tse o di Boifang

Gore o fenye ntwa e o e lwang kgatlhanong le go boifa batho, go ise go ye kae, o tla tlhoka go lebana le dilo tse o di boifang. Fa o akanya seno ka lekgetlho la ntlha go ka utlwala go boifisa. Gongwe go tla go fitlha mo nakong eno o ntse o tila maemo a batho botlhe a a ka tlhotlheletsang go boifa ga gago. Le fa go ntse jalo, ka gongwe seno se gogotse go itshepa ga gago e bile go nonotshitse go boifa ga gago. Baebele e na le lebaka le le utlwalang la go bolela jaana: “Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.”—Diane 18:1.

Go farologana le seno, go lebana le dilo tse o di boifang go ka fokotsa go tlhobaela ga gago.a Dr. John R. Marshall a re: “Gantsi re kgothaletsa balwetse ba rona ba ba boifang batho—segolobogolo ba dilo tse ba di boifang di lemosegang botoka, tse di jaaka go bua mo bathong—gore ba ipateletse go nna mo maemong le mo mekgatlhong e e tlhokang gore ba kopane le batho.”

Go lebana le maemo a o a boifang go tla go tlhomamisetsa (1) gore ditlhaelo tse di tlhabisang ditlhong ga se gantsi di ka felelang ka gore ba bangwe ba go gane (2) le e leng gore le fa go ka felela ka gore bangwe ba go gane, seno ga e ne e nna petso. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore o nne pelotelele ka go gatela pele ga gago. Ga o kitla o fola ka bosigo bo le bongwe fela, le gone go ka se utlwale gore o solofele fa matshwao a go boifa batho a tla nyelela otlhe. Go ya ka Dr. Sally Winston, mokgele wa kalafi ga se go fedisa matshwao, le fa go ntse jalo ke go a dira gore o se ke wa tshwenyega ka one. O bolela gore fa a sa go tshwenye, a a fela kana bogolo a a tokafala.

Bakeresete ba na le tlhotlheletso e e maatla ya gore ba fenye dilo tse di dirang gore ba boife batho. Eleruri ba bolelelwa gore ba “akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.” (Bahebere 10:24, 25) E re ka ditiro tsa Bokeresete gantsi di akaretsa go kopana le batho ba bangwe, go dira ka natla gore o laole dilo tse di dirang gore o boife batho go ka go thusa thata gore o gatele pele semoyeng. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 2:42; 1 Bathesalonika 5:14) Bolelela Jehofa Modimo bothata jono ka thapelo, ka go bo ene a ka go neela “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakorinthe 4:7; 1 Johane 5:14) Kopa Jehofa gore a go thuse gore o lebe tsela e batho ba bangwe ba go lebang ka yone ka tsela e e lekalekaneng le gore o tlhagolele botswerere jo bo tlhokegang jwa gore o dire se a se tlhokang.

Ke boammaaruri gore molwetse mongwe le mongwe o na le mathata a e leng a gagwe fela e bile mongwe le mongwe wa bone o tla nna le dikgoreletsi tse di farologaneng le tsa yo mongwe tse a tshwanetseng go lebana le tsone le dinonofo tse a tshwanetseng go nna le tsone. Bangwe ba dirile diphetogo tse dikgolo ka go dirisa dikakantsho tse go tlotlilweng ka tsone fano. Go na le maemo a mo go one go ka tlhokegang thuso e e oketsegileng. Ka sekai, bangwe ba ne ba thusiwa ke melemo.b Ba bangwe ba ne ba senka thuso ya mankge wa malwetse a tlhaloganyo. Tsogang! ga e buelele kgotsa go akantsha mofuta ope wa kalafi. Ke tshwetso ya motho ka namana gore a Mokeresete a latelele kalafi e e ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse a nna kelotlhoko gore kalafi epe e a e amogelang ga e thulane le melaometheo ya Baebele.

Banna ba ba “Nang le Maikutlo a a Tshwanang le a Rona”

Baebele e ka re kgothatsa fela thata ka go bo e na le dikai tsa mmatota tsa batho ba ba neng ba fenya dilo tse di neng di ba kgoreletsa gore ba dire se Modimo a neng a se tlhoka mo go bone. Akanya ka Elija. Ka e ne e le mongwe wa baporofeti ba ba tlotlegang ba Iseraele, o ne a bontsha se se neng se ka bonala e le bopelokgale jo bo gaisang jwa motho. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gore “Elija e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jakobe 5:17) O ne a na le dinako tse a neng a boifa thata e bile a tlhobaela.—1 Dikgosi 19:1-4.

Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a ya kwa Korinthe “ka bokoa le ka poifo le ka go roroma thata,” ka go bo a ne a na le dipelaelo tse dintsi ka bokgoni jwa gagwe. Mme bangwe ba ne ba sa mo amogele. Eleruri, bangwe ba baganetsi ba ne ba bolela jaana ka Paulo: “Fa a le gone ka namana o bokoa e bile puo ya gagwe e a nyatsega.” Le fa go ntse jalo, ga go na bosupi bope jwa gore Paulo o ne a letlelela gore maikutlo a a sokameng a ba bangwe a tlhotlheletse kafa a itebang ka teng kgotsa kafa a lebang bokgoni jwa gagwe ka teng.—1 Bakorinthe 2:3-5; 2 Bakorinthe 10:10.

Moshe o ne a sa itshepa gore a ka kgona go kopana le Faro, a bolela gore o ‘bonya mo puong e bile o loleme lo bonya.’ (Ekesodo 4:10) Le e leng le fa Jehofa Modimo a ne a mo solofetsa go mo thusa, Moshe o ne a mo lopa jaana: “Nnyaa Morena, a o ke o rome mongwe o sele, tsweetswee.” (Ekesodo 4:13, Today’s English Version) Moshe o ne a sa lemoge bokgoni jwa gagwe, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a kgona go bo bona. O ne a leba Moshe e le yo o nonofileng mo tlhaloganyong le mo mmeleng go ka dira kabelo eo. Le fa go ntse jalo, ka lorato Jehofa o ne a neela Moshe mothusi. Ga a ka a pateletsa Moshe gore a lebane le Faro a le nosi.—Ekesodo 4:14, 15.

Jeremia le ene ke sekao se se tlhomologileng mo kgannyeng eno. Fa a ne a romiwa jaaka moporofeti wa Modimo, lekau leno le ne la arabela jaana: “Ao, Jehofa Modimo! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke ngwanyana fela.” Jeremia o ne a sa tsholwa a na le nonofo ya go dira kabelo eno. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a na le ene. O ne a thusa Jeremia go nna “motse o o thekeleditsweng, le tshipe lore, le dithako tsa kgotlho, kemalano le lefatshe lotlhe.”—Jeremia 1:6, 18, 19.

Ka jalo fa e le gore go boifa le go tlhobaela di a go bogisa, o se ke wa konela ka gore o tlhaela tumelo kgotsa gore Jehofa o go latlhile. Go farologana le moo, “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng.”—Pesalema 34:18.

Eleruri, dikai tsa Baebele tse di umakilweng fa godimo di bontsha gore le e leng banna ba ba maatla ba tumelo ba ne ba lwa le maikutlo a go itseela kwa tlase. Le fa Jehofa a ne a sa tlhoke go feta kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka go dira, o ne a thusa Elija, Paulo, Moshe le Jeremia go fitlhelela go le gontsi go feta kafa ba neng ba solofetse ka teng. Tlhomamisega gore Jehofa a ka dira se se tshwanang le mo go rona ka a ‘itse popego ya rona, a gakologetswe fa re le lorole fela.’—Pesalema 103:14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Dingaka dingwe di akantsha gore fa e le gore kgato eno e lebega e le e e sa kgonegeng, akanya o le mo boemong jo o bo boifang. Akanya sengwe le sengwe se se amegang kafa o ka kgonang ka teng. Go tlhobaela ga gago go ka nna ga oketsega; le fa go ntse jalo, nna o ikgakolola gore go ganwa ke batho ba bangwe go ka nna ga se ka ga diragala kana ga nna bogale jaaka fa o akanya mme dira gore bokhutlo jwa tiragalo eo bo dumalane le pono eo.

b Ba ba akanyang ka go batla kalafi ba tshwanetse ba sekaseka dikotsi le melemo ya gone. Gape ba tshwanetse ba sekaseka gore a go boifa sengwe go bogale thata mo ba ka tlhokang go dirisa melemo. Baitseanape ba le bantsi ba dumela gore kalafi e dira sentle thata fa e kopantswe le kalafi e e itebagantseng le dilo tse molwetse a di boifang le boitshwaro jwa gagwe.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Ela Tlhoko go Hema ga Gago!

BATHO bangwe ba ba boifang batho ba kgona go fokotsa go gakala ga matshwao a bone a mmele ka go tlhoma mogopolo mo go hemeng ga bone. Seno se ka utlwala se sa tlwaelega fa e le la ntlha o se utlwa. Gone, mongwe le mongwe o itse go hema! Le fa go ntse jalo, baitseanape ba bolela gore batho ba le bantsi ba ba nang le mathata a go tlhobaela ga ba heme ka tshwanelo. Gantsi ba hema go le gonnye thata, ka bonako thata kgotsa ba hema thata go tswa mo sehubeng.

Itlwaetse go goga mowa le go o ntsha ka bonya. Go hema ka dinko go na le ka molomo go tla dira gore seno se nne motlhofo. Gape ithute go hema go tswa kwa letswalong, ka go bo go hema go tswa mo sehubeng go go tsenya mo kotsing ya gore o heme thata. Go itlhatlhoba malebana le seno, fa o eme, baya letsogo le lengwe mo lothekeng mme le lengwe mo bogareng jwa sehuba sa gago. Fa o hema, ela tlhoko gore ke letsogo lefe le le tshikinyegang thata. Fa e le gore ke letsogo le le mo sehubeng, o tlhoka go tthuta go hema go tswa kwa letswalong.

Gone ke boammaaruri, ga se mohemo mongwe le mongwe o o tshwanetseng go tswa kwa letswalong. (Selekanyo se se siameng sa go hema go tloga mo letswalong go ya kwa sehubeng e ka nna 4 mo go 1, mme ka dinako dingwe seno se ka farologana.) Mme temoso e e tshwanetseng ke eno: Batho ba ba nang le mathata a go hema a a sa foleng—a a jaaka empriysema kana asema—ba tshwanetse ba bona ngaka pele ga ba simolola mokgwa o mosha wa go hema.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Fa Poifo e Dira Gore o Tlaielwe

MO BATHONG ba bangwe ba ba boifang batho, go tlhobaela go gakala thata mo go dirang gore ba tlalelwe. Letshogo leno la ka tshoganetso, ie le maatla gantsi le tlogela molwetse wa lone a hemela kwa godimo, a ikutlwa e kete o tla idibala e bile a dumela gore o ema pelo.

Baitseanape ba bolela gore go botoka gore o se ke wa Iwa le go tlalelwa gono. Go na le moo, ba gakolola gore molwetse a ʼitshokeleʼ go tlhobaela gono go fitlha go feta. Jerilyn Ross a re: “Ga o ne o kgona go go emisa fa go simologile. Go tshwanetse ga tswelela go fitlha go fela ka bogone. Nna o ipolelela gore go a tshosa, le fa go ntse jalo ga go kotsi. Go tla feta.“

Meivin Green yo o leng motsamaisi wa kemedi e e alafang go boifa mafelo a batho botlhe, o tshwantsha tlhaselo eno le iekhubu le lennye le le ka bonwang le atamela mo losing. A re: “Seno se tshwantshetsa maikutlo a gago a ntlha a go tlhobaeia. Fa lekhubu le ntse le atamela mo losing le golela pele. Seno se tshwantshetsa maikutlo a gago a go tihobaela fa a gola. Ka bonako fela lekhubu le legolo thata e bile (e kwa setlhoeng. Jaanong he le fokotsege go nna lekhubu le lennye go fitlha le feiela mo losing. Setshwantsho seno se emela tshimologo le bokhutlo jwa go tlhaselwa ke go tlhobaeia.“ Green o bolela gore balwetse ga ba a tshwanela go Iwa le maikutlo ano, go na le moo, ba a tlogele go fitlha a feta.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Go thusa go fokotsa go tlhobaela, ela tlhoko dijo tse o di jang, ikatise ka metlha mme o ikhutse sentle

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Jehofa o ne a thusa banna ba ba tshwanang le Moshe go dira go le gontsi mo tirelong ya bone go feta kafa ba neng ba solofetse ka teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela